Dipotso tse di Tswang go Babadi
■ Ke ka ntlha yang fa mo dingwageng tsa moragonyana jaana, Tora ya Tebelo e sa tlhole e dirisa thanolo ya moruti wa pele wa Katoliki, Johannes Greber?
Thanolo eno e ne e dirisiwa ka dinako tse dingwe go tshegetsa diphetolelo tsa ga Mathaio 27:52, 53 le Yohane 1:1, jaaka di tlhaga go New World Translation le dithanolelo tse dingwe tse di amogelwang tsa Bibela. Mme jaaka go supilwe mo ketapeleng ya kgatiso ya 1980 ya The New Testament ka Johannes Greber, moranodi yono o ne a ikaega mo “Lefatsheng la Semoya la Modimo” go mo phepafaletsa kafa a tshwanetseng go ranola dikarolo tse di bokete ka gone. Go tlhalosiwa jaana: “Mosadi wa gagwe, mmua le badimo mo Lefatsheng la Semoya la Modimo gantsi o ne a le sedirisiwa sa go fetisetsa dikarabo tse e leng tsone go tswa Barongweng ba Modimo go ya go Moruti Greber.” Tora ya Tebelo e ne ya go bona go sa tshwanele go dirisa thanolo e e nang le katamelano e e kalo-kalo le tirisa-badimo. (Duteronome 18:10-12) Motheo wa kitso o o bopang phetolelo ya ditemana tse di tsopotsweng fa godimo mo go New World Translation e a utlwala ebile ka lone lebaka le ga e a ikaega gotlhelele mo thanolelong ya ga Greber go amogelwa. Ka gone ga go sepe se se latlhegang ka go khutlisa go dirisa New Testament ya gagwe.
■ Bahebera 1:7 e raya eng fa e re Modimo “O diha baengele ba ōna diphehō, le badihedi ba ōna kgabo ea molelō”?
Moaposetoloi Paulo, a bontsha pharologanyo magareng ga baengele le Morwa Modimo, o ne a bua mafoko ano a a mo go Bahebera 1:7. O ne a tsopola go tswa go Pesalema 104:4.
Ereka baengele botlhe e le dibopiwa tsa moya tse di senang mebele ya nama, go bonala e le gore fa ditemana di re Modimo “o diha baengele ba ōna diphehō” ga di a lebisa go mofuta wa ditokololo tse baengele ba nang le tsone. Go na le moo, kutlwisiso e e kopanyelediwang e ikgarile mo tlhalosong ya “moya.” Mafoko a tshimologo a a ranoletsweng “moya” (Sehebera, ruahh; Segerika, pneuma) a na le tlhaloso ya motheo ya “mohemo kana go budulela.” Go ikaegeile ka mokwalo, a ka fetolelwa go “phefo” kana “maatla a a dirang.” Ka jalo, ntlha ya Bahebera 1:7 le Pesalema 104:4 ka phepafalo ke gore Modimo o dira baengele ba gagwe ba ba sa bonaleng go nna maatla a moya kana maatla a a nonofileng mo tirelong ya gagwe. O ka nna gape a ba dirisa jaaka “kgabo ea molelō,” kana, “molelo o o kometsang,” fa a ba romela go ntsha dikatlholo tsa gagwe tse di molelo.