LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w85 3/1 ts. 11-16
  • Go Phatsimisa Lesedi mo Lefifing le Lentsho la Lefatshe

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Go Phatsimisa Lesedi mo Lefifing le Lentsho la Lefatshe
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1985
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Lesedi mo Lefifing le Lentsho
  • ‘Go Phatsimela Pele’ Gape
  • “Dikgosi” le “Merahe”
  • ‘Dikgoro tse di Butsweng Thata’
  • Kobamelo ya Boammaaruri e Anama Lefatshe Lotlhe
    2001 Boporofeti Jwa ga Isaia—Lesedi la Batho Botlhe II
  • “Yo Monnye” o Nnile “Sekete”
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2000
  • ‘Yo Mmotlana o Nna Morafe O O Thata’
    Go Falolela mo Lefatsheng je Lesha
  • Jehofa o Ntlafatsa Batho ba Gagwe ka Lesedi
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2002
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1985
w85 3/1 ts. 11-16

Go Phatsimisa Lesedi mo Lefifing le Lentsho la Lefatshe

“Gonne, bōna lehihi le tla bipa lehatshe, le lehihi ye lenchoncho le tla bipa dichaba: me wèna Yehofa o tla go tlhabela, le kgalalèlō ea gagwè e tla bōnala mo go wèna.”​—ISAIA 60:2.

1. Ke karabo efe e e tlhamaletseng e e ka neelwang dipotso tse di tsositsweng fano?

ELERURI eno ke metlha e e galalelang go tshela mo go yone! ‘Metlha e e galalelang?’ mongwe o ka nna a botsa. ‘O ka bolela jalo jang, fa lefatshe lotlhe le roromela mo go se utlwaneng ga sepolotiki, itsholelo, le ga bodumedi, gare ga motlha o montshontsho wa nuklea o o hupeditseng merafe?’ Mme eno ke metlha e e galalelang​—ka ntlha ya mafoko a a molemo ao jaanong a bolelwang mo lefatsheng lotlhe, a a fang batho ba ba tshwerweng ke tlala ya boammaaruri lesedi malebana le bokao jwa metlha ya rona le tebelelo e e itumedisang ya metlha e e bileng e galalela segolo-bogolo eo e ka ba fitlhelang ba sa tshedile!

2. (a) Ke mafoko afe a kgothatso ao Jehofa a a neelang mo go Isaia dikgaolo 45 le 60? (b) “Mosadi” wa Modimo ke mang?

2 Motswedi wa tsholofelo ya rona e e gakgamatsang ga se ope fela fa e se Jehofa Morena Modimo, Mmopi yo mogolo wa legodimo le lefatshe. (Isaia 45:12, 18) Ke ene yo o neelang taolo e e begilweng go Isaia kgaolo 60, temana 1: “Coga, [wena mosadi, NW] u phatsimè; gonne lesedi ya gago le hitlhile, le kgalalèlō ea ga Yehofa e gu tlhabetse.” “Mosadi” yono ke mang? Ga se Setshwantsho sa Kgololesego se se senang botshelo; le fa e le gore ke mosadi mongwe mo lefatsheng yo o tlhabanelang Kgololesego ya basadi. Go na le moo, ke phuthego ya selegodimo e e maatla, e e gatelang pele, ya ga Jehofa, molekane wa gagwe wa mothusi go o ineetseng yo o dirilweng ka masomosomo a baengele ba ba ikanyegang le go akareletsa “baitshepi” bao jaanong ba tsositsweng​—bao ba ileng ba itshupa ba ikanyega le eleng go ya losong jaaka Bakeresete ba ba tloditsweng mono mo lefatsheng.​—Tshenolō 11:18; 2:10.

3. Mosadi wa Modimo o ile a (a) “coga” le (b) ‘go phatsimisa lesedi’ jang?

3 “Coga, [wena mosadi, NW],” go laela jalo Jehofa. Ka kutlo, phuthego ya selegodimo ya Modimo e ile ya tsoga mo boopeng jwa makgolo a dingwaga, boemo jo bo swafetseng go ya seemong sa go ungwa maungo. Ka 1914 o ne a tsala Bogosi jwa Bomesia. (Tshenolō 12:1-5) Fa esale 1919 o ile a tsisa masalela a barwa ba ba tloditsweng ba gagwe mo lefatsheng mo ‘nageng,’ kgotsa boemong, jwa tlhogonolofalo e e galalelang ya semoya. (Isaia 66:8) Gape-gape, phuthego ya selegodimo ya Modimo e ne ya ‘phatsimisa lesedi’ mo dipolelelong pele tse di gakgamatsang tsa Bogosi. Barwa ba gagwe ba bantsi ba “rutwa ke Yehofa.”​—Isaia 54:1, 13.

Lesedi mo Lefifing le Lentsho

4. Jehofa o bolela ka phapaano efe magareng ga batho ba Modimo le merafe ya lefatshe?

4 “Lesedi ya gago le hitlhile,” go bolela Jehofa. Eleruri, “kgalalèlō ea ga Yehofa e . . . tlhabetse” godimo ga phuthego ya gagwe ya selegodimo, mme seno se ile sa bontshiwa ka tsela e e gakgamatsang ke batho ba ga Jehofa ba ba tsosolositsweng mo lefatsheng. Lefa go ntse jalo, se se latelang Jehofa o neela tlhaloso e e fapaaneng, ka go re: “Gonne, bōna, lehihi le tla bipa lehatshe, le lehihi ye lenchoncho le tla bipa dichaba.” (Isaia 60:2) A seno ga se tlhalose ka botlalo maemo a kgolokwe fa esale 1914?

5. Ke ka ntlhayang fa bodumedi jwa maaka bo ka lese bone tharabololo ya mathata a motlha wa nuklea.

5 La-Bodumedi segolo-bogolo le ile la gana ‘sesupo sa go nna gone ga ga Jesu le sa bofelo jwa tsamaiso ya dilo’ sa boperofeti. Ka gone, o ile a kgarakgatshega mo lefifing le le kwenneng la semoya. Ditumelo tsa La-Bodumedi di ile tsa itshupa e le karolo ya mmuso wa lefatshe wa bodumedi jwa maaka, Babelona yo Mogolo​—a katogetse kgakala-kgakala le lesedi la boammaaruri (Mathaio 24:3-14; Tshenolō 17:3-6) Bodumedi jwa selefatshe ga bo a ka jwa neela tharabololo epe ya mathata a motlha ono wa nuklea, lefa e le gone go leleka lefifi le lentshontsho le le kwenneng, boitlhobogo jo bo nyemisang moko, jo bo ileng jwa hupetsa setho. Go itsenya ga bodumedi jwa maaka mo dikgannyeng tsa merafe ya sepolotiki kgabagare go tla gogela nyeletsong ya gagwe.​—Tshenolō 17:16, 17.

6, 7. (a) Kgalalelo ya ga Jehofa e ne ya ‘phatsimela pele’ jang ka dinako tsa dingwaga tsa 1919-31? (b) Seno se ne sa fitlhelela tlhora efe ka 1931?

6 Go fapaana le seo, Jehofa o tswelela go bolela jaana ka phuthego ya gagwe ya selegodimo: “Me wèna, Yehofa o tla gu tlhabèla, le kgalalèlō ea gagwè e tla bōnala mo go wèna.” (Isaia 60:2) Kgalalelo eno e bonadiwa go Bakeresete ba ba tloditsweng mono mo lefatsheng, e le gore ba tle ba mpe ‘lesedi la bone le phatsime fa pele ga batho.’ (Mathaio 5:16) Dingwaga tsa 1919 go ya go 1931 e ne e le dingwaga tse di galalelang tsa go phatsima ga lesedi la Bogosi, ka batho ba Modimo ba kgaola gotlhelele dibofo tse di saletseng tsa thuto ya motheo ya Sebabelona, go akanya le dingwao. Ka dingwaga tseo, masalela a mabotlana a Bakeresete ba boammaaruri a ne a simolola go neela karabo e e nonofileng ya potso ya gore “KE MANG YO O TLA TLOTLANG JEHOFA?”​—seno e le setlhogo sa thuto mo tokololong ya The Watch Tower, ya January 1, 1926.

7 Go tswa foo, ka 1931, kgalalelo ya ga Jehofa e ne ya tla go bonwa ka botlalo go “motlhanka” wa gagwe, jaaka ba ne ba amogela leina leo ene ka boene a le ba fileng​—BASUPI BA GA JEHOFA. (Isaia 43:10, 12) Ka nako ya dingwaga tse 12 tse di ungwang, tse di tletseng ka tiro go fitlha ka 1931, baboledi ba Bogosi ba ne ba oketsega go tswa go ba sekaenyana fela go fitlha go dikete tse di masome tsa basupi ba ba tlhagafetseng.

‘Go Phatsimela Pele’ Gape

8, 9. (a) Ka 1931, ke setlhopha sefe se sengwe se The Watch Tower e neng ya lebisa go sone? (b) Go ya ka Dikwalo, bano ba ‘tshwaiwa’ jang?

8 Lefa go ntse jalo, a Jehofa o ne a tla ‘phatsimela pele’ fela mo boemong jwa ba ba tloditsweng ba ‘letsomanyane la baruaboswa ba Bogosi’? (Luke 12:32) Nnya, ka go bo dingwaga tsa 1931 go ya go 1938 di ne tsa itshupa e le paka e e kgatlhisang ya tshedimosetso e nngwe gape, jaaka The Watch Tower e ne ya simolola go lebisa ka phepafalo mo setlhopheng se sengwe. Setlhogo sa thuto mo tokololong ya yone ya September 1, 1931, se ne se re “MONNA YO O TSHOTSENG INKA YA MOKWADI,” seno se ne se ikaegile mo go Esekiele 9:1-11. Morago ga go kgetholola ‘mokwadi’ jaaka masalela a a tloditsweng, The Watch Tower e ne ya dira kakgelo eno:

9 “Taolo eno e neelwa go ‘tshwaya mo diphatleng tsa batho ba ba hegelwang, le ba ba lelang, ka masula otlhe ao a dirwang mo gare’ ga La-Bodumedi. . . . Morena o bolela ka setlhopha sa batho bao a tla ba ‘gololang mo motlheng wa khuduego mme a ba boloke le go ba segofatsa godimo ga lefatshe.’ (Pes. 41:1, 2) Seno e tshwanetse ya bo e le setlhopha sa batho bao gantsinyana ba tlhalosiwang jaaka ‘dimilione tse ga jaanong di tshelang ga di kitla di e swa’.” Gompieno, go kgatlhisa eleruri go bona dimilione tsa bano di tshwaelwa poloko, jaaka ba tswelela go apara botho jo bosha jwa Bokeresete, mo botsalanong jo bo ineetseng go Jehofa ka Keresete Jesu.​—Genesise 22:15-18; Sefania 2:1-3; Baefesia 4:24.

10, 11. (a) Jehu o ne a tshwantshetsa Jesu jang? (b) Kgetholola “Yonadabe” wa motlha wa segompieno.

10 Segolo-bogolo se se tlhokomelesegang e ne e le ditlhogo tsa thuto mo ditokololong tsa The Watchtower ya July 1 go ya go August 1, 1932. Fa di ne di lebisa go Dikgosi tsa Bobedi dikgaolo 9 le 10, tseno di ne tsa supa kafa Kgosi Jehu a neng a tshwantshetsa Modiragatsa-katlholo wa ga Jehofa ka teng, Kgosi Jesu Keresete, yo o emelwang mo lefatsheng ke masalela a a tloditsweng, ao a tlhagisang ka ga tiragatso ya katlholo ya ga Jehofa e e tlang. Mme ke mang yo o neng a tshwantshediwa ke molekane wa ga Jehu, ebong Jehonadabe? The Watchtower e ne ya araba ka go re:

11 “Jehonadabe o ne a emela kana a tshwantshetsa setlhopha seo sa batho bao jaanong ba leng mo lefatsheng ka nako ya go tswelela ga tiro ya ga Jehu bao . . . ba sa nyalaneng le phuthego ya ga Satane, bao ba tsayang kemo ya bone mo letlhakoreng la tshiamo, mme eleng batho bao Morena o tla ba bolokang ka nako ya Hara-magedona, a ba ralatsa bothata joo, mme a ba neela botshelo jo bo sa khutleng mo lefatsheng,” The Watchtower go tswa foo e ne ya bontsha kafa bano e neng e tla nna ‘basegofadiwa ba ga Rre’ mo setshwantshong sa ga Jesu sa ‘dinku le dipodi.’ (Mathaio 25:31-46) E ne ya re: “Bano ba emela setlhopha sa ‘dinku’ seo se ratang batho ba ba tloditsweng ba Modimo, ka gobo ba itse gore batlodiwa ba Morena ba dira tiro ya Morena.”

12. Ke tshenolo efe e e kgatlhang ya boammaaruri jwa Modimo e e neng ya dirwa ka 1935?

12 Marang ano a lesedi la boperofeti a ne a baakanyetsa motheo wa polelo e e sa lebalesegeng ya “The Great Multitude,” e e neng ya neelwa ka May 31, 1935, ke mookamedi wa Watch Tower Society, J. F. Rutherford, kwa kopanong ya Basupi ba ga Jehofa, kwa Washington, D.C. Abo seo e ne e le tshenolo ya boammaaruri jwa bomodimo jang ne! E ne ya neelwa ka nako ya tshupo e e feletseng ya go kgethololwa ga “boidiidi yo bogolo” jwa ga Tshenolō 7:9 le “dinku di sele” tsa Morena tsa ga Yohane 10:16, le setlhopha sa ga Jehonadabe, gammogo le bao ba tshwaetsweng phalolo mo diphatleng, le dimilione tseo ga jaanong di tshelang tse di se kitlang di swa, le “dinku” tseo di kgaoganngwang le “dipodi” mme di tla rua botshelo jo bo sa khutleng mo bobusing jwa selefatshe jwa Bogosi jwa Modimo. Seno sotlhe se ne sa akarelediwa go The Watchtower, ya August 1 le 15, 1935.

13. Ke kakantsho efe e nngwe gape e e neng ya dirwa ka 1938?

13 Mo dingwageng tse di latelang morago ga moo, phuthego ya ga Jehofa e ne ya tswelela go neela tlhokomelo e kgolo go “boidiidi yo bogolo” le tsholofelo ya bone e e kgatlhisang ya go falolela mo Paradaiseng e e tsosolositsweng mo lefatsheng. Ka September 9-11, 1938, Basupi ba ga Jehofa ba ne ba kopana mo kopanong kwa Lontone, mo Engelane, dipolelo tse pedi di ne tsa fetisediwa ka kgokaganyo e e tlhamaletseng ya mogala kwa dikopanong tse dingwe go dikologa lefatshe. Mo motheong wa ditaolo tsa pele tse di neng di neilwe batho, nngwe ya dipolelo tseno, ka setlhogo “Tlatsang Lefatshe,” e ne e akantsha gore “Bajonadabe” ba ba falolang pitlagano e kgolo ba ka nna, ka lobaka lo lo rileng ba nyala le go tshola bana mo Thulaganyong e Ntšha morago ga Hara-Magedona.​—Genesise 1:28; 9:1, 7; bona The Watchtower, October 15 le November 1, 1938.

14. Jehofa o ne a tlhogonolofatsa batho ba gagwe jang mo dingwageng tseo?

14 Ka dingwaga tseo, Morena Jesu Keresete o ne a tswelela go phutha le go romela badiri ba ba oketsegileng. Ka gone baboledi mo tshimong ba ne ba gola go ya mo e ka nnang 50 000 ka 1938.​—Mathaio 9:37, 38.

“Dikgosi” le “Merahe”

15, 16. “Dikgosi” di ne tsa tlhakanela jang mo tiragatsong ya Isaia 60:3-10 (a) mo metlheng ya bogologolo, le (b) mo metlheng ya segompieno? (c) “Baeñ” ba direla jang le “dikgosi” jaanong?

15 Tiro eno ya go phutha e tlhalosiwa ka botswerere mo go Isaia kgaolo 60, temana 3 go ya go 10. Koo Jehofa o bua ka “dikgosi” tseo di tla bonalang malebana le go ‘phatsimela pele’ ga Siona le tseo di direlang phuthego eo ya mosadi. Fa batho ba Modimo ba metlha ya bogologolo ba ne ba boa go tswa botshwarweng jwa Sebabelona, Kgosi Dario wa Bameda le Kgosi Kurose wa Peresia ba ne ba etelela pele mo go direng paakanyetso ya go tsosolosiwa ga kobamelo ya ga Jehofa kwa Jerusalema. (Daniele 5:30, 31; 9:1; Esere 1:1-3) Mo go seno, ba tshwantshetsa ka botlalo Kgosi ya Mothatayotlhe, ebong Jehofa, le Kgosi ya mopati wa gagwe, ebong Jesu, bao ba ileng ba kaela tsosoloso ya kobamelo ya boammaaruri mo bathong ba ga Jehofa ba segompieno. (Tshenolō 11:15, 17) Mo godimo ga moo, masalela a a tloditsweng a baobamedi ba boammaaruri​—bao ba tla nnang “dikgosi,” “baruaboswa mmōgō le Keresete”—​ba ile ba etelela mo tirong ya motlha wa segompieno ya bosupi. Ba ba direlang le bone ke “baeñ”​—bao eseng ba Iseraela ba semoya, mme e le bao ba tla nnang babusiwa ba selefatshe ba Bogosi le go tlhakanela le eleng jaanong mo tirong ya bolegodimo ya go aga lefatshe ka bophara.​—Baroma 8:17; bapisa Isaia 61:5, 6.

16 Jehofa ka boene o re laletsa ka go re: “Choletsa matlhō a gago u lebè!” Baruaboswa ba Bogosi ba ba phuthilweng jaanong ba kopanela le “boidiidi yo bogolo . . . e le ba morahe moñwe le moñwe”! (Tshenolō 7:9; Sekaria 8:23; Isaia 2:2, 3) ‘Ba itsise dipako tsa ga Jehofa,’ mo bodiheding jo bo tlhagafetseng. Gape ba intshetsa ditiro tse di jaaka tsa kago ya Diholo tsa Bogosi tsa kobamelo setlhabelo​—dingwe tsa tsone di agiwa mo malatsing a mabedi fela. Ba ‘direla’ mo tshegetsong ya peloyotlhe ya katoloso ya kgolokwe ya dikgatlhego tsa Bogosi.​—Isaia 60:4-7.

17, 18. (a) Ka mo go itumedisang, ke ‘phofo’ efe e e kgatlhisang eo jaanong e diragalang? (b) Tiragalo ya paka nngwe mo Palesetina e tshwantshetsa ‘phofo’ eno jang ka botlalo?

17 Go tswa foo Jehofa o botsa potso eno e e tshwanelang: “Ke bomañ ba, ba ba hohañ yaka leru, le yaka maeba a ea marobeñ a aōna?” Ba ntlha go tla mo phuthegong ya ga Jehofa ke “bomorwa ba cwa kgakala,” ba ikgaoganya gotlhelele le tumelo yotlhe ya Sebabelona. Batlodiwa bano ba tlisa dilo tse di galalelang, ba neela bojotlhe jwa bone ‘leina la ga Jehofa,’ Modimo wa bone. Jaaka “Moitshepi oa Iseraela,” o ile a tsenya leina la gagwe mo go bone mme a ba ntlafatsa ka tshiamelo ya go mo direla jaaka basupi ba gagwe. Ba etelela pele mo go tlotlomatseng leina la Morena Modimo wa bone, ebong Jehofa, jaaka le le kgatlhang bogolo, le le maatla segolo-bogolo, leina le le galalelang go a feta otlhe mo lobopong lotlhe.​—Isaia 60:8, 9.

18 Ka mo go itumedisang, masalela a a tloditsweng ga a ise a nne nosi mo go seno. Go ka bo go ile ga nna bokete eleruri fa e ne e le gore go ne go le jalo! Setlhopha seno se se ntseng se tsofalela pele se ntse se ngotlafala, jaaka ka bongwe ka bongwe ba fetsa botshelo jwa bone jwa selefatshe ka bothokgami. Go setse jaanong ba ba ka nnang 9 000. Mme ba bangwe, ba ba fitlhang go dimilione, ba gorometsega jaaka maeba go ya “marobeñ” a one, kana mo “dirobing,” a bona botshabelo mo phuthegong ya Modimo. (NW; The New English Bible) Ba tshwana le bontsintsi jwa maeba a a bonwang mo Palasetina ka dipaka tse di rileng​—a fofa jaaka maru, a le mantsi mo tota a ntshofatsang loapi.

‘Dikgoro tse di Butsweng Thata’

19. Ke ka ntlhayang fa “dikgōrō” tsa phuthego ya ga Jehofa di nna di butswe, mme ke karabelo efe eo “dikgosi” le “baen ba e dirang?

19 Ka kutlwelo botlhoko, Jehofa o butse thata dikgoro tsa phuthego ya gagwe, eo jaanong a buang le yone ka mantswe ano: “Dikgōrō tsa gago le cōna di tla nna di bulegile ka galè ka galè; ga di ketla di cwalwa motshegare le bosigo: gore batho ba tlisè mo go wèna mahumō a merahe.” Go ntse fela jalo jaanong jaaka “boidiidi yo bogolo” jwa ba ba ratang kagiso bo oketsega ka metlha ka palo. Ka boitumelo, “baeñ” bano ba ntsha mahumo a bone a nako, maikatlapelo le dithoto mo ‘tirelong e e boitshepo motshegare le bosigo.’ Ba ikatameletsa ka bobone “kgōrō e kgolo gōna, le e go nañ le tihō mo go eōna” le go tlhakanela le ba ba tla nnang dikgosi mo go tliseng pako e ntlentle mo leineng la ga Jehofa.​—Isaia 60:10, 11; Tshenolō 7:4, 9, 15; 1 Bakorintha 16:9.

20. (a) Ke mang yo o tla ‘senyediwang ruri’? (b) Ke pharoganyo efe e e kgatlhisang e re e bonang fano?

20 Go tswa foo, Jehofa o bua le phuthego ya gagwe, ka go re: “Gonne morahe o o tla ganañ go gu dihèla, le bogosi, ba tla nyèlèla; E, merahe euō, e tla senyediwa rure.” Merafe yotlhe ya selefatshe e e boikgodiso le baganetsi ba gagwe ba tla kokobediwa kwa Hara-Magedona. Mo phapaanong, Jehofa o ntlafatsa motlaagana wa gagwe wa kobamelo. O ‘galaletsa lefelo la tota la dinao tsa gagwe,’ megope ya selefatshe ya tempele ya kobamelo ya gagwe ya semoya e kgolo, jaaka a phuthela koo dipalo tse di golang ka metlha tsa boidiidi jo bogolo. Ka moperofeti yo mongwe gape, Jehofa o ne a bolela gore: “Me ke tla reketlisa merahe eotlhe, me dilō tse di elètsègañ tsa merahe eotlhe di tla tla, me ke tla tlatsa ntlo e ka kgalalèlō.” (Hagai 2:7) Mme babogisi, batenegi, le baganetsi ba bangwe ba ba senang tlotlo ba tla patelesega go ‘ikokobetsa’​—ba hutsafaletse go itse gore Basupi ba ga Jehofa eleruri ba emela phuthego ya Modimo—​“Motse oa ga Yehofa, Sione oa Moitshepi oa Iseraela.”​—Isaia 60:12-14.

21, 22. (a) Ke tlhomamisetso efe e Jehofa a e neelang fano? (b) Ka tshwantshetso, batho ba gagwe ba ‘anya mashi a merafe’ jang? (c) Ke setlhogo sefe se sengwe seo se re emetseng?

21 Jehofa ga a kitla le ka motlha a latlha mosadi wa gagwe wa mothusi go sa kgathalesege gore baganetsi ba ka sotla ‘bomorwa le bomorwadie’ mono mo lefatsheng go le kae. Go na le moo, o bolelela phuthego ya gagwe e e ikanyegang go re: “Ke tla gu diha go nna boitlotlomaco yo bo sa khutlheñ, boitumèlō yoa ditshika di le dintsi. Le gōna u tla anya mashi a merahe.” Baemedi ba selefatshe ba phuthego ya Modimo ka gone ba dirisa dikhumo tsotlhe tse di gone mo go atoloseng kobamelo ya boammaaruri Ba dirisa ka botlalo didirisiwa tsa segompieno tsa tlhaeletsano, tsa mesepele, le go gatisa gore mafoko a a molemo a rerwe. Tlhokomelo ya ga Jehofa le kaelo di ile tsa nna le Basupi ba ga Jehofa mo tirong eno. Bano, le bone, mo go direleng mo boemong jwa phuthego ya selegodimo ya ga Jehofa, ba ipela mo tiragatsong ya tsholofetso ya gagwe: “Me u tla itse ha Nna Yehofa ke le Mmoloki oa gago, le Morekolodi oa gago, Mothata oa ga Yakoba.”​—Isaia 60:15, 16.

22 Ke kgothatso efe e nngwe gape e Jehofa a e re neelang mo go Isaia 60:17-22? Seo e tla nna setlhogo se se kgatlhisang sa thuto ya rona e e latelang.

Dipotso Ka Bokhutshwane

◻ Go bonale go na le pharologanyo efe magareng ga lesedi le lefifi gompieno?

◻ Ke go ‘phatsimela pele’ gofe mo go tsweletseng mo go neng go le teng ka 1919-38?

◻ Isaia 60:8 e diragadiwa jang mo metlheng ya segompieno?

◻ “Dikgosi” le “baeñ” ba tsena jang mo ‘dikgorong tse di butsweng gale’?

[Lebokoso mo go tsebe 12]

“Dibetsa tsa tshenyo e e tsitsibanyang di kokoanngwa ka lobelo lo lo oketsegang. . . . Kgaisano ya dibetsa gompieno e atologela le eleng mo mawatleng a lefatshe le mo loaping. Tota go jesa kgakge gore e re mo lobakeng lono lo itsholelo e ileng tlase le go fifala, kokoanngo ya dibetsa e bo e le nngwe ya madirelo a sekae a a golang.”​—Mokwaledi-Mogolo wa UN, Rre Javier Perez de Cuellar

“Letsatsi lengwe kwa gae kafa tlase ga lebati, go ne go na le molaetsa o o tlwaelegileng o mongwe gape ka sebopego sa pampitshana ya sedumedi. ‘A re atamela Hara-Magedona?’ go ne ga balega jalo mafoko a a kwadilweng fa godimo ga setshwantsho sa loapi lo lo fologeleng tlase le legadima le legoio ie le tsokotsegang le go ratha mo go rona. Go ne go na ie nako eo molaetsa wa mofuta o o ntseng jalo o neng o ka bolaisa batho ditshego fela. Ka tshoganyetso, ga o sa tlhole o lebega o tshegisa.”​—Haynes Johnson, The Washington Post

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela