Bodumedi le Dipolotiki—A Di Tla Nnela Ditsala Ruri?
MMUSI wa Russia Vladimir I e ne ya re letsatsi lengwe a fetsa ka gore batho ba ga gabo ba baheitane ba tshwanetse ba nna “Bakeresete.” Ene ka boene o ne a ile a sokololwa ka 987 C.E., morago ga go nyala mohumagatsana wa Greek Orthodox, mme jaanong a ile a laela kolobetso ya batho ba bantsi bao e neng e le babusiwa ba gagwe—ba supilwe ka tšhaka fa ba gana. Ka iketlo ka iketlo Kereke ya Russia e ne ya ikemela ka nosi mo go “mmayo,” Kereke ya Gerika, mme kgabagare ya ba ya nna le eleng lekala la Puso. Mme e re lemororo babusi ba Soviet gompieno ba ganana gotlhelele kafa molaong ka go nna gone ga Modimo, Kereke le Puso mo Russia di sa ntse di ntse di le ditsala tse di sa iketlang.
Makgolo a dingwaga moragonyana, King Henry VIII wa Ennyelane gape o ne a atlega mo go bopeng botsala jo bo atamalaneng magareng ga Kereke le Puso, lefa gone e ne e le ka mefuta e e farologaneng Ka 1532 o ne a tshwenyegile fela thata ka go bo mosadi wa gagwe, Catherine wa Aragon, o ne a palelwa ke go tshola mojaboswa wa bogosi. Go rarabolola bothata, Henry ka bokukuntshwane o ne a nyala nyatsi ya gagwe, Anne Boleyn. Seno e ne e le ka mpampetso ya Mobishopo yo mogolo wa Canterbury, yo o neng a bolela gore lenyalo lwantlha lwa ga Henry ga le a tshwanela. Ka 1534 moakahadi yono le modipa o ne a ipolela ka boene e le tlhogo ya Kereke ya Ennyelane, sereto seo se ileng sa ipelelwa ke kgosi-kgolo ya Ennyelane nako kgolo ke eno. Diphetso tsa Phuthego ya Seruti ya Kereke di tlamega gore di amogelwe ke palamente, mme bobishopo ba yone, jaaka maloko a House of Lords, ba nna le seabe mo go laoleng Britani. Kereke le Puso ka gone he di ile tsa nyalana mo Ennyelane dingwaga tse di fetang 450.
Manyalo a Segompieno a Kereke le Puso
Ka 1936 tsogologo mo Spain kgatlhanong le goromente wa Republican e ne ya gogela kwa ntweng ya selegae mme le go runya ga ga General Franco a kotama setilo. Tshwabong ya digogela-thoko Franco o ne a neela baruti nonofo e ntsi fela thata a ba lebogela go bo ba ile ba mo ema-nokeng thata.
Ka 1983 WCC (Lekgotla la Mafatshe la Dikereke) le ne la phuthega kwa Vancouver, mo Canada. Mokwaledi mogolo wa lone, Philip Potter, o ne a ba bolelela go “khutlela dipolotiki.” Dikatso tsa madi go tswa go WCC go ditlhopha tsa sepolotiki tsa boseitaileng mo dinageng di le mmalwa e ile ya nna motswedi wa kamego e kgolo mo bakereking ba le bantsi.
Ka gone, kwa ntle ga pelaelo, bodumedi bo itshunya nko mo dipolotiking. Potso ya botlhokwa-tlhokwa, le gale, ke, A bo tshwanetse go dira jalo? A go molemo kana go maswe? A go tsenelela ga bodumedi mo dipolotiking go isa godimo ditekanyetso tsa boitsholo tsa dipolotiki, kana go faposa bodumedi? Mme go na le isagwe efe? A bodumedi le dipolotiki di tla tswelela go ipelela ‘marato’ a tsone, kana a tla nna botšarara mme a dibee mo seemong sa thulano?
[Setshwantsho mo go tsebe 3]
Tlhogo ya ntlha ya Kereke ya Ennyelane