LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w85 9/1 ts. 27-30
  • Bala o bo o Ithute Go Dibuka tse Pedi tsa Ditihalō

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Bala o bo o Ithute Go Dibuka tse Pedi tsa Ditihalō
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1985
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Di Neela Thuso
  • Ditshika tsa Botlhokwa
  • Di Re Bolelela mo Gontsi ka Dafide
  • Tshegofatso ya ga Jehofa . . .
  • . . . le Boitumologo
  • Bala le go Ithuta go Tswa mo go Tsone
  • Buka ya Bibela ya bo 13—1 Ditihalō
    “Lokwalo Longwe le Longwe Lo Tlhotlheleditswe ke Modimo Ebile Lo Mosola”
  • Buka ya Bibela ya bo 14—2 Ditihalō
    “Lokwalo Longwe le Longwe Lo Tlhotlheleditswe ke Modimo Ebile Lo Mosola”
  • Dintlhakgolo Tsa Buka ya Ditiragalo wa Bobedi
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2005
  • Dintlhakgolo Tsa Buka ya Ditiragalo wa Ntlha
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2005
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1985
w85 9/1 ts. 27-30

Bala o bo o Ithute Go Dibuka tse Pedi tsa Ditihalō

“KE KA ntlhayang fa e le dibuka tsa Ditihalō?” Diithuti tse dintsi di ile tsa botsa potso eno fa ba ne ba bala Bibela yotlhe lantlha. Ba badile dibuka tsa Samuele le Dikgosi mme ba bona histori ya batho ba Modimo tlase ga dikgosi e bontshiwa ka botlalo, le ka mokgwa o o tlotlometseng thata. Jaanong ba lebana le dibuka tse pedi tsa Ditihalō: dikgaolo tse robongwe tse di telele tsa ditshika di latelwe ke poeletso e ntsi ya seo ba se badileng pele. Eerdmans’ Bible Handbook e akgela ka gore: “Mo tshimologong, Ditihalō e bonala e boeletsa ka mo go sa kgatlhiseng mokgwa wa boitsholo oo re setseng re na le one mo go 2 Samuele le Dikgosi.”

Mme seo ke mo tshimologong fela. Fela jaaka Diefangele di le nne mo Dikwalong tsa Segerika tsa Bokeresete tsotlhe di akaretsa kgang e le nngwe e e tlwaelegileng, mme nngwe le nngwe e neela tebelelo e e farologaneng le go oketsa boikitsiso jo e leng jwa yone fela, ka jalo mokwadi wa dibuka tsa Ditihalō, lemororo a akareletsa kgang eo e e tlwaelegileng jaaka dibuka tse di fetileng, o na le pono ya gagwe mme o neela boikitsiso jo bo ka se bonweng gope. O ne a kwalela lobaka lo lo kgethegileng lwa nako, mme o ne a na le mekgele e e rileng e e tlhalosiwang sentle. Fa re tlhaloganya seno, re tla ipelela go bala dibuka tseno le go ithuta dithuto tseo di tla re thusang gompieno.

Di Neela Thuso

Dibuka tsa Ditihalō di ne tsa kwalwa, gongwe ke Esere, molemong wa Bajuda bao ba neng ba boela kwa Lefatsheng la Tsholofetso kwa bokhutlong jwa dingwaga di le 70 tsa botshwarwa kwa Babelona. Morago ga go bolela ka go busa ga ga Dafide le Solomone le go kgaogana go go latetseng ga batho ba Modimo mo merafeng e mebedi, mokwadi o ne a tlhoma mogopolo mo bogosing jwa borwa jwa Juda le go neela histori ya yone ka tsela eo e neng e tla neela thuto go batshwarwa ba ba boileng. O ne a batlisisa tshimologo e e botlhokwa ya mokoloko wa segosi wa ga Dafide, mme ka go dira jalo o ne a araba dipotso tse di botlhokwa: Ke ka ntlhayang fa Jehofa a ne a letlelela gore morafe wa gagwe o a o itshenketseng go nna batshwarwa mo lefatsheng la baheitane? Mme Bajuda ba ba boileng (gammogo le Bakeresete ba boammaaruri gompieno) ba ne ba ka tila go dira diphoso tseo di gogetseng kwa kotlhaong eno jang?

Ditshika tsa Botlhokwa

Dikgaolo tse robongwe tsa ntlha tsa 1 Ditihalō 1-9 di na le lenaane le leleele la ditshika. Ke ka ntlhayang fa mokwadi a di akareleditse? Ka gonne ditshika di ne di le botlhokwa kwa Iseraele. Boswa le ditshiamelo tsa tirelo di ne di golagantswe le tsone. Bangwe ba Baiseraele ba ba boileng, go akareletsa le malapa a baperisiti, ba ne ba sa kgone go bontsha moloko wa bone, mme seno sa baka mathata a magolo. (Esere 2:59-63) Ka gone, go batlisisiwa gono go go kelotlhoko ka ditshika go ne go ba kgatlha thata.

Mme go tweng ka mmadi wa Bibela gompieno? A o tshwanetse go tlola dikgaolo tse robongwe tseno le go simolola go bala Ditihalō tsa Ntlha go tloga mo kgannyeng ya loso lwa ga Saule mo 1Dt kgaolong ya 10? Nnya, mananeo ano a ditshika ke karolo ya “Lokwalō loñwe le loñwe” lo lo ‘tlhotlheleditsweng ke Modimo.’ (2 Timotheo 3:16) Dikgaolo tsa ntlha tse robongwe tsa Ditihalō tsa Ntlha di na le boikitsiso jo bo botlhokwa le jo bo kgatlhisang thata.

Ka sekai, ke gona fela mo re balang ka ga Yabese, wa leloko la Juda yo o neng a itshupa a tlotlega ka mo go tlhomologileng. (1 Ditihalō 4:9, 10) Fano, gape, re bona lenaneo le le molemo la moloko wa segosi wa ga Dafide, leo le senolang ntlha e e botlhokwa ya gore Serubabele, mmusisi wa Bajuda morago ga go boa ga bone kwa Babelona, e ne e le wa leloko leo.​—1 Ditihalō 3:10-19.

Di Re Bolelela mo Gontsi ka Dafide

Dikgaolo tse di salang tsa Ditihalō tsa Ntlha di senola histori ya dipolelo tsa dibuka tse di kwa morago, segolo-bogolo di re neela kitso yotlhe kaga Kgosi Dafide. Mo dibukeng tse di kwa morago mmadi wa Bibela o itsitse Dafide jaaka motlhanka yo o ineetseng wa ga Jehofa, motlhabani tota, mmoki le moeteledi-pele yo o molemo wa batho. Mo go Ditihalō tsa Ntlha re ithuta gape gore e ne e le morulaganyi yo mogolo. O ne a rulaganya morafe le masole, a rulaganya kobamelo kwa tempeleng, a kgaoganya dikarolo di le 24 tsa Baperisiti, Balifi le baopedi.​—1 Ditihalō 23:1–27:22.

Samuele wa Bobedi e tlhalosa keletso e e boteng ya ga Dafide ya go aga “ntlo” kana tempele, ya araka ya kgolagano. (2 Samuele 7:2-5) Jehofa ga a ka a letlelela Dafide go tswelela-pele ka maikaelelo a gagwe, mme Ditihalō tsa Ntlha di tlhalosa gore ke ka ntlhayang. Dafide e ne e le monna yo o tshololang madi. Tempele e ne e tla agiwa ke motlhatlhami wa ga Dafide, monna wa kagiso. (1 Ditihalō 22:8-10) Samuele wa Bobedi gape e re bolelela ka moo Dafide o ileng a reka sebopi sa pholelo moo tempele e neng e agilwe teng. (2 Samuele 24:18-25) Ditihalō tsa Ntlha di oketsa go seo ka go tlhalosa moneelo o mogolo thata o Dafide a o neetseng le dithulaganyo tsotlhe tseo a di dirileng, gore fa Solomone a nna mo boemong jwa go simolola go aga tempele sengwe le sengwe se bo se mo siametse. (1 Ditihalō 22:6-19) Aitsane, Jehofa o ne a neela Dafide le eleng polane ya tempele, eo ka boikanyegi e ileng ya fetisetswa go Solomone.​—1 Ditihalō 28:9-21.

Tshegofatso ya ga Jehofa . . .

Fa o ntse o tswelapele go bala buka ya bobedi ya Ditihalō, o tla lemoga gore setlhogo sengwe se simolola go tlhomologa. Fa dikgosi tsa Juda di ne di supa boikanyo jo bo feletseng go Jehofa, di ne di segofadiwa. Fa di ne di sa dire jalo, batho ba ne ba boga. Ka sekai, morwa Kgosi Jeroboame ebong Abiya, fa a ne a lwa le Iseraele, o ne a nyeletswa mo go setlhogo ke Jeroboame, kgosi ya motlhabani ya bogosi jwa botsheka. Masole a ga Abiya a iphitlhetse a dikaganyeditswe gotlhelele, jalo ba “goèla kwa go Yehofa, le baperisiti ba letsa dinaka.” Diphelelo? “Modimo oa lōtlha Yeroboame le ba Iseraela botlhe ha pele ga Abiya le ba Yuda.”​—2 Ditihalō 13:14, 15.

Ka mo go tshwanang Ase, morwa Abiya, o ne a fenya setlhopha se segolo sa masole sa Baethiopia ba le milione ka go bo o ne a ikaegile ka Jehofa. (1 Ditihalō 14:9-12) Jehoshafate morwa wa ga Ase o ne a bolokwa mo tlhaselong e e tlhakanetsweng ya Amona, Moaba, le Baedoma, fa dingwaga di le dintsi moragonyana losika lwa gagwe, Kgosi Hesekia, a ne a bolokwa mo maatleng a magolo a Asiria, ka ntlha ya boikanyego joo jo bo tshwanang.​—2 Ditihalō 20:1-26; 32:9-23.

. . . le Boitumologo

Lefa go ntse jalo, bontsi jwa dikgosi ga di a ka tsa bontsha boikanyego jono, gantsi ka ntlha ya lebaka le le lengwe la mabaka a mararo ano. Lantlha e ne e le gore ba bantsi ba ile ba wela mo serung sa kobamelo ya medimo ya disetwa. Yoashe, setlogo-tlogolwana sa ga Yehoshafate, o ne a simolola sentle, mme morago a retologela mo kobamelong ya medimo ya disetwa. Jehofa a tlosa tshireletso ya gagwe, mme Yoashe a fenngwa mo ntweng ke Baasiria mme labofelo o ne a bolawa. (2 Ditihalō 24:23-25) Morwa wa ga Yoashe, Amasia, o bontshitse ka moo kobamelo ya medimo ya disetwa e ka raelang ka gone. Amasia o ne a simolola ka go bontsha sekao sa tumelo mo go Jehofa. Mme, morago ga go atlega mo ntweng eo a neng a fenya Baedoma mo go yone ka mo go gakgamatsang o ne a tsaya medimo ya Baedoma le go simolola go e obamela! (2 Ditihalō 25:14) Jalo, gape, Jehofa o ne a tlogela go sireletsa kgosi eno.

Ka gongwe sekao se se maswe-maswe sa kobamelo ya medimo ya disetwa ke Manase. Kgosi eno e ne e seka ya obamela medimo ya maaka fela mme e ne ya bogisa ka tlhagafalo bao ba neng ba ngaparetse kobamelo ya ga Jehofa. Jehofa o ne a ikemisetsa go senya Juda gonne e ne ya “tlatsa Yerusalema ka madi a a senañ molato.” “Yehofa a gana go ichwarèla.” (2 Dikgosi 21:11; 23:26; 24:3, 4) Lefa go ntse jalo, ka mo go gakgamatsang, Manase e ne e le morwa wa ga Hesekia, nngwe ya dikgosi tse di ikanyegang thata tsa Bajuda. Tota, o ne a tsalwa ka kgakgamatso. O ne a tsalwa morago ga gore Jehofa a oketse malatsi a botshelo jwa ga Hesekia ka kgakgamatso. (Isaia 38:1-8; 2 Ditihalō 33:1) Mme go na le kgakgamatso ya bofelo. Morago ga go bogisa baobamedi ba ga Jehofa ka dingwaga di le dintsi, Manase o ne a ikwatlhaya mme kwa bokhutlong jwa botshelo jwa gagwe e ne e le motlhanka wa ga Jehofa!​—2 Ditihalō 33:1-6, 12-17.

Selo sa bobedi seo se neng se raela dikgosi tsa Juda e ne e le dikgolagano tsa seeng, tseno di ne tsa tsenya kgosi e e molemo ebong Asa mo bothateng gammogo le kgosi Ahase yo o neng a sa siama go le kalo. (2 Ditihalō 16:1-5, 7; 28:16, 20) Matswela a a utlwisang botlhoko a kgolagano ya seeng a ne a bonwa mo kgannyeng ya ga Jehoshafate. Motlhanka yo o molemo yono wa ga Jehofa o ne a tlhagolela kgolagano le Kgosi Ahabe wa Iseraele yo o neng a obamela Baale! O ne a latela Ahabe mo go romelweng ga masole tlhabanong le go letlelela morwae, Jehorame, go nyala morwadia Ahabe, ebong Athalia. Athalia o ne a na le tlhotlheletso e e bosula mo monneng wa gagwe, ebong Jehorame, le mo go Ahasia, morwae, fa ba ne ba nna dikgosi. Ka gone, fa Ahasia a sena go swa, o ne a gapa setulo sa bogosi le go bolaya bao go neng go ka kgonagala thata gore ba mo eme kgatlhanong. Ka boitumelo, Jehofa o ne a tsamaisa dilo ka botlhale gore lotso Iwa segosi lwa ga Kgosi Dafide le bolokiwe, mme abo e ne e le matswela a a utlwisang botlhoko jang ne go tswa go go itswaka-tswakanya ga seeng go go sa tlhokafaleng!

Serai sa boraro seo dingwe tsa dikgosi di ileng tsa wela mo go sone e ne e le boikgodiso. Bo ile jwa leswafatsa dingwaga tsa bofelo tsa ga Kgosi Asa yo o molemo, mme ka ntlha ya jone, Kgosi Usia, setswerere sa sesole, o ne a tshela jaaka molepero yo o tlhaoletsweng kwa thoko mo karolong ya bofelo ya botshelo jwa gagwe. Le e leng Kgosi Hesekiele yo o ikanyegang o ne a wela mo seraing seno fa a ne a etetswe ke barongwa go tswa Babelona a ba supetsa polokelo ya matlotlo a tempele ka boikgogomoso.​—2 Ditihalō 32:25, 26; Isaia 39:1-7.

Bala le go Ithuta go Tswa mo go Tsone

Ee, dibuka tse pedi tsa Ditihalō ke moepo o o humileng wa tshedimosetso. Di supa mofuta wa boitsholo o o itumedisang Jehofa, le go bontsha gore le e leng dikgosi di ka wela mo sebeng. Abo seo ke tlhagiso jang ne gompieno, segolo-bogolo go bao ba leng mo maemong a go laola mo phuthegong ya Bokeresete! Kobamelo ya medimo ya disetwa ya bosheng e bolalome fela jaaka kobamelo ya medimo ya disetwa ya mo metlheng ya Dikgosi tsa Iseraele e ne e ntse, mme re tshwanetse go ikemisetsa go e tila. (Baefesia 3:19; Bakolosa 3:5; Tshenolō 13:4) Le rona, ka mo go tshwanang, re tshwanetse go tila go itswaka-tswakanya go go sa tlhokafaleng le lefatshe. (Yohane 17:14, 16; Yakobe 4:4) Mme tota, bokoa jwa go ikgodisa kana jwa go ikgogomosa e santse e le bothata jo re tshwanetseng go lwa le jone.​—Diane 16:5, 18; Yakobe 4:6, 16.

Go bala le go ithuta go tswa dibukeng tse pedi tsa Ditihalō go tla nonotsha boikaelelo jwa rona jwa go direla Jehofa ka go latela dikao tse di molemo le go tila dikao tse di bosula tseo re di neelwang mo historing ya Bajuda. Go tla re kgothaletsa go etsa tse di molemo le go tila tse di bosula, “gore re bōnè cholohèlō ka pelotelele le ka kgomoco ea dikwalō.”​—Baroma 15:4.

[Lebokoso mo go tsebe 28]

Ditihaiō tsa Ntlha di thusa jang go supa gore Jesu ga a tsalwa ka December 25?

Go ya ka Ditihalō tsa Ntlha, Kgosi Dafide o ile a rulaganya baperisiti, ka ditlhopha di le 24, setlhopha sengwe le sengwe se ne se abetswe go direla beke mo tempeleng. Ka jalo, leloko la setlhopha sengwe le sengwe le ne le tla ya go direla mo tempeleng gabedi ka ngwaga mongwe le mongwe, ba tlodisa mo e ka nnang dikgwedi di le thataro.

Setlhopha sa ntlha se ne sa simolola go direla ka bonako fela morago ga bokhutlo jwa Modiro wa Metlaagana, mo e ka nnang kwa bofelong jwa September/​October a simolola. Setlhopha sa borobedi, se se reeletsweng Abiya, se ne sa direla beke mo bofelong jwa November/​December a simolola, mme morago beke e nngwe mo bofelong jwa June/​July e simolola. Ke ka ntlhayang fa setlhopha sa Abiya se le botlhokwa? Gonne, go ya ka pego ya ga Luke, rragwe Johane Mokolobetsi, ebong Sakaria e ne e le “oa lekoko la Abiya,” mme tota o ne a direla mo tempeleng fa moengele a ne a iponatsa mo go ene le go bega ka go tsalwa go go tlang ga Johane.​—Luke 1:5, 8, 9.

Jaaka pego ya ga Luke e bontsha, Johane o ne a ithwalwa ka bonako fela morago ga seno. Ka gone, o ne a tsalwa dikgwedi di le robongwe moragonyana, September a simologa kana April a simologa. Pego ya ga Luke gape e bontsha gore Jesu o ne a le mmotlana ka kgwedi di le thataro mo go Johane. (Luke 1:26) Ka jalo ntlha eno go tswa go buka ya Ditihalō e bontsha gore, go na le go tsalwa mo bofelong jwa December, Jesu o tsetswe March a simolola, kana October a simolola. Dikwalo tse dingwe di bontsha gore ya bofelo ke yone nako e e nepagetseng.​—Go bona dintlha tse di oketsegileng, bona The Watchtower, June 15, 1954, tsebe 382.

[Lebokoso mo go tsebe 29]

Ke ka ntlhayang fa Josefa a nnile rre wa ditso tse pedi tsa Iseraele, fa bomogolowe bone mongwe le mongwe wa bone a nnile rre wa lotso lo le longwe?

Ditihalō tsa Ntlha di re thusa go araba potso eno. Josefa o ne a neelwa karolo e e gabedi eo e neng e le ya leitibolo. Ke boammaaruri gore Josefa e ne e le yo o batlileng a nna mmotlana mo barweng ba ba 12 ba ga Jakobe, mme e ne e le morwa yo mogolo wa mosadi yoo Jakobe a neng a mo rata thata, e leng Ragele. Ka tsalo, tshiamelo ya leitibolo e ne e tshwanetswe go ya go morwa wa ntlha wa ga Jakobe, ebong Rubene, leitibolo la gagwe le Lea. Mme fela, jaaka Ditihalo tsa Ntlha di re bolelela, Rubene o ne a latlhegelwa ke seno ka ntlha ya boleo bongwe jo bo masisi. Pego e bolela jaana: “Rubene motsalwa pele . . . gonne e ne e le èna motsalwa pele; me ereka a na a leshwèhaditse bolaō yoa ga rragwè, tshiamèlō ea botsalwa pele ea nèwa Yosefa morwa Iseraela, me losika ga lo na go balwa kaha botsaIweñ pele.” Pego e tswelapele jaana: “Gonne Yuda o na a henya mo godimo ga bomorwa rragwè, mme kgōsana ea cwa mo go èna, me botsalwa pele e ne e le yoa ga Yosefe.”​—1 Ditihalō 5:1, 2.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela