Maungo a a Molemo a Boikanyego
◻ Louis o ne a batla gore a nne le insurance ya botshelo jwa gagwe le ya bokoa. Mme o ne a na le bothata. O ne a na le bolwetsi jwa sukiri. Fa a ikwadisetsa insurance, nngwe ya dipotso tseo a neng a tshwanelwa ke go di araba e ne e le: A o na le bolwetsi jwa sukiri kana sengwe se se tshwanang? Louis a araba ka gore nyaa. Khamphane ya insurance e ne ya batla gore a tlhatlhobiwe mo mmeleng, mme ya re mo letsatsing la tlhatlhobo ya mmele, Louis a seka a ja. Jalo he, ya re fa a tlhatlhobiwa, ga se ka ga fitlhelwa sukiri epe e ntsi mo mading a gagwe. Jalo Louis a kgona go ikwadisa.
Lefa go ntse jalo, o ne a ithuta Bibela, mme ka bonakonyana segakolodi sa gagwe sa mo tshwenya. Jalo a bolelela mokwadisi wa gagwe wa insurance ka seo a se dirileng. Mokwadisi a leka go mo theosa mo go boleleleng khamphane, mme Louis a tswelela ka go gana mme a ba kwalela lokwalo. Ka boitumelo, khamphane e ne ya mo utlwela botlhoko. Ba ne ba tsweledisa go mo kwadisetsa ga bone insurance ya botshelo. Lefa go ntse jalo, ba ne ba phimola insurance ya gagwe ya bokoa, mme gone ba busa madi otlhe a gagwe, gammogo le morokotso, o a neng a o duetse. Jaanong Louis o direla Modimo ka segakolodi se se phepa.
◻ Bana le bone ba ka ikanyega. Eugene wa dingwaga tse supa o ne a tla Lephateng la tse di Latlhegileng mo kopanong ya Basupi ba ga Jehofa a tshotse peni yo a mo setseng. Mokaulengwe yo o neng a tlhokometse lephata leo a mmotsa gore ke ka baka lang fa a lerile peni. Motho o ka dirang ka peni? “O ka reka tšhunkama kana lekere,” ga bolela Eugene. Lefa go le jalo, o ne a ganelela mo go reng peni e ne e se wa gagwe, mme o ne a sa batle go itumolola Jehofa ka go mo ipolokela. Motlhokomedi o ne a re: “Seo e ne e le selo se sentle go se dira. Ruri kea leboga, mme ebile ke solofela gore lefa e le mang yo o ka neng a latlhegetswe ke peni o tla tla go mo tsaya.”
◻ Mo kopanong e nngwe e kgolo ya Basupi ba ga Jehofa, go ne ga begwa gore le madi a magolo jaaka R20 ao a neng a ile a latlhega mo setadiamong le one a ne a leriwe Lephateng la tse di Latlhegileng ke bana ba bannye, kwa ntle ga gore ba tlhotlhelediwe ke batsadi ba bone. Seno ga se selo se se sa tlwaelegang mo dikokoanong tse di ntseng jalo.
Boikanyego bo a tlhokega mo go bao ba eletsang go amogelwa ke Modimo. “Segakolodi se se siameñ” se tlhotlheletsa boitumelo. (Bahebera 13:18) Ruri, boikanyego bo tlhagisa maungo a a molemo ka ditsela di le dintsi.