LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w83 8/1 ts. 28-32
  • GENESISE E Tlhotlheletsa Tumelo, Tsholofelo le Bopelokgale

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • GENESISE E Tlhotlheletsa Tumelo, Tsholofelo le Bopelokgale
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1983
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Tshobokanyo ya Buka
  • Lefatshe la Pele ga Morwalela
  • Setho Se Tsena mo Motlheng o Mosha
  • Ditlhogo tsa Lotso Tsa Tumelo e e sa Reketleng
  • Motheo wa Tumelo, Tsholofelo le Bopelokgale
  • Dintlhakgolo Tsa Buka ya Genesise—II
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2004
  • Buka ya Bibela ya Ntlha—Genesise
    “Lokwalo Longwe le Longwe Lo Tlhotlheleditswe ke Modimo Ebile Lo Mosola”
  • Dintlhakgolo Tsa Buka ya Genesise—I
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2004
  • Dintlha Tsa Genesise
    Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1983
w83 8/1 ts. 28-32

GENESISE E Tlhotlheletsa Tumelo, Tsholofelo le Bopelokgale

JEHOFA o itumelela fela bao ba bontshang tumelo e e feletseng go ene. Mme eleruri ba na le lebaka la go mo ikanya, ka go bo ke “Modimo oa cholohèlō” ebile ditsholofetso tsa gagwe tse di rategang ga di ketla di palelwa. Go boammaaruri, jaaka ba letetse tiragatso ya tsone, ba ka nna ba thulana le bothata le teko. Mme botlhe bao ba “sholohèlañ mo go Yehofa” ba ka nna le bopelokgale jo bo sa feleng ka go bo ka metlha o sireletsa ba ba mo direlang ka boikanyego.—Baroma 15:13; Pesalema 31:23, 24; Bahebera 11:6.

Se sotlhe se bontshiwa sentle mo bukeng ya Bibela ya Genesise. E e kwadilweng ke Moshe mo magwatateng a Sinai ka 1513 B.C.E., karolo eno e e mosola thata ya Lefoko la Modimo e tlhotlheletsa tumelo, tsholofelo le bopelokgale.

Tshobokanyo ya Buka

Go boela morago dibilione tsa dingwaga tse di fetileng, Genesise e simolola ka mantswe ano: “E rile mo tshimologoñ Modimo oa tlhōla legodimo le lehatshe”—dilo tsa selegodimo le tsa selefatshe. Lefatshe le baakanyeditswe setho go nna mo go lone, mme kwa bofelong setho se ema pele ga Mmopi se itekanetse. Lefa Paradaise e latlhegile ka ntlha ya sebe, Jehofa o neela tsholofelo ka go bolelela pele “losika” loo lo tla tapetang tlhogo ya noga. Ka tumelo, Abele wa mosiami o isa tshupelo e e amogelesegang go Modimo mme o swela mo diatleng tsa mogolowe jaaka mosupi wa ga Jehofa wa ntlha go bolawa.—Genesise 1:1–4:26.

Enoke “a sepela le Modimo,” a dira tumalanong le thato ya bomodimo. Mme maemo a senyegela pele jaaka baengele ba ba senang kutlo “bomorwa Modimo” ba tsaya basadi jaaka bomogatsaabone mme ba tshola Banefilimi. Lefa go le jalo, ka tumelo, tsholofelo le bopelokgale, Noa o aga araka, o tlhagisa ka go tla ga Morwalela mme labofelo o falola tshenyo ya one le lelapa la gagwe. Lefatshe la pele ga Morwalela le sena go ya, setho se tsena mo motlheng o mosha. Mme fa nako e ntse e ya baagi ba tora ya Babela ba batla go itirela leina, mme fela ba kgaupediwa fa Jehofa a tlhakatlhakanya puo ya bone le go ba phatlalaleletsa le lefatshe jotlhe.—Genesise 5:1–11:9.

A dira tumalanong le tumelo jaaka Modimo o laotse, Aberame o tlogela Ura wa Bakaladese mme a nna monni wa ditante mo lefatsheng le Jehofa o solofetsang go le mo fa le losika lwa gagwe. Kgato ya bomodimo e tsewa kgatlhanong le batho ba ba boikepo ba Sodoma le metse e e mo tikologong. Fa nako e ntse e ya tsholofetso ya Modimo e a diragadiwa ka botsalo jwa ga Isake. Lefa go ntse jalo, dingwaga moragonyana Aberahame o lekwa eleruri fa Jehofa a mo laela go ntsha morwawe yono jaaka setlhabelo. A emisiwa ke moengele, tlhogo eno ya lotso e e tsofetseng ga e tlhoke go tsweledisa tiragalo eno. Mme jaanong ga go na pelaelo ya gore ke monna wa tumelo, mme o tlhomamisediwa gore ka losika lwa gagwe merafe yotlhe e tla itshegofatsa. Loso lwa mosadi yo o rategang wa ga Aberahame Sara lo tlisa khutsafalo, mme o ka lebelela pele ka tsholofelo e e tlhomameng mo tsogong.—Genesise 11:10–23:20; Bahebera 11:8-19.

Ka motlhanka wa gagwe, Aberahame o rulaganyetsa Isake go nyala Rebeka, mosadi yo o nang le tumelo mo go Jehofa. Fa nako e ntse e ya o tshola mawelana Esawe le Jakobe. Esawe o nyatsa botsalwa pele jwa gagwe mme o bo rekisetsa Jakobe, yo kwa moragonyana o amogelang tshegofatso ya ga rraagwe. Jakobe o tshabela kwa Padana-arama, kwa o ileng a nyala Lea le Ragele mme a simolola go disa letsomane la ga rraabo, Labane, dingwaga tse 20 pele ga a emelela le lelapa la gagwe. Moragonyana, Jakobe o sokasokana le moengele, o a segofadiwa mme leina la gagwe le fetolelwa go Iseraele. Jaaka monna wa tumelo yo o nang le tsholofelo e e tlhomamisitsweng, Iseraele o tswelela pele go nna jaaka mojaki mo Kanana, lefatshe ja tsholofetso.—Genesise 24:1–37:1.

Lefufa le tlhotlheletsa barwa ba ga Jakobe go rekisa monnaabone Josefe jaaka lelata. Kwa Egepeto, go ngaparela ga ga Josefe maemong a boitsholo a a kwa godimo a Modimo ka boikanyego le ka bopelokgale go felela ka go latlhelwa ga gagwe mo kgolegelong. Mme fa nako e ntse e ya o ntshiwa mo kgolegelong go tla go tlhalosa, ka thuso ya ga Jehofa, ditoro tsa ga Farwe tse di bolelang ka dingwaga tse supa tsa kgoro di latelwa ke dingwaga tse supa tsa leuba. O dirwa motlhokomela-dijo wa Egepeto. Barwa-rraagwe Josefa ba batla dijo kwa Egepeto mme ga ba mo lemoge. O ba leka pele, mme labofelo a ba bolelela gore ke mang. Jakobe yoo ikanyegang a kopanngwa gape le morwawe yo o saleng a latlhegile bogologolo, mme lelapa la tlhogo ya lotso le nna mo lefatsheng je le nonneng la Goshena. A le mo bolaong jwa gagwe a le gaufi le go swa Jakobe o segofatsa bomorwawe mme o tlhotlhelediwa go bolelela pele gore thobane le lore lwa molaodi ga di ketla di tloga go Juda go tlo go tsamae Shilo a tle pele—boperofeti jo bo neelang tsholofelo e e tlhomameng ya masego a magolo a a tla nnang gone mo makgolong a dingwaga a a tla tlang. Setopo sa ga Jakobe se isiwa kwa Kanana go fitlhwa, mme fa Josefe a swa a le dingwaga di 110 setopo sa gagwe sa omisiwa ka ditlhare gore ka letsatsi lengwe a tle a isiwe kwa Lefatsheng ja Tsholofetso.—Genesise 37:2–50:26; Ekesodo 13:19.

Ka go bala Genesise ka kelotlhoko o tla ikamogelela molemo o mogolo mo tiragalong eno e e gwetlhang maikutlo ya tumelo, tsholofelo le bopelokgale. Lefa go ntse jalo, ka go dira seno, o ka nna wa nna le dipotso. Dingwe tsa dipotso tseo di ka arabiwa jaaka re akanyetsa ka kelotlhoko buka e e simololang Bibela.

Lefatshe la Pele ga Morwalela

• 1:26—Motho o dirilwe mo tshwanong le mo setshwanong sa Modimo jang?

Popego ya Modimo ga e itsiwe ke motho. (Duteronome 4:15-20) Mme motho o dirilwe mo tshwanong le mo setshwanong sa ga Jehofa ka go bo a bopilwe ka dinonofo tsa Modimo tse di jaaka tshiamiso, botlhale, maatla le lorato. (Duteronome 32:4; Yobe 12:13; Isaia 40:26; 1 Yohane 4:8) Ereka dinonofo tseno le tsone gape di le go Morwa Modimo, Lefoko, ka tshwanelo o ne a ka re go ene: “A re diheñ motho mo chwanoñ ea rona, kaha sechwanoñ sa rona.” Yohane 1:1-3, 14.

• 4:17—Kaine o tsere mosadi wa gagwe kae?

Adame “a tsala tshimane le tshetsana.” (Genesise 5:4) Ka jalo Kaine o ne a tsaya mongwe wa bokgaitsadie go nna mosadi. Moragonyana, Molao wa Modimo go Baiseraele o ne o sa letlelele lenyalo la morwa-rra-motho le kgaitsadie-motho.—Lefitiko 18:9.

• 6:6—Ke ka tsela efe Jehofa a neng “a ikwatlhaea” ka go bo a dirile batho?

Lefoko la Sehebera fano le le ranoletsweng “ikwatlhaea’’ le supa phetogo ya boikutlo kana boikaelelo. Jehofa o itekanetse mme ka gone ga a ka a dira phoso mo go bopeng ga gagwe motho. Mme O ne a nna le phetogo ya boikutlo jwa tlhaloganyo mabapi le kokomana e e boikepo ya pele ga Morwalela. Modimo o ne wa fetoga mo boikutlong jwa go nna Mmopi wa batho go nna mosenyi wa bone ka ntlha ya go itumololwa ke boikepo jwa bone. Jehofa o ne a hutsafetse ka go bo boikepo jwa motho bo ne jwa biletsa tshenyo e kgolo ya botshelo, mme o ne a tlamega go dira jalo e le gore a tshwarelele mo maemong a gagwe a tshiamo. Lebaka la go bo a bolokile batho bangwe le bontsha gore go ikwatlhaya ga gagwe go ne go lebisitswe go bao fela ba neng ba nna bosula mo puong le mo ditirong.—2 Petere 2:5, 9.

Setho Se Tsena mo Motlheng o Mosha

• 8:11—Fa e le gore ditlhare di ne tsa senngwa ke Morwalela, lephoi le ne la tsaya lekakaba la motlhware kae?

Kwantle le pelaelo metsi a Morwalela a ne a senya ditlhare ka bontsi thata. Lefa go ntse jalo, motlhalefi le moitseanape wa Mogerika Theophrastus le moithuta tsa tlholego wa Roma “Pliny the Elder” ba ne ba bega gore motlhware o ne wa gola kwa tlase ga metsi mo Lewatleng le Lehibidu, le eleng go tswelela o ntse o le motala koo. Ka jalo setlhare sa motlhware se ka nna sa bo se ile sa tswelela se tshela ka mo tlase ga metsi dikgwedi tse di rileng ka nako ya Morwalela. Ka metsi a Morwalela go kokobela, setlhare sa motlhware se se tlhagisitseng dikala se ne gape se tla bo se le mo mmung o o omileng mme se ne se ka tlhoga matlhare, ao ga motlhofo lengwe la one le neng le ka tsewa ke lephoi.

• 9:24, 25—Ke ka ntlha yang fa Noa a ile a hutsa Kanane ntswa Hame e ne e le ene yo o molato?

Go bonala ekete Kanane o ne a le molato wa go gobolola kana bokgopo kgatlhanong le botho jwa rraagwe-mogolo Noa, mme Hame o ne a bona seno kwantle go go mo kgoreletsa. Mo boemong jwa seo, morwa Noa Hame go bonala a ne a phatlalatsa kgang, lemororo Sheme le Jafete ba ne ba bipa rraabo. Ka gone, ba ne ba segofadiwa mme go bonala Kanane yo o neng a anamisa kgang a ne a hutsiwa, mme molebeledi le mosebi Hame o ne a boga ka ntlha ya ditlhong tse di neng tsa tlisiwa mo ditlogolwaneng tsa gagwe. Lefa Dikwalo di sa baakanyetse ka kgang yotlhe, ntlha ya botlhokwa ke gore Jehofa o ne a dira gore Noa a ntshe lefoko la boperofeti mme Modimo wa tiisa tiragatso ya lone fa Bakanane ba ne ba seka ba senngwa ke Baiseraele mme ba dirwa makgoba a ditlogolwana tseo tsa ga Sheme.—Yoshue 9:23; 1 Dikgosi 9:21.

• 10:25—Lefatshe le ne la “kgaogañgwa” jang mo metlheng ya ga Pelege?

Pelege o ne a tshela go tloga ka 2269 go tla go 2030 B.C.E. Leina la gagwe le ne le raya “kgaogano,” mme fa e le gore o ne a filwe leina leo ka nako ya go tsalwa ga gagwe, e ne e le polelo pele e e tshwayang kgaogano e e neng ya diragala ka nako ya botshelo jwa gagwe. E ne e le ka nako eo fa “lehatshe [kana, “banni ba lefatshe” ba ne ba] kgaogañwa.” Pego ya Bibela e supa gore e ne e le “mo metlheñ ea gagwè” fa Jehofa a ne a tlisa kgaogano e kgolo ka go petekanya puo ya baagi ba Babela le go ba “phatlalaletsa le lehatshe yeotlhe go cwa gōna.”—Genesise 11:9; bona gape 10:1, 6, 8-10; 11:10-17.

Ditlhogo tsa Lotso Tsa Tumelo e e sa Reketleng

• 15:13—Pogo ya ditlogolwana tsa ga Aberame e e neng e boleletswe pele dingwaga tse 400 e ne ya diragadiwa jang?

Lobaka lono lo ne lwa simolola ka 1913 go fitlha go 1513 B.C.E. Fa morwa Aberahame Isake a ne a kgwisiwa a le dingwaga tse di ka nnang 5 ka 1913 B.C.E., mogolowe wa ga rraagwe Ishemaele (ka nako eo a le dingwaga tse 19) a mo “shotla.” Bomasisi jwa tshotlo eno ya moruaboswa wa ga Aberahame bo phepafetse go tswa kafa Sara a neng a itshwara ka teng le go ganelela ga gagwe mo go amogetsweng ke Jehofa gore Hagare le morwawe Ishemaele ba lelekiwe. (Genesise 21:8-14; Bagalatia 4:29) Lobaka lono lwa pogo lwa dingwaga tse 400 lo no lwa felela ka kgololo ya Baiseraele go tswa bokgobeng jwa Egepeto ka 1513 B.C.E.

• 19:30-38—A Jehofa o ne a mpampetsa go tagwa ga ga Lote le go tshola ga gagwe bana le bomorwadie ba babedi?

Jehofa ga a mpampetse ka gope lenyalo la ba-losika kana botagwa. (Lefitiko 18:6, 7, 29; 1 Bakorintha 6:9, 10) Gape, setlogolo sa ga Aberahame Lote o ne a kgala “ditihō tsa bōnè tsa boiphèhèrō mo molaoñ,” tsa banni ba Sodoma mme go bonala a ne a hutsafadiwa ke boitshwaro jo bo maswe jo a neng a iphitlhela a kopanyeleditswe mo go jone, ka go bo Motlhatlhobi wa dipelo o ne a mo leba jaaka “mosiami.” (2 Petere 2:8) Lebaka la go bo barwadia Lote ba ne ba mo tagisa le bontsha gore o ne a ka se ke a dumele go kopanela dikobo le bone fa a ne a sa tagwa. Mme jaaka bajaki mo lefatsheng, barwadiagwe ba ne ba ikutlwa gore e e ne e le yone tsela fela ya go thibela go nyelela ga lelapa la ga Lote. Tiragalo e gone mo Bibeleng e seng go gogomosa megopolo ya kafa dikobong mme e leng go senola kamano ya Bamoaba le Baamona le ditlogolwana tsa ga Aberahame, Baiseraele.

• 28:12, 13—Botlhokwa jwa toro ya ga Jakobe mabapi le ‘lere’ ke eng?

‘Lere’ eno (e e neng e ka lebega jaaka matlapa a a tlhatlaganyeng) e ne e supa gore go ne go na le tlhaeletsanyo magareng a lefatshe le legodimo. E ne e bontsha gore baengele ba direla magareng a Jehofa le batho ka kamogelo ya gagwe.—Bapisa Yohane 1:51.

• 31:19—Mereo e Ragele a neng a e utswa mo go Labane e ne e le eng?

Mereo e ne e le medimo ya lelapa kana medimo ya disetwa. Dipipololo tsa bafatolodi kwa Mesopotamia di bontsha gore go nna ga motho le ditshwantsho tse di ntseng jalo go ne go kaya gore ke mang yo o tla amogelang boswa jwa lelapa. Go bonala Ragele a ne a gopotse ka seno gore o ne a tshwanela go tsaya mereo ka go bo rraagwe Labane o ne a dirisane ka boferefere le monna wa gagwe Jakobe. (Genesise 31:14-16) Mme ga go na tshupo epe ya gore Jakobe o ne a leka go dirisa mereo go bona boswa jwa lelapa. Kwa bofelong, medimo eno ya disetwa e ne ya latlhiwa fa Jakobe a ne a senya medimo yotlhe ya seeng e e neng e tlisitswe kwa go ene ke bantlo ya gagwe.—Genesise 35:1-4.

• 44:5—A ruri Josefe o ne a dirisa senwelo jaaka bola?

Josefe o ne a ikemiseditse go leka bomorwa-rraagwe, ba ba neng ba se ka ba mo lemoga. Ka jalo o ne a laola gore lelata la gagwe le tlatse dikgetse tsa bone ka dijo, a bee madi a mongwe le mongwe mo molomong wa kgetse ya gagwe le go baya senwelo sa selefera sa ga Josefe mo molomong wa kgetse ya ga Benjamine. Mo go sotlhe se, Josefe o ne a itshupa jaaka molaodi wa lefatshe la boheitane. Ka jalo, senwelo le tsotlhe tse di neng tsa bolelwa kaga sone ka phepafalo e ne e le bontlhanngwe jwa go ba tshwara ka tlhogo. Jaaka moobamedi wa ga Jehofa yo o ikanyegang, Josefe tota ga a ka a dirisa senwelo go laola, fela jaaka le ene Benjamine tota a ne a sa se utswa.

• 49:10—A go na le pharalogano magareng a thobane le lore lwa molaodi?

Ee. Thobane ke tsamma e e tsholwang ke mmusi jaaka sesupo sa taolo ya bogosi. Lore lwa molaodi ke kwata e e telele e e direlang jaaka sesupo sa maatla a go laola. Go bolela ga ga Jakobe ka tsone tsoo-pedi ka phepafalo go ne go supa gore taolo le maatla a magolo di ne di tla nna mo lotsong lwa Juda go tlo go tsamae Shilo a tle pele. Setlogolwana seno sa Juda ke Jesu Keresete, ene yo Jehofa a beileng puso ya bolegodimo mo magetleng a gagwe. Keresete o tshotse taolo ya segosi mme gape o na le maatla a go laola.—Pesalema 2:8, 9; Isaia 55:4; Daniele 7:13, 14.

Motheo wa Tumelo, Tsholofelo le Bopelokgale

Genesise kwantle le pelaelo e re neela motheo wa tumelo, tsholofelo le bopelokgale. E tlhotlheletsa tumelo mo go Jehofa le tsholofelo mo ‘losikeng’ lo lo solofeditsweng lwa tshegofatso. (Genesise 3:15; 22:18) Buka eno gape e re thusa go lebagana le isagwe ka bopelokgale, jaaka go dirile basupi ba pele ba ga Jehofa.

Batlhanka bao ba Modimo ba ne ba “eletsa lehatshe ye le molemō bogolo, . . . ya selegodimo,” mme Jehofa “o ba baakanyeditse motse.” (Bahebera 11:15, 16) Jaaka ba ne ba lebelela pele thulaganyong ya Bogosi, ekete le rona gape, re ka tlhoma tsholofelo ya rona mo go yone. Mme, jaaka basupi bao ba ga Jehofa, ekete re ka nna le tumelo, tsholofelo le bopelokgale tsa boammaaruri.

[Setshwantsho mo go tsebe 29]

Jakobe le Esawe

Josefe

Aberahame le Isake

Kaine le Abele

Noa

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela