LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w83 12/15 ts. 10-11
  • Jesu Keresete—Leseanyana kana Kgosi e e Busang?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Jesu Keresete—Leseanyana kana Kgosi e e Busang?
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1983
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Jesu le Balepa-dinaledi
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1985
  • Jesu le Balepadinaledi
    Monna Yo Mogolo go Gaisa Botlhe Ba Ba Kileng Ba Tshela
  • Balepadinaledi ba Etela Jesu
    Jesu ke Tsela, Boammaaruri le Botshelo
  • Ke Mang yo o Neng a Romela “Naledi”?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2012
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1983
w83 12/15 ts. 10-11

Lefoko la Modimo Le Tshedile

Jesu Keresete—Leseanyana kana Kgosi e e Busang?

KA NAKO ya Keresemose batho ba bantsi ba akanya fa Jesu e le leseanyana fela le le mo bojelong. Go dirwa ditshwantshetso tsa “banna ba ba botlhale” ba tlisa dimpho kwa leseeng le eleng gone le neng le tsalwa. Batho ba bolela gore e ne e le ka nako yone eo ya ngwaga fa Jesu a ne a tsalwa. A seno ke se Bibela e se bolelang?

Goreng o sa bule Bibela ya gago le go bona gore tota e reng. Bala ka kelotlhoko Luke 2:1-20 le Mathaio 2:1-16. Jaanong he, a Bibela ga e bolele gore badisa ba ne ba le kwa mahudisong ba disitse matsomane a bone ka nako eo Jesu a neng a tsalwa ka yone? Ereka Morule kwa Palasetina go ne go le dipula, ebile e le paka e tsididi, ga go bonale go utlwala gore badisa ba ne ba tla bo ba le kwa nageng ka matsomane a bone ka nako eo ya ngwaga.

Elatlhoko gape, gore eno e ne e le nako ya ikwadiso fa batho go ne go tlhokafala gore ba tsamae ba ye metseng ya bone mmogo go ikwadisa. Eleruri ga go lebege go utlwala gore babusi ba Roma ba ne ba ka batla gore batho bao ba neng ba sekametse mo go ba tsuologeleng gore ba tsamae ba ye go ikwadisa mo marigeng a a ntseng jalo a a maswe. Bosupi jo bongwe gape, bo supa gore Jesu ga a tsalwa ka nako ya Keresemose. (Bona tsebe 12.)

A o etse tlhoko gape gore bao go tweng ke banna ba ba botlhale fa ba ne ba mo tliseditse dimpho, Jesu o ne a sa tlhole e le lesea le le mo bojelong. Bibela e re “ba hitlha ba tsèna mo tluñ, ba bōna ñwanyana a na le Marie mmagwè.” (Mathaio 2:11) “Banna ba ba botlhale” bano e ne le bomang tota tota bao ba neng ba kaelwa, eseng ke ditaelo tsa moengele, mme ke naledi? E ne e le balepa-dinaledi. Mme lefa go lepa dinaledi go tlwaelegile mo bathong ka bontsi, Modimo o a go nyatsa.—Isaia 47:12-15.

Jaaka pego ya Bibela e bontsha, balepa-dinaledi bao lwantlha ba ne ba sa kaelwa ke naledi go ya go Jesu kwa Bethelehema mme kwa go Kgosi Herode wa mmolai kwa Jerusalema. Jaanong he, fa e le gore Modimo o ne wa dirisa naledi go kaela balepa-dinaledi, a o ka bo a ile a ba isa pele kwa Jerusalema e le gore ba tle ba kopane le kgosi e e diphatsa eo? Gotlhelele nnyaa!

E ne ya re fa naledi labofelo e kaela balepa-dinaledi kwa go Jesu, Modimo wa tsenya letsogo mme wa tlhagisa banna bao mo torong gore ba se boele kwa go Herode. Ka gone he Modimo o ne wa boloka botshelo jwa ga Jesu. Re itse jang? Ka go bo fa Herode a ne a utlwalela gore balepa-dinaledi bao ba ne ba tshaba ba sa mmolelela, o ne a batla go bolaya Jesu. Mme ka nako eo Modimo o ne wa baakanyetsa Jesu phalolo. Ka jalo he naledi eo e ne e le segwenegwene sa ga Satane Diabolo gore a bolae Jesu!

E ntse gape ke segwenegwene sa ga Satane Diabolo gore batho ba nnele go akanya ka Jesu jaaka leseanyana fela le le senang thuso. Mme tota ga go a nna jalo! Pele ga go tsalwa ga ga Jesu, moengele Gabariele o ne a bolelela mmaagwe jaana mabapi le ene: “O tla busa . . . me bogosi yoa gagwè ga bo ketla bo na le bokhutlō.” (Luke 1:33) Jesu Keresete o a busa jaanong jaaka kgosi e e maatla kwa legodimong, mme fa e le gore re tla amogela botshelo tlase ga puso ya Bogosi jwa gagwe go botlhokwa gore re lemoge lebaka leno.—Isaia 9:6, 7.

[Setshwantsho mo go tsebe 10]

Ke eng se se leng gone mo setshwantshong seno se se seng boammaaruri?

[Ditshwantsho mo go tsebe 11]

“Banna ba ba botlhale” ba ne ba latela naledi—e ne e tswa kae?

O leba Jesu ka tsela e e ntseng jang?

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela