BOLWETSI A ke Sesupo sa Metlha ya Bofelo?
BAITSEANAPE ba dira kgatelo pele mo go retololeng dibopa-popego tsa motho. Ba bangwe ba dumela gore ba gaufi le go lemoga nyalano magareng ga go nna ga gago kotsing ya malwetsi le go dirwa ga gago ka dibopa-popego. Go bolelwa gore mo isagweng e e fa gaufi go tla bo go ka kgonega go fodisa malwetsi a a rileng ka go fetola dibopa-popego tsa gago.
“Fa fela o setse o na le kgono ya go baya dibopa-popego go fodisa malwetsi, go na gape le kgono ya go tsenya dibopa-popego ka mabaka a go fetola bogole,” go bolela jalo Dr. W. French Anderson wa National Institutes of Health. O oketsa ka gore: “Go tla bo go kgonagale ka rona go ka tshameka ka mebele ya rona.” A namane e tona ya mafoko, re ka rialo bogolo. A go akantsha gore boitseanape bo fenya ntwa kgatlhanong le pobolo le bolwetsi?
Se se kgatlhisang, go feta dingwaga tse 1 900 tse di fetileng, Jesu Keresete o ne a supa gore ntsifalo ya pobolo le bolwetsi e ne e tla nna karolo ya “seshupō” se se kgethololang “bokhutlō yoa lehatshe.” Jesu o ne a re: “Go tla nna . . . le mo maheloñ mañwe le mañwe . . . dikgogodi tsa bolwetse.” Go ya ka moithuta Bibela Albert Barnes, “malwetsi [ano] ke a a thubakanyang, a a gatlampolang.”—Mathaio 24:3-7; 2 Timotheo 3:1; Luke 21:10, 11.
‘Mme go nnile ka metlha ga nna le kgogodi ya bolwetsi, kana bolwetsi,’ o ka nna wa rialo. Seo se boammaaruri. Lefa go le jalo, go na le dilo di le pedi tse di tlhokomelesegang segolo bogolo mo polelelo peleng ya ga Jesu.
Sa ntlha, Jesu ga a ka a re pobolo kana bolwetsi ka bojone bo tla bopa “seshupō.” Go na le moo, o ne a neela sesupo se se tlhakantseng, se se tlhatlhamisang dilo di le dintsi. Ipalele polelelo pele ya gagwe e e tletseng jaaka e thadisitswe mo go Mathaio 24 le 25, Mareko 13 le Luke 21. Ka jalo “seshupō” se ka bapisiwa le dikgethenyana tse di dirang setshwantsho. Sekgethe se le sengwe ga se dire setshwantsho se se feletseng. Ka mo go tshwanang, tiragalo e le nngwe ga e bope “seshupō.” Go na le moo, “seshupō” se ne se tla bonwa fela fa dilo tsotlhe tse Jesu a di boleletseng pele di ne di tla ama losika lo le longwefela.—Mathaio 24:32-34.
Sa bobedi, go ne go tla bonala go sa utlwale ka mafoko a ga Jesu ka ga kgogodi ya bolwetsi, kana bolwetsi, go nna boammaaruri gompieno. Ka ntlha yang? Ka go bo kgatelo pele ya boitseanape ga se le ka motlha ope e kileng ya nna kgolo jaana. Didirisiwa tsa kalafi ga di ise di ke di nne molemo jaana. Kitso ya kalafi ga e ise e ke e aname bogolo jaana.
Ka jalo, mabaka a bontsha eng? A eleruri mafoko a ga Jesu a nna boammaaruri? Go botlhokwa gore re itse, ka go bo tiragatso ya polelo pele ya ga Jesu e tla bo e bontsha gore re tshela mo motlheng o o tlhokofatsang fela thata mo ditsong tsa motho.