‘Sianang Fela Jalo gore Lo Phamole Sekgele’
“A ga lo itse ha ba ba sianañ ba tle ba siane botlhe, me moñwe hèla a phamole sekgèlè? Sianañ hèla yalo, gore lo tlè lo amogèlè?”—1 BAKORINTHA 9:24.
1, 2. (a) Ke eng seo e ka nnang masetlapelo a magolo mo Mokereseteng gompieno? (b) Ke kgakololo efe eo Paulo a neng a e neela go 1 Bakorintha 9:24, mme e ne ya dira jang mo Bakereseteng kwa Korintha?
ENE e tla bo e le tuelo e e molemo-lemo ya boipaakanyetso jwa gagwe jo bo tlhoafetseng jwa dingwaga tse 12. Mme ya re fela a sena go feta go se kae bogare jwa lobelo, motabogi yo o saleng monana a kgopiwa ke mmu, mme seo sa khutlisa ka bofefo ditoro tsa gagwe tsa go amogela talama ya gouta ya Olimpiki. Boradikgang ba ne ba bitsa go wa ga gagwe “masetlapelo.”
2 Lefa go ntse jalo, se e ka nnang masetlapelo a a feteletseng e ka nna go palelwa ga mosupi wa ga Jehofa go digela lobelo lwa botshelo, segolo jang ka Thulaganyo e Ntšha e e solofeditsweng e atametse thata! (2 Petere 3:13) Ka mo go tshwanelang he, moaposetoloi Paulo o ne a re: “A ga lo itse ha ba ba sianañ ba tle ba siane botlhe, me moñwe hèla a phamole sekgèlè? Sianañ hèla yalo, gore lo tlè lo amogèlè.” (1 Bakorintha 9:24) Bangwe kwa Korintha wa bogologolo ba ne ba le mo kotsing ya go latlhegelwa ka go bo ba ne ba itirela kafa ba ratang ka teng, le eleng selekanyong sa go ‘ntsha dintho digakolodi’ tsa ba bangwe. (1 Bakorintha 8:1-4, 10-12) Lefa go le jalo, go fenya lobelo, go ne go kopanyeletsa go intsha setlhabelo, ka jaana Paulo o ne a re: “Motho moñwe le moñwe eo o lekèlañ mo ditshamekoñ, o tshela ka tekanō mo diloñ cotlhe . . . Ke ikgōba mmele, ke o baea mo taoloñ: e se re kgotsa ka mokgwa moñwe, e tla re ke sena go rerèla ba bañwe Mahoko a a Molemō, nna ka nosi ka tla ka ganwa.”—1 Bakorintha 9:25-27.
3. (a) Ke seemo sefe se se neng se le gone kwa Kolosa se se ka bong se ile sa kganela Bakeresete koo go digela lobelo Iwa bone? (b) A go ne go le botlhale ka Bakeresete mo Kolosa go ithuta matlhajana le boloi?
3 Moragonyana, fa a ne a kwalela Bakolosa, Paulo o ne a tlhagisa gape ka kotsi e nngwe eo e neng e ka nna gone—batho bao ba neng ba tla ba ‘amoga sebeelwa kgaiso’ sa botshelo. (Bakolosa 2:18) Jalo Bakeresete ba ne ba ka ‘siana jang gore ba amogele’? A moaposetoloi o ne a akantsha gore ba ithute matlhajana le boloi e le gore ba tle ba ganetsane ka katlego le barutisi ba maaka? Nnyaa, ka go bo Bakeresete ‘ba sule kaga ditlhaka tsa kitso ya lefatshe’ mme e le gore ba ne ba ka se batle go amana ka gope le matlhajana a lone le dingwao.—Bakolosa 2:20.
4. Go bona “kitso e e tlhomameng” go ne go tla thusa Bakeresete jang mo Kolosa?
4 Ka gone, Paulo o ne a kgothaletsa badumedi ka ene go lebisa maiteko a bone mo goreng “ba tladiwè ka [kitso e e tlhomameng, NW] ea mo e leñ go rata ga gagwè, mo botlhaleñ yotlhe yoa semōea.” Ee, “kitso e e tlhomameng”—eseng diphopholetso fela tsa lefela—e ne e tla ba thusa gore ba ‘tsamaye mo go tshwanetseng Jehofa, ba ntse ba mo kgatlha.’ (Bakolosa 1:9, 10; bona gape le Bakolosa 3:10.) Ke boammaaruri, Bakeresete ka bontsi mo Kolosa go bonala fa ba ne ba kgona go ka bua ka molomo fela dithuto tsa konokono tsa Dikwalo. Mme ka thuto le tlhatlhanyo, ba ne ba tlhoka go pota ka kwa dilo tsa motheo mme ba nitame ‘mo motheong o o tlhomameng’ wa ga Keresete. (Bakolosa 1:23; 1 Bakorintha 3:11) Morago ga go tsenelela boteng jo bo kalo, go ne go se ‘motho ope yo o neng a ka ba fora ka bofatshwa jwa puo.’ (Bakolosa 2:4) Ka tiriso e e botswerere ya Lefoko la Modimo, ba ne ba ka ganetsana ka katlego le maiphako afe le afe a baobamedi ba baengele kana ba Sejuda.—Duteronome 6:13; Yeremia 31:31-34.
5. (a) Neela dikai dingwe tsa “dilo tse di boten” tseo Mokeresete yo o godileng a tshwanetseng go di itse le go di tlhaloganya. (b) Ke jang boitemogelo jwa kgaitsadi mongwe bo bontshang kotsi ya go sa bapale “kitso e e tlhomameng”?
5 Lefa go le jalo, a wena, o setse o fetile “ditshimologō tsa ntlha” me wa hukutsa “dilo tse di boteñ tsa Modimo”? (Bahebera 6:1; 1 Bakorintha 2:10) Ka sekai, a o ka kgetholola dibatana tsa ga Tshenolō le go tlhalosa tempele ya semoya? (Tshenolō, kgaolo 13; Bahebera 9:11) A o ka tlhalosa motheo wa Dikwalo wa phuthego ya motlha wa segompieno ya Basupi ba ga Jehofa? A o itsetsepetse mo thutong ya motheo ya Bibela? Kgaitsadi mongwe o ne a go fitlhela go le thata go femela tumelo ya gagwe fa a ne a tlotla ka Tharonngwe le mosadi mongwe. Moragonyana, mosadi o ne a neela kgaitsadia-rona dibuka dingwe tseo di neng di senya phuthego ya ga Jehofa. “Ke ne ka hutsafala thata mo semoyeng,” Mosupi a bolela. Ka boitumelo, mogoIwane mongwe o ne a kgona go latofatsa dipolelo tsa maaka tsa baganetsi mme a tsosolosa tumelo ya kgaitsadia-rona. (Yude 22, 23) “Jaanong, ke a tlhaloganya, gore ke ka ntlha yang fa Mokgatlho ka metlha yotlhe o re re rapele, re ithute, le go tlhatlhanya,” a bolela.
“Poihō ea Motho”
6. (a) Ke eng seo se ileng sa itshupa e le sekgopi mo bangweng ba batlhanka ba Modimo? Neela dingwe tsa dikai tsa Bibela. (b) Ke eng seo gantsi se bakang poifo ya batho?
6 “Poihō ea motho e tle e lere seru,” ga tlhagisa jalo monna yo o botlhale. (Diane 29:25) Mme ka dinako tse dingwe “poihō ea losho” e e sa tshwanelang kana keletso e e sa siamang ya go amogelwa ke ba bangwe e ka digela motho mo serung. (Bahebera 2:14, 15) Elija, ka boene, o ne a ema kgatlhanong le baobamedi ba ga Baale kwantle ga poifo. Mme ya re fa Mohumagadi Jesebele a ne a laola gore a bolawe, ‘o ne a boifa . . . mme a itshabisa loso a ya kwa Beresheba.’ (1 Dikgosi 19:1-3) Moaposetoloi Petere ka mo go tshwanang o ne a ineela mo go boifeng batho bosigo jwa fa Jesu a ne a tshwarwa. Lemororo Petere a ile a ikgantsha a re, “Morèna, ha ke na nau ke iketleeleditse go ea tluñ ea kgolegèlo, le mo loshuñ,” e ne ya re fa a bonwa molato wa gore ke mongwe wa barutwa ba ga Keresete, “a simolola go rogaka le go ikana, a re, Ga ke mo itse, monna eouō.”—Luke 22:33; Mathaio 26:74.
7. (a) Tota, e ne e le lebaka lefe la mmatota la go bo bangwe kwa Kolosa ba ne ba senka go tswakanya Bokeresete le Bojuda? (b) Ke bomang gompieno ba ba bonalang ba tlhotlhelediwa ka mo go tshwanang?
7 Poifo ya go eletsa go amogelwa ke batho e ka nna ya bo e ne e le lebaka la mmatota la gore ke ka ntlha yang fa bangwe ba ne ba senka go tswakanya Bokeresete le Bojuda. Fa Bajuda ba ne ba tsogologa mo Galatia, Paulo o ne a senola boitimokanyo jwa bone, ka go re: “Botlhe ba ba ratañ go lebèga sentlè mo nameñ, ba lo patèlèla gore lo rupisiwè; me e be e le gore ba se ka ba bogisediwa mokgōrō.” (Bagalatia 6:12) A e ka ne e le gore keletso e e tshwanang ya go amogelwa ke botlhe le yone e ile ya nna tlhotlheletso go batho bao e rileng bosheng ba tlogela phuthego ya ga Jehofa?
8, 9. (a) Ke jang Mokeresete gompieno a ka bontshang gore o boifa batho? (b) Poifo eo e ka fenngwa jang?
8 Bakeresete ba tshwanetse go dira gore ba fenye dipoifo tse di ntseng jalo. Fa o oka-oka go rera mo tshimong eo e leng gaufi le legae ja gago, kana o ikgogona mo go rereleng ba-losika, badiri ka wena, kana balekane ba sekolo, gakologelwa potso eo Jehofa a e botsang go Isaia 51:12: “Wèna u mañ ha e bo yana u boiha motho eo o tla shwañ, le morwa motho eo o tla ediwañ boyañ?” (Bapisa Mathaio 10:28.) Ikgakolole gore mongwe le mongwe yo o “ikanyañ Yehofa o tla bolokèga.” (Diane 29:25) Petere o ne a fenya go boifa batho ga gagwe, ya bo ya re kgabagare a swa loso lwa moswela-tumelo. (Yohane 21:18, 19) Mme bakaulengwe ba le bantsi gompieno ba bontsha bopelokgale jo bo tshwanang.
9 Morongwa mongwe yo o neng a direla mo nageng eo tiro ya go rera e neng e thibetswe o ne a re: “Go tlhoka tumelo gore o ye pokanong kana o ye tirelong, ntswa o itse gore o ka nna wa tshwarwa ke mapodisi.” Mme jaaka mopesalema bakaulengwe koo ba rile: “Yehofa o ntlheñ ea me; ga nketla ke boiha: kana motho o ka ntihañ?” (Pesalema 118:6) Mme tiro mo nageng eo e ne ya tswelela, mme mo bosheng e ile ya amogelwa kafa molaong. Go tlhakanela ka metlha mo bodiheding jwa tshimo ruri go tla go thusa go godisa ikanyo e e tshwanang mo go Jehofa.
Ditlamo tsa Lelapa
10. (a) Ke boikutlo bofe jo bo leng gone lefatsheng lotlhe mme gantsi bo kgotsofadiwa jang? (b) Neela dikai tsa Bibela tsa banna bangwe bao kgomaragano ya bone le basadi ba bone e neng e nonofile go feta kamano ya bone le Jehofa.
10 Buka ya setlhogo se se reng The Individual, Marriage, and the Family e tlhalosa jaana: “Selo se se tlhokwang ke batho ba ditlhopha tsotlhe mo lefatsheng le mo dikarolong tsotlhe tsa botshelo ke go nna ‘wa ga semangmang’ mme gore yo mongwe a nne ‘wa gagwe.’” Tlhokafalo eno gantsi e fitlhelelwa mo thulaganyong ya lelapa, setheo sa ga Jehofa. (Baefesia 3:14, 15) Lefa go le jalo, Satane, gantsi o dirisa kgomaragano e re nang le yone mo go ba malapa a rona. Kamano e e nonofileng ya ga Adame le mosadi wa gagwe ka phepafalo e ne ya mo kgotletsa gore a tlhokomologe matswela a go kopanela le ene mo botsuoloding. (1 Timotheo 2:14) Mme gotweng kaga Solomone? Go sa kgathalesege botlhale jo a neng a itsiwe ka jone, “ga dihala e rile Solomone a se na go cohala basadi ba gagwè ba haposetsa pelo ea gagwè kwa medimoñ e sele: me pelo ea gagwè e se ka ea nna boitekanèlō mo go Yehofa Modimo oa gagwè . . . Me Solomone a diha se se boshula mo ponoñ ea ga Yehofa.”—1 Dikgosi 11:4-6.
11. Eli o ne a ‘tlotla bana ba gagwe bogolo go Jehofa’ jang?
11 A o santse o gakologelwa Eli wa motsofe, yo o neng a le moperesiti yo mogolo mo Iseraele? Bana ba gagwe ebong Hofeni le Finehase e ne e le “banna ba ba diramatla hèla” bao ba neng “ba sa itse Yehofa.” Ba ne ba supa lonyatso lo lo feteletseng mo ditlhabelong tsa ga Jehofa le go dira boitsholo jo bo sa siamang jwa kafa dikobong le “basadi ba ba dihèlañ ha moyakoñ oa mogope oa bophuthègèlō.” Lefa go le jalo Eli o ne a ntsha ngongorego e e seng ya sepe (“Ana lo dihèlañ dilō tse di nntseñ yalo?”), mme a sa dire boiteko bope jwa go ba tlosa mo maemong a bao ba neng ba le sego go a bona. Mo go rayang gore, o ne a ‘tlotla bomorwawe bogolo go Jehofa,’ seno se felela ka gore ene—le bone—baswe!—1 Samuele 2:12-17, 22, 23, 29-34; 4:18.
12. (a) Ke tlhagiso efe eo Jesu o neng a e neela mabapi le ditlamo tsa lelapa? (b) Ke mogopolo ofe wa selefatshe o o ka nnang wa nna gone fa go tliwa mo go balosika, a mme seno se a tshwanela kafa Dikwalong?
12 Ka gone, boikanyegi jo bo lebisitsweng kwa go sa tshwanelang, bo ka go kgoreletsa mo lobelong lwa gago lwa botshelo. Jesu o ne a raya barutwa ba gagwe a re: “Eo o ratañ rragwè kgotsa mmagwè bogolo go nna, ga aa nchwanèla; le eo o ratañ morwawè kgotsa morwadiè bogolo go nna, ga aa nchwanèla.” (Mathaio 10:37; Luke 14:26) Mme gotweng fa moratiwa a ile a tlogela boammaaruri kana a kgaolwa? A o tla ya le mogopolo wa lefatshe wa gore “mmangwana o tshwara thipa ka kwa bogaleng” mme o latela yoo wa losika go ya kwa tshenyegong? Kana o tla ikanya mo mafokong a ga Pesalema 27:10: “Gonne rrè le mmè ba ntatlhile, me Yehofa o tla nchola”?
13. Bomorwa Kora ba ne ba itshupa jang fa ba ikanyega go Jehofa, mme ba ne ba segofalediwa seno jang?
13 Bomorwa Kora ba ne ba nna le tumelo e e ntseng jalo. Rraabo o ne a etelela pele botsuolodi kgatlhanong le boetapele jwa ga Moshe le Arone. Lefa go ntse jalo, Jehofa ka kgakgamatso, o ne a supa gore o ne a eme le Moshe le Arone ka go bolaya Kora le dirukutlhi ka ene. Lefa go le jalo “bomorwa Kora ga ba a ka ba shwa.” (Dipalō 16:1-3, 28-32; 26:9-11) Go bonala fa ba ile ba gana go kopanela le rraabo mo botsuoloding, mme Jehofa o ne a ba segofatsa ka ntlha ya boikanyegi jwa bone ka go ba boloka ba tshela. Ditlogolwana tsa bone moragonyana di ne tsa nna le tshiamelo ya go kwala dikarolo dingwe tsa Bibela!—Bona mekwalo e e fa godimo ya Dipesalema 42, 44–49, 84, 85, 87, 88.
14. Ke boitemogelo bofe jo bo tshwantshetsang lesego leo le nnang gone ka ntlha ya go ikanyega go Jehofa go na le go ikanyega mo go balosika?
14 Boikanyegi gompieno bo na le matswela a masego a a tshwanang. Mosupi mongwe yo mmotlana o gakologelwa boemo joo ene le bomorwa rraagwe ba neng ba bo tsaya fa mmaabo, yo o neng a sa bolo go tsidifala mo Bokereseteng, a neng a tsenelela lenyalo la boaka. “Re ne ra bega kgang kwa bagolwaneng,” a bolela, “mme ka a ne a seka a tloga mo gae, re ne ra fetsa ka gore re fokotse bokopano jwa rona le ene go fitlhelela bagoIwane ba sena go dirisana le kgang. E ne e le namane e tona ya selo se se thata go ka se dira.” Mmaabo o ne a omana a re, “A botshelo jwa lona jo bosakhutleng bo gaisa nna?” Mme ya re a rialo ba araba ba re, “Kamano ya rona le Jehofa e feta sengwe le sengwe.” Mosadi o ne a tlhotlhelediwa mo goreng a bontshe boikwatlhao jo bo peloephepa, a tsosolosiwa mo semoyeng, mme jaanong o direla gape jaaka mmoledi yo o tlhoafetseng wa mafoko a a molemo.
15. (a) Batsadi bangwe ba ile ba dumelela jang gore bana ba bone e nne dikgopi? (b) Motsadi a ka ithusa jang gammogo le bana ba gagwe go bona botshelo?
15 Lefa go le jalo, bangwe ba ile ba dumelela gore bana ba bone ba ba kgopise. Ka go palelwa ke go lemoga gore “boeleele bo bohelecwe mo peduñ” ya babotlana, batsadi bangwe ba ile ba dumelela gore bana ba bone ba kopanele thata thata le batho ba lefatshe, ba ye maitisong a bommogo a a sa siamang, le eleng go tsenelela thatano ba sa le babotlana go ka nyala. (Diane 22:15) Ke matswela afe a a lereng masetlapelo a boitaolo jo bo ntseng jalo? Ke tshenyego ya semoya. (1 Timotheo 1:19) Bangwe ba bile ba gakatsa phoso ka go dira boferefere jwa go bipa bosula jwa bana ba bone! (Diane 3:32; 28:13) Lefa go ntse jalo, ka go ngaparela mo melao-metheong ya Bibela ka boikanyegi, motsadi o a ithusa le bana ba gagwe go bona sekgele sa botshelo.—1 Timotheo 4:16.
Ditsala tsa Gago—A ke Tsa “Botlhale” kana Tsa “Boeleele”?
16. (a) Ditsala tsa rona di ka nna tlhotlheletso e e nonofileng jang? (b) Ke bafe bao gantsi ba ka nnang kotsing ya go tlhotlhelediwa ke ditsala, mme ka ntlha yang?
16 Buka ya Sociology: Human Society e tlhalosa jaana: “Keletso ya go lebelwa kwa godimo ke ditsala tse di gaufi e lere kgatelelo e e nonofileng ya go ineela mo ditekanyetsong tsa tsone.” Buka ya Adolescence e bontsha gore gantsi banana ke bone ba panyelediwang ke kgatelelo e e ntseng jalo. E tlhalosa ka gore: “[Seno ke ka ntlha ya] diphetogo tse ba di itemogelang mo mebeleng ya bone, le kamano ya bone le malapa a bone. Ka jalo, banana ba simolola go senya nako e e oketsegileng le ditsala tsa bone mme e potlana le malapa a bone.”
17. (a) Tshwantshetsa boammaaruri jwa mafoko a Diane 13:20. (b) Ke ditsala tsa mofuta ofe tseo di ka tsewang e le tse di “botlhale”? (c) Batho ba babotlana ba ka latela jang sekao sa ga Samuele yo mmotlana?
17 Mafoko a Diane 13:20 ga a tshwanela go tlhokomologiwa: “Tsamaea le batho ba ba botlhale, me u tla nna botlhale: me monkana oa dieleele o tla utlwisiwa botlhoko ke gōna.” Mosetsana mongwe wa Mokeresete o ne a ipolela a re: “Bokopano jo bo bosula kwa sekolong bo setse tota jaanong bo simolola go nkama. Ke ne ka iphitlhela ke setse ke buile lefoko la tlhapa kwa sekolong gompieno . . . ke ratile go le bua, mme ke ne ka se ka.” Ka maswabi, bangwe ba basha ba Bakeresete ba ile ba gogelwa mo ditirong tse di masisi tsa boitshwaro jo bo sa siamang ke ba go tweng ke ditsala. Mme fa o le motho yo mmotlana yo o eletsang go bona sekgele, senka ditsala tse di botlhale—bao ba ratang dilo tsa semoya, ba ba boitshwaro jo bo tlhamaletseng, ba ba agelelang ka puo. Gakologelwa, Samuele yo mmotlana o ne a se ka a ikopanya le bana ba ba bosula ba ga Eli. O ne a nna a tshwaregile “a dihèla Yehofa,” ka gone a fela a sa kgongwa ke go bola ga bone.—1 Samuele 3:1.
Amogela Sekgele!
18. (a) Ke jang bangwe ba bakaulengwe, gongwe ka go sa lemoge, ba ka kgoreletsang lobelo Iwa rona Iwa botshelo? (b) Ke eng seo se ka re sireletsang mo ditlhotlheletsong tse di ntseng jalo tse di seng phepa?
18 Itlhokomele he, mo go mongwe le mongwe yo o ka go tseelang sekgele sa botshelo. Seno legale, ga se reye gore o tshwanetse wa nna o ntse o belaela bakaulengwe ba gago. Legale, ka dinako tse dingwe, gongwe ba sa go lemoge, bakaulengwe ba rona ba ka nna ba bua dilo tseo di go kgobang marapo. (‘Ke eng fa o nnetse go ipatika? A o akanya gore ke wena fela yo o tla bonang botshelo?’) Gongwe ebile ba ka nna ba nyatsa maiteko a gago a bopeloephepa. (‘Nna tota ga ke bone kafa o ka bulang tsela ka teng o na le lelapa. Seo tota ga se a siamela bana ba gago.’) Lefa go ntse jalo, gakologelwa gore Jesu o ne a gana tlhagiso ya ga Petere ya ‘go repisa.’ (Mathaio 16:22, 23) Dirisa ditsebe tsa gago tse di thapisitsweng ka Bibela go ‘leka mafoko,’ mme o se ka wa tlhotlhelediwa ke a a senang boammaaruri. (Yobe 12:11) Gakologelwa gore Paulo o ne a re: “Ha motho a tsèna a leka mo ditshamekoñ, ga a ke a rwesiwa, ha a se ka a leka kaha molaoñ.” (2 Timotheo 2:5) Ee, ‘melao’ ya Modimo—eseng maikutlo a eseng a dikwalo—e tshwanetse ya laola go akanya ga gago.—Bapisa 1 Bakorintha 4:3, 4.
19, 20. (a) Bomorwa rra Josefa ba ne ba senka jang go mo gobatsa, mme ene Josefa o ne a arabela jang mo go tlhokeng bopelonomi ga bone? (b) Re ka tila jang go sa kgopisiwe ke batho ba ba sa itekanelang? (c) Boitlhomo jwa rona e tshwanetse ya nna bofe mabapi le sekgele, mme ka ntlha yang?
19 Ke boammaaruri, ka dinako tse dingwe Mokeresete ka wena o ka nna a go ‘tlhaba’ ka lefoko lengwe kwantle ga go le akanyetsa. (Diane 12:18) Se dumelele seno go go tlogedisa lobelo lwa botshelo! Gakologelwa Josefa. Bomorwarraagwe ka sebele ba ne ba akanyetsa go mmolaya, mme lefa ba ne ba kganelwa go dira jalo, labofelo ba ne ba mo rekisa botshwarong jo bo setlhogo. Lefa go ntse jalo, Josefa ga a ka a letlelela seno go mo gakatsa kana gore a “cararègèle Yehofa.” (Diane 19:3) Go na le gore a ipusolosetse, e ne ya re moragonyana a ba fa sebaka sa go bontsha boikutlo jwa gagwe jo bo fetogileng. Mme fa a tla go lemoga boikwatlhao jwa bone, “a atla bomorwa rraagwè botlhe, a lelèla mo go bōnè.” Jalo Jakobe moragonyana o ne a re, “bahudi ka mecwi [bomorwa rragwe Josefa ba ba lefufa] ba mo chwentsè mo go botlhoko, ba mo hula, ba mmogisa.” Lefa go le jalo Josefa o ne a duela letlhoo la bone ka bopelonomi. Boemong jwa gore a kgojwe marapo ke boitemogelo joo, “mabōgo a diatla tsa gagwè a thatahadiwa.”—Genesise 37:18-28; 44:15–45:15; 49:23, 24.
20 Jalo he, go na le gore o kgopisiwe ke batho ba ba sa itekanelang, ‘siana fela jalo, gore o tle o phamole’ sekgele! Jaaka Josefa, a go thulana le diteko go go nonotshe go na le go go koafatsa. (Bapisa Yakobe 1:2, 3.) A go rata Modimo ga gago go itshupe go nonofile fela thata mo go seng motho ope yo o ka go kgopisang. (Pesalema 119:165) O gakologeIwe ka metlha yotlhe gore Jehofa o go tshwaretse sekgele sa botshelo jo bosakhutleng—sekgele se se ka se tlhalosiweng, se se ka se gopolesegeng. A ope a se ka a se go tseela!
A O A Gakologelwa?
◻ Ke ka ntlha yang fa kitso e e tlhomameng e na le mosola o mogolo mo Bakereseteng?
◻ Motho o ka fenya poifo ya batho jang eo e ileng ya kganela bangwe go bona botshelo?
◻ Ke jang lelapa la motho le ka itshupang le le sekgopi go ene?
◻ Mokeresete o tshwanetse go arabela jang mafokong a a kgobang marapo kana le eleng a a utlwisang botlhoko go tswa Bakereseteng ka ene?
[Setshwantsho mo go tsebe 16]
Ka go tlatsa megopolo ya rona le dipelo ka kitso e e tlhomameng, re itlhomelela go ganana le megopolo e e phoso
[Setshwantsho mo go tsebe 18]
Petere o ne a itatola Jesu ka ntlha ya go boifa batho. Moragonyana moaposetoloi yono o ne a fenya poifo eo. Le Bakeresete botlhe ba tshwanetse go dira jalo