LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w83 9/15 ts. 7-11
  • Mathata A Go Nwa Bagolwane ba ka Dirang?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Mathata A Go Nwa Bagolwane ba ka Dirang?
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1983
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Botlhapelwa
  • Ke Na Le Motsadi Yo O Lemaletseng Bojalwa—Nka Dirisana Jang Le Seemo Seno?
    Tsogang!—1992
  • Maloko a Lelapa A Ka Thusa Jang?
    Tsogang!—1992
  • O ka Fenya Mathata a a Senyang Lelapa
    Sephiri sa Boitumelo mo Lelapeng
  • Ke Ka Dira Jang Gore Ke Se Ka Ka Tlhola Ke Nwa?
    Tsogang!—1993
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1983
w83 9/15 ts. 7-11

Mathata A Go Nwa Bagolwane ba ka Dirang?

O NE A leka sengwe le sengwe se a neng a ka se akanya go fokotsa go nwa ga gagwe. Ga bonala go se sepe se se dirang. Fa a ne a kopane le bagolwane ba ba tlhophilweng mo phuthegong, ba ne ba tshwenyegile thata mme ba mo neela kgakololo ya Dikwalo kaga tekanyetso. Mme maiteko a bone a itshupa a swabisa. Bothata jwa gagwe bo ne jwa tsenelela kwa teng. O ne a le letlhapelwa.

Seno se tsosa potso e e botlhokwa thata: Ke eng seo bagolwane ba ka se dirang go thusa bakaulengwe ba bone ba semoya le bokgaitsadi bao ba nang le bothata jwa go nwa?

Ka phepafalo, ga go ka tsela epe Dikwalo di mpampetsang botagwa. Mme segolo bogolo balebedi ba Bakeresete ba na le boikarabelo jwa go bona gore matagwa a a padileng, a a sa ikwatlhaeng a se ka a lebelwa mo phuthegong ya Bokeresete; ba tshwanetse go kgaolwa. (1 Bakorintha 5:11-13; Bagalatia 5:19-21) Mme bagolwane ba tshwanetse gore selo sa ntlha ba eletse go thusa ba ba ikwatlhayang bao ba ileng ba hekeediwa ke tiriso ya tagi. Jalo ke eng seo mogolwane a tshwanetseng go se dira fa a ka atamelwa ke mokaulengwe kana kgaitsadi yo o ileng a tagwa mme jaanong a senka thuso?

Sa ntlha, go tshwanetswe ga elwatlhoko gore go na le pharologano magareng a go hekeediwa thata-thata ke go nwa mo go feteletseng mo pakeng e e rileng le go nna letagwa—go tlhapelwa go dirwa tlwaelo. Akanyetsa sekai sa ga Noa, yoo ka paka nngwe a ileng a nwa bojalwa bo le bontsi mme a tagwa. (Genesise 9:20, 21) Ruri, Noa e ne e se letagwa le le padileng. Ga go na tshupo epe e nngwe mo Bibeleng ya gore o ne a kile a tlhapelwa gape.—Bapisa Bahebera 11:7.

Ka jalo mogolwane yo o tla atamelwang o tla bo a dira sentle fa a ka tlhomamisa gore: A e ne e le tiragalo fela ya sewelo? A motho o ikemiseditse gore o tla itibela e le gore seo se se diragale gape? A o ipoletse molato phatlalatsa le go senka boitshwarelo jwa Modimo? A tiro eo ga e a feleletsa ka gore go nne le namane e tona ya mokgobo? Fa mabaka ano le a mangwe e le one, he go ka tshwanela ka mogolwane, gore ka “mōea oa bonōlō,” a neele kgakololo e e lorato kaga tekanyetso, ka gone a thatafatsa motho yoo mo boitlhomong jwa gagwe gore ga a na a boelela phoso.—Bagalatia 6:1.

Mme gotweng fa e le gore botagwa bo nnile jwa boelelwa gangwe le gape, kana go feletse ka tshenyego ya leina? Mo mabakeng a a ntseng jalo, kgang e tshwanetse ya tshwarwa ke komiti ya katlholelo. Lefa go ntse jalo, go thusa motho yoo go ka nna molemo fa bagolwane ba ka itse fa e le gore a bothata ke

Botlhapelwa

Go dira pharologano efe? Pharologano e kgolo! Jaaka boitemogelo jo bo kwa tshimologong bo tshwantshitse, fa motho e le letlhapelwa, go ka se ke go thuse thata go mo gakolola ka gore a nwe ka go lekanyetsa. ka baka lang? Ka jaana bontsi jwa baitse mo sebakeng seno sa botlhapelwa ba haka gore matlhapelwa a ithibe gotlhelele, ereka jaana, fa fela ba ka simolola go nwa, ga se gantsi ba ka laola selekanyo seo ba se nwang.

Mme gape, matlhapelwa ka bontsi a na le go latola bothata jwa bone. A seno se raya gore ga ba ikwatlhae, ke matagwa a a padileng? E seng jalo thata thata. Gakologelwa gore matlhapelwa gantsi ga ba bone boemo jwa bone jaaka bo ntse tota. Ba amega mo mmeleng, mo tlhaloganyong, mo boikutlong le mo semoyeng, mme mabaka ano a tshwanetse go akanyediwa. Ka gone, ga go le ka tsela epe go leng motlhofo go ba dira gore ba bone fa ba na le bothata jwa go nwa.

Mo go dirisaneng le dikgang tse di ntseng jalo, go na le dipotso tse di farologaneng tseo bagolwane ba tla bong ba dira sentle go di akanyetsa.

O ka itse jang fa e le gore a bothata ke botlhapelwa? O ka nna wa eletsa go lebisa setlhogong se se reng “Alcoholism—The Facts, The Myths” go Awake! ya July 8, 1982. E thadisa dikai tsa botlhapelwa.

Tlhokomela. Ka dinako tse dingwe botlhapelwa e ka nna ya bo e le jone bothata jo bo ikgarileng. Ka sekai, mo phuthegong nngwe kgaitsadi mongwe o ne a atamela bagolwane gore ba mo thuse mo go dirisaneng le khutsahalo e e botlhoko. Mme, go sa kgathalege maiteko a bone a mo pelong a go mo thusa, khutsahalo e ne ya ganelela. Lefa go ntse jalo, bagolwane ba lemoga moragonyana gore o ne a na le bothata jwa go nwa. Maiteko a a oketsegileng a go mo thusa a ne a senola gore o ne a le letlhapelwa. Morago ga a sena go bona thuso ya botlhapelwa jwa gagwe, kgaitsadi o ne a tokafala fela thata.

O ka thusa letlhapelwa jang go bona gore o na le bothata jwa go nwa? Tila dikgopolelo le go tshwara kwa le kwa jaaka go re, “Re akanya gore o ka ne o o nwa thata.” Dikakgelo tse di ntseng jalo di ka nna tsa dira gore boiphemelo jwa letlhapelwa bo oketsegele kwa pele. Go na le moo, gongwe motho o ka lebanngwa le ditlhaloso tseo di supang kaga go nwa ga gagwe le diphelelo tsa gone. Go botlhokwa gore lentswe le bontshe fa go tshwenyegilwe thata: “Re tshwenyegile fela thata kaga se se go diragalelang, mme mabaka ke ano a a tla tlhalosang gore ke eng re tshwenyegile.”

Mogolwane mongwe, yo o neng a dirisana ka katlego le bothata jwa gagwe jwa botlhapelwa, o haka tse di latelang: “Ke ile ka bona fa go le molemo gore ke tlhomamise gore ke mathata afe ao motho a ka neng a na nao, gongwe mo gae kana kwa tirong. Mme he, ka go dirisa dipotso tse di etelelang, ke mo thusa gore a bone gore tagi e ka nna ya bo e le bothata jo bo ikgarileng. Ke gakologelwa boitemogelo bongwe jo bo neng jwa tsamaya jaana:

‘A botshelo jwa gago jwa lelapa bo amilwe ke go nwa ga gago?’

‘Aa, nnya.’

‘A o kile wa omana le mosadi wa gago?’

‘Ee.’

‘A go nwa go ka ne go ne go amana le gone?’

‘Nnya.’

‘A mme, fa o tla omana le ene, a e ne e le fa o o nwa?’

‘Ee . . . gone, . . . ee.’

“Morago ga go buisana ka mathata a a farologaneng, ke ne ka kgona go mo thusa gore a bone gore mo e ka nnang mo pakeng nngwe le nngwe mathata a gagwe a ne a tsamaelana magongwe le fa a nole.”

Gotweng kaga thuso ya batlhalefedi? Letlhapelwa le ka nna la tlhokana le thuso e e ntseng jalo gore le tokafale. Gone, bagolwane ga ba na ba batla go hakela kalafi nngwe e e rileng—seo se ikaegile ka motho yo o kopanyelediwang. Ga go na le gore ba lebe go gana ga gagwe thuso ya batlhalefedi jaaka tshupo ya gore ga a ikwatlhae. Mme ka nako e e tshwanang, go tia go a tlhokafala. Motho o tshwanetse a utlwisisa ka phepafalo gore seo thata thata se leng mo kgannyeng ke go nna ga gagwe a ntse a amogelwa ke Jehofa jaaka leloko je le amogelegang la phuthego ya Bokeresete.

Go tweng kaga go kgaola? Go felela mo go se: Boikutlo jwa motho tebang le go nwa ke bofe? A ene ka boene, go sa kgathalege maiteko a lona a a pelotelele ebile a tiile go mmula matlho, o bonala a ntse a ikaeletse fela go tswelela ka go nwa? Malebana le seno, go a kgatlhisa go elatlhoko seo buka Alcoholics Anonymous e se gakololang bahiri ba matlhapelwa:

“Fa o tlhomamisa sentle gore motho wa gago ga a batle go emisa, go ka nna ga re a kobiwe . . . Go leleka motho yo o ntseng jalo go ka nna ga itshupa e le lesego mo go ene. E ka nna ya bo e lone lebole le a le tlhokang.” Ka mo go tshwanang, fa boikutlo jwa motho bo mo tlhoka gore a kgaolwe go boloka phuthego e le phepa, se le sone ka go tshwana se ka nna lone “lebole” leo a le tlhokang.

Go tweng fa e le gore lo tlhatswegile pelo gore tota motho ga a batle go emisa? Fa motho a dumalana gore o tla amogela thuso, go ka nna ga tsaya nako go bona fa e le gore a o tla atlega. Kalafi ya batlhalefedi e ka nna ya thusa. Legale, o tshwanetse go tlhaloganya gore ga se yone karabo e le yosi mo bothateng.

Gantsi o tla tlhoka thuso e e tswelelang pele, mme segolo kafa tseleng ya semoya. Mo lobakeng lo lo fetileng o ka nna a bo a ile a dirisana le khutsahalo, bogale, mathata a kwa tirong, le tse dingwe jalo, ka go siela mo taging. Mme jaanong o ka nna a tlhokana le thuso ya lona go lebana le kafa dilo di leng ka gone tota ka tsela ya go akanya e e farologaneng. Mme gape, go ka nna ga bo go na le maikutlo a a sa tlhamalalang a a ganelelang, jaaka boipono-molato kana go ipelaela. O ka nna a ikutlwa a sa tshwanelege go ka atamela Jehofa ka thapelo mme a ka nna a tlhoka thuso ya lona go boela a nna le kamano e e ikanyegang le Modimo. Go rapela ga lona le ene le go mo rapelela, ga mmogo le dikgakololo tse di gomotsang go tswa Lefokong la Modimo di ka mo imolola dipoifo le go ritibatsa dipelaelo tsa gagwe.a—Yakobe 5:14-16.

Motho yo o robegileng lekoto o ka nna a tlhokana le go nama a tshegediwa ka lobakanyana. Go ntse fela jalo, motho yo o kgaratlhelang go emisa go nwa o ka nna a tlhoka go ka itshegetsa ka motho yo o kutlwisiso, tsebe e e reetsang. A o ikemiseditse go thusa?

“Bagolwane le bakaulengwe ka bontsi ba ne ba nketela,” ga tlhalosa mokaulengwe mongwe yo o neng a kgaratlhela go emisa go nwa. “Ga ke na mafoko a a lekaneng go tlhalosa kafa ke neng ka anaanela lorato lono lotlhe le tshekegelo-tsebe. Ka mo go lebosegang thata, ke ne ka kgona jaanong go ka rapela Jehofa gape. Abo e ne e le kgololo jang ne!”

“Bakaulengwe ba ne ba nthusa ka ditsela tse dintsi tse di farologaneng,” ga bua Mosupi yo mongwe yo o neng a thusiwa mo go dirisaneng le botlhapelwa jwa gagwe. “Ba ne ba bile ba akantsha gore ke nnele gautshwane le bone kwa dipokanong, ereka jaana ke ne ke boifa go tla. Mokaulengwe mongwe o ne a nthusa e le ruri. O ne a tla go mpona fa ruri ke ne ke tlhoka seo thata—go sa kgathalege gore thulaganyo ya gagwe e ne e le efe. Ruri ke lebogela lorato lwa gagwe le bopelotelele.”

Mo mabakeng mangwe, go ka thusa fa yo o kgaratlhelang go emisa go nwa a ka kgona go buisana le mokaulengwe yo ka boene a ileng a dirisana le botlhapelwa ka katlego. Ka baka lang? Ka jaana motho yo o ntseng jalo o ka kgona go bua ka kutlwisiso, a itse sentle gore ke dipaakanyo dife tseo letlhapelwa le tshwanetseng la di dira. Mme se se fetang seo, go bontsha yo o kgaratlhelang go emisa gore go tlogela go ka kgonagala. O bona sekai ka matlho a gagwe. Tota tota, matlhapelwa a ka mpa bogolo a bona thero go na le go e utlwa ka ditsebe.

Go tweng ka go khutlela morago? Seno se ka diragala. Mme gape, potso ke gore: Boikutlo jwa letlhapelwa ke bofe? A ruri o kgotsofetse gore tota o batla go fenya bothata jwa gagwe jwa go nwa? A o bona botlhokwa jwa gore a tsenye marapo mo dinameng fa e le gore o lebeletse gore o tla gatela pele mo tokafalong ya gagwe? Fa go ntse jalo, o tla tlhoka thuso e e nang le kutlwisiso.

Jalo he motho ga a a tshwanela go kgaolwa fela ka go bo e le letlhapelwa. Fa ruri a batla go emisa, o tshwanetse a neelwa sebaka sa gone. Mme go tweng fa e le gore ka ditiro tsa gagwe o supa gore tota ga a batle go emisa? Go tweng fa go ile ga nna le dipaka tse di boeletseng tsa go tagwa, mme le yone thuso lefa e ka nna efe e e utlwalang ga e a ka ya mo thusa? He, go ya ka mafoko a ga Paulo go 1 Bakorintha 5:11-13, o tshwanetse a kgaolwa.

Go thusa bao ba nang le bothata jwa tagi go batla temogo e e lekanetseng, bopelotelele le go tia. Ga se kgang fela ya go raya mokaulengwe kana kgaitsadi o re, “Itsose,” kana, “Fa e le gore o rata Jehofa o tla emisa go nwa.”

Go na le moo, leka go tlhaloganya sebopego sa botlhapelwa, seo bo leng sone le gore bo dirang mo bathong. Gakologelwa gore o ka nna wa tshwanelwa ke go diga lobota lwa go ganela lo letlhapelwa lo ithekeleditseng ka lone. O tshwanetse wa mo dira gore a bone gore o na le bothata jwa go nwa le gore o tlhoka thuso. O tla tlhoka thuso ya gago e e sa kgaotseng le tshegetso. A mme matswela ga a tlhoke maiteko a a kopanyelediwang?

Ke fela jaaka kgaitsadi mongwe, yo o neng a thusiwa go dirisana le bothata jwa gagwe jwa botlhapelwa a ile a tlhalosa a re: “Bagolwane ba ne ba le lorato thata le kutlwisiso mo ke lebogang Jehofa ka malatsi otlhe go bo a ile a ba romela. Tlhogo ya me jaanong e apogile. Ke ka bua le Jehofa ka segakolodi se se phepa. Ke bile jaanong ke nna gone dipokanong tsotlhe mme ke di ipelela e le ruri.” Ee, abo batho ba ba ntseng jalo ba leboga balebedi jang go bo ba intshetsa go tlhokomela letsomane ka go rata, ka “keletso ya mmatota ya go direla”!—1 Petere 5:1, 2, Today’s English Version.

[Dintlha tse di kwa tlase]

a Tswee tswee bona setlhogo se se reng “Loleme Lo Lo Rutegileng—‘Go Kamatlèla ka Puo Èna Eo o Lapileñ,’” go Tora ya Tebelo ya June 1, 1983. E bontsha kafa bagolwane ba ba thusang ba ba hutsahetseng ka ntlha ya maikutlo a a sa tlhamalalang le dipono.

[Setshwantsho mo go tsebe 9]

Motlhapelwa o ka tlhoka go itshegetsa ka motho yo o kutlwisiso, tsebe e e reetsang

[Setshwantsho mo go tsebe 10]

Motlhapelwa o tshwanetse a ithiba gotlhelele

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela