Leina la Modimo le mo Dikwalong tsa Bokeresete
FA JESU a ne a bitsa Modimo Rraagwe, bareetsi ba gagwe ba Bajuda ba ne ba itse Ene yo a neng a bua ka ga gagwe. Ba ne ba bona leina la Modimo mo memenaganong ya Sehebera ya Bibela e e neng e le gone mo disenagogeng tsa bone. Momenagano o o ntseng jalo o ne wa neelwa Jesu mo senagogeng mo toropong ya motse wa gaabo, Nasaretha. O ne a bala mo kgaolong ya ga Isaia e e tshotseng leina ja ga Jehofa gabedi.—Luke 4:16-21.
Barutwa ba pele ba ga Jesu le bone gape ba ne ba bona leina la Modimo go Septuagint—thanolelo ya Bibela mo Segerikeng, eo Bakeresete ba pele ba neng ba e dirisa mo go ruteng le mo go kwaleng. Go boammaaruri gore, ka nako nngwe go ne go akantswe gore leina la Modimo ga le gone go Septuagint, mme jaanong go tlhomamisitswe tota gore leina leno le ne le tlotlwa fela thata mo e leng gore Tetragrammaton (lereo le baithuti ba le dirisetsang ditlhaka tse nne tseo ka tsone leina la Modimo le kwadiwang ka Sehebera) le ne la kopiwa ka ditlhaka tsa Sehebera, go ya fela mo mokwalong wa Segerika.
Aquila o ne a kwala leina la Modimo ka ditlhaka tsa Sehebera mo mokwalong wa gagwe wa Segerika boaphelong fela jwa lekgolo la bobedi la dingwaga. Mo lekgolong la boraro la dingwaga Origen o ne a kwala gore “mo mekwalong e e boikanngo LEINA le kwadiwa ka ditlhaka tsa Sehebera.” Mo lekgolong la bone la dingwaga moranodi wa Bibela Jerome o ne a kwala: “Re fitlhela leina la ditlhaka tse nne la Modimo (ke gore, יהוה) mo dibolumong dingwe tse di rileng tsa Segerika le eleng nako kgolo ke eno le kwadilwe ka ditlhaka tseno tsa bogologolo.”
Dr. Paul E. Kahle o ne a kwala ka gore: “Re itse jaanong gore mokwalo wa Segerika wa Bibela [Septuagint] fela jaaka o ne wa kwalwa ke Bajuda ba o kwalela Bajuda ga o a ka wa ranola leina la Bomodimo ka ky’rios [Morena], mme Tetragrammaton e e neng ya kwalwa ka ditlhaka tsa Sehebera kana Segerika e ne ya bolokiwa le mo MSS [mekwalong] e e ntseng jalo.”—The Cairo Geniza, ditsebe 222, 224.
Seno se raya eng? Se raya gore, boo ba ne ba bua Sehebera kana Segerika, fa bareetsi ba ga Jesu ba ne ba bala Dikwalo ba ne ba bona leina la Modimo mo go tsone. Ka gone, go utlwala fela gore fa ba ne ba tsopola mekwalo eno ba ne ba tla latela mokgwa o ba ileng ba o elatlhoko—go tsenya ditlhaka tse nne tsa Sehebera tsa leina la ga Jehofa mo mokwalong wa bone wa Dikwalo tsa Segerika tsa Bokeresete.
Go Journal of Biblical Literature, George Howard, moporofesa yo o nyalanang le bodumedi kwa Unibesithing ya Georgia, o ne a kwala ka gore: “Ereka Tetragram e ne e sa ntse e kwalwa mo dikaelong tsa Bibela ya Segerika tseo di neng di dira Dikwalo tsa pele tsa kereke, go utlwala sentle go dumela gore bakwadi ba Testamente e Ntšha, fa ba ne ba tsopola go tswa Dikwalong, ba ne ba boloka Tetragram moteng ga mokwalo wa sebibela.”—1977, Bolumo 96, No. 1, tsebe 77.
Go Emisediwa ga Leina la Modimo
Go bonala gore leina la bomodimo e ne ya re moragonyana la tlosiwa ka bobedi go Septuagint le “Testamente e Ntšha’’ fa Bakeresete ba e seng Bajuda ba ne ba sa tlhole ba tlhaloganya ditlhaka tsa Sehebera. Ka gone Dr. Kahle o ne a kwala ka gore: “E ne e le Bakeresete bao ba neng ba emisetsa Tetragrammaton ka ky’rios [Morena], fa leina la bomodimo le le neng le kwalwa ka ditlhaka tsa Sehebera le ne le sa tlhole le utlwisisiwa gotlhelele.’’—The Cairo Geniza, tsebe 224.
Tatlhegelo eno e ne e le botlhokwa go le kana kang? Professor Howard o re: “Go tlosiwa mono ga Tetragram, mo ponong ya rona, go ne ga tsala tlhakatlhakano mo megopolong ya Bakeresete ba Baditšhaba ka ga kamano magareng ga ‘Morena Modimo’ le ‘Morena Keresete.’”—Tsebe 63 ya setlhogo se se neng sa tsopolwa go le pele.
Ka sekai, Pesalema 110:1 e re: “YEHOFA o raea morèna oa me, a re.’’ Seno se tsopolwa go Mathaio 22:44 koo, morago ga gore leina Jehofa le tlosiwe, dithanolelo tse dintsi tsa Bibela di balegang ka gore: “Morena o raya Morena wa me.” Ka gone, go maloko a dikereke tsa La-bodumedi pharologano e e tlhomameng magareng ga Jehofa (“Morena’’) le Jesu (“Morena wa me”) e ne ya latlhega.
Go na le melemo e megolo thata mo go lateleng sekao sa Bibela sa go dirisa leina la Modimo: (1) Le re thusa go leba Modimo jaaka Motho, e seng jaaka maatla fela. (2) Le re thusa go atamelana le ene. (3) Le tlosa tlhakano-tlhogo, le lweetsa kakanyo ya rona ka ene, le tlisa megopolo ya rona gautshwanyane le seo tota Bibela e se rutang.
[Setshwantsho mo tsebe 9]
Leina la Bomodimo, ka ditlhaka tsa Sehebera, le ne le bonala mo dithanolelong tsa pele tsa Segerika tsa Dikwalo tsa Sehebera.