Re Tlhomeletswe Go Lwa le Meya e e Boikepo
“Re lwa le . . . mashomōshomō a meōea ea boikepō mo mannoñ a selegodimo.”—BAEFESIA 6:12.
1. Ke ntwa ya mofuta ofe e e lowang ke Bakeresete, mme e tla tswelela ka lobaka lo lo kae?
FA FELA meya e e boikepo le lefatshe le le mo taolong ya yone di santse di le teng, re tshwanela go lwela gore di se re tlhotlheletse. Moaposetoloi Paulo o kwadile jaana: “Aparañ diaparō tsa phemèlō cotlhe tsa Modimo, gore lo tlè lo itse go ganèla le maanō a boherehere a diabolo; gonne ga re lwe le nama le madi, me re lwa le magōsana, le bathata, le babusi ba lehatshe ye le lehihi ye, le mashomōshomō a meōea ea boikèpō mo mannoñ a selegodimo.”—Baefesia 6:11, 12.
2. (a) Ka ntlha ya maiteko a ntlha-ntlha a ga Diabolo, ke ntwa efe gape e re lebaneng le yone? (b) Bibela e bontsha jang gore boemo bo masisi mo re bileng re tlhoka go itlhomelelela ntwa eno?
2 Lefa go ntse jalo, ga go reye gore ke fela ditlhaselo tse di tswang kwa ntle tsa meya e e boikepo tse re tshwanelang go di lwantsha; go sa itekanela mo go goditsweng mo go Adame le Efa mo go bakilweng ke go palelwa ke go ganela maiteko a ntlha-ntlha a ga Diabolo, ke gone tota mo go re thatafaletsang ntwa. Ke ka moo Bibela e reng: “Ka go bo go akanya ga pelo ea motho go le boshula, go cwa bokauñ yoa gagwè.” (Genesise 8:21; Baroma 5:12) Tota le moaposetoloi Paulo o ne a tshwanelwa ke go lwela gore a dire molemo. O tlhalositse ka go re, “nna eo ke ratañ go diha molemō, boshula boo bo ntse bo le gōna.” (Baroma 7:21-23) Bibela e re: “Pelo e boherehere bogolo go dilō cotlhe, e botlhoko thata.” (Yeremia 17:9) Abo go phepafetse jang ne gore re tlhoka go itlhomelela go lwa le maiteko a meya e e boikepo a go re dirisa bosula!
Go Lwa le Dikeletso tsa go Rata Dikhumo
3. (a) Re ka ithutang kaga tlhaselo ya ntlha-ntlha ya ga Diabolo go Efa? (b) Motho yo o batlang mahumo a ka itlhatswa jang?
3 Re ka tlhomamisega gore meya e e boikepo e tla leka go tlhagolela ditshekamelo tsa go rata dikhumo mo go rona. E tla tlhokomela gore re raelwe ke dilo tse di ‘kgatlhang matlho.’ (1 Yohane 2:16) Gakologelwa ka ga katamelo ya ntlha-ntlha ya ga Satane mo go Efa, gore o ne a mo tlhokomedisa jang ka setlhare se se neng se lebega se sena kotsi ka maungo a sone a a ganeditsweng. Ereka Efa a ile a tsosetswa kgatlhego mo setlhareng mmogo le maungo a sone, o ne a simolola go lemoga fa “se kgatlha mo matlhoñ, le gōna ha setlhare se eletsèga go tlhalehisa motho.” Mme go ne ga diragalang? “A tsaea louñō loa shōna, me a ya.” (Genesise 3:6) Meya e e boikepo e tla dirisa maano a a tshwanang, ka go gotetsa go eletsa ga rona dilo tse dintle ga tlhago. Kwantle ga pelaelo epe, e ikarabelela go itlhatswa mo go tleng go utlwale ga go re: ‘Ka jaana ke tshwanetse ka bereka gore ke itshedise, nka nna ka goboka madi a mantsi ke bo ke reka dilo tse dintsi. Jalo he, ke tla kgona go di abelana le ba bangwe.’
4. (a) Ke kabelano efe e e akgolegang, mme ke kabelano efe ya dimpho e e leng phoso? (b) Ke serai sefe se batlhanka ba Modimo ba wetseng mo go sone ka nako e e fetileng se re tshwanelang go se tila?
4 Go akgolega eleruri gore, fela jaaka Bakeresete ba kgale ba ne ba dira kwa medirong ya bone ya dithato, Basupi ba ga Jehofa ba motlha wa gompieno ba ba itsho-tsholetseng ba thuse ba ba dikobo dikhutshwane. (Yude 12) Mme go tweng ka ga motho yo o nang le boikaelelo jo bo fitlhegileng, yo gongwe a nayang mongwe mpho ka go itse gore ene a ka kgona go e mmusetsa ka go mo abela tshiamelo nngwe mo phuthegong ya Bokeresete? Eleruri seo se tla bo se le phoso! Mme gape go ne go tla bo go le phoso gore yo o amogelang mpho eo a e duele ka molemo o o ntseng jalo. Fa mongwe a dirile selo se se ntseng jalo, go ne go ka bapisiwa le go amogela pipa-molomo. Mokeresete o a bo a le botlhale fa a itisa gore a se wele mo seraing seo, ebong serai seo batlhanka bangwe ba Modimo ba kgale ba wetseng mo go sona fa ba ne ba sikarisitswe maemo a boikarabelo.—1 Samuele 8:1-3; 2 Ditihalō 19:6, 7.
5. Ke kotsi efe e e ka tlhagelang motho yo o tsayang mahumo a le botlhokwa tota mo botshelong jwa gagwe?
5 Fa mo botshelong jwa motho dikhumo di etelela pele kgotsa di nna tsa botlhokwa thata-thata, go sa tlhokomelesege gore a re lebaka ke lefe, motho yoo o mo boemong jo bo kotsi tota. Go ka diragalang? Bomoya bo ka hupediwa ka iketlo, jaaka go diragala gantsi. Jesu o tlhalositse bangwe ba ba neng ba ithutile boammaaruri jwa Modimo mo go sengwe sa ditshwantsho tsa gagwe, ka go re: “Me tse di wetseñ mo mitlweñ, ke ba ba utlwileñ, me ba re ba nntse ba cwèlèla pele ba hupediwe ke ditlhodiègō, le mahumō, le ditlhapèlō tsa botshelō yono, me ba se ke ba uñwe louñō lopè lo lo itekanetseñ.” (Luke 8:14) A gone fa bomoya jwa Mokeresete yo o bayang tlhokomelo e e feteletseng mo mahumong bo sa hupediwe, go raya gore maiteko a a maano a meya e e boikepo ga a atlega?
6. Tsela ya Mokeresete ya go rata mahumo e ka ama badumedi mmogo le ena jang?
6 Nnyaa, gonne tlhokomela kafa tsela ya motho yoo ya go rata mahumo e ka amang ba bangwe mo phuthegong ka teng. Ka sekai, fa basha ba ba saleng metsi ba mo phuthegong ba bona Mokeresete yo mongwe a lwela go goboka madi a mantsi mme a na le dilo tse dintle, a ba tla bo ba rotloetswa go batla pele Bogosi jwa Modimo? O lemogile eng? A ga go boammaaruri gore fa ba basha mo tseleng ya boammaaruri ba lemoga ekete go nna le mahumo go na le mesola, le bone gantsi ba latelela mekgele ya mahumo, e leng se gongwe se ka gobatsang bomoya jwa bone?
7. (a) Ke ka ntlhayang fa sekao sa mogolwane mongwe wa kwa Jeremane e le se se siameng? (b) Lefatshe le lekanya katlego jang, mme Mokeresete o tshwanela go leba maikutlo a jang? (c) A re tshwanela go nyatsa ba ba itshola-tsholetseng?
7 Go botlhokwa go tlhokomela boitemogelo jwa mogolwane mongwe wa Mokeresete kwa Jeremane yo le ene a humileng. Mokaulengwe mongwe wa Mokeresete, yo o neng a itse sengwe ka ga gore o itsholetse go le kae, o ne a mmotsa gore ke goreng fa a ne a kgweetsa Volkswagen (sejanaga se se theko-tlase) ebile a nna mo ntlong e e lekanetseng. O ne a araba a tiisitse, a re: ‘Gonne fa nkabo ke kgweetsa Mercedes Benz (sejanaga sa matobetobe) mme ke tshela ka mokgwa o o mabela, go ne go tla gobatsa bomoya jwa bakaulengwe le bokgaitsadi ba Bakeresete.’ Abo pono eo e farologane jang ne le ya lefatshe! Mokgwa wa lefatshe ke go nna le “mabela a botshelō.” (1 Yohane 2:16) Go ya ka mokgwa wa lefatshe, bontsi jwa madi le go nna le mahumo ga motho, ke tsone tse di lekanyang katlego. Fela a go se nne jalo mo phuthegong ya Bokeresete! Re tlhoka go tlhokomela gore tsela e ya bosatane ya go akanya e se tsene mo kakanyong ya rona mmogo le ya phuthego ya Bokeresete. Ka nako e e tshwanang, poifomodimo ya rona mmogo le dipelo tse di ritibetseng di tla re dira gore re se nyatse ba go bonalang ekete tsela ya bone ya go tshela e bofafalele.—1 Timotheo 6:6-8.
8. (a) Jesu Keresete o re tlhometse sekao sefe? (b) Ke dipotso dife tse ka tshwanelo re ka di ipotsang?
8 Go tlhokega gore ka gale re nne re gopole ka ga boikutlo le sekao tsa ga Morena wa rona, Jesu Keresete. Lefa Keresete a ka bo a nnile le maemo a a tlotlometseng le khumo, ebile a ka be a ile a tshelela mo kgoreng, gaa ka a batla dilo tseno. Ka dinako dingwe o ne a se na le e leng tse bantsi ba di lebang jaaka ditlhokego tsa botshelo. (Mathaio 4:8, 9; 8:20) Ke goreng fa a ne a intsha setlhabelo jaana? Gonne dilo tsa gagwe tsa botlhokwa di ne di rulagantswe sentle. O ne a lemogile gore go dira go rata ga Modimo go ne go tshwanetse ga etelela dilo tsotlhe pele. (Yohane 4:34) A re lebeletse sekao sa gagwe, re leka go se etsa mo matshelong a rona? Ke eng se tota re se tshelelang—botshelo jo bo monate jwa tlebebe gone jaanong kgotsa go bona le botshelo jo bo sa khutleng mo tsamaisong e ntšha ya Modimo?—Bahebera 12:2, 3; 1 Petere 2:21-24; 3:14.
9. Re tlhoka dibolao dife tsa semoya gore re tle re emelane le ditshekamelo tsa go rata mahumo, mme dibolao tseno di ka re dibela jang?
9 Mo ntweng ya rona ya go lwela gore meya e e boikepo e se tlhagolele ditshekamelo tsa go rata mahumo mo go rona, re tlhoka dibolao, e leng dibolao tsa semoya. Re tlhoka go apara “letlatla ya TSHIAMŌ ya sehuba,” mo go kayang gore re tshwanela go dira se se siameng mo matlhong a Modimo. (Baefesia 6:13, 14) Mme selo se re tshwanelang go se dira jaanong ke gore ‘re iitatole mme re sale sekao sa ga Keresete morago,’ gonne ke jaaka Jesu a ileng a tswelela a re: “Gonne motho o tla bo a ka thusèga eñ, leha a ka henya lehatshe yeotlhe, me a latlha botshelō yoa gagwè?” (Mathaio 16:24-27; bapisa le Mathaio 6:33.) Sebolao se sengwe sa botlhokwa ke “thèbè ea TUMЀLŌ.” (Baefesia 6:16) Re tshwanela go dumela ka mmannete gore thulaganyo e ntšha ya Modimo e e tla mme re sa lebelele gore tsamaiso e ya kgale e kgotsofatse dikeletso tsa rona. A re se lebaleng gore gautshwanyane e tla khutlisiwa, mmogo le mahumo otlhe a yone.—1 Yohane 2:17; Esekiele 7:19.
10. Ke sebolao sefe se e leng sa botlhokwa thata-thata mo go emelaneng le ditshekamelo tsa go rata mahumo, mme ka ntlhayang?
10 Mme gore re tle re lwe le dibopego tse di boferefere tsa mahumo, tota re tlhoka sebolao se se latelang mo go tse di umakiwang, e leng “tlhoro ea phemèlō ea POLOKŌ.” Lekwalo lengwe la boaposetoloi le re “CHOLOHЀLŌ EA POLOKŌ e nnè eōna tlhoro [ya rona] ea phemèlō.” (Baefesia 6:17; 1 Bathesalonia 5:8) Bokao jwa go nna le “cholohèlō ea polokō” ke gore re tlhologelelwe go amogela tuelo ya rona mo Modimong ebile re sa gagamalele tuelo ya botshelo jwa boiketlo mo tsamaisong eno ya dilo.
11. Moshe o bontshitse jang gore o ne a rwele tlhoro ya “cholohèlō ea polokō”?
11 Moshe o ne a rwele tlhoro eno, ebong “cholohèlō ea polokō.” Lefa tota a ne a godisitswe jaaka morwa morwadia Farwe, o ganne go tlhopha “dikgatlhègō tsa boleo ka lobaka” mo lelapeng la segosi kgotsa gone go latelela “mahumō a Egepeto.” Ka ntlha ya eng? “Gonne o na a lebile tehō ea tuèlō.” Moshe o ne a tlhatlhanya, kgotsa a akanya mo go boteng, kaga dilo tse Jehofa o neng a di solofeditse. E ne e se fela gore Moshe o ne a kile a utlwela kaga Jehofa kgotsa a bala ka ga gagwe. Bibela e re “o na a ichōka yaka moñwe eo o tlhomileñ matlhō mo go èna eo o sa bōnaleñ.” (Bahebera 11:24-27) Mo go Moshe Jehofa e ne e le wa mmannete mmogo le ditsholofetso tsa Gagwe kaga botshelo jo bo sa khutleng. E le gore re ganele ditlhaselo tsa ga Satane ka katlego, tsholofelo ya rona ya go tshelela ruri le yone e tshwanela go nna ya mmannete.
Go Lwa le Boitsholo jo bo Maswe jwa kafa Dikobong
12. Meya e e boikepo e dirile gore go nne le eng gore e tle e atlege mo go tlhaseleng Bakeresete ba bantsi?
12 Jaaka go bonwe mo setlhogong se se fetileng, nngwe ya ditsela tse dikgolo tse meya e e boikepo e bolaelang Bakeresete mo ntweng ka tsone ke ya go ba dira gore ba tlhakanele boitsholo jo bo maswe jwa kafa dikobong. E batla go senya keletso ya rona ya dikobo e re e neilweng ke Modimo—e e diretsweng go kgotsofatswa fela mo lenyalong. Mo e ka nnang gongwe le gongwe gompieno meya e e boikepo e atlegile mo go direng gore go nne le tikologo mmogo le maemo a Bakeresete ba raelwang go tlhakanela dikobo kwantle ga thulaganyo ya lenyalo mo go one. Ke sebolao sefe se se ka re thusang go lwa le tlhaselo e ya meya e e boikepo?
13. Josefa o bontshitse jang gore o ne a apere “letlatla ya tshiamō ya phemèlō”?
13 Go apara “letlatla ya tshiamō ya phemèlō” go botlhokwa. Go tlhokega gore ka dinako tsotlhe re nne re ikaeletse go dira se Jehofa a reng se siame. (1 Bakorintha 6:18) Josefa o ne a apere sebolao seno. Fa mosadi wa ga Potifarwe yo o neng a eletsa dikobo ka go tlhoka boithibo a ne a ntse a mo rapela letsatsi lengwe le lengwe a re, “Lala le nna,” Josefa o ne a re: “Kana hoñ boshula yo bogolo yo, ke ka bo diha yañ, ke leohèla Modimo?” (Genesise 39:7-12) Fela jaaka Josefa a dirile, le rona re tshwanetse go gopola kaga diphelelo tsa go tsaya karolo mo boitsholong jo bo maswe jo ‘pelo ya rona e e boferefere’ e ka bo eletsang.—Yeremia 17:9.
14. Re tshwanetse ra akanyetsa eng se se tla re thusang go tila go tlhakanela mo boitsholong jo bo maswe jwa kafa dikobong?
14 Sa ntlha, re tshwanela go akanyetsa gore Modimo o amega jang fa re tlola molao wa gagwe. Satane o ne a kgoba Jehofa, a kaya gore fa batho ba le mo tekong ba ka se nne ba ba ikanyegang mo go Ena. Jalo Jehofa o gakolola jaana: “Morwaaka u tlhalehè, me u ipedisè pelo ea me, gore ke tlè ke hetolè èna eo o nkgōbañ.” (Diane 27:11) Akanya fela: A o ka swabisa Modimo ka go tlola molao wa gagwe mme o itumedise Satane? (Pesalema 78:38-41) Fa o rata Jehofa eleruri, o ne o ka dira seno jang? Akanya gape kaga se go leng botlhale go se dira. Ke Jehofa fela yo o ka go nayang botshelo jo bo sa khutleng. A jaanong ga go botlhale go dira go rata ga gagwe?—1 Yohane 5:3; Baroma 6:23.
15. Bao ba kopanelang mo go direng bosula jwa kafa dikobong ba palelwa ke go gakologelwa ntlha efe?
15 Bakeresete ba ba fenngwang ke ditlhaselo tsa ga Satane tota ba timelelwa ke pono ya bone ya semoya. Tlhaelo ya bone ya pono ya semoya e ka tshwantshwanngwa le boemo jwa motlhanka wa ga Elisha. A o ke o gakologelwe kafa Elisha a mo rapeletseng ka gone, a re: “Yehofa, kea gu rapèla, budulola matlhō a gagwè gore a bōnè.” Mme motlhanka a leba, “me bōnañ, thaba ea bo e tletse dipitse le dikara tsa molelō tikologoñ ea ga Elisha.” (2 Dikgosi 6:15-17) A o bona gore re lebeletswe ke bomang? Ke Jehofa, mme Keresete le baengele le bone ba re lebile. (Pesalema 11:4; 34:7; Bahebera 1:14; Mathaio 18:10) Ekete re mo seraleng. (Bapisa le 1 Bakorintha 4:9) Fa motho a na le pono eno ya Dikwalo, a itse fa dikgato tsa gagwe di lebilwe go tswa kwa legodimong, a ka tlhakanela jang mo go direng bosula jwa kafa dikobong?
16. Ke dintlha dife tse di tla re thusang go tila boitsholo jo bo maswe jwa kafa dikobong fa di elwa tlhoko?
16 Gape, fa e le gore o ne o tla latela tsela ya go tlhoka boitsholo, akanya fela gore e ne e tla lere boikutlo jo bo ntseng jang kaga phuthego ya Bokeresete. Ba ba kwa ntle ba ne ba tla fetsa ka go re Basupi ba ga Jehofa ga ba farologane le lefatshe ka gope, mme ka jalo babogedi bano ba ne ba tla palelwa ke go tsaya kgato kaga molaetsa o o nayang botshelo. (2 Petere 2:2) Akanya gape kaga khutsafalo ya ditokololo tsa lelapa la gaeno e e neng e ka bakwa ke tsela eo ya go tlhoka boitsholo. (Diane 10:1) Mme fa o setse o le mo lenyalong, ipotse jaana: “Ke ne nka direla molekane wa me setlhogo se se kalo jang? Tota ke motho wa mofuta ofe?” Fa re akanya sentle kaga sengwe le sengwe, a go tlhakanela mo boitsholong jo bo maswe jwa kafa dikobong ga se selo sa bogagapa, se se bonelang fa gaufi le sa bosilo?
17, 18. (a) Ke ntwa efe e moaposetoloi Paulo a neng a e lwa mo botshelong jotlhe jwa gagwe, mme o ne a kgona go e fenya jang? (b) E le gore re tlhomelelwe ka botlalo, ke eng se e leng sa botlhokwa, mme re tshwanetse go se latelela jang?
17 Ke boammaaruri gore ga se ka gale go leng motlhofo go tila go dira bosula. Moaposetoloi Paulo ka boena mo botshelong jotlhe jwa gagwe o ne a lwa le dikeletso tse di bosula tse a kileng a ne a le lekgoba la tsone. O kwadile jaana: “Ke [ititaa] mmele, ke o baea mo taoloñ: e se re kgotsa ka mokgwa moñwe, e tla re ke sena go rerèla ba bañwe Mahoko a a Molemō, nna ka nosi ka tla ka ganwa.” (1 Bakorintha 9:27; Tito 3:3) Paulo o ne a ‘itshwara makgwakgwa.’ Lefa mmele wa gagwe o ne o eletsa go dira bosula, o ne a ipateletsa go dira molemo. O tshwanetse wa dira jalo fa e le gore o batla go lwa ntwa eno ka katlego.
18 E le gore o tlhomelelwe ka botlalo go tlhokega gape gore o rapele Modimo ka metlha gore a go thuse. (Baefesia 6:18) Mme gone o ka se rapelele thuso mme o ntse o bala dibuka tsa boitsholo jo bo maswe, o ya dibaesekopong tsa boitsholo jo bo maswe kgotsa o akanya ka batho ba bong jo bo sa tshwaneng le jwa gago kgotsa gone go fephelega nabo. Go matshwanedi gore o dire go ya ka se o se kopang mo thapelong.
Go Lwa le Megopolo ya Boitaolo
19. (a) Jehofa o nnile a goga batho ba gagwe jang? (b) Batho bangwe ba bontsha megopolo ya boitaolo jang?
19 Fa re ntse re ithuta Bibela re lemoga gore Jehofa ka metlha o nnile a goga batlhanka ba gagwe ka tsela e e rulagantsweng. Jalo fela jaaka go ne go le phuthego ya boammaaruri ya Bokeresete e le nngwe fela mo lekgolong la ntlha la dingwaga, Jehofa o ntse a dirisa phuthego e le nngwe fela le gompieno. (Baefesia 4:4, 5; Mathaio 24:45-47) Lefa go ntse jalo go na le ba ba bontshang gore phuthego e ne ya tshwanela go dira dipaakanyo pele, mme ka gone ba ganetsa ka go re: “Seno se bontsha gore re ka fetsa megopolo ka borona ka ga se re ka se dumelang.” Ono ke mogopolo wa boitaolo. Ke goreng fa o le kotsi jaana?
20. (a) Megopolo ya boitaolo ke bosupi jwa eng? (b) Ke eng se se tla re thusang go tila go eteletsa dipono tsa rona kwa pele ga tsa phuthego? (c) Ke sekao sefe sa lekgolo lantlha la dingwaga se re siametsweng ke go se latela?
20 Mogopolo o o jalo ke sesupo sa boikgodiso. Mme Bibela e bua jaana: “Boikgodishō bo tlo bo ètèlèle tshenyègō pele, le boipègō yoa pelo pele ga go oa.” (Diane 16:18) Fa e le gore re ka nna le mogopolo wa gore re itse botoka go na le phuthego, re tshwanela go ipotsa jaana: “Sa ntlha, re ithutile boammaaruri jwa Bibela kae? A fa e ka bo e ne e se ka kaelo ya phuthego re ka bo re itse tsela ya boammaaruri? A tota re ka gatela pele kwantle ga kaelo ya phuthego ya Modimo?” Nnyaa, legoka!—Bapisa le Ditihō 15:2, 28, 29; 16:4, 5.
21. (a) Re ka fenya mo ntweng ya rona jang fela? (b) Ke eng se re sa tshwanelang go se lebala, mme ka gone ke mofuta ofe wa botshelo o go tlhokafalang gore re o tshele?
21 Fa re akanya kaga masole a a bonatla a meya e e re lwantshang, re tshwanela go dumela gore tota rona ka borona re ne re ka se fenye. Mme ka thuso ya Modimo, le thuso ya phuthego ya gagwe mmogo le tshegetso ya yone–ebong bokopano jwa bakaulengwe ba rona ba ba mo lefatsheng ka bophara–re ka se fenngwe. (Pesalema 118:6-12; 1 Petere 5:9) Lefa go ntse jalo, ga rea tshwanela ra ba ra lebala gore re lwa ntwa ya semoya, le gore nako ya ntwa ga se ya go iketla, re itumelela manobonobo le menate ya botshelo fela. Go na le moo, ke nako ya go ikatisa ka natla, go nna matlhagatlhaga le go intsha setlhabelo. Mmaba o kgonne go tsietsa bangwe ba rona gore ba nyemise go disa ga bone, mme bano ba ile ba swela mo ntweng. A seno se se re diragalele! Fa fela re apara “diaparō tsa phemèlō cotlhe tsa Modimo” mme re “ganèla le maano a a boherehere a ga diabolo,” seno se ka se re diragalele.—Baefesia 6:11,12.
A O Ka Araba Dipotso Tseno?
◻ Fa dikhumo di tla pele mo botshelong jwa Mokeresete thata-thata, ke mathata afe a a ka tlhagelang motho yoo le ba bangwe mo phuthegong?
◻ Re tla thusiwa ke eng gore re lwe le ditshekamelo tsa dikhumo?
◻ Re tla thusiwa ke eng gore re tile go ineela mo boitsholong jo bo maswe jwa kafa dikobong?
◻ Mogopolo wa boitaolo ke bosupi jwa eng, mme re ka thusiwa ke eng gore re o tile?
[Setshwantsho mo go tsebe 20]
Fa Mokeresete a simolola go ikgantsha, a nna mabela ka botshelo, seno se ka ama maloko a mangwe a phuthego jang?