Botshelo le Bodihedi tsa ga Jesu
O Ne A Tlotlwa Pele Ga A Tsalwa
MOENGELE Gabariele o sa tswa go fetsa go bolelela kgarebana Maria gore o ne a tla tsala ngwana wa mosimane yo a tla nnang kgosi ya bosakhutleng. Mme Maria o a botsa, ‘Seno se ka kgonega jang, ereka ke ise ke tlhakanele dikobo le monna?’
‘Moya o o boitshepo wa Modimo o tla go tshutifalela,’ Gabariele a tlhalosa, ‘mme ke gone ka moo mosimane o tla bidiwang Morwa Modimo.’ Go thusa Maria, Gabariele a tswelela: ‘Elesabethe wa losika lwa gaeno, yo o tsofetseng, yo batho ba neng ba re o ka se nne le bana o setse a ithwele dikgwedi tse thataro jaanong.’ Maria a dumela Gabariele, mme a re: ‘A go nne fela jaaka o mpoleletse.’
Ka bofefo moragonyana Gabariele a tsamaya, Maria a ipaakanya mme a etela Elesabethe yo o nnang le monna wa gagwe Sakarie mo nageng e e dithaba ya Judea. Go tswa motseng wa Nasaretha, mosepele ono ke o moleele wa gongwe malatsi a mararo kgotsa a mane.
Fa Maria labofelo a goroga kwa ntlong ya ga Sakarie, o a tsena a bo a dumedisa. Ka nako eo fela Elesabethe o tlala ka moya o o boitshepo, mme a re go Maria; ‘O sego mo basading, mme a go bakwe ngwana yo o tla mo tsholang. A bo e le tshiamelo gore mmaagwe Morena wa me a tle mo go nna! Ka gobo, bonang! fela fa ke sena go utlwa tumediso, ya gago losea lo lo mo sebopelong sa me lo ne lwa tlola ka boitumelo jo bogolo.’
Ka a itumetse thata, Maria a re: ‘Go tloga gompieno batho ba tla mpitsa mosegofadiwa ka ntlha ya dilo tse dikgolo tse Modimo o di ntiretseng.’ Maria a nna le Elesabethe ka dikgwedi tse tharo, mme kwa ntle ga pelaelo e nna thuso e kgolo mo dibekeng tseno tsa bofelo tsa boithwalo jwa ga Elesabethe. Eleruri go a itumedisa gore basadi bano ba babedi ba ba ikanyegang ka bobedi ba ba imileng ngwana ka thuso ya Modimo, ba ka bo ba le mmogo mo nakong eno e e segofaditsweng ya matshelo a bone!
A o ile wa elatlhoko tlotlo e e neng ya neelwa Jesu le eleng pele a tsalwa? Elesabethe o ne a mmitsa “Morena wa me,” mme ngwana wa gagwe yo o neng a ise a tswalwe o ne a tlola ka boitumelo fa Maria a ne a bonala. Mo letlhakoreng le lengwe, batho ba bangwe ba ne ba nyatsa Maria le ngwana wa gagwe yo a neng a santse a tla tsalwa, jaaka re tla bona morago-nyana. Lefa go ntse jalo, mo setlhogong sa rona se se latelang re tla ithuta ka ngwana wa ga Elesabethe ebong, Johane. Luke 1:26-56.
◆ Gabariele o ne a raya Maria a reng gore a tle a tlhaloganye kafa a tla ithwalang ka gone?
◆ Jesu o ne a tlotlwa jang pele ga fa a tsalwa?
◆ Maria o ne a nna le Elesabethe ka lobaka lo lo kae, mme ke goreng go ne go tshwanela gore Marie a nne le Elesabethe mo nakong eno?