LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w85 2/1 ts. 25
  • Go Apara Botho jo Bosha

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Go Apara Botho jo Bosha
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1985
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • “Lehoko ya Modimo le Tshedile”
    Bibela—A Ke Lefoko la Modimo Kana Ke la Batho?
  • ‘Lefoko la Modimo le Tshedile le Bile le Naya Maatla’
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1990
  • Dipotso Tse Di Tswang go Babadi
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1992
  • Re ka Kgona go ‘Apola Botho jo Bogologolo’
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2022
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1985
w85 2/1 ts. 25

Pego ya Baboledi ba Bogosi

Go Apara Botho jo Bosha

BIBELA e a laela: “[Apolang] motho oa bogologolo le ditihō tsa gagwè, Me lo apare motho eo mosha, eo o nntseñ a shahalediwa mo kicoñ kaha sechwanoñ sa eo o mo tlhodileñ.” (Bakolosa 3:9, 10) Bontsi jwa bao eleng Basupi ba ga Jehofa gompieno pele ba ne ba le Karolo ya lefatshe la ga Satane le le sa ikanyegeng. Ka go amogela kitso e e tsepameng ya se Modimo a se batlang mo Bakereseteng, ba ne ba fetoga, ba ikapesa botho jo bosha. Maitemogelo a bontsha ka moo diphetogo tse di ntseng jalo di ka dirwang ka gone.

◻ Legodu la Ieepa ntlo le le tlhobosegileng mo Spain le ne la simolola go ithuta Bibela le Basupi ba ga Jehofa. Legae la gagwe le ne le tletse ka dithoto tsa bogodu. Fa a ne a tswelela ka go tokafala mo kitsong e e tsepameng ya melao-metheo ya Bibela, segakolodi sa gagwe se ne sa simolola go mo tshwenya mme o ne a dira phetso ya go busetsa dilo tse a neng a di utswile go beng ba tsone.

O ne a atamela mohiri wa gagwe wa pele le go bolela gore o mo utswetse matšhine o mosha o o tlhatswang. Monna yono, ka go kgatlhiwa thata ke mabaka a boikutlo jwa gagwe jo bo fetogiIeng, a mo letlelela go duela tlhotlhwa ya matšhine o o tlhatswang, e e neng e le [R480,00], mme a re ga a kitla a loma mapodisi tsebe.

O ne gape a etela ratoropo le go ipolela gore o thubile dikgatlhakgoba tse pedi tse di turu tsa dipone mo toropong, mme a re o batla go di duela. Ka go bona gore monna yono o apere ‘motho yo mosha’ ka ntlha ya thuto ya Bibela, ratoropo o ne a mo itshwarela mme a seka a amogela tuelo epe.

Monna yono gape o ne a etela ba bangwe mo tikologong ya gagwe, a busa dilo tsa bogodu, mme botlhe ba supa kgakgamalo mo phetogong ya gagwe e kgolo ya boikutlo ka ntlha ya go dirisa melao-metheo ya Bibela.

Mme beng ba dilo tse dintsi tse a neng a santse a di tshotse o ne a sa ba itse. Ka jalo morago ga gore a rapele Jehofa, o ne a ya kwa ntlo kgolo ya mapodisi mme a supa diradio tsa ditshameka dikhasete tse dikgolo di le thataro, tse a neng a di ntsha mo dikoloing tse di neng di phakilwe. Mapodisi a ne a gakgamala ka a ne a na le rekoto e e molemo le bone. Ba ne ba mo duedisa katlholo mme a nna nako e khutshwane mo kgolegelong.

Jaanong o na le segakolodi se se phepa fa pele ga ga Jehofa. Mo tumalanong le Baefesia 4:28 “Eo o ucwileñ a a se tlhole a ucwa” le ka go lemoga gore magodu ga a kitla a “rua bogosi yoa Modimo,” o khutletse go utswa mme o apere ‘motho yo mosha.’​—1 Bakorintha 6:9, 10.

◻ Boikanyegi jwa bao ba nang le botho jwa Bokeresete gantsi bo lemogiwa ke batho ba ba ka kwa ntle, jaaka go bontshiwa ke boitemogelo mo Italy. Kotsi e e maswe e ne ya bonwa ke mongwe wa Basupi ba ga Jehofa. O ne a atamela nngwe ya dikoloi tse di neng di diragaletswe ke kotsi go bona gore a o ne a ka seke a thuse, mme ka go lemoga monna yo o neng a gobetse thata le go dutla madi, o ne a bua le ene ka go e tla a umaka leina la ga Jehofa. Monna o ne a tsosa tlhogo ya gagwe le go mmotsa gore a e ne e le mongwe wa Basupi ba ga Jehofa, mme a mo araba ka gore ee. Ke fa a re: “Mma, ke ikutlwa ke le bokoa thata. Ke na le kgetsi mo koloing e e tshotseng dimilione di le dintsi tsa madi [tsa lira]. Tsweetswee a tseele kwa lapeng la gago. Ke itse gore a tla bo a babalesegile Kwantle ga moo madi ano otlhe a tla nyelela. Fa ke le botoka o ka busetsa madi kwa go nna!” Mosupi o ne a tsaya madi mme a a busetsa kwa go ene fa a sena go nna botoka. O ne a leboga thata.

Jehofa o segofatsa bao ba ‘apolang motho wa bogologolo’ mme ba ‘apara motho yo mosha.’​—Baefesia 4:22-24.

“Eo o ucwileñ a a se tlhole a ucwa: me bogolo a a dihè, a dihè se se molemō ka diatla tsa gagwè, gore a tlè a dihanè le se o ka se naeañ eo o tlhōkañ.”​—Baefesia 4:28.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela