“Opè A Seka A Lo Tseèla Sebeèlwa Kgaishō”
“Opè a seka a lo tseèla sebeèlwa kgaishō ka boikokobeco yoa gagwè hela, . . . a budulosicwe mabela a lehèla ke pelo ea gagwè ea senama.”—BAKOLOSA 2:18.
1, 2. Batho ba le bantsi ba ile ba baya mo kotsing jang melemo ya bosakhutleng ya batho ka bone, mme ebile a o ka tsopola dikai tse dingwe tsa seno gape mo Bibeleng?
MOLEOFI wa ntlha, ebong Efa, o ne a tlisediwa loso ke sebopiwa se se fetang motho ka nonofo se se boherehere. Moleofi wa bobedi, ebong Adame o ne a tsiediwa ke mosadi wa gagwe—mothonyana fela.—1 Timotheo 2:14; Genesise 3:17.
2 Efa o ne a nna wa ntlha mo tlhomaganong ya batho bao ditlhotlheletso tsa bone, e reng go reediwa, ba ka bong ba ile ba tsenya melemo ya bosakhutleng ya batho ba bangwe mo kotsing. Reetsa mafoko a bone jaaka fa a utlwala mo Bibeleng yotlhe! Mosadi wa ga Potifaro a raya Josefa: “Lala le nna.” (Genesise 39:7) Mosadi wa ga Jobe: ‘Itatolè Modimo, me u shwè!” (Yobe 2:9) Baiseraele ba raya Arone: “Nanoga, u re dihèlè medimo e e tla re ètèlèlañ pele.” (Ekesodo 32:1) Petere a raya Jesu Keresete: “A go nnè kgakala nau, Morèna: mo, ga go ketla go gu dihalèla gopè.”—Mathaio 16:22.
3. Ke tlhagiso efe eo Paulo a neng a e neela go Bakolosa 2:18, mme ke dipotso dife tse di tsogang ka ntlha ya moo?
3 Gantsi ditlhotlheletso tse di ntseng jalo di ile tsa gobatsa mongwe wa batlhanka ba ga Jehofa. Jalo lemororo go le boammaaruri gore Bakeresete ba “lwa le magōsana . . . le mashomōshomō a meōea ea boikèpō,” gantsi e nna batho boora-mmogo ba ba lereng matshosetsi gone fela foo. (Baefesia 6:12) Moaposetoloi Paulo ka gone he o ne a tlhagisa a re: “Opè a se ka a lo tseèla sebeèlwa kgaishō.” (Bakolosa 2:18) Sebeelwa kgaiso seo ke eng? Mme ke ka ntlha yang fa bangwe ba batlhanka ba ga Jehofa ba ile ba latlhegelwa ka go ineela mo ditlhotlheletsong tsa batho ba ba sa itekanelang? Go bona karabo, a re tlhatlhobeng maemo a a neng a le mo Kolosa ao a neng a kgothaletsa Paulo go neela tlhagiso eno.
4, 5. (a) Ke ditlhotlheletso dife tsa sedumedi tse di neng di le gone mo Kolosa? (b) Gnosticism, e ne e le eng, mme ke diphelelo dife tse di kotsi tseo bo ka neng bo ile jwa di tlhagisa?
4 Kolosa e ne e le boremelelo jwa sedumedi. Baagi ba Firigia e ne e le batho ba ba gogomogang maikutlo ebile ba tseneletse mo tirisabadimong le mo tumela botlhoding ya kobamelo ya medimo ya disetwa. Mme gape, go ne go le bontsi-ntsi jwa Bajuda mo motsing, ba ba neng ba sa ntse ba le mo dikgoleng tsa Bojuda. Go atamalana ga Kolosa le tsela e kgolo ya tsa papadi le gone go ne ga felela ka go elela mo go sa kgaotseng ga baeti. Go bonala fa baeng bano, ba ne ba rata go senya nako ya boiketlo jwa bone ba bua kana ba reeditse sengwe se sesha. (Bapisa Ditihō 17:21.) Seno se ne sa gogela mo kanamisong ya matlhajana a masha, gareng ga one go le jo bo neng bo ntse bo gola jwa “Gnosticism.” Radithuto mongwe ebong R. E. O. White o ne a re: “Gnosticism e ne e le mogopolo o o tumileng o o anameng fela jaaka thuto-tlhagelelo gompieno. Go bonala fa o ile wa tuma mo lekgolong la dingwaga la ntlha kana pelenyana ga moo le go gotela mo go la bobedi. O ne o akaretsa phopholetso ya botlhalefi, tumela-botlhodi, dingwao tsa maselamose, mme fa gongwe bogogotlo le eleng kobamelo e e botlhaswa.”
5 Mo seemong se se ntseng jalo, go bonala fa bodumedi mo Kolosa bo ne bo fetogile selo sa go nna se lekelediwa—e le tlhakatlhakano ya Bojuda, botlhalefi jwa Segerika, le boloi jwa seheitane. A Bokeresete, le jone, bo ne bo tla latlhelwa mo boremelelong jo bo tshwanang?
‘Go Tseelwa Sebeelwa Kgaiso’—Jang?
6. (a) Mafoko a ga Paulo a ka nna a bo a ile a thulana jang le tlhotlheletso ya matlhajana a seheitane le a Sejuda? (b) Ke ka ntlha yang fa go ne go tlhokafala gore Bakeresete ba “itisè”?
6 Lokwalo lo lo neng lo nonofile lwa ga Paulo go Bakolosa lo tshwanetse Iwa bo lo ile lwa thulana le tlhotlheletso ya bafe le bafe fela bao ba neng ba eletsa go tswakanya Bokeresete le Bojuda le botlhalefi jwa seheitane. O ne a nna a lebisa go Keresete gangwe le gape. Paulo o ne a kwala a re: ‘Lohumo lotlhe la botlhale le la kitso lo hitlhilwe mo go ena [Keresete, eseng Mojuda ope fela kana motlhalefi wa moheitane].’ Bakolosa ba ne ba kgothalediwa go ‘tsamaya mo go ena [Keresete], ba namile metswe, ba bile ba agile mo go ena, le go tlhomamisiwa mo tumelong.’ Kwantle ga moo, ba ne ba ka nna ba timediwa. Jalo Paulo o ne a tlhagisa a re: “Lo itisè e se be kgotsa go bo go le moñwe eo o lo thopañ ka botlhayana jo e leñ yoa gagwè le ka tsieco e e ithamakañ, kaha melaōaneñ ea batho, le kaha ditlhakeñ tsa kicō ea lehatshe, me e señ kaha mokgweñ oa ga Keresete.”—Bakolosa 2:3, 6-8.
7. (a) Ke ka ntlha yang fa dithuto tsa matlhajana a seheitane le a Sejuda di ka nna tsa bo di ile tsa ikuela mo Bakereseteng bangwe? (b) Ke ka ntlha yang fa dithuto tsa bone tota tota e ne e le “tsieco e e ithamakañ”?
7 Gongwe balatedi bangwe ba basha ba ga Jesu Keresete ba ne ba tlhologeletswe tshisimogo ya boloi kana kgatlhiso ya botlhalefi. Bangwe ba Bakeresete ba Bajuda ba ka nna ba bo ba ne ba sa ntse ba na le keletso ya dingwao tsa Sejuda tse di ne di sa tlhole di le gone. Dithuto tsa matlhajana a seheitane le a Bajuda di ne ka gone di tla ikuela mo bathong ba ba ntseng jalo. Mme gone, lefa barutisi bano ba maaka ba ne ba ka bonala ba tlhatswa pelo kana ba le puo e borethe jang, go ne go se sepe se ba se ntshang fa e se “tsieco e e ithamakañ.” Boemong jwa go tlhalosa ka botlalo lefoko je le itshekileng la Modimo, ba ne ba bua ka molomo fela ‘ditlhaka tsa kitso ya lefatshe’—matlhajana a a senang thuso, megopolo, le ditumelo. Go inaakanya le megopolo e e ntseng jalo e e phoso go ne go tla leretse Mokeresete tshenyego. Jalo he, Paulo o ne a re: “Opè a se ka a lo tseèla sebeèlwa kgaishō.”—Bakolosa 2:18.
8. (a) “Sebeèlwa kgaishō” e ne e le eng, mme ke dikwalo dife tse di tshegetsang karabo ya gago? (b) Bakeresete ba ba tloditsweng ba ne ba ka tseeIwa “sebeèlwa kgaishō” jang?
8 “Sebeèlwa kgaishō” e ne e le botshelo jwa go sa sweng kwa legodimong. Bo ne jwa tshwantshiwa le tuelo eo e neng e neelwa motabogi morago ga lobelo lo lo lapisang lwa dinao. (1 Bakorintha 9:24-27; Bafilipi 3:14; 2 Timotheo 4:7, 8; Tshenolō 2:7) Kgabagare, e ne e tla nna Jehofa Modimo fela ka Jesu Keresete yo o neng a ka tshwanolola mongwe mo lobelong lwa botshelo. (Yohane 5:22, 23) Lefa go le jalo, fa morutisi wa maaka a ne a ka neela Mokeresete mongwe thuto ya gagwe, seo se ne se tla nna le phelelo ya go mo amoga sebeelwa kgaiso. Yo o tsieditsweng o ne a ka katogela kgakala le boammaaruri mo a neng a ka palelwa ke go digela lobelo!
Botho jwa Barutisi ba Maaka
9. Ke dilo dife tse nne tseo di neng di kgetholola barutisi ba maaka gareng ga Bakolosa?
9 A go ne go na le tsela epe he, ya go kgetholola motho yo maikaelelo a gagwe e neng e le go ‘tseela Mokeresete sebeelwa kgaiso’? Ee, ka jaana Paulo o ne a ntsha sebopego sa botho sa baruti bano ba maaka mo Kolosa. Motho yo o ntseng jalo o (1) ‘ipelela boikokobetso jwa gagwe hela ka go obamela baengele’; (2) o “kgantsha dilō tse o di bonyeñ”; (3) o “budulosicwe mabela a lehèla ke pelo ea gagwè ea senama”; fa gone (4) “a sa naparele eo e leñ Tlhōgō,” ebong Jesu Keresete.—Bakolosa 2:18, 19.
10. Barutisi ba maaka ba ne ba ‘ipelela boikokobetso jwa lefela’ jang?
10 Abo e le boferefere jwa botsipa! Ka go tlhokomologa go nyatsa ga ga Jesu go itima dijo ga boitimokanyo, morutisi wa maaka o ne a iponatsa a le boikokobetso jo bo gogelang. (Mathaio 6:16) Tota ruri, morutisi wa maaka o ne a ‘ipelela’ go iponatsa jaaka yo o itimileng dijo le yo o ithontshitseng dilo tse di rileng ka ntlha ya bodumedi. (Bakolosa 2:20-23) Go bonala ga gagwe ka sefatlhego se se tlhontseng go ne go rulaganyeditswe sentle ka kelotlhoko go iponatsa boitshepo jwa maaka. Eleruri, morutisi wa maaka o ne a ‘dira tshiamo ya gagwe fa pele ga batho.’ (Mathaio 6:1) Mme mono gotlhe e ne e le lehela, ‘boikokobetso fela.’ Ke fela jaaka The Expositor’s Bible e tlhalosa: “Motho yo o itseng gore o boikokobetso, a bile a go kgotsofaletse, a lebaleba ka matlho a gagwe mo seiponeng sengwe le sengwe se a ka iponang mo go sone, ga a na boikokobetso gotlhelele.”—Mokwalo o o sekameng ke wa rona.
11. (a) Kobamelo ya baengele e ne e le eng? (b) Ke bosupi bofe jo bo leng gone jwa gore kobamelo ya baengele e ne ya ganelela mo Kolosa?
11 Lefa go le jalo, boikokobetso jono jwa lefela bo ne jwa dira gore tlwaelo e e sa tlhamalalang e bonale e tlotlega—“go ōbamèla baengele.” Paulo ga a tlhalose tota tota kafa kobamelo eno e neng e dirwa ka gone. Lefa go ntse jalo, bosupi bo bontsha gore e ne e le sebopego sa kobamelo ya maaka eo e neng ya ganelela mo Kolosa ka makgolokgolo a dingwaga. Lekgotla la lekgolo la dingwaga la bone gautshwane le Laodikia le ne la go fitlhela go tlhokafala go tlhalosa ka gore: “Bakeresete ga ba a tshwanela go itatola Kereke ya Modimo, mme . . . ba bitse maina a baengele. . . . Ka gone, fa mongwe a ka fitlhelwa a le mo kobamelong eno ya medimo ya disetwa ya mo sephiring, a a hutsege.” Lefa go ntse jalo, moithuta-bomodimo le radithuto wa lekgolo la dingwaga la botlhano ebong Theodoret o kaya gore “bosula jono” jwa kobamelo ya baengele bo ne bo sa ntse bo le gone mo motlheng wa gagwe. Go tla motlheng ono, Kereke ya Katoliki e sa ntse “e kgothaletsa baitshepi go rata, go tlotla, le go kokotlela baengele,” e etleetsa “Ditirelo le Maemo a Bomodimo go tlotla baengele ba batlamedi.”—New Catholic Encyclopedia, “volume” I, tsebe 515.
12. Barutisi ba maaka ba ka nna ba bo ba ile ba tsaya gore kobamelo ya baengele e ne e amogelesega jang?
12 A dirisa tsela e e tshwanang ya go akanya ya Makatoliki a thuto bomodimo, morutisi wa maaka o ka nna a bo a ile a re: ‘Abo baengele ba na le tshiamelo e ntle-ntle jang! A Molao wa ga Moshe o ne wa seka wa fetisiwa ka bone? A ga ba gautshwane le Modimo kwa legodimong? Ruri re tshwanetse ra neela bathata bano tlotla e e ba tshwanetseng! A seo se tla bo se sa supe fa re le boikokobetso jwa boammaaruri? Kana ebu, Modimo o kwa godimodimo, mme rona batho re kwa tlase tlase! Jalo he, baengele, ba ka direla jaaka babueledi ba rona mo Modimong.’
13. (a) A kobamelo ya baengele e a amogelesega? (b) Morutisi wa maaka o ne a “kgantsha dilo tse o di bonyeñ” jang?
13 Lefa go le jalo, kobamelo ya baengele, lefa e ka bo e ne e le ya sebopego sefe, e phoso. (1 Timotheo 2:5; Tshenolō 19:10; 22:8, 9) Mme morutisi wa maaka o ne a tla leka go kgaphela kganano eno kafa thoko ka go “kgantsha dilō tse o di bonyeñ.” Go ya ka The Vocabulary of the Greek Testament, tlhaloso eno e ne e dirisiwa mo “ditumelong tsa masaitsiweng go tshwaya bofelelo jwa kaloso, fa “mystęs” [sealogane] ‘a tlhoma lonao’ mo kgorong ya botshelo jo bosha jo a neng a tla kopanela mo go jone le Modimo.” Ka go dirisa mafoko a seheitane, Paulo o ne a sotla tsela eo morutisi wa maaka a neng a itlotlomatsa ka yone ya gore o na le temogo e e kgethegileng—gongwe le eleng go iphaka gore o na le dipono tse di fetang tsa tlholego.
14. Barutisi ba maaka ba ne ba ‘budulositswe ke pelo ya senama’ jang?
14 Lefa go ntse jalo, lemororo a iphaka gore ke wa semoya, morutisi wa maaka tota o ne a budulosiwa kwantle ga lebaka je le utlwalang ke pelo ya gagwe ya senama, Nama e e leofileng e ne e kgotlela pono ya gagwe le maikutlo. A ‘budulositswe’ ke boitlotlomatso le boikgodiso, mogopolo wa gagwe o ne o le mo ‘ditirong tse di bosula.’ (Bakolosa 1:21) Se se maswe maswe, o ne a sa ngaparele yo eleng tlhogo, Keresete, ka jaana a ne a kgothaletsa megopolo ya batho ba lefatshe go na le dithuto tsa ga Jesu.
A E Santse E Le Kotsi?
15. (a) Ke maikutlo afe a a elwang tlhoko gareng ga Bakeresete bangwe gompieno? (b) Maikutlo a a ntseng jalo a simologa kae, mme a nna jang fa a bapisiwa le kgakololo ya Bibela?
15 Sebeelwa kgaiso sa botshelo jo bosakhutleng—e ka ne e le kwa legodimong kana mo lefatsheng la paradaise—se sa ntse se solofeditswe batlhanka ba ga Jehofa. Ke boammaaruri, ba Gnostics le Bajuda ba sale ba nyeletse. Lefa go le jalo go sa ntse go na le batho bangwe bao ba sa ntseng ba ka nna ba kgoreletsa Mokeresete go bona sebeelwa kgaiso seno. Ba ka nna ba se ka ba dira jalo ka bomo. Lefa go ntse jalo, ka go bo ba ile ba iteseletsa go amiwa ka mo go sa tlhokafaleng ke ‘botlhajana le tsietso e e ithamakang’ tsa tsamaiso eno, ba ka nna ba akgela ka go re:
‘Ke leka go ikanyega, mme go thata fa e le gore o na le kgwebo. Lefatshe leno, ke semphete ke go fete, mme ka dinako tse dingwe go batla fela gore o repise.’ (Bapisa pono eno le Diane 11:1; Bahebera 13:18.)
‘A o batla go nthaya o re o sa ntse o le mmalelapa fela? Dinako di fetogile! Ke eng o sa senke tiro mme o itirele sengwe mo botshelong!’ (Bapisa Diane 31:10-31.)
‘Ke a itse gore tiro ya me e itlhakanya le dipokano gammogo le bodihedi jwa tshimo go se kae. Mme go ntopa madi a le mantsi go tshegetsa tsela ya me ya botshelo. Mme phoso e fa kae ka go nna le dilo di sekae tse dintle? (Farologanya seno le mogopolo o o mo go Luke 21:34, 35; 1 Timotheo 6:6-8.)
‘Ke lapisiwa thata ke go utlwa bagolwane ka metlha ba ntse ba bua kaga tirelo ya tshimo! Ke bereka beke yotlhe mme ke tlhoka go itapolosa ka mafelo beke.’ (Bapisa Luke 13:24; Mareko 12:30.)
‘Bobulatsela ga se jwa mongwe le mongwe. Kwantle ga moo, kafa itsholelo e ntseng ka teng gompieno o tlhoka thutego ya unibesithi fa o batla go tswa sentle.’ (Bapisa seno le Mathaio 6:33; 1 Bakorintha 1:19, 20; 1 Timotheo 6:9-11.)
Go akanya ga dilo tse di bonalang le ga senama ke selo se se tshwanang fela le ‘ditlhaka tsa kitso ya lefatshe’—dikgopolo le ditumelo tsa batho ba lefatshe! Go ineela mo go gone go ka lere tshenyego ya semoya e e ka se baakanngweng.
16. Ke jang bangwe gompieno ba ka nnang baatlhodi ba ba boitimokanyo?
16 Bao ba itlhomileng jaaka baatlhodi le barutisi ba santse ba baka kotsi e nngwe gape. Jaaka ba ba kwa Kolosa, ba ka nna ba tsosa dikgang ka dilo fela tse eleng tsa botho. Gantsi ba kgethololwa ka ‘boikokobetso jwa lefela.’ (Bakolosa 2:16-18) Boikutlo jwa bone jwa ke boitshepo go go gaisa bo kaya mogopolo o o phoso—keletso ya go itsholetsa mo go ba bangwe. Gantsi ke ba ba leng “tshiamō ea mo go heteletseñ,” ba le bofefo go pota ka kwa ga seo “motlhanka eo o boikanō” a se buileng kana a se gatisitseng. Jalo he ba ka nna ba tlhosetsa dikgang mo dilong tse di etsang boitloso-bodutu, ipabalelo ya botsogo, mekgwa ya kaparo le go ipaakanya mmeleng, kana tiriso ya dino tsa tagi. (Moreri 7:16; Mathaio 24:45-47) Tlhokomelo ka gone e faposiwa mo dikgannyeng tsa semoya e lebisiwa mo dikeletsong tsa senama.—Bapisa 1 Timotheo 6:3-5.
17, 18. (a) Bangwe ba ile ba “kgantsha” jang dipono tsa bone tsa botho, mme ke ka ntlha yang fa seno se le kotsi? (b) Thuto ya rona e e latelang e tla bua ka eng?
17 Gompieno, bangwe ba ya le eleng bokgakaleng jwa go ‘kgantsha’ dipono tsa botho mo Dikwalong, kana ba iphaka gore ba na le temogo e e kgethegileng. Mosadi mongwe, yo o neng a na le ngwaga fela a ntse a kolobeditswe, o ne a iphaka gore ke mongwe wa batlodiwa le go akanya gore seno se ne se dira gore kgopolo ya gagwe e nne e e utlwalang. Jalo a bontsha keletso e e nonofileng ya go batla go “ruta le go kgothatsa ba bangwe” a na le maemo a a rileng. (Mme bona 1 Timotheo 2:12) Ereka Jehofa a ila “boikgodishō, le bogōma,” Bakeresete ba tshwanetse ba nna le boikobo fa go tla mo diponong tsa bone. (Diane 8:13) Ba tila serai sa go ‘budulosiwa mabela a lefela ke pelo ya bone ya senama.’ (Bakolosa 2:18) Bomang fela ba ba goletsang megopolo ya bone le go bua bosula kgakololo ya “motlhanka eo o boikañō” yo o tlhomilweng ke Keresete ga ba a ngaparela yo eleng tlhogo. Ruri he, basupi ba ba ikanyegang ba ga Jehofa ba tshwanetse go itisa kgatlhanong le tlhotlheletso e e seng ya bomodimo eo e ka ba amogang sebeelwa kgaiso sa botshelo.
18 Satane o sa ntse a ntse a dirisa batho go kgoreletsa ba bangwe go bona botshelo. Ke ditsela dife tse dingwe tseo ka tsone Diabolo a dirisang maretshwa ano? Mme mosupi wa ga Jehofa o ka ngaparela sebeelwa kgaiso ka thata jang?
A O A Gakologelwa?
◻ Ke ditlhotlheletso dife tsa sedumedi tse di neng tsa bōpela Bakeresete kwa Kolosa wa bogologolo?
◻ Ke mekgwa efe e e neng e kgetholola ba ba neng ba ka tseela Bakeresete “sebeèlwa kgaishō”?
◻ Ke jang Bakeresete bangwe gompieno ba bontshang gore ba ile ba tlhotlhelediwa ke ‘ditlhaka tsa kitso ya lefatshe’?
◻ Ke jang barutisi ba maaka ba ka nnang ba faposetsa Bakeresete kwa tseleng e e phoso?
[Setshwantsho mo go tsebe 12]
‘Kobamelo ya baengele’ e ne e tshosetsa go bodisa phuthego ya Bokeresete mo Kolosa. Kobamelo e e tshwanang le eo ya ditshwantsho e sa ntse e ganelela gareng ga bao ba iphakang go nna Bakeresete le gompieno
[Setshwantsho mo go tsebe 14]
Itise mo go ba ba ka go tlhotlheletsang go akanya jaaka lefatshe!