LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w84 12/1 ts. 20-21
  • Thapelo e Botlhokwa go le Kana-kang go Wena?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Thapelo e Botlhokwa go le Kana-kang go Wena?
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1984
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Daniele mo Mongobong wa Ditau
    Buka ya Me ya Dipolelo Tsa Baebele
  • Daniele mo Mosimeng wa Ditau
    Se o Ka se Ithutang mo Baebeleng
  • Go Gololwa mo Leganong la Ditau!
    Ela Tlhoko Boporofeti Jwa ga Daniele!
  • Dario—Kgosi e e Ratang Tshiamiso
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1998
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1984
w84 12/1 ts. 20-21

Lefoko la Modimo Le Tshedile

Thapelo e Botlhokwa go le Kana-kang go Wena?

Dario, kgosi ya Bamede mo e ka nnang dingwaga di le 2 500 tse di fetileng, o ile a dira Daniele yo mongwe wa balaodi ba bagolo mo bogosing jwa gagwe. Dario o ne a anaanela tiro ya ga Daniele thata mo eleng gore Bibela e re o ne a “gopotse go mo naea taolo mo bogosiñ yotlhe hèla.” Balaodi ba bangwe ba ile ba nna lefufa mme ba loga leano la go tsenya Daniele mo bothateng. Leano le ne le le mabapi le thapelo, mme seno se tsosa potso, Thapelo e botlhokwa go le kana-kang go wena gompieno?

BABA ba ga Daniele ba ya go Kgosi Dario mme ba mo kopa gore a saene kiletso, kana taolo, “go re, Leha e le mañ eo o tla rapèlañ modimo moñwe, leha e le motho moñwe, ka malatsi a le mashomè a mararo, ha e se wèna kgosi hèla, a a latlhèlwè mo moñoboñ oa ditau.” Ka go sa lemoge boikaelelo jwa yone, Dario o saena taolo eno. Fa o ne o le motlhanka wa ga Jehofa Modimo morago koo, a o ne o tla emisa go Mo rapela? Morago ga gore a itse ka ga taolo eno, Daniele o tsena mo ntlong ya gagwe ka bonako mme o rapela Modimo. Jaaka gale, o rapela gararo ka letsatsi. Jalo baba ba gagwe ba ya go begela Dario gore Daniele gaa utlwa. Seno se utlwisa Dario botlhoko go bo a

saenne taolo eno mme o leka go akanya ka moo a ka bolokang Daniele ka gone. Mme mo bosigong joo baba ba ga Daniele ba tla kwa go Dario mme ba re: “Itse, kgosi, ha e le molaō oa Bameda le Baperesia, go re, ga go na kileco epé, leha e le taolō epè e kgosi e e tlhomamisitseñ e e ka bañ ea hetolwa.” Jalo Dario o patelediwa go ntsha taelo ya gore Daniele a latlhelwe mo mongobong wa ditau.

Dario o galefile mo eleng gore ga a kgone go robala bosigong joo. Mo mosong o o latelang o tsoga esale gale mme o itlhaganelela kwa mongobong wa ditau. Fa a atamela, o goela kwa godimo ka khutsafalo: “Daniela wè, motlhanka oa Modimo o o tshedileñ, a Modimo oa gago, o u nntseñ u o dihèla ka metlha eotlhe, a o nonohile go gu golola mo ditauñ?” Ka bonako fela, Daniele o araba jaana: “Kgosi”. Modimo oa me o romile moengele oa ōna, me o momisitse ditau melomo, me ga dia ntshenya gopè.”

Abo Dario o itumetse jang ne! ‘Ntshang Daniele mo mongobong,’ o laela jalo. Mme, Kgosi e dirang ka bao ba logileng leano la gore Daniele a jewe ke ditau? Ebu, a laela gore banna ba ba boikepo bao ba latlhelwe mo mongobong wa ditau! Le eleng pele ga fa ba fitlha kwa tlhase ga mongobo, ditau dia ba gagolaka. Morago ga moo, Dario o kwalela batho botlhe mo bogosing jwa gagwe, a ba bolelela gore ba tlotle Modimo wa ga Daniele gonne o dira dikgakgamatso tse dikgolo. Ee, Jehofa o golotse Daniele mo ditaung.—Daniele 6:1-28.

A o na le mofuta wa tumelo o Daniele a neng a na le one mo go Jehofa Modimo? A o dumela gore fa Modimo a tlisa bokhutlo jwa tsamaiso eno e e boikepo ya dilo o tla go golola fa o nna o ikanyegile mo go ene? Fa go le jalo, ga o kitla o letla molao ope kana matshosetsi ape ao batho ba ka a dirang go go dira gore o emise go mo direla.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela