Direlang ka Boikanyegi jaaka “Badihi Mmogo le Boamarure”
“U diha tihō ea boikañō mo go señwe le señwe se u se dihèlañ ba e leñ bakauleñwe, . . . Re chwanetse go gorosa ka pula ba ba nntseñ yalo, gore re tlè re nnè badihi mmōgō le boamarure.”—3 YOHANE 5-8.
1. Go itumedisa Jehofa, re tshwanetse ra mo neela kobamelo ya mofuta ofe?
JEHOFA o batla ba ba tla mo obamelang ka “mōea le ka boamarure.” (Yohane 4:23, 24) Gore a ba amogele, kobamelo ya bone e tshwanetse ka metlha ya tsamaelana le seo Modimo o se senotseng ka ga gagwe le maikaelelo a gagwe. Ba tshwanetse gape ba inaakanya le kakaretso yotlhe ya thuto ya Bokeresete e e gatelelang ka Jesu Keresete. Go tswelela ba sepela mo boammaaruring jo go a tlhokafala go bona poloko.—Baefesia 1:13, 14; 1 Yohane 3:23.
2. Ke potso efe e e tlhagang, mme ke kae koo re tla bonang kaelo e e thusang teng?
2 Basupi ba ga Jehofa ba tshwanetse go tswelela ba sepela mo boammaaruring. Tota, ba tshwanetse go dirisana-mmogo ka botlalo mo ‘tirelong e e boitshepo’ ka boikanyegi ba etleetsa dikgatlhego tsa Bogosi jaaka “badihi mmōgō le boamarure.” (Baroma 12:1; 3 Yohane 5-8; Mathaio 6:33) Mme seno se ka dirwa jang? Kaelo e e thusang thata mo go seno e fitlhelwa mo lokwalong lwa boraro lo lo tlhotlheleditsweng la ga moaposetoloi Yohane.
Tswelelang ka go Sepela mo Boammaaruring
3. Sebofo sa lorato lwa Bokeresete se phepafadiwa jang mo mafokong a a simololang a Yohane wa Boraro?
3 Sebofo sa lorato lwa Bokeresete se phepafetse mo mafokong a a bulang a ga moaposetoloi. O ne a kwala ka gore:
“Ke nna mogolwane; ke kwalèla Gaio moratwa, eo ke mo ratañ rure.” (3 Yohane 1)
Johane o ikgetholola jaaka “mogolwane,” go bonala e le ka ntlha ya bogodi jwa dingwaga tsa gagwe le selekanyo sa kgolo ya bomoya. Gaio e ne e le tsala ya gagwe e e rategang e e neng e nna kwa lefelong le le sa bolelwang. Johane o mmitsa “moratwa,” a ne a dirisa lefoko la go reta ka lorato lo lo neng lo itsege thata mo Bakereseteng ba pele.—Baroma 16:5; 2 Petere 3:1; Yude 3.
4, 5. (a) Johane mo thapelong ya gagwe o ne a eleletsa Gaio eng? (b) Gaio o ne a dirisa botshelo jwa gagwe jang?
4 Johane o ne a na le lebaka le le molemo la go rata Gaio, ka go bo re a bala:
“Moratwa, ke rapèla gore mo diloñ cotlhe u tlo u tlhōgōnōlōhalè, u rōbalè sentlè, hèla yaka mōea oa gago oa bo o nntse o tlhōgōnōlōhetse. Gonne nkile ka itumèla thata yale ka bakauleñwe bañwe ba tla, ba shupa kaga boamarure yoa gago, hèla yaka u nntse u tsamaea mo boamarureñ.”—3 Yohane 2-4.
5 Moaposetoloi o ne a rapelela gore Gaio ekete o ka ‘tlhogonolofala mo dilong tsotlhe,’ mo semoyeng le mo go tse di bonalang. Johane o ne a rapelela gape go re ekete tsala ya gagwe e ka ‘robala sentle.’ Keleletso eno e e siameng e e itsegeng ga se gore tota e ne e raya gore Gaio o ne a lwala ka nako eo. (Bapisa Ditihō 15:29.) Go dirisa ga ga Johane lefoko “mōea” fano go bontsha botshelo jwa jaanong jaaka motho yo o botlhale. Mme he Gaio o ne a dirisa botshelo jwa gagwe jang? Ka boikanyego mo ‘tirelong e e boitshepo’ ya Modimo.
6, 7. (a) Johane o ne a na le lebaka lefe la go ‘itumela fela thata’? (b) Jaaka Gaio, basupi botlhe ba ba ikanyegang ba ga Jehofa ba tshwanetse go dirang eng mabapi le “boamarure”?
6 Mo bakaulengweng ba semoya ba ba neng ba tswa kwa Efeso, Johane o ne a amogetse dikgang tse di omosang pelo tseo di neng tsa dira ‘gore a itumele fela thata.’ Moaposetoloi o ne a ka itumela ka go bo tsala ya gagwe e ne e tsogile sentle mo semoeng ebile e tshwareletse mo boamaaruring. (Diane 15:30; 25:25) “Bakauleñwe” e ka nna ya bo e ne e le karolo ya phuthego e Gaio a neng a kopanela le yone kana bao ba ka neng ba ne ba tswa kwa Efeso ba etetse phuthego eo, gongwe ebile ba tshotse lokwalo lwa pele lo moaposetoloi a neng a lo e kwaletse.—3 Yohane 9.
7 Bakaulengwe bano ba ne ‘ba supela go boammaaruri jo Gaio a neng a bo tshegeditse.’ O ne a amogetse boammaaruri ka botlalo jaaka fa bo amana le Keresete mme o ne a tshela tumalanong le dipatlafalo tsa ga Jehofa. Gaio o ne a “tsamaea mo boamarureñ,” ka boikanyego a tshwareletse mo kakaretsong yotlhe ya dithuto tsa Bokeresete. Eleruri, mosupi mongwe le mongwe yo o ikanyegang wa ga Jehofa ga a tshwanela go sepela fela “mo boamarureñ” mme o tshwanetse gape a sepela mo go jone jaaka tsela ya botshelo. Bakeresete ba ba ikanyegang ka metlha ba dumalana le “boamarure,” ba ganana le botenegi mme ka tlhagafalo ba direla Modimo ka “pelo e e itekanetseñ.”—2 Yohane 1-4; Isaia 38:2, 3.
8. Ke ka ntlha yang fa Johane a ne a ka tsaya Gaio jaaka mongwe wa “bana” ba gagwe?
8 Johane o ne a bolela gore o ne a sena lebaka le legolo la go ipela go na le go utlwa gore “bana” ba gagwe ba ne ba tswelela “ba tsamaea mo boamarureñ,” kana, “go tshela mo boammaaruring.” (The New English Bible) Moaposetoloi o ka ne a ile a nna rre wa semoya wa ga Gaio ka go mo thusa go bona kitso ya boammaarure ya Dikwalo. (Bapisa 1 Bakorintha 4:14-17.) Mme lefa Johane a ne a seka a supetsa tsala ya gagwe e e rategang boammaarure, dingwaga tsa bogodi tsa moaposetoloi, selekanyo sa kgolo ya Bokeresete le lorato lwa borre go Gaio di ne tsa tshwanelegisa moaposetoloi go ka tsaya lekawana leno le go lebegang le ne le le le botlana jaaka mongwe wa “bana” ba gagwe.
“Badihi Mmōgō le Boamarure”
9. Go ya ka 3 Yohane 5-8, Gaio o ne a kgothalediwa go direla bakaulengwe ba bangwe eng?
9 Gaio o ne a ntse a diragatsa maikarabelo a gagwe a Bokeresete sentle, ebile Johane o ne a mo akgola, ka gore:
“Moratwa, u diha tihō ea boikañō mo go señwe le señwe se u se dihèlañ ba e leñ bakauleñwe, e bile e le baeñ; Ba ba shupileñ kaga loratō loa gago ha pele ga phuthègō: ba e tla reñ u ba tsamaisetsa pele mo loetoñ loa bōnè ka mokgwa o o chwanetseñ Modimo, u tla bo u diha sentlè: Ka ba boletse ka ntlha ea Leina hèla, ba sa amogele sepè mo go Badichaba. Ke gōna, re chwanetse go gorosa ka pula ba ba nntseñ yalo, gore re tlè re nnè badihi mmōgō le boamarure.”—3 Yohane 5-8.
10. Ke “tihō ea boikañō” efe e Gaio a neng a e dira, mme ke jang Basupi ba ga Jehofa ba dirang ka mo go tshwanang gompieno?
10 Gaio o ne a “diha tihō ea boikañō,” kana, “selo se se ikanyegang,” ka go amogela bakaulengwe ba gagwe ba ba etang ka bopelontle. (Revised Standard Version) Seno se ne se lemotshega bogolo ereka e ne “e bile e le baeñ”—batho bao ba neng ba sa itsiwe ke moamogedi yono wa bone wa Mokeresete. Basupi ba ga Jehofa gompieno ba dira “tihō ea boikañō” e e tshwanang ka go amogela ka bopelontle badumedi-mmogo ba ba ntseng jalo jaaka balebedi ba ba etang bao ba romelwang ke Watch Tower Bible and Tract Society.—Baroma 12:13.
11. E ne e le mabapi le eng go bo bakaulengwe ba ba etang ba neng ba ka supela Gaio?
11 Gaio yo o rategang eleruri o ne a bontsha lorato lwa molao-motheo, mme le bakaulengwe ba ba etileng ba ne ba supela seno “ha pele ga phuthègō,” gongwe ka nako ya pokano ya Bokeresete kwa Efeso. (Bapisa Ditihō 14:27.) Ba ne ba ka supa gore Gaio o ne a nna pelontle. O ne a bontsha lorato lwa baeng, ka gone a bontsha popego ya bogologolo ya batho ba Modimo.—Genesise 18:1-8, Mathaio 25:34, 35, 40.
12. (a) Bakeresete ba ba etang ba ne ba tshwanetswe go romelwa ka mokgwa ofe mo tseleng ya bone? (b) Bakaulengwe bano ba ne ba tsamaile ka ntlha ya leina la ga mang? (c) Ke pharologano efe e e gone magareng ga tsela eo bakaulengwe ba ba ikanyegang le batenegi ba tshwanetsweng go tshwarwa ka yone?
12 Moaposetoloi o ne a kgothatsa Gaio go romela Bakeresete ba ba etang mo tseleng ya bone “ka mokgwa o o chwanetseñ Modimo,” ereka ba ne ba iteka ka natla mo tirelong ya gagwe. Ba ne ba tshwanetse gore ba fiwe dilo tse di jaaka dijo le madi go ba thusa mo loetong lwa bone. (Tito 3:13) Bakaulengwe bano ba ne ba tshwanetse gore ba thusiwe ka ba ne ba tsamaile ka ntlha “ea Leina,” go ya ka mokwalo wa Segerika. Fano go bonala Johane a ne a raya leina la Modimo le le boitshegang, Jehofa, ereka a ba kgothaditse gore ba romelwe mo tseleng ya bone “ka mokgwa o o chwanetseñ Modimo.” (Bapisa New World Translation; Kingdom Interlinear Translation; RS.) Lemororo baruti ba ba etang ba batenegi ba ne ba sa tshwanelwa go amogelwa ka bopelontle, bakaulengwe bano ba ba ikanyegang ba ba etileng ba ne ba tshwanelwa go tshwarwa jaaka basupi ba ba ikanyegang ba ga Jehofa Modimo le Morwawe.—Isaia 43:10-12; Ditihō 1:6-8; 2 Yohane 9-11.
13. (a) Lebaka la go bo Bakeresete ba ba etang ba ne “ba sa amogele sepè mo go Badichaba” le ne le raya eng? (b) Ka jalo ke jang ba bangwe ba neng ba ka nna “badihi mmōgō le boamarure”?
13 Bakeresete ba ba etang ba ba dirang ka natla ba ne ba “sa amogele sepè mo go Badichaba.” Fela jaaka moaposetoloi Paulo, ka phepafalo ba ne ba batla ‘go bolela mafoko a a molemo kwantle go tefa’ ka go sa pege morwalo wa tsa madi mo go bao ba neng ba ba rerela boammaaruri. (1 Bakorintha 9:18; 2 Bakorintha 11:7; 1 Bathesalonia 2:9) Ereka bakaulengwe bano ba ne ba bolotse ka ntlha ya leina la ga Jehofa ba bolela “mahoko a a molemō” mo go Baditšhaba kwantle go go bona tshegetso ya dilo tse di bonalang mo go bone, Bakeresete-ka-bone ba ne ba “chwanetse go gorosa ka pula [baefangele] ba ba nntseñ yalo.” Ka go ba thusa, baobamedi bano ba ba pelontle ba ga Jehofa ba ne ba dira karolo e botlhokwa bogolo ya go tsweledisa dikgatlhego tsa Bokeresete. Ka gone he ba itshupile ba le “badihi mmōgō le boamarure.” Moya o o tshwanang o tlhotlheletsa Basupi ba ga Jehofa gompieno.
Tshegetso e e Ikanyegang Go sa Kgathalege Kganetso
14. Ke kganetso efe e e neng ya tsoga moteng ga phuthego e Gaio a neng a kopanela le yone?
14 Gaio o ne a direla ka boikanyegi jaaka ‘modiri mmogo le boammaaruri.’ Mme go ne ga thulanwa le pogiso, ka go bo Johane o ne a re:
“Nkile ka kwalèla phuthègō lehoko leñwe: me Dioterefese, eo o eletsañ ea bo e le èna tlhōgō mo go bōnè, ga a re chole. Me ke gōna, ha ke ka ea koñ, ke tla gakologèlwa ditihō tsa gagwè tse o di dihañ, ka a nntse a re balabalèla ka mahoko a a boshula: me le mo, go bo go sa lekane; me go le èna, ga a chole bakauleñwe, le ba ba eletsañ go diha yalo oa ba itsa, me a ba lèlèke mo phuthegoñ.”—3 Yohane 9, 10.
15. Dioterefese o ne a na le boikutlo bofe, mme go tweng ga e le gore mongwe yo o ipolelang go nna Mokeresete o ka tshwana le ene gompieno?
15 E ne e kile ya re go le pele Johane “a kwalèla phuthegō lehoko leñwe,” mme Dioterefese yo o boikgantsho o ne a sa amogele sepe se se tswang go moaposetoloi ka tlotlo. Tota, Dioterefese yo o mahega ‘o ne a rata bokwapele’ gareng ga badumedi-ka-ene; o ne a batla go “nna moetapele wa bone.” (An American Translation) Ka jalo monna yono yo o boikgodiso o ne a se tumalanong le Jesu Keresete, yo o neng a bolelela barutwa ba Gagwe gore: “Lona lotlhe lo bana ba monna. . . . Le gōna lo se ka loa bidiwa Beñ, gonne Muñ oa lona o moñwe hèla, eboñ Keresete.” (Mathaio 23:8-12) Tota, ereka “matlhō a a kalegileñ, le pelo e e ikgodisañ, . . . [e le] boleo” ebile ‘Jehofa a itsetse baipegi kgakala hela,’ ope yo o ipolelang go nna Mokeresete yo o tshwanang le Dioterefese gompieno ga a na kamano e e atamalaneng le Modimo.—Diane 21:4; Pesalema 138:6.
16. (a) Dioterefese o ne a itshwara jang tebang le moaposetoloi Johane? (b) Mo go se, ke thuto efe e e gone go Bakeresete ba lekgolo la dingwaga la bo-20?
16 Ka go sa amogele sepe mo go Johane ka tlotlo, Dioterefese o ne a tsuologela taolo e e neilweng ke Modimo. Ka jalo, fa moaposetoloi yo o godileng a ne a ka tla mo phuthegong, o ne a tla “gakologèlwa” ditiro tse di boikepo tsa ga Dioterefese, ga mmogo le seo a neng a se bua. Dioterefese o ne a “balabalèla” Johane ka “mahoko a a boshula,” ka gone a tlhapatsa lengwe la maje a motheo a baaposetoloi a Jerusalema o Mosha wa selegodimo. (Tshenolō 21:2, 14) Eleruri, o ne a ka se dire jalo kwantle go kotlhao! Gape ga go bape ba ba ipolelang go nna Bakeresete gompieno ba ba ka solofelang go falola katlholo e e botlhoko ya Modimo fa e le gore kwantle go boikwatlhao ba tsamaya ba tlhapatsa badumedi-ka-bone ebile ba tlhokomologa taolo e e ntshitsweng ya bomodimo.—Lefitiko 19:16; Yude 8-13.
17. Dioterefese o ne a le molato wa eng gape?
17 Dioterefese gape o ne a gana go amogela bakaulengwe ba ba tlhaga ba ba etang ka bopelontle. Tota, o ne a bile a leka go kgoreletsa ba bangwe ba ba neng ba eletsa go bontsha bopelontle mo baefangeleng ba ba etang bano. Se se maswe go feta, Dioterefese o ne a bile a leka go latlhela batho ba ba pelontle le ba ba lorato ka kwantle ga phuthego ka go dira gore ba kgaolwe go sa tshwanela. Lefa ba ne ba thulane le kganetso e Bakeresete ba ba ikanyegang ga ba a ka ba itewa tsebe ke sepe go tshegetsa tiro ya thero ya Bogosi.
Etsang Se Se Molemo
18. Go ya ka 3 Yohane 11, 12, Johane o ne a bolelela Gaio eng, mme ka ntlha yang?
18 Fa e le gore Dioterefese o ne a ka se fetoge, ene ka boene o ne a tla tshwanelwa ke gore kgabagare a lelekiwe mo phuthegong. Lefa go ntse jalo, ba ba ikanyegang ba tshwanetse ba dira se Johane a se boleletseng Gaio:
“Moratwa, u se ka ua etsa se se boshula, ha e se se se molemō hèla. Eo o dihañ molemō ke oa Modimo: eo o dihañ boshula ga a e se a bone Modimo. Demeterio o na le chupō ea batho botlhe, le ea yōna boamarure ka yosi: E, le rona rea shupa; me ua itse ha chupō ea rona e le boamarure.”—3 Yohane 11, 12.
19. ‘Go etsa se se molemo’ go biletsa eng?
19 Gaio o ne a tlhagisiwa gore ‘a se ka a etsa se se bosula ha e se se molemo fela.’ Go latedisa se se molemo go biletsa go tlhoa se se boikepo mme ka tlhagafalo o ngaparela se se molemo. (Pesalema 97:10; Baroma 12:9) Mme a bo seno se le botlhokwa jang ne, ka go bo “eo o dihañ molemō ke oa Modimo”!—1 Yohane 3:4-12.
20. Mo lefatsheng, baobamedi ba ga Jehofa ba ‘mmona’ jang?
20 Fa a otlelela kobo moroko, moaposetoloi o ne a oketsa ka gore: “Eo o dihañ boshula ga a e se a bone Modimo.” Morago ga gore ba tsosediwe botshelong jwa semoya kwa legodimong, Bakeresete ba ba ikanyegang ba ba tloditsweng ka moya ba ba lebelela go bona Modimo le Keresete. Mme mo lefatsheng baobamedi ba ga Jehofa ba ‘mmona’ ka go elatlhoko ditiro tse a di ba direlang. Bao ba ‘bonang Modimo’ ba dira jalo ka ‘matlho a pelo.’ (Baefesia 1:18; Ekesodo 33:20; Yobe 19:26) Ka temogo e e kopanyeletsang mogopolo le pelo, batho bano eleruri ba nna le go itse Jehofa jaaka baobamedi ba gagwe bao ba anaanelang dinonofo tsa gagwe, jaaka lorato lwa gagwe lo lo sa lekanngweng lwa go ntshetsa setho Morwawe yo o tsetsweng a le esi.—Yohane 3:16.
21. (a) Demeterio e ne e le mang? (b) Demeterio o ne a na le “chupō . . . ea yōna boamarure” jang?
21 Gaio o ne a kgothalediwa go ‘etsa se se molemo fela,’ mme Demeterio e ne e le modiri wa se se molemo. Go bonala fa, Demeterio a ne a tsamaya le bakaulengwe ba ba etang, gongwe a okametse setlhopha seo sa bareri, kana barongwa. (Bapisa 2 Bakorintha 8:16-24.) Gongwe Gaio o ka nna a bo a ne a sa itse Demeterio mo go kalo, fa gone go ntse jalo, mme Bakeresete ba bangwe ba ne ba mmua molemo, mme o ne a “na le chupō . . . ea yōna boamarure ka yosi.” Seo badumedi-mmogo ba neng ba se bua ka Demeterio se ne se tshegediwa ke boitshwaro jwa gagwe jwa bomodimo, ka go bo a ne a dumalantse botshelo jwa gagwe le dipatlafalo tsa ga Jehofa ebile o ne ‘a tshelela boammaaruri.’ Ka jalo “boamarure,” ka bojone jwa buelela Demeterio ga molemo. Mme ga nna jalo le ka moaposetoloi Johane, ebile Gaio o ne a itse gore boammaaruri ke eng. (Bapisa Yohane 19:35; 21:24.) Go sa kgathalege kganetso ya ga Dioterefese, ka gone, baboledi ba Bogosi ba ba etang ba tshwanetse ba bo ba ile ba amogelwa ka bopelontle ke Gaio le “badihi mmōgō le boamamrure” ba ba ikanyegang ba bangwe.
Lorato Lo Phepafala Gareng ga Badiri Mmogo
22. Go na le gore a kwalele Gaio mo go oketsegileng, Johane o ne a solofetse go re o tla dira eng?
22 Mafoko a a digelang a ga Johane go Gaio a phepafatsa ka botlalo lorato lo lo gone gareng ga “badihi mmōgō le boamarure.” O ne a re:
“Ke ne ke na le dilō di le dintsi go di gu kwalèla, me ga ke rate go di gu kwalèla ka inke le pènè: Me ke sholohetse, go re, ke tla akoha ke gu bōna, me re tla bua re lebanye. Kagishō e nnè nau. Ditsala dia gu dumedisa. U tlo u dumedisè ditsala ka maina.” (3 Yohane 13, 14)
Ee, Johane o ne a na le mo gontsi go go bolelela Gaio, mme o ne a sa eletse go di kwala tsotlhe. Go na le moo, moaposetoloi o ne a “sholohetse, go re, [o] tla akoha [a bona Gaio ka tlhamalalo],” kana, “ka bofefo.” (Kingdom Interlinear Translation) He ba ne ba ka “bua [ba] lebanye,” ba ipelela puisano eo “ba butseng mahatlha.”—Phillips.
23. (a) Fa a ne a eleletsa Gaio kagiso, Johane o ne a eleletsa tsala ya gagwe go ipelela eng? (b) Mo go wetseng Yohane wa Boraro, moaposetoloi o ne a lebisa go badumedi-ka-ene ba ba rategang jang?
23 Mo lobakeng lono, Johane o ne a na le keletso e e tlhagafetseng ya gore ekete Gaio o ne a ka nna le kagiso—thethebalo e e nnang gone ka ntlha ya kamano e e atamalanyeng le Jehofa, tidimalo e e tlosang tlhobaelo e e sa tlhokafaleng mme e baya mogopolo le pelo mo boikhutsong. (Bafilipi 4:6, 7) Kwa bofelong, fa a digela, moaposetoloi o romelela Gaio ditumediso tsa “ditsala,” ka gone a lebisa go badumedi-mmogo ba ba lorato ka tsela eo gantsi Basupi ba ga Jehofa ba dirang ka yone gompieno. (Bapisa Yohane 15:13, 14.) Mme abo go tshwanela jang ne gore Johane a itse maloko a phuthego ya lefelo leo ka maina mo e leng gore o ne a ka kopa Gaio go isa madume a gagwe go bone “ka maina”!
Tswelelang Lo Direla ka Boikanyegi jaaka Badiri-mmogo
24, 25. Yohane wa Bobedi le wa Boraro di tshwanetse go tlhotlheletsa Basupi ba ga Jehofa tlhokafalong efe, mme dikwalo tseno di tshwanetse tsa re tlhotlheletsa jang?
24 Eleruri, dikwalo tse di tlhotlheleditsweng tsa Johane wa bobedi le wa borafo di tlhotlheletsa Bakeresete ba motlha wa segompieno ka tlhokafalo ya go ratana, go ganana le botenegi, go ngaparela boammaaruri le go etleetsa dikgatlhego tsa kobamelo ya boammaaruri. Ka jalo he, rona, jaaka Basupi ba ga Jehofa, re ikemiseditse go nna re ikanyegile mo boammaaruring jwa Dikwalo jaaka re ntse re opela dipako tsa ga Rraarona, re bolela mafoko a a molemo a Bogosi le go supela seabeng se se botlhokwa bogolo sa ga Jesu Keresete mo thulaganyong ya Modimo ya go segofatsa setho.
25 Jaaka Basupi ba ga Jehofa, re lebane le diteko tse dintsi tsa tumelo mo “metlheñ [eno] ea bohèlō” e e tlhokofatsang. (2 Timotheo 3:1-5) Mme legale kgakololo e e utlwalang ya ga moaposetoloi Johane e tla re thusa go tswelela re “tsamaea mo boamarureñ” jaaka tsela ya rona ya botshelo. Ka gone he, ekete re ka etsa se se leng molemo, ra dira sotlhe se re ka se kgonang go godisa dikgatlhego tsa Bogosi le go tswelela re direla mmogo ka boikanyegi jaaka “badihi mmōgō le boamarure”—gotlhe e le kgalaletsong ya Modimo wa boammaaruri o o gakgamatsang, Jehofa.
A O Ka Araba?
◻ “Tihō ea boikañō” e Gaio a neng a e direla badumedi-ka-ene e ne e le efe?
◻ Tsela e e bosula ya ga Dioterefese e ka re ruta eng?
◻ Rona jaaka Gaio, re ka direla jang ka boikanyegi jaaka “badihi mmōgō le boamarure”?
[Setshwantsho mo go tsebe 27]
Gaio o ne a “diha tihō ea boikañō” ka go amogela ka bopelontle bakaulengwe ba ba etileng
[Setshwantsho mo go tsebe 29]
Basupi ba ga Jehofa, fela jaaka balekane ba bone ba lekgolo la ntlha la dingwaga, ba dira mmogo ka boikanyegi jaaka “badihi mmōgō le boamarure”