LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w85 9/1 ts. 31
  • Katoloso kwa “Bogareng”

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Katoloso kwa “Bogareng”
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1985
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Go Nonotshiwa ke Bokaulengwe Jwa Rona Jwa Lefatshe Lotlhe
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2002
  • Basupi ba ga Jehofa go Dikologa Lefatshe—Zambia
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1995
  • La Ntlha Dingwaga di le Lekgolo Tse di Fetileng
    Tsogang!—2001
  • Go Sekaseka Diphororo Tse Dintlentle
    Tsogang!—2004
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1985
w85 9/1 ts. 31

Pego ya Baboledi ba Bogosi

Katoloso kwa “Bogareng”

MO DITLHOPHENG tsa boramadirelo, motse wa Kitwe, kwa Zambia, gantsi o bidiwa “karolo ya botlhokwa-tlhokwa” eo kopore e rafiwang mo go yone. Lebaka la seno ke gore Kitwe e kwa Bogaregareng jwa kgaolo ya meepo. Lefa go ntse jalo, gape Kitwe ke karolo ya botlhokwa-tlhokwa ya mofuta o mongwe​—karolo ya botlhokwa-tlhokwa ya ditiro tsa bolegodimo kwa Zambia. Ofisi ya lekala e sale e tlhongwa koo ka 1962, mme mo masomeng a mabedi ano a dingwaga palo ya baboledi kwa Zambia e ipoeleditse mo e ka nnang gabedi, go tswa go 30 129 ka 1962 go ya tlhoreng ya 58 925 ka 1984. Palo ya ba ba nnileng teng kwa Segopotsong ka 1984 e ne e le 393 431, eo eleng motho a le mongwe mo go ba le 16 bangwe le bangwe ba baagi botlhe ba Zambia.

Ka ntlha ya koketsego eno e e potlakileng, dikago tsa kgale tsa lekala di ne tsa akofa go nna tse di sa lekaneng. La ntlha, moago wa ga jaanong o ne wa atolosiwa fela, ka go oketsa ka phaposi e nngwe e e jelang ya badiri ba ntlo-kgolo le sebaka sa polokelo le sa thomelo ya dilo. Lefa go ntse jalo, ka bonako lekala la Zambia le ne la nwela mo tirong ya go gatisa dibuka tsa Bibela. Mme mo nakong e khutshwane thata kamorenyana ya go gatisetsa e ne ya pitlagana mo eleng gore go ne go na le sebaka se sennye sa go tsamaya kana go bolokela. Gape, ereka ofisi ya lekala e ne e le mo lefelong le go nniwang mo go lone, go ne go le thata go tswelela ka tiro ya feketori kwantle ga go kgoreletsa baagisane.

Jalo bakaulengwe kwa Zambia ba dira kopo ya setsha se ba ka agang feketori e ntšha mo go sone. Lefa go ntse jalo, go bona setsha seo go ne go se motlhofo. Lekgotla la toropo le ne la gana ka setsha se se neng se neetswe jaaka se se ‘beetsweng go dirisiwa ke puso.’ Lefa go ntse jalo, mokaulengwe mongwe o ne a ithaopela go neela lebala leo a neng a na le lone. Ka bonako fela fa bakaulengwe ba sena go bona tetla, ba ne ba thapa feme ya merafe-rafe e e dirang dipolane gore e dire dipolane le go di neela lekgotla la motse oo gore le di rebole. Dikgang ka ga seno di ne tsa itumedisa bakaulengwe ba Zambia thata! Ba le bantsi ba ne ba tla go thusa go aga, go go neng go dirwa kafa tlase ga kaelo ya mokaulengwe mongwe yo eleng setswerere mo go ageng. Mo dingwageng di le pedi fela, ka 1984, kago e ne e weditswe.

E ne e le tiragalo e e itumedisang eleruri, fa thulaganyo ya go kgakola dikago tseo e diragala. Lemororo bakaulengwe ba ne ba boleletswe gore manno kwa thulaganyong a ne a lekanyeditswe thata, ba ba fetang 4 000 ba ne ba tla pokanong go tswa dikarolong tsotlhe tsa Zambia! Ba ne ba kgatlhega thata fa ba utlwa moemedi wa lekala a bua ka histori ya tiro kwa Zambia le go bontsha ka moo Jehofa a tshegeditseng tiro koo ka teng. Morago ga seno, go ne ga utlwiwa maitemogelo go tswa go badihedi ba kgale ba nako e e tletseng. Bangwe ba ne ba diretse mo dinakong tse di fetileng jaaka babulatsela ba ba kgethegileng mo dinageng di tshwana le Tanzania, Kenya, le Uganda fa tiro ya koo e ne e okametswe ke lekala la Zambia. Jaanong dinaga tseno di tlhokomelwa ke lekala le le neng la tlhomiwa kwa Kenya.

Mokaulengwe John McBrine, yo o neng a etile go tswa Zimbabwe jaaka molebedi wa makala, o ne a konela thulaganyo ka go kgothaletsa bakaulengwe ba Zambia go dirisa dikago tse disha tseno sentle. Dibuka tse di tla ntshiwang mo feketoring eno di tla tsweletsa se se bakang kobamelo e e phepa le go thusa batho ba ba nang le dipelo tse di siameng go fitlhelela kitso ya boammaaruri! Mme kwantle ga pelaelo matswela a seno e tla nna eng? Go atolosediwa pele ga “karolo ya botlhokwa-tlhokwa” ya ditiro tsa bolegodimo kwa Zambia!

[Setshwantsho mo go tsebe 31]

Dikago tse disha tsa lekala la Watch Tower kwa Kitwe, Zambia

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela