Botsala jo bo Molemo-lemo Bo Nnela Ruri mo Lefatsheng le le Letlhoo
“Itiheleñ ditsala ka mahumō a a sa siamañ; gore, e tle e re a tlhaèla, di lo cholèlè mo maagoñ a a sa khutleñ.”—LUKE 16:9.
1. Ke goreng Diane 14:20 e ne e sa dire mo go Jesu Keresete mo lefatsheng?
“MOHUMANEGI o ilwa le ke oa ga gabo: me mohumi o na le ditsala di le dintsi.” (Diane 14:20) Seane seno sa ga Kgosi Solomone wa Iseraele se ne se sa dire mo monneng yo mogolo yo o kileng a nna gone mo lefatsheng, ebong Jesu Keresete, ene yo mogolo go na le Solomone. Jesu ga a ka a tsenya Baiseraele mo bolekaneng jo bo katamalano le ene ka mahumo a a bonalang; lefa e le gone go tsaya letlotlo la selefatshe jaaka motheo wa botsala jwa boammaaruri, jo bo nnelang ruri.
2. Jesu o ne a bolelela barutwa ba gagwe go itirela ditsala dife, mme ka lebaka lefe?
2 Go boammaaruri gore mo pakeng nngwe Jesu o ne a re: ‘Itiheleñ ditsala ka mahumō a a sa siamañ; gore, e tle e re a tlhaèla, di lo cholèlè mo maagoñ a a sa khutleñ.” (Luke 16:9) Mme “ditsala” tseo Jesu a neng a di gopotse e ne e le Jehofa Modimo, Motswedi wa mahumo otlhe a a leng mosola, le ene ka sebele jaaka Morwa Rraagwe yo o letlotlo le legolo. Fa gompieno re latela kgakololo eo e e tshwanang, re tlisiwa mo botsaleng jo bo molemo-lemo jo bo ka ipelelwang mo lefatsheng, joo jwa ga Jehofa Modimo ka setlhabelo sa Morwawe, ebong Jesu Keresete.
3. Ditsala tseno tsa selegodimo di ka re tsenya mo “maagoñ a a sa khutleñ” afe?
3 Ka ntlha ya botshelo jwa bone jwa bosasweng, Bano ba selegodimo ba ka sala e le Ditsala tsa rona tse di tiileng mme ba ka re tsenya mo “maagoñ a a sa khutleñ.” Seo se ntse jalo boo ‘maago ano a a sa khutleng’ e tla nna kwa legodimong kwa godimo le baengele botlhe ba ba boitshepo kana mono mo lefatsheng mo Paradaiseng e e tsosolositsweng.—Luke 23:43.
Go Amogelwa Mo Botsaleng jo bo Molemo-lemo
4. (a) Ke sekai sefe sa Bibela seo se supang gore a jaana botsala jwa Modimo bo ka rekwa? (b) Re ka dirisa mahumo a rona jang ka tsela e e tshwanetseng?
4 Botsala jwa Modimo Mogodimodimo le jwa Morwawe yo o tsetsweng a le esi, ebong Jesu Keresete, ga bo ka ke jwa rekwa ka madi. Ntlha eno e ne ya otlelelwa mo kgannyeng ya ga Ananiase le Safira mo phuthegong ya lekgolo la ntlha la dingwaga ya Bokeresete. Kwa ntle ga go ipatlela tlotlo le go ipatlela leina jaaka ba ne ba dira, re ka dirisa mahumo a rona a selefatshe ka tsela eo e amogelwang ke Jehofa Modimo le Jesu Keresete. (Ditihō 5:1-11) Seno ke sone se Jesu Keresete a neng a se raya fa a ne a re: “Itiheleñ ditsala ka mahumō a a sa siamañ; gore, e tle e re a tlhaèla, di lo cholèlè mo maagoñ a a sa khutleñ.”—Luke 16:9.
5. Sakaio o ne a latela tsela efe, mme ka matswela afe?
5 Fa Jesu a ne a bua mafoko ao, o ne a sa ipatlele go bona tlotla mo bakgethising ba mmuso-mogolo wa Roma le baleofi ba bangwe. O ne a sa kgatlhegele go bapala letlotlo lepe la dilo tse di bonalang tsa gagwe mo lefatsheng, ka gobo a ne a boleletse barutwa ba gagwe go ipeela khumo ka bobone kwa legodimong kwa godimo. Sakaio, mokgethisi wa Mojuda mo mmusong wa Roma, o ne a fetsa ka gore a tseye kgato mo kgakololong eno ya ga Mesia Jesu le go bolela phatlalatsa boikaelelo jwa gagwe go dira jalo. Ka ntlha ya kgato eno ya go rotloetsa dikgatlhego tsa Bogosi, molalediwa yo o tlotlegang segolo bogolo wa ga Sakaio o ne a re: “Gompiyeno polokō e tsile mo tluñ e, ka gonne le èna ke morwa Aberahame. Gonne Morwa Motho o tsile go batla le go boloka se se neñ se latlhegile.” (Luke 19:1-10) “Se se neñ se latlhegile” se ne se akareletsa mokgethisi ka sebele eleng Sakaio.
6. Sakaio o ne a dumelelwa mo go eng, mme ke tsela ya ga mang e e phoso e e direlang jaaka tlhagiso?
6 Sakaio o ne a dumelelwa mo botsaleng jo bo molemo-lemo mo lobopong lotlhe, joo jwa Modimo le Rra molalediwa yo o kgethegileng yo ka nako eo a neng a mo tsholetse mo ntlong ya gagwe. Boo Sakaio o ne a bona Jesu morago ga tsogo ya Gagwe go tswa baswing le gore a o ne a le mongwe wa barutwa ba ba ka nnang 120 ba ba neng ba phuthegile kwa kamoreng e e kwa godimo mo Jerusalema mo letsatsing leo le le sa lebalesegeng la Pentekosete ya 33 C.E. ga go tlhalosiwe ka gope mo pegong ya Bibela. Kwantle ga pelaelo, lefa go le jalo, Sakaio o ne a bonwa gareng ga barutwa ba ba itshenketsweng ka moya ba ba 5 000, ba ba tloditsweng bao ba neng ba begwa ka bofefo fela moragonyana ga foo. (Ditihō, dikgaolo 2 le 4; 1 Bakorintha 15:1-6) Mme abo re na le pharologanyo e kgolo jang ne gareng ga ga Ananiase le Safira, ba ba neng ba umakiwa go le pele! Batho bao ba babedi ba ba neng ba kopanela le phuthego ya Jerusalema ba ne ba leka go ipatlela leina gareng ga barutwa ka go ba aketsa ka madi a moneelo a ba neng ba a dirile. Kotlhao e e neng ya ba wela ka ntlha ya boikanyologi jwa bone e ne ya ba amoga botsala jo bo molemolemo mme e direla jaaka tlhagiso go Bakeresete botlhe gompieno.—Ditihō 4:34–5:11.
7. Go sa kgathalesege letlhoo ja lefatshe jeno, Basupi ba ga Jehofa ba ipelela eng seo se seong?
7 Go sa kgathalesege letlhoo la lefatshe leno la lekgolo la dingwaga la bo-20, Basupi ba ga Jehofa ba tswelela go ipelela botsala jo bo molemo-lemo jo bo gaisang otlhe a a teng. Mme ke goreng ba tshwanetse ba ipelela botsala jono jo bo sa tlwaelegang lemororo ditsamaiso tsa bodumedi tse di farologaneng tse di fetang sekete di sa dire jalo? Bosupi bo bontsha gore ke ka go bo Basupi ba ga Jehofa ba ile ba dira sengwe se se botlhokwa-tlhokwa seo ditumelo tsa La-Bodumedi di sa se direng. Ka ntlha ya selo se le sengwe, Basupi ba ile ba tswa mo ditsamaisong tsa maaka tsa bodumedi, ka go bo ba ile ba lemoga gore tseno di bopa mmuso wa lefatshe wa bodumedi jwa maaka, o mo Bibeleng o bidiwang Babelona o Mogolo. Tota, go tswa mo bodumeding bongwe jwa maaka ga go reye fela gore motho o setse a tsena mo phuthegong ya ga Jehofa, ka go bo motho o ka kopanela le tsamaiso e nngwe ya bodumedi ya mmuso wa lefatshe wa bodumedi jwa maaka.
8. Taolo ya go tswa go Babelona o Mogolo e lebisitse go bomang gompieno?
8 Re tshwanetse ra tlhokomela gore taolo ya bomodimo ya go tswa mo Babelona o Mogolo e lebisitswe go “batho ba me.” (Tshenolō 18:4) Go ya ka Dikwalo tsa Sehebera, pitso eno ya bomodimo e tshwana le taolo e e neng ya neelwa ke Modimo go batshwarwa ba Iseraele mo lefatsheng ja Babelona. (Isaia 52:11) Ka jalo, tlhaloso ya go re “batho ba me” e dira ka tlhamalalo go masalela a barutwa ba ba itshenketsweng ka moya, ba ba tloditsweng ba ga Jesu Keresete ba ba santseng ba le mo lefatsheng. Ka nako ya Ntwa ya Lefatshe I ya 1914-18, Babelona o Mogolo o ile a isa batlodiwa bano botshwarong ka dikarolo tsa sepolotiki, sesole, le dikatlholo tsa lefatshe leno e le gore a tle a kgoreletse masalela ano a semoya mo tirong. Fa re bua ka tshwantshetso, masalela a ne a tla mo boemong jwa botshwarwa, ba latlhegelwa ke kgololesego ya go tsamaya mo tirelong ya ga Jehofa.
9. Basupi ba ga Jehofa ba ne ba tshwanelwa ke gore ba tswe mo Babelona o Mogolo go ya bokgakaleng jo bo kana kang?
9 Mo go Tshenolō kgaolo 17, Babelona o Mogolo o tshwantshediwa jaaka seaka se se palameng sebatana se se ditlhogo di supa le se se dinaka di some. Sebatana seo sa tshwantshetso seo se tsenang mo moleteng mme se bo se tlhaga gape se tshwantshetsa lekgotla la motlha wa segompieno la kagiso la lefatshe, eleng, Merafe e e Kopaneng, motlhatlhami wa Kgolagano ya Merafe eo e neng ya tsena mo moleteng ka go tlhagoga ga Ntwa ya Lefatshe II. Jalo fa batho ba ga Jehofa, bao ba bidiwang, “batho ba me,” ba ne ba utlwa pitso eno go tswa Babelona o Mogolo, ba ne ba dira eng? Ga ba a ka ba tswa fela tlaseng ga bolaodi le maatla a mmuso oo wa lefatshe wa bodumedi jwa maaka mme gape ba ne ba tswa tlaseng ga bolaodi jwa ditsala tsa gagwe tsa sepolotiki, dikarolo tsa sepolotiki tseo jaanong di bopang UN.
10. Basupi ba ga Jehofa gompieno ga ba amane ka gope le lekgotla lefe la merafe-rafe, mme goreng go ntse jalo?
10 Masalela a a tloditsweng a ne a tsaya le go tshegetsa boitlhaodi jo bo gagametseng malebana le dikgang tsa sepolotiki le tsa sesole tsa tsamaiso eno ya dilo. (Yohane 15:19) Ka go sa etsaetsege ba emela Bogosi, jwa Modimo ka Jesu Keresete, jo bo tlhomiIweng kwa magodimong kwa bowelong jwa Metlha ya Baditšhaba ka 1914. Ka go dipela Bogosi Kgolagano ya Merafe e ne ya tlhomiwa mme ya bewa sekano ke Babelona o Mogolo morago ga bofelo jwa Ntwa ya Lefatshe I ka 1918. Ka jalo, lekgotla leno la meraferafe le le itiretsweng ke motho le ferosa sebete, le makgapha mo go Jehofa Modimo mme gape le mo masaleleng a a ikanyegang a Baiseraele ba semoya mono mo lefatsheng. Ba ikanya mo Bogosing jwa ga Jehofa ka bojone eseng mo seemeding se se ikakanyeditsweng sa selefatshe. (Mathaio 24:15, 16) Mme go ntse fela jalo le ka “boidiidi yo bogolo” jwa motlha wa segompieno, jo bo tshwantshediwang ke Banethinima le “bana ba batlhanka ba ga Solomone.”—Tshenolō 7:9-17; Esere 2:43-58.
11. (a) Ke goreng go le phoso ka barutwa ba ga Jesu go nna ditsala tsa lefatshe leno? (b) Lefatshe leno le na le boikutlo bofe malebana le Basupi ba ga Jehofa, mme ba tswelela go ipelela eng?
11 Fa Jesu a ne a le mo tshekong ya botshelo jwa gagwe fa pele ga molaodi wa Roma Ponto Pilatwe, o ne a re: “Bogosi yoa me ga se yoa lehatshe yeno: ha bogosi yoa me e ka bo e le yoa lehatshe yeno, batlhanka ba me ba ko ba tlhabana, gore ke se ka ka neèlwa Bayuda: me yana bogosi yoa me ga se yoa mono.” (Yohane 18:36) Ka jalo go tla bo go le phoso gotlhelele ka “batlhanka” ba ga Jesu, kana barutwa, go nna ditsala tsa lefatshe leno. Go le pelenyana, Jesu o ne a bolelela ba ntlha ba “batlhanka” ba gagwe, baaposetoloi ba ba ikanyegang ba ba 11, gore e ne e se ‘karolo ya lefatshe’ leo Satane Diabolo eleng “kgōsana” ya lone. (Yohane 14:30; 15:19; bapisa 2 Bakorintha 4:4.) Ke ka gone moo lefatshe le neng la ba tlhoa kana le neng le ba ila. Go ntse go ntse fela jalo, barutwa ba ga Jesu ba lekgolo leno la dingwaga la bo-20 ba iphitlhela ba le mo lefatsheng le le ba ilang. Go sa kgathalesege seno, ba tswelela go ipelela botsalo jo bo molemo-lemo mo lobopong lotlhe, jwa Modimo wa lefatshe je le tshiamo je le tla tlang, ka “magodimo a masha, le lehatshe ye lesha” a lone.—2 Petere 3:13.
12. Fa motho a tswa mo go Babelona o Mogolo le mo dinyatsing tsa gagwe tsa selefatshe, o tshwanetse go ema mo letlhakoreng lefe fela, mme seno se kopanyeletsa eng?
12 Fa motho a tswa mo Babelona o Mogolo le mo balekaneng ba gagwe ba selefatshe, Papadi e Kgolo le Dipolotiki le Bosole, go ka nna le lefelo le le lengwe fela fela go ya go lone. Leo ke mo letlhakoreng la phuthego ya lobopo lotlhe la Modimo o mongwe fela o o tshelang le wa boammaaruri, ebong Jehofa. Ga go na go nna mo bogareng fela. Seno se tlhoka motho ka esi go itshokela letlhoo la lefatshe leno, lebaka leo le go dirang bokete gore motho a fetse ka go tlogela Babelona o Mogolo le lefatshe leo a leng karolo ya lone e e botlhokwa.
“Leina ye Lesha” Le Tswa Tsaleng e e Molemo-lemo
13. Mo lekgolong la ntlha la dingwaga la C.E., barutwa ba ga Jesu ka tlamelo ba ne ba bidiwa eng?
13 Botsala jwa rona jo bo ngomaelwang thata le Modimo bo re itumedisa thata go bidiwa Basupi ba ga Jehofa. Go boammaaruri, barutwa ba ga Keresete ba lekgolo la ntlha la dingwaga ga ba a ka ba tsaya leina “Basupi ba ga Jehofa.” Mme tswee-tswee akanyetsa kamano ya bone le Tsala e e molemo-lemo ya botlhe. Ditihō 11:26 e bega ka gore: “Me le gōna barutwa ba simologile ba bidiwa Bakeresete loa ntlha mo Antioka [wa Siria].” O tla elatlhoko gore New World Translation of the Holy Scriptures e bolela gore “ba ne ba bidiwa Bakeresete ka tlamelo ya bomodimo.” Lefoko la Segerika fano le le fetoletsweng ‘ba bidiwa ka tlamelo ya bomodimo’ le akantsha sengwe seo se fetang go ipilediwa-pilediwa fela. Tsala e e molemo-lemo mo lobopong e ne ya amogela leina leo “Bakeresete.”
14. Ke eng seo se ka bolelwang ka lereo “La-Bodumedi,” mme ke dipotso dife tseo di tlhokang kakanyetso?
14 Go tswa mo lereong “Christian” (Bokeresete) go tlhagile leina “Christendom,” (La-Bodumedi) leo le dirisediwang sebaka sotlhe sa bao ba ipolelang go nna Bakeresete ka makoko le dikerekenyana tsa bodumedi tsotlhe tse di ntsifetseng. Ka jalo sereto “La-Bodumedi” ga se a ka sa tewa ka “tlamelo ya bomodimo,” e ka tswa e le ka baaposetoloi kana ‘tlamelo’ e e laotsweng ke thato ya Modimo. Ka gone seemo gompieno se kgakala thata le seo sa lekgolo la ntlha la dingwaga. Ke Bakeresete ba mmatota fela bao ba ipelelang botsala jo bo molemo-lemo mo lefatsheng leno le le letlhoo. Ka jalo potso e kgolo gompieno ke, Ke bafe bao eleng Bakeresete ba mmatota, ba konokono bao ba dumalanang le Dikwalo tse di tlhotlheleditsweng? Potso e nngwe e e botlhokwa ke e, A Basupi ba ga Jehofa ke Bakeresete ba boammaaruri bao ba nang le Jehofa Modimo le Jesu Keresete jaaka Ditsala tsa bone? Malebana le seno leina le le ikgethetsweng ke Modimo sebele, ebong Jehofa, ke lone kgang kgolo.
15. Ke ka ntlha ya mabaka afe go bo nako e gorogile ka Jehofa go itirela leina ka boene, mme ‘batho ba leina ja gagwe’ ba na le seabe se se kana kang jaanong malebana le seno?
15 La-Bodumedi le ka ipelela jang, ka ditumelo tsa lone tse dintsi, botsala le Jehofa? La-Bodumedi le ile la kgarameletsa kwa pele pele leina Jesu Keresete, la batla gotlhelele le timetsa leina la ga Rraagwe wa selegodimo, ebong Jehofa. Lefa go ntse jalo, mo go bolokeng dipolelelo pele tsa Bibela, nako e tsile gore Jehofa a itsise leina la gagwe. Ka gone, leina la gagwe le ne la tla kwa pele pele. Mo boemong jwa seno, o ne a tla dirisa basupi ba gagwe ba boammaaruri, batho ba gagwe ba ba ikgethetsweng, bao ba ipelelang botsala jwa gagwe. Kwa pokanong ya lekgolo la ntlha la dingwaga e e kgethegileng e e neng e tshwerwe ke baaposetoloi le balatedi ba bangwe ba bagolo ba ga Jesu Keresete, morutwa Jakobe o ne a re: “Simeone o boletse kaha e rileñ pele Modimo oa lekola Badichaba, gore o tlhaolèlè leina ya ōna batho mo go bōnè.”—Ditihō 15:14.
16, 17. Go ile ga dirwa eng ka leina la Modimo mo dithanolong tsa Bibela tsa La-Bodumedi, mme New World Translation e ile ya nna boammaaruri jang mo ntlheng eno?
16 Go ne go tla solofelwa gore ‘batho ba leina ja Modimo’ e nne ditsala tsa gagwe mme ba ngaparele leina la bomodimo. Mme ke eng seo se ileng sa diragala mo go La-Bodumedi? Mo dithanolong tsa gagwe tsa Bibela tse di itsegeng, leina la ga Jehofa le ile la hupediwa ke sereto. Aitsane, mo phetolelong e e tumileng thata thata ya Seesemane ya gompieno leina la gagwe le bonala makgetlo a le mane fela! (Ekesodo 6:3; Pesalema 83:18; Isaia 12:2; 26:4, King James Version) Gape gape, le eleng diphetolelo tsa Sejuda tsa Dikwalo tsa Sehebera leina la Modimo le ile la fetolelwa jaaka “Morena.” Boiteko jo bo ntseng jalo jwa go gatelela leina la ga Jehofa ga se tiro ya ditsala tsa gagwe.
17 Lefa go ntse jalo, ka ngwaga wa 1950, New World Translation of the Holy Scriptures e ne ya simolola go tsena dikgang tsa sedumedi, mme e ne ya busetsa leina la bomodimo nako nngwe le nngwe fa le bonalang teng mo mokwalong wa Sehebera sa kwa tshimologong sa Bibela. New World Translation gape e ile ya busetsa leina la bomodimo mo lefelong la lone le le tshwanetseng mo mokwalong o mogolo wa Dikwalo tsa Segerika tsa Bokeresete, mo go tweng ke Testamente e Ntsha—ee, makgetlo a le 237. Eno ke tiro ya ditsala tsa ga Jehofa.
18. Ka kutlwisiso ya Isaia 62:2, ke kgato efe e batho ba Modimo ba neng ba e tsaya ka 1931, mme ke boikarabelo bofe jo bo ileng jwa diragadiwa?
18 Se se kgatlhisang thata go ditsala tsa ga Jehofa ke mafoko a ga Isaia 62:2. Temana eno, e e lebisitseng go phuthego e e bonalang ya barutwa ba ba ineetseng ba Modimo, ba ba kolobeditsweng, ba ba itshenketsweng ka moya ba ga Mesia, e balega ka gore: “Me merahe e tla bōna tshiamō ea gago [wena mosadi], le dikgosi cotlhe kgalalèlō ea gago, me u tla rètwa ka leina ye lesha, ye molomo oa ga Yehofa o tla le gu raeañ.” “Leina” leo le lebisa go boemo jo bo segofaditsweng jo barutwa bano ba ba tloditsweng ba motlha wa segompieno ba ileng ba phuthelwa go jone. Gape, e le gore ba tle ba nne ‘batho ba leina la Modimo,’ masalela a maloko a phuthego ya gagwe e e bonalang a tshwanetse ka tshwanelo a bitswa ka leina ja gagwe, ba sikare leina leo. Ntlha eno e ne ya lemogiwa ka nako e e leng yone. Ka jalo, ka kutlwisiso ya ga Isaia 62:2, phuthego e e itshenketsweng ka moya ya Modimo, e e neng ya phuthegela kwa kopanong kwa Columbus, mo Ohio, ka 1931, ka boipelo e ne ya tsaya leina “basupi ba ga Jehofa.” Ka go latela sekao seo, diphuthego tsotlhe tsa batho ba ba ineetseng ba ga Jehofa di ne tsa tsaya leina leo. Mme leina leo le ile la ngaparela go sa kgathalesege dipolelo tsa selefatshe tse di fapaaneng le lone. Mo go Tshenolō 3:14 Jesu Keresete yo o galaleditsweng o bidiwa “moshupi eo o boikanō le boamarure.” Ka mo go tshwanelang he, go tswa ngwageng eo e e sa lebalesegeng ya 1931 go ya pele, diphuthego tsa barutwa ba gagwe mo lefatsheng ka tlamelo ba ile ba tshegetsa leina leo. Fa e sale go tloga foo, ba ile ba gakalela go diragatsa boikarabelo jwa bone go tshelela leina leo le go le itsise. Ka ntlha ya gone moo, leina la ga Jehofa—leina le le boitshegang la Tsala ya bone e e molemo-lemo—le ile la tlisiwa kwa pele pele mo lefatsheng lotlhe. Mme Jehofa o ile a neela bosupi jo bo tlhomologileng jwa gore botsala jwa gagwe malebana le basupi ba gagwe bo ile jwa nnela ruri nako kgolo ke eno.
19. (a) Ke goreng basupi ba ba ineetseng ba ga Jehofa ba sa boife lefatshe leno le le letlhoo, mme baboloka bothokgami ba tla lefiwa ka tshiamelo efe ka Hara-Magedona? (b) Malebogo le pako tsa rona tsotlhe di tshwanetse go ya go Jehofa ka ntlha ya eng?
19 Ereka Jehofa Modimo e le wa rona jaaka basupi ba gagwe ba ba ineetseng, ke mang yo tota a ka nnang kgatlhanong le rona mme a atlega? (Baroma 8:31-34) Ka jalo ga re boife lefatshe leno le le bobaba ebile le le letlhoo. Ka jalo, re tswelela jaaka baemedi kana barongwa ba Bogosi jwa Bomesia, re biletsa batho ba seka-dinku go tla go letlanngwa le Jehofa Modimo ka Moperesiti yo Mogolo wa gagwe wa segosi, ebong Jesu Keresete. (2 Bakorintha 5:20) Lemororo ka lebaka leno letlhoo la lefatshe le tswelela go kokoanela kgatlhanong le masalela a a tloditsweng le balekane ba bone, ba “boidiidi yo bogolo,” botsala jo bo molemo-lemo mo lobopong lotlhe, joo jwa ga Jehofa Modimo, ka boikanyegi bo tswelela go nnela ruri. (Tshenolō 7:9) Le ka motlha ga bo ketla bo kgaolwa malebana le baboloka bothokgami tebang le ene. Tota, gautshwane, go ise go ke go nne jalo le eleng pele, botsala joo bo tla supiwa ka ntwa ya dintwa tsotlhe, “kwa ntweñ ea letsatsi ye legolo ya Modimo, Mothataeotlhe,” ka Hara-Magedona. (Tshenolō 16:14, 16) Koo, a lebagane sefatlhego le sefatlhego le Satane Diabolo le lesomosomo la badimona ba gagwe le phuthego yotlhe ya gagwe ya selefatshe e e bonalang, Jehofa o tla tlotlomatsa bolaodi jwa Gagwe jwa lobopo ka phenyo e kgolo fela thata-thata ya Gagwe e e kileng ya nna gone mo dipakeng tsotlhe. Le rona, bao botsala jo bo molemo-lemo jwa ga Jehofa bo lebileng go rona bo tla bo bo ile jwa itshoka go fitlhelela nakong eo, ka nako eo re tla dibeIwa ka kamogelo mme le ka tlotlo ya go nna balebeledi ba phenyo ya gagwe e e gaisang kgakala thata ka Kgosi e e fenyang, ebong Jesu Keresete. (Pesalema 110:1, 2; Isaia 66:23, 24) Malebogo otlhe a pelo tsa rona le pako a ya go Jehofa Modimo ka botsala jwa gagwe jo bo nnelang ruri.—Pesalema 136:1-26.
O Ne O Tla Araba Jang?
◻ Jesu o ne a tlhotlheletsa barutwa ba gagwe go dira ditsala le bomang, mme ke mo “maagoñ” afe ao ka gone ba tla tsenngwang go one?
◻ Lefatshe leno le na le boikutlo bofe malebana le Basupi ba ga Jehofa, mme ke botsala bofe jo ba tswelelang go bo ipelela?
◻ ‘Batho ba leina ja Modimo’ ba ile ba diragatsa boikarabelo bofe malebana le leinalagagwe?
◻ Ke goreng basupi ba ba ineetseng ba ga Jehofa ba sa boife lefatshe leno le le letlhoo?
[Setshwantsho mo go tsebe 15]
Sakaio o ne a tsenngwa mo botsaleng jo bo molemo-lemo mo lobopong lotlhe. A seo e ile ya nna boitemogelo jwa gago?
[Setshwantsho mo go tsebe 18]
Ka go bo ba ipelela gore Modimo e nne Tsala ya bone e e molemo-lemo, ka 1931 Basupi ba ga Jehofa ba ile ba tlhomama go itsiwe ka leina ja gagwe je le sa gaisegeng