Tikologo e e sa Ungweng ya Bana
KA IKETLO mokgatlho wa segompieno wa batho o fetotse tikologo ya kgolo e e itekanetseng ya ngwana go tswa go e e ungwang go ya go e e sa ungweng, go rialo Moporofesa Edward A. Wynne, wa Unibesiti ya Illinois. O tshwaya go ikgatlhegela le khumo tse di feteletseng le go palelwa ga bodumedi phoso. “Goa utlwala go bo batsadi bangwe ba na le boikutlo jwa go lwa,” go rialo Moporofesa Wynne go The Wall Street Journal. “Bangwe ba a itlhoboga mme banyalani ba ba nang le bokgoni ba rulaganyetsa go busetsa morago kana le eleng go tila go godisa bana.” O gakolola ka dilo tse di ka dirwang, tse di jaaka fa banyalani ba dira tshwetso e e masisi ya go godisa bana ka tshwanelo, tse di ka akareletsang le go kopanela le bodumedi jo bo kgothaletsang kutlwano ya lelapa le go lebelela maloko a jone go tsaya karolo, go kopanya lorato le kotlhao, le go ntsha mekgele e e tlotlegang setlhabelo
Bibela e otleletse tlhokafalo eno makgolo a dingwaga a a fetileng E gakolola batsadi jaana: “Lo ba godisetse [bana] mo koatlhaoñ le mo toañ ea Morena.” (Baefesia 6:4) Lefoko la Modimo le tswelela ka go laela jaana: “Phutha batho, banna le basadi, le banyana, . . . gore ba utlwe, le gore ba ithutè.” (Duteronomi 31:12) Go dirwa go go tlhomameng ga melao-metheo eno go tla thusa malapa ka mo go tlhomamisegileng go lwantshana le go gogiwa ke mokgatlho wa batho wa segompieno.