LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w84 10/15 ts. 26-32
  • Senkang Boipelo jo bo Lekalekanang kwa Medirong ya Manyalo

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Senkang Boipelo jo bo Lekalekanang kwa Medirong ya Manyalo
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1984
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Tekatekano E A Tlhokafala
  • Kaelo E Tswa Go Mang?
  • Ke Bomang Ba Ba Tla Nnang Teng?
  • Thusa Botlhe Go Bona Boipelo
  • Manyalo a a Itumedisang a a Tlotlang Jehofa
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2000
  • Supa Tumelo ya Gago ka Tsela e o Tshelang ka Yone
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2006
  • O ka Bontsha Jang Gore o Tlotla Jehofa ka Letsatsi la Gago la Lenyalo?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa (Makasine o o Ithutiwang)—2025
  • Manyalo a a Tlotlang Jehofa
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1997
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1984
w84 10/15 ts. 26-32

Senkang Boipelo jo bo Lekalekanang kwa Medirong ya Manyalo

1, 2. (a) Ke ka ntlhayang fa re tshwanetse go tlhokomela mekete ya manyalo gompieno? (b) Mekete e botlhokwa go le kana-kang?

O KA TSWA o ile wa bona tshupo e e lekaneng ya boperofeti bo nna boamaaruri gore “mo metlheñ ea bohèlō” batho ba tla nna “barati ba dikgatlhègō, bogolo go go nna barati ba Modimo.” (2 Timotheo 3:1-4) Bosupi jwa seno bo ka bonala motlhofo ka tsela eo ba bantsi ba lebang mediro ya manyalo kana mekete le tsela eo ba itshwarang ka teng kwa go yone.a Pono ya rona e tshwanetse ya nna efe kaga tseno? A Bakeresete ba tshwanetse go tila go tshwara kana go ya medirong ya manyalo? A ke ka go bo re le “barati ba Modimo” re tshwanetseng go tila mamena mangwe a a rileng?

2 Lefa go ka tswa go tlwaelegile jang mo lefelong leo go tshwara moletlo fela fa morago ga lenyalo la banyalani, Bakeresete eleruri ga ba kafa tlase ga tlamego epe ya Dikwalo go dira jalo. Mo boemong jwa seo banyalani bangwe ba ikgethela go phuthega le bamalapa a bone fela kana ditsala di se kae fela tse di ntshanang se inong le bone, ka gongwe ba ipelela dijo ba le bosi fela koo le bone. Mme go nna teng kana go ya kwa modirong wa lenyalo, ka bogone fela go ka se nyalanngwe le go nna “barati ba dikgatlhègō,” ka go bo Jesu le barutwa ba gagwe ba ile ba nna gone kwa moletlong o o ntseng jalo kwa Kana.

3. Mediro ya manyalo e ne e tlwaelegile go le kana-kang mo metlheng ya Bibela?

3 Lenyalo ke nako ya go ipela ga banyalani ba basha, le ba-masika a bone le ditsala. Mediro e e ipedisang ya manyalo e sa le e itsewe bogologolo. (Genesise 29:21, 22; Baatlhodi 14:3, 10, 17) Ka ntlha ya go bo Bajuda ba ne ba tlwaelane le mediro e e ntseng jalo ya manyalo, Jesu o ne a ka e dirisa mo ditshwantshong tse tharo. (Mathaio 22:2-14; 25:1-13; Luke 14:7-11) Le e leng buka ya bofelo ya Bibela e re: “Go segō ba ba lalelediwañ selalèlō sa nyalō ea Kwana.”—Tshenolō 19:9.

4. Mediro ya manyalo e mentsi e ne e ntse jang?

4 Batlhanka ba Modimo mo nakong e e fetileng—go akareletsa le Jesu le barutwa ba gagwe—ba ne ba bona boipelo jo bo lekalekanang kwa medirong ya manyalo. Dikete-kete tsa Bakeresete mo motlheng wa rona le tsone di ile tsa ipela. Mongwe wa losika yo o sa dumeleng yo o neng a nna gone mo modirong mongwe wa mo Afrika Borwa o rile: “Ke ne ke ntse ke sa itse gore Basupi ba na le manyalo a a monate jaana. Re lapisitswe ke go nwa le mmino o o kwa godimo o o tlwaelegileng mo malatsing a gompieno mo manyalong.” Mediro e mentsi-ntsi ya Bakeresete e ka tshwanela go akgolwa go go tshwanang.

5. Ke mathata a mofuta ofe ao a ileng a nna teng?

5 Lefa go ntse jalo, kgatelelo e e tswang mo lefatsheng ya go batla go nna “barati ba dikgatlhègō” e maatla. Ka gone bagolwane bangwe ba Bakeresete ba ne ba bega ka gore:

“Ba bantsi ba dirisetsa [modiro wa lenyalo] go gololesega. Ba akanya gore ga gona dipaka tse dintsi tse di ntseng jalo, ka jalo ba tla batla gore ba di dirise ka botlalo, gore ba tle ba kgotsofatse dikeletso tsa bone tse di ntseng di fitlhegile ka nako e e rileng. Ga go gakgamatse gore boemo ke jo bo feretlhang.”—Yuropa.

“Go bonala gore moletlo wa lenyalo o na le puo, go ja go se kae mme go tswa foo go bo go binwa go fitlhelela ka makuku a naka tsa kgomo. Bangwe ba ikutlwa gore ba ka nwa go feta le e leng pele fa ba le kwa meketeng, mme gantsi ba nwa le e leng go feta.”—Latin America.

“Modiro o ka akareletsa ‘go bina go fitlhelela masa a sa.’ Mengwe ya mediro eno eleruri ke ya selefatshe—ke ya khuduego, go nowa bobe gammogo le mmino wa selefatshe. Ba bantsi ba gakaletse go ipelafatsa ka moaparo o o tlhotlhwa kgolo le dithini di le dintsi tsa bojaIwa.”—Afrika.

Tekatekano E A Tlhokafala

6. Re ka ithutang ka mediro ya Sejuda ka kakgelo e e neng ya dirwa kwa Kana?

6 Batho ba bantsi ba itse gore kwa modirong wa lenyalo kwa Kana, Jesu o ne a fetola metsi bojalwa. Lefa go le jalo, gakologelwa ntlha eno: “Me ea re molebalebi oa modihō a leka metse mo ganoñ, a yana a hetogileñ boyalwa yoa mofine, . . . molebalebi oa modihō a bitsa monyadi, A mo raea, a re, Batho botlhe ba tle ba bèe boyalwa yo bo monate pele; me e re batho ba sena go nwa thata, hoñ ba bèe yo bo señ monate.” (Yohane 2:9, 10) Gaa ka a re balalediwa ba ne ba “nwa thata” ka modiro ono.b Tota, ga go gopolesege gore Jesu o ne a ka dumelela botagwa mme a bo okeletsa gape ka go dira bojalwa jo bo oketsegileng. Gapegape, monna yono o ne a itse gore go nwa bobe go ne go tlwaelegile mo medirong ya lenyalo ya Sejuda.

7. Mokeresete o tshwanetse a akanyetsang fa go na le dino tse di tagang?

7 Kwa medirong mengwe beng ba yone ga baa ka ba dira gore go nowe bojalwa ka go bo go itlhapedisa bobe go ne go tlwaelegile mo kgaolong eo, ba dirile jalo gore ba tile go raela molalediwa ope yo o neng a na le bothata jwa go nwa. Bakaulengwe bangwe ba Ma-Afrika ba ile ba tlhalosa le e leng gore fa go sena bojalwa “lenyalo e nna le le itshekileng la Bokeresete.” Mme gone go boammaaruri gore go sa nne le dino tsa tagi go ka nna botlhale koo boikutlo jwa lefelo leo bo leng kgatlhanong thata le go nwa bojalwa ga Bakeresete. (Baroma 14:20, 21) Gape-gape, kakanyetso e e tekatekano e a tlhokafala. Ipotse, A modiro o Jesu a neng a le go one o ne o ‘se phepa’ ka go bo bojalwa bo ne bo le teng? Bibela e kgala botagwa, e seng go nwa dino tsa tagi ka tekatekano.—Diane 23:20, 21; 1 Petere 4:3.

8, 9. (a) Fa e le gore dino tsa tagi di tla bo di le teng, tekatekano e ka bolokwa jang? (b) Mogolwane mongwe o ne a reng kaga bothata jono?

8 Fa e le gore banyalani ba eletsa gore go bo go na le dino tsa tagi kwa modirong wa bone, go botlhale gore ba akanyetse tlhokomelo ya go nna tekatekano. (1 Timotheo 3:2; Mathaio 23:25) Ka sekai, kwa modirong wa kwa Kana, balalediwa ba ne ba fiwa ke bomang dijo? Ka mo go bonalang ke “batlhanka.” (Yohane 2:5, 9) Ka gone banyalani ba ka nna ba kgetha batho go fepa (mme gongwe le e leng go lekanyetsa bontsi jwa) dino. Tota, kwa modirong lefa e ka nna ofe wa Bakeresete, go tshwanetse ga nna le dino tse eseng tsa tagi tsa bao ba tshwanetseng go di nwa, kana bao ba ratang tse di ntseng jalo.

9 Mogolwane mongwe mo Amerika Bogare o akgetse jaana: “Bothata e nnile gore mediro e nna megolo thata, mo e leng gore ga go na tsela ya go laola botlhe ba ba leng gone. Ka dinako dingwe batho ba selefatshe ba ile ba senya diphathi tseo, ba tla le mabotlolo a bojalwa le go tla go dira boatla jo bo maswe.” Ka jalo ke mang yo o tla laolang kana yo o tla kaelang? Ke ba bakae ba ba tla nnang gone? Ke eng seo se tla diragalang kwa medirong e e ntseng jalo?

Kaelo E Tswa Go Mang?

10. Ke go latela tshupo efe ya Bibela mo go ka tlatseletsang mo taolong e e tshwanetseng kwa meketeng?

10 Kwa modirong wa Kana, go ne go na le “molebalebi oa modihō.” (Yohane 2:9) Ka mo go tshwanang, kwa medirong ya gompieno mokaulengwe yo o kgonang, yo o nang le boikarabelo o ka laelwa go okamela ditsamaiso. Ereka a tlwaelane le dikeletso tsa banyalani ba basha, o ka nna a kaela bora-mmino, ba ba fang batho dijo le ba bangwe, kana a botsa banyalani mme e re morago ga foo a dire jalo. Se se ka akareletsa go lebelela le batlhokomedi. Ba le mmogo ba tla kgona gore ba thuse balalediwa le go dirisana le bape ba ba ‘senyang diphathi.’ Fa re gakologelwa kgang eno ya go laola, tlhokomelo mo setshwantshong sa ga Jesu seo se neng sa diragala ka bao ba neng ba bontsha tlontlololo ya matlhabisa ditlhong kwa modirong wa lenyalo.—Mathaio 22:11-13.

11. Go tshwanetse ga akanyediwa eng fa go kgethiwa mongwe yo o tla thusang banyalani mo go kaeleng dikgang?

11 Kwa medirong e mentsi ya selefatshe mookamedi wa holo kana moeteledipele wa bente e nna ene motshwara-marapo. A ka nna a tswa a itse tsela e go dirwang ka yone ebile gape a na le puo nngwe e a e itlwaeditseng kana dinyao dingwe tse di kgatlhang. Mme fa e le gore o batla gore modiro wa gago o dumalane le melao-metheo ya Bokeresete, a o ne o tla tsaya motho wa selefatshe fela—yo e seng mokaulengwe wa gago wa semoya kana le e leng leloko la lelapa la gago—gape e nne ene a buang le balalediwa kana e nne ene yo go lebilweng fela mo go ene? A seo se tla tshwanela go “[dira] se se molemō mo bathuñ botlhe, me bogolo mo go ba e leñ ba ntlo ea tumèlō”?—Bagalatia 6:10.

12. Ke tshupo efe eo Bibela e e neelang ya gore tota ke mang yo o tla ikarabelelang kwa moketeng ka seo se tla diragalang?

12 Ka dinako tse dingwe batsadi ba monyadiwa kana monyadi ba thusa banyalani go duelela modiro wa lenyalo. Batsadi ka gone ba ka nna ba ikutlwa gore ba tshwanetse ba nna le lefoko kaga bao ba tla lalediwang, mofuta wa dijo le dino tseo di tla jewang kana gore thulaganyo e tla nna efe. Bibela ga e re bolelele gore ke mang yo o neng a duelela modiro wa kwa Kana, mme e re bolelela gore fa go ne go tlhaga kgang e e botlhokwa “molebalebi oa modihō a bitsa monyadi” (Yohane 2:9) Kwa modirong wa lenyalo monyadi kafa Dikwalong ke tlhogo ya lelapa le le sa tswang go simoloIwa. (Baefesia 5:22, 23) Ka jalo, fa ka lorato a tshwanetse go akanyetsa dikeletso tsa monyadiwa wa gagwe mo letsatsing leno le le kgethegileng, le dikeletso tsa ba malapa a bone, segolo-bogolo o tlhoka go sikara boikarabelo jwa seo se tla dirwang koo le gore go se dirwe eng.

Ke Bomang Ba Ba Tla Nnang Teng?

13. Mediro e ne e le bogolo jo bo kana-kang mo motlheng wa Bibela?

13 Ga re itse gore mediro ya manyalo mo metlheng ya Bibela e ne e le kana-kang. Samesone o ne a akareletsa le batsadi ba gagwe le batho bao ba neng ba tlwaelane le monyadi ba le 30 mme gongwe le ditsala tse dingwe kana ba-losika. (Baatlhodi 14:5, 10, 11, 18) Balalediwa kwa manyalong a Sejuda e ne e le baobamedi mmogo go tswa mo toropong gammogo le baeti. Jesu le barutwa ba gagwe, go tswa kwa Galalia, ba ne ba ya kwa modirong wa Kana. Bontsi jwa bojalwa jo bo neng jwa dirwa bo ne bo akantsha gore setlhopha se ne se le segolo.—Yohane 2:1, 2, 6.

14, 15. Ba bangwe ba ile ba rulaganyetsa mekete e e “bulegetseng botlhe” jang, mme ke mathata afe ao a ka nnang teng?

14 Gompieno, mekgwa le seo batho ba se ratang se farologana ka mofuta le bogolo jwa modiro. Mo mafelong a mangwe go tlwaelegile gore modiro o bulegele botlhe; Bakeresete botlhe bao eleng ditsala tsa banyalani ba basha baa amogelwa. Ba ka nna ba fiwa dijo tse di motlhošwana, boikaelelo e se go kgotsofatsa keletso ya mongwe le mongwe mme e le gore ba fetisetse dikeleletso tse di molemo le go ipelela botsalano jo bo bothitho. Fa mo lefelong le le rileng kwa dikokoano di bulegetseng ditsala tsotlhe gone, batho ba bantsi ba tla ka dijo—sekotlele sa dijo tse di apeilweng, seno kana diphuding. Ka gone botlhe bao ba ithaopang ba ipelela go neela, mme mongwe le mongwe o ka ipelela dijo tse di farologaneng kwa ntle ga go rwesa banyalani kana mongwe o sele mokgweleo.—Ditihō 20:35.

15 Go tswa go seo re se balang mo ditshwantshong tsa ga Jesu, go bonala gore gantsi kwa manyalong a Sejuda go ne go baakanyediwa dijo tse di ntsi. (Mathaio 22:2; Luke 14:8) Tota, go nna le dijo tse di tlwaelegileng tsa balalediwa botlhe kwa modirong gompieno go batla go rulaganya go gogolo. Mmè mongwe mo Amerika Bokone o ne a bolela ka boitemogelo jono jo bo hutsafatsang:

‘Fa go ne go itsiwe gore go tla bo go na le lenyalo, basha ba ne ba tswa mo mafelong a mantsi go tlela dijo tsa mahala le tantshe. Fa bao ba laleditsweng ba ne ba le kwa Holong ya Bogosi, ba bangwe ba ne ba ya kwa holong ya modiro mme ba ipha manno otlhe ao a neng a le gone. Fa ke ne ke goroga ke ne ka batla ke lela, ka go bo go ne go sena fa o ka bayang lonao gone. Ke ne ka hutsafala mo go botlhoko ka ntlha ya tlhaelo ya lorato e e neng ya sutšwa ke go senya lenyalo le go ja dijo tsotlhe tseo di neng di beilwe ke mong wa lenyalo go di naya ditsala tse di gaufi le ba-losika.’

16. Re ka ithutang go tswa mo Bibeleng malebana le balalediwa ba lenyalo?

16 Maria, Jesu le barutwa ba gagwe ga baa ka ba senya modiro kwa Kana; ba ne ba ‘laleditswe.’ (Yohane 2:1, 2) Jesu o rile, “Ha moñwe a gu laleditse modihō oa nyalō . . . (Luke 14:8, 9, 16, 17) Mo setshwantshong sa lenyalo sa morwa kgosi, Jesu o ne a bua ka “ba ba laledicweñ.” (Mathaio 22:3, 9, 10) Mo godimo ga moo, fa monna yo o laleditsweng a ne a bontsha tlontlololo, batlhokomedi ba ne ba laelwa gore ba mo ntshetse kwantle. Mo setshwantshong se sengwe, makgarebane a matlhano a a neng a batla go nna le seabe mo modirong wa lenyalo a ne tota a thibelwa go tsena mo kgorong. (Mathaio 22:11-13; 25:10-12) Ka jalo ga go ne go lebega go gakgamatsa fa e le gore modiro o lekanyediwa go balalediwa mme le gore bano ba tshwanetse ba bo ba apere sentle. Mme goa tlhaloganyesega gore bopelotshweu jwa molaletsi bo se ka jwa akareletsa batho bao kamego ya bone e kgolo e leng fela go ja le menate.—Bafilipi 3:18, 19; Moreri 5:11.

17. Ke bothata bofe jo bo ileng jwa nna teng mabapi le bogolo jwa mediro ya manyalo?

17 Fa e le gore banyalani kana ba-masika a bone ba eletsa go reka dijo tsotlhe tsa balalediwa ba bantsi, seo se ka kopanyeletsa ditshenyegelo. (Bapisa Mareko 6:35-37.) Pego eno e tswa kwa Pacific:

“Go na le tshekamelo ya go feteletsa modiro. Bangwe ba tsena mo dikolotong ka ntlha ya namane e tona ya modiro, ka gone ba simololela botshelo jwa lenyalo mo sekolotong. Gantsi go bonala go na le keletso ya go itlosa ditlhong, ka jalo ba dira namane e tona ya mokete eo tota ba ka se e kgoneng.”

Abo go utlwisa botlhoko jang ne fa banyalani ba babotlana ba simololela botshelo jwa lenyalo la bone mo mekgweleong ya dikoloto eo e ka tsalang kgotlhang mo kamanong ya bone. Kgotsa ba ne ba ka ikutlwa jang fa ba itse gore batsadi ba bone ba ne ba thulane le bothata jwa go duela ditshenyegelo tse dintsi tsa namane e tona ya modiro? Tota, batho ba lefatshe ba ka nna ba itatlhela mo dikolotong tse di boitshegang tsa lenyalo ka ntlha ya keletso ya boikgogomoso go kgatlha ba bangwe kana gore ba se tlhabiwe ke ditlhong mo lefelong leo. (Diane 15:25; Bagalatia 6:3) A mme seo se tshwanetse go nna jalo ka Bakeresete, malebana le seo re se balang mo go Luke 12:29-31?

18, 19. (a) Ke ka ntlhayang fa bangwe ba ile ba fetsa ka gore ba nne le mekete e megolo? (b) Re tshwanetse ra itshwara jang fa e le gore ga re lalediwe kwa moketeng wa tsala? (Luke 14:12)

18 Se se tlhotlheletsang mediro e mengwe e megolo thata ke keletso ya go itepatepanya le ba bangwe kana go ba gaisa. Bagolwane mo Afrika Bophirima ba ne ba akgela jaana:

“Bangwe ba senyegelwa mo go boifisang mo go rekeng dijo. Mongwe yo o dirang modiro o mogolo thata o dira gore ba bangwe ba itepatepanye le ene. Seno se ile sa tsala mathata go bao ba senang sebete sa go batla gore ba farologane le ba ba dirang jalo. Mabela a botshelo a mongwe a ka kgopisa ba bangwe mme go leka go dira ‘semphete ke go fete’ ga go tlhokafale.”—Bona 1 Yohane 2:15-17.

19 Bangwe ba ile ba ikutlwa ba gateletswe mo go direng namane e tona ya mokete ka go bo ba sa batle go kgopisa ba bangwe. Ba ka nna ba akanya gore fa e le gore ditsala dingwe tse di rileng ga di lalediwe, di ka utlwa botlhoko. Ka jalo, bontsi bo lalediwa ka mo go seng botlhale. Lefa go le jalo, fa re bua boammaaruri, ke mang mo go rona yo o ka batlang gore ditsala tsa rona di tshabe go se mo laletse e le gore di tle di se ka tsa imelwa ke sekoloto mme ka gongwe di latlhegelwe ke bodihedi jwa nako e e tletseng? Fa e le gore ga re lalediwe, abo go le botlhokwa jang ne go ikanya gore ba ne ba lekalekanya dilo ka botlhale, go akareletsa le ditshenyegelo. Go sa re laletse ga bone go ka tswa gongwe go ne go bile go bontsha ikanyo ya gore re godile sentle ebile ga re kitla re kgopega ka bofefo. (Moreri 7:9; 1 Bakorintha 13:4-7) Re santse re ka abalana boipelo le bone ka go nna gone kwa puong ya lenyalo e e theilweng mo Bibeleng, eo ebileng e leng botlhokwa segolo-bogolo. Fa e le gore re e tseela kwa tlase go na le modiro, a re ka ne re sa fetoge “barati ba dikgatlhègō, bogolo go go nna barati ba Modimo”?—2 Timotheo 3:4.

20. Go lekanyetsa bogolo jwa mokete wa mongwe go ka tila mekgwa ya mofuta ofe?

20 Go akanyetsa bogolo le ditshenyegelo tsa mediro go thusa gape go tila mekgwa e e sa eletsegeng. Ka sekai, go eletsa madi go ile ga tlhotlheletsa ba se kae go reka letsela le le kgethegileng la diaparo tsa lenyalo, go tswa foo go bo go kopiwa baetsana ba lenyalo go le reka mo go bone ka tlhotlhwa e e kwa godimo thata. Balalediwa kwa medirong e mengwe ba ne ba tshwanelwa ke go “reka” maphatlo a manathwana a kuku kana “go ananya ka madi” tantshe le monyadiwa yo mosha, ba mo kgomaretsa madi mo moseseng wa gagwe. Kotlelelo e e ntseng jalo mo mading e ka tswa gape e supa go ikgantsha ga balalediwa ka madi a bone ka go “gasa” (latlha) madi mo baopeding le go dira dimpho tse dikgolo gore ba tle ba bone setulo se se kgethegileng gaufi le banyalani.—Luke 14:8-11.

Thusa Botlhe Go Bona Boipelo

21. Mmino o nna le seabe sefe mo medirong ya manyalo?

21 Ka nako ya dintwa tsa Maccabean setlhopha sa banyadi ba Sejuda se ne se kgatlhantshiwa ke setlhopha “sa meropana le baopedi.” (1 Maccabees 9:39, The Oxford Annotated Bible; bapisa Pesalema 45:8.) Gompieno, le gone, mmino gantsi o akarelediwa kwa medirong ya manyalo. O ka tlatseletsa mo boipelong jwa Bokeresete mo tiragalong eo—kana e ka nna ya bo tsaya. Ke ka ntlhayang fa o ka tsaya boipelo? Mo makgetlong a a rileng mmino o ile wa nna o o leratla le o o sa laolesegeng. Baopedi bangwe ba rata mmino wa disko, kana ba ka itshupa fa ba tsentshwa ke mmino ka go supa bothakga jwa bone. Mme mokete wa Bokeresete ga se lefelo la dilo tseno gotlhelele. A balalediwa, bannye kana bagolo, ba ka ipelela bolekane jwa Bokeresete fa e le gore mmino ke o o leratla mo e leng gore ga ba kgone go tlotla mo tafoleng?

22. Mathata kaga mmino a ka fokodiwa jang?

22 Ka mo go phepafetseng, mmino kwa medirong ya manyalo o tshwanetse tlhokomelo e e botswerere le kelotlhoko, segolo-bogolo fa go na le baopedi. Go lebega go le botlhale go sa akareletse baopedi ba selefatshe. Fa e le baopedi ba ba duetsweng, monyadi kana mokaulengwe yo o kgethilweng o tshwanetse a tsepama go tlhalosetsa baopedi gore ke mmino ofe o o tshwanetsweng go tshamekiwa, le gore ke ofe o o ka se tshamekiweng. (Ekesodo 32:6, 17, 18) Go tshwanetse ga tlhalosiwa gore go se ka ga nna le dikopo dipe tse di kgethegileng go tswa mo balalediweng tseo di tla tshamekiwang kwantle ga tumelelo e e tswang go monyadi kana go “molebalebi” wa mokete. Ka ntlha ya mathata a a tlwaelegileng le mokgwa le modumo wa baopedi, banyalani ba bantsi ba ikgethela go dirisa direkoto kana ditheipi tse di tlhophilweng ka botswerere tse ba di batlang. Ba ile ba dira gore tseno di tshamekiwe ke mogolo yo o se kitlang a akgaakgiwa ke seo se tumileng go basha ba ba seng botlhale.—1 Bakorintha 13:11; Bahebera 5:14.

23-25. Ke dikgato dife tse dingwe tse di nonofileng tseo banyalani ba basha ba ka di tsayang go tlhomamisa gore go nne le kokoano e e itumedisang Bakeresete?

23 Banyalani ba basha ba Bakeresete ba batla gore balalediwa ba bone ba gopole modiro ono ka boitumelo. Ka jalo fa e le gore go ka nna le mmino kana tantshe, di tshwanetse tsa dumalana le melao-metheo ya Bokeresete. Fa e le gore batho bangwe ba kopiwa gore ba latlhele mafoko a se makae, bao ba kgethiIweng le seo ba tshwanetseng gore ba se bue se tshwanetse sa tshwanela kokoano ya Bokeresete.

24 Mo setshwantshong sa makgarebane a a lesome modiro o ne wa simolola “bosigo gare” ka go bo mokete wa lenyalo o ne wa diegisiwa. (Mathaio 25:5, 6) Mo kgannyeng e nngwe, seo Jesu a neng a se bolela ka modiro wa kgosi o o neng o setse o siame le batlhanka ba ne ba setse ba ipaakanyeditse go laletsa batho mo tseleng go supa gore modiro o ne o le motshegare wa sethoboloko. (Mathaio 22:4, 9) Mo metlheng ya segompieno mekete mengwe e ile ya tsenelela le e leng mo gare ga mpa ya bosigo, e simolola go nna e e sa laolesegeng jaaka Bakeresete ba ba godileng ba emoga gore ba tle ba kgone go robala sentle. Go thibela seno, banyalani bangwe ba ba tekatekano ba ile ba rulaganyetsa nako eo mokete wa bone o tla simololang ka yone le nako e o tla felang ka yone. Ka tsela e e ntseng jalo botlhe ba ka kgona go dira dithulaganyo tsa bone, go akareletsa le tiro ya bone ya Bokeresete e e tshwanetseng morago ga letsatsi la mokete o o neng wa ipelelwa.

25 Mokete wa lenyalo e ka nna tiragalo e e kgatlhisang le e e tekatekano ya boipelo jwa Bokeresete. Mme boikarabelo ke bofe malebana le seo se tla latelang—botshelo jwa lenyalo jaaka Bakeresete ba boammaaruri?

“Dikarolo dingwe tsa kgang eno di tla sekasekiwa mo tokololong e e latelang ka setlhogo se se reng Go Leba Go Pota Lenyalo Ka Kwa.”

[Dintlha tse di kwa tlase]

a Mo mafatsheng a mangwe, morago ga moletlo wa lenyalo, balalediwa botlhe ba ka nna gone mo modirong koo dino tse di motlhošwana kana kofi le diphuding di ka jewang gone. Moragonyana banyalani ba basha le malapa a bone le ditsala ba abalana mo dijong tsa lenyalo kwa legaeng kana kwa khefing. Fa mo mafelong a mangwe mokete e le wa morago ga go fela ga lenyalo—koo dijo tse di seng kae kana modiro di jewang gone.

b Go tswa lefokong la Segerika methusko, leo le rayang “go tagwa, go tlhapelwa.” Baakgedi bangwe ba ganetsana ka gore lefoko leno le akantsha go nwa fela mo go lekaneng go intsha lenyora kana go tlisa boipelo. Dikwalo tse dingwe ga di eme kgopolo eno nokeng.—Mathaio 24:49; Luke 12:45; Ditihō 2:15; Baefesia 5:18; 1 Bathesalonia 5:7.

Go Tswa go se se fa Godimo, A O A Gakologelwa?

◻ Ke ka ntlhayang fa Bakeresete ba tshwanetse go amega kaga mediro?

◻ Ke eng seo se leng botlhale kaga dino tsa tagi kwa medirong ya manyalo?

◻ Ke mang yo o ikarabelelang kaga seo se tla dirwang kwa moketeng?

[Setshwantsho mo go tsebe 29]

Molebalebi wa modiro o ne a botsa monyadi kaga bojalwa

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela