Lefoko la Modimo Le Tshedile
Lebaka Leo Batho Ba Dirang Dilo tse di Bosula
Monna yo o kwa pele, yo o lwang mo tlhabanong gaufi le lebota, ke Uria. Kgosi Dafide wa Iseraele o ne a kwalela Joabe, mogolwane wa masole a gagwe jaana: “U tle o beè Uria kwa pele, kwa tlhabanō e gotetseñ bogolo gōna, me lo mo cwè, lo boeè ka moragō, gore a tlè a itewè, a shwè.”—2 Samuele 11:15.
Uria e ne e le monna yo o molemo, yo o ikanyegang. Ke ka ntlha yang he fa Dafide, yo le ene gape e neng e le motlhanka wa ga Jehofa a neng a ka batla gore Uria a bolawe ka bomo?
Seo se ka re thusang go tlhaloganya seno ke go bala ditemana tsa Bibela tse di latelang: “Gonne Modimo ga o kake oa raèlwa oa diha boshula, le ōna ka osi ga o raele motho opè: Me motho moñwe le moñwe oa raèlwa ha a haposiwa ke e e leñ thatō ea gagwè, me a hepisiwa. Hoñ thatō, e re e sena go èmèra, e tsale boleo: me boleo yo, bo re bo sena go gola, bo tsale losho.”—Yakobe 1:13-15.
O ka nna wa botsa, mme ke jang boikitsiso jono bo re thusang go tlhaloganya gore ke ka ntlha yang Dafide a ne a dira gore Uria a bolawe? Go bona karabo re tlhoka go tlhatlhoba maemo a a neng a tsala gore Dafide a batle gore Uria a swe.
Letsatsi lengwe, fa Uria a ne a seo, Dafide o ne a tshokane ka a lebile go tswa mo godimo ga ntlo ya gagwe mme a bona mosadi wa ga Uria yo montle Bethe-sheba a tlhapa. Dafide o ne a dira eng? O ne a tswelela ka go mo leba. Ka go dira jalo o ne a letlelela keletso ya go tlhakanela dikobo le Bethe-sheba go gola mo pelong ya gagwe. E ne e se Modimo yo o neng a leka kana a raela Dafide. Nnyaa, Dafide o ne a raelwa a ba a hepisiwa ke thato e e leng ya gagwe.
Kwa bofelong, keletso e e maswe mo go Dafide e ne ya gola mo a neng a laola gore Bethe-sheba a tlisiwe kwa lefelong la gagwe la bogosi. Koo o ne a tlhakanela le ene dikobo. Moragonyana, ka ntlha ya go ithwala ga ga Bethe-sheba ebile Dafide a sa kgone go ka bipa kgokahalo ya bone o ne a rulaganya gore Uria a bolawe mo tlhabanong.
Go boammaaruri, sebe sa ga Dafide ga se a gogela kwa go latlhegelweng ga gagwe ke kamogelo ya Modimo go ya go ileng mme a amogele katlholo ya Gagwe ya loso. Seno ke ka go bo Dafide o ne a ikotlhaile eleruri, mme Jehofa a mmontsha kutlwelo botlhoko. (Pesalema 51:1-14) Lefa go ntse jalo, boitemogelo jono bo re thusa go tlhaloganya gore gantsi batho ba dira dilo tse di maswe ka go bo ba godisa dikeletso tse di sa siamang mo dipelong tsa bone. Ka jalo re tshwanetse go ithuta go tswa boitemogelong jwa ga Dafide go tila maemo ao, ga mmogo le ditiro le boitloso-bodutu tse di tla gotetsang “dithatō [tsa kafa dikobong].”—Bakolosa 3:5; 1 Bathesalonia 4:3-5.