LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w85 5/15 ts. 20-21
  • O Moimana mme A Sa Nyalwa

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • O Moimana mme A Sa Nyalwa
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1985
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • O Moimana mme A Sa Nyalwa
    Monna Yo Mogolo go Gaisa Botlhe Ba Ba Kileng Ba Tshela
  • Marea o Imile Mme ga a Nyalwa
    Jesu ke Tsela, Boammaaruri le Botshelo
  • Se Sekao sa ga Marea Se ka Re Rutang Sone
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2009
  • “Bona! Lelata la ga Jehofa!”
    Etsa Tumelo ya Bone
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1985
w85 5/15 ts. 20-21

Botshelo le Bodihedi tsa ga Jesu

O Moimana mme A Sa Nyalwa

MARIA o dikgwedi tse tharo a le moimana. O tla gakologelwa gore o ne a re a sale mosha go ima a bo a etetse Elisabethe, mme jaanong o boetse gae kwa Nasaretha. Ka bonakonyana boemo jwa gagwe bo tla itsiwe phatlalatsa mo legaeng la ga gabo. Ruri, o mo seemong sa tlalelo!

Seo se dirang seemo maswe go feta ke gore Maria o beeleditswe go nna mosadi wa ga Josefa wa mmetli. Mme o itse gore, ka fa tlase ga molao wa Modimo go Iseraele, mosadi yo o beeleditsweng ke monna mongwe, yo o tlhakanetseng dikobo ka bomo le monna o sele, o bolawa ka go kgobotlediwa ka maje. O tla tlhalosetsa Josefa go ima ga gagwe jang?

Ereka Maria a ne a tsamaile dikgwedi tse tharo, re ka tlhomamisega gore Josefa o tlhoafaletse go mmona. Fa ba kopana, go bonala fa Maria a mo senolela dikgang. O ka nna a dira bojotlhe jwa gagwe go tlhalosa gore o imile ka ntlha ya moya o o boitshepo. Mme, jaaka o ka akanya, seno ke selo se se thata mo go Josefa.

Josefa o itse leina je le ntle je Maria a nang le jone. Mme ka phepafalo o mo rata thata. Mme gone, go sa kgathalesege seo a ka se bolelang, go bonala tota ekete o imisitswe ke monna yo mongwe. Lefa go le jalo, Josefa ga a batle gore a bolawe ka go kgobotlediwa ka maje kana go tlhabisiwa ditlhong phatlalatsa. Jalo he o fetsa mogopolo go mo tlhala ka sephiri. Mo metlheng eo, batho ba ba neng ba beeleditswe ba ne ba tsewa fela jaaka ba ba nyetsweng, mme tlhalo e ne e tlhokafala go fedisa peelelo.

Moragonyana, fa Josefa a ntse a akanyetsa dikgang tseno, o ya go robala. Moengele wa ga Jehofa o mmonalela mo torong mme a re: ‘Se boife go tsaya Marie mosadi wa gago, ka gonne o ithwadisitswe ke moya o o boitshepo. Mme o reye ngwana leina o re ke Jesu, gonne o tla golola batho ba gagwe go tswa mo maleong a bone.’

Abo Josefa a ne a itumetse, fa a tsoga! Kwantle ga go diega o dira se moengele a se mo supegeditseng. O tsaya Maria o mo isa legaeng la gagwe. Kgato eno ya phatlalatsa, e ne e direla jaaka modiro wa lenyalo, e tlhokomedisa gore Josefa le Maria jaanong ba nyalane kafa molaong. Mme Josefa ga a tlhakanele dikobo le Maria fa Maria a santse a imile Jesu.

Bona jaaka Maria a imile ngwana! lefa go le jalo Josefa o mo pega mo eseleng. Ba ya kae, mme ke eng ba tsaya loeto lono fa Maria a tloga a belega? Luke 1:39-41, 56; Mathaio 1:18-25; Duteronome 22:23, 24.

◆ Boemo jwa mogopolo wa ga Josefa e ne e le bofe fa a ne a utlwa ka go ima ga ga Maria, mme ka ntlha yang?

◆ Josefa o ne a ka tlhala jang Maria ntswa ba ne ba ise ba nyalane?

◆ Ke kgato efe ya phatlalatsa e e neng ya direla jaaka modiro wa lenyalo la ga Josefa le Maria?

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela