Lokwalo Lwa Ga Paulo go Bagalatia—Molaetsa wa Mafoko a a Molemo
MORAGO ga tumediso ya gagwe e e bulang moaposetoloi Paulo o ne a kwalela Bagalatia: “Kea gakgamala ka e le ha lo itlhaganèla go tloga mo go èna eo o lo bileditseñ [tshegofatsong] . . . lo ineèla mo mahokuñ a a molemō a sele.” Mme e ne ya re morago a tlhalosa ka gore: “A Bagalatia ba ba dieleele ke lona! ana lo loilwe emañ?”—Bagalatia 1:6; 3:1.
Ke ka ntlha yang fa Paulo a ne a kgopisitswe ke Bagalatia mo go kalo? Batho bano e ne e le bomang, ebile Paulo o kopane le bone jang? Molaetsa wa mafoko a a molemo o a neng a o abalana le bone ke ofe? Mme o na le mosola ofe go rona gompieno?
Batho le Bothata Jwa Bone
Bagalatia ka tlhomamo e ne e le batho ba borwa-botlhaba jwa Yuropa, ba lotso lwa Sefora go tswa kwa Gaul. Mme gape ba ne ba akareletsa le batho ba merafe e mengwe. Kgaolo ya Roma ya Galatia e ne e dirilwe ka ditoropo di ka nna nne go ya ka pego ya Bibela: Ikonio, Lusetera, Derebe le Antioka mo Pisidia. Tseno di ne tsa etelwa ke Paulo mo loetong lwa gagwe lwa ntlha lwa borongwa, mme diphuthego di ne tsa tlhomiwa mo mafelong ano. (Ditihō 13:14–14:23) Lekawana Timotheo e ne e le mongwe wa Bakeresete ba pele kwa Galatia.—Ditihō 16:1, 2.
Morago ga loeto lwa ntlha lwa borongwa lwa ga Paulo go kgabaganya Galatia, setlhopha se se laolang sa baaposetoloi le sa bagolwane se ne sa kopana kwa Jerusalema ka 49 CE mme sa dira phetso gore go rupa ga go tlhokafale mo Bakereseteng. (Ditihō 15:1-29) Morago ga pokano eno Paulo le Silase ba ne ba isa karolo eno ya mafoko a a molemo go diphuthego tsa Galatia.—Ditihō 16:1-6.
Lefa go ntse jalo, morago fela ga foo, Paulo o ne a tshosiwa ke go utlwa gore bangwe ba ba rileng mo Galatia ba ne ba ganeletse mo goreng Bakeresete ba tshwanetse gore ba rupisiwe. Batho bano e ne e le Bajuda ba ba neng ba leka gore Bakeresete ba Baditšhaba ba tsamae kafa dikarolong tsa molao wa ga Moshe. Gape ba ne ba nyatsa thata ya ga Paulo jaaka moaposetoloi.
Ka jalo e ne e le go dirisana le seemo seno se se sa eletsegeng go bo Paulo a kwaletse Bagalatia ka gone a ba kgothaletsa gore ba itharabologelwe. O ne a kwala lokwalo e kane fa a ne a santse a le mo loetong lwa gagwe lwa borongwa lwa bobedi, gongwe a le kwa Korintha, kana gongwe a sa tswa go goroga fela kwa Antioka wa Siria. Ka gone, lokwalo, le ka ne gongwe le ile la kwalwa kwa tshimologong ya letlhabula la 50 CE kana le eleng go fitlha mo bowelong jwa 52 CE.
Paulo o bolelela Bagalatia gore Bajuda bano ba leka go sokamisa mafoko a a molemo. Mme, jaaka Paulo a bolela, mafoko ano a a molemo a ka ga Keresete Jesu. Ee, ke mafoko a a molemo ka kgololesego e Keresete a e tlisang—kgololesego mo bokgobeng jwa sebe se se ruilweng ebile gape ke kgololesego mo bokgobeng jwa molao wa ga Moshe. Ka gone Paulo ka makgetlo a mabedi o boeletsa ka gore lefa e le ope le eleng moengele go tswa legodimong a ne a ka bolela jaaka mafoko a a molemo sengwe se se fetang seo a se boletseng jaaka mafoko a a molemo “a a hutsègè.”—Bagalatia 1:7-9.
Ka jalo he, lokwalo lwa ga Paulo lo fitlhelela eng? Selo sa ntlha, le tlhomamisa ka botlalo thata ya gagwe jaaka moaposetoloi. Sa bobedi, ka botlalo le ema nokeng phetso ya setlhopha se se laolang ka ga kgang ya thupiso. Mme le farologanya ditiro tsa nama le loungo lwa moya, le lebisitse mo ditirong tse di itumedisang Modimo.
Paulo O Tlhabanela Boaposetoloi jwa Gagwe
Kwa tshimologong Paulo o tlhokomedisa ka taolo ya gagwe ka gore: “Ke nna Paulo, Moaposetoloi,—eo o sa beèwañ ke batho, leha e le ka motho, ha e se ka Yesu Keresete, le Modimo Rara, . . . Mahoko a a Molemō a a rerilweñ ke nna, Ka re, ga a kaha mothuñ. Gonne le nna ga kea a amogèla mo mothuñ, le gōna ga kea a rutwa, me a tsile mo go nna ka tshenolō ea ga Yesu Keresete.”—Bagalatia 1:1, 11, 12; Ditihō 22:6-16.
Ka bokhutshwane Paulo o kakanya kafa a ileng ya re pele ya bo e le motlotlegi mo Sejudeng, mme ya re morago ga go sokololwa ga gagwe ke Keresete ka kgakgamatso, o ne a ile go bolela mafoko a a molemo kwa Arabia le kwa Damaseko. Go tswa foo Paulo o bolela ka go etela Petere ga gagwe kwa Yerusalema ka malatsi a le lesome le botlhano (ka 36 CE). E ne ya nna fela morago ga dingwaga tse di lesome le bone moragonyana, ka 49 CE, Paulo a ileng a boela kwa Jerusalema go ya pokanong ya kgang ya go rupa. (Bagalatia 1:13-24) O bitsa Bajuda ba ba neng ba gakaletse go rupa “bakauleñwe ba e señ bonè” bao ba lekang go ‘golega’ Bakeresete ba ba ikanyegang. Mme o ile a re: “Leha e le ka lobaka loa nakō e le ñwe hèla, ga rea ka ra ba ikisetsa tlhatse ka go ba ineèla; gore boamarure yoa Mahoko a a Molemō bo nnèlè rure mo go lona.”—Bagalatia 2:1-5.
Fa re akanya ka gone, Paulo eleruri o ne a re tlhomela sekao se se ntle sa boikokobetso. Lefa a ne a le moaposetoloi yo o tlhophilweng ka sebele ke Jesu Keresete, o ne a isa mafoko a a molemo a a neng a a rera go setlhopha se se laolang, a lemoga thata ya sone. A re bontsha tlotlo e e tshwanetseng gompieno go banna ba ba tlhophilweng ke Setlhopha se se Laolang le go dira ka kutlwano le bone mo go rereng mafoko a a molemo?
Moragonyana Paulo o ne a tlhomamisa thata ya gagwe ya boaposetoloi ka go ganetsana le moaposetoloi Petere go lebanwe difatlhego. O ne a dira jalo ka go bo Petere a ne a seka a ja le Bakeresete ba Baditšhaba ka ntlha ya go boifa batho. E rile a senola phoso ya ga Petere, Paulo o ne a mmotsa yana: “Ha wèna eo u leñ Moyuda, u tshela yaka Badichaba, me e señ yaka Bayuda, u patèlèla Badichaba yañ gore ba tshelè yaka Bayuda?”—Bagalatia 2:11-14.
Tumelo E Gaisa Ditiro tsa Molao
A kgothaletsa Bagalatia gore ba itharabologelwe, Paulo o a botsa: “lo amogetse Mōea ka ditihō tsa molaō, kgotsa ka kutlō ea tumèlō?” Ereka karabo e itsege, o a botsa: “Ereka lo simolotse ka Mōea, a ke go re, yanoñ lo dihwa boitekanèlō ka mokgwa oa nama?” O ba gakolola ka Aberahame, yoo lefa a ne a se tlase ga molao, “a dumèla Modimo [Jehofa], me a go balèlwa a le tshiamō.” Molao o ne wa tlisiwa morago gore ditlolo di bonale. Eleruri o ne o atlholela loso bao ba neng ba leka go o boloka. Mme, Jaaka Paulo a tlhalosa, Keresete o ne a swa jaaka motho yo o hutsitsweng gore balatedi ba gagwe ba ka gololwa mo molaong le go tshela ka tumelo. Lefa go ntse jalo, molao o ne o direla boikaelelo jo bo mosola jaaka ‘mogoga banyana o ba gogela go Keresete.’—Bagalatia 3:1-29.
Ereka Bagalatia ba ne ba amogetse moya wa bongwana le kgololesego ka Keresete, Paulo o botsa gore ke ka ntlha yang ba batla go boela mo bokgobeng jwa molao, ba keteka malatsi le dikgwedi le dipaka le dingwaga. O ne a re, Bajuda, “ba lo tlhologelecwe ka mokgwa o o señ molemō; nya, ba rata go lo cwalèla kwa ntlè, gore lo batlè bōnè.” Lefa go ntse jalo, Paulo o tlhalosa kamego ya gagwe e e lorato ka gore: “Ba ke bileñ ke le mo pelegoñ ka lona, go bo go tsamaeè Keresete a bopiwè mo go lona.”—Bagalatia 4:1-20.
Go tswa foo Paulo o dirisa setshwantsho go bontsha phapaano gareng ga ditiro tsa molao le kgololesego ya boammaaruri ya Bokeresete. Lelata la mosetsana la ga Aberahame Hagare le emela kgolagano ya molao ebile “o mo chwanoñ ea Yerusalema oa gompiyeno: gonne o mo kgolegoñ le bana ba gagwè.” Sara mo letlhakoreng je lengwe, o emela kgolagano ya ga Aberahame, ebile o mo tshwanong le “Yerusalema o o kwa godimo, o e leñ mma echo, ke mogololesegi hèla.” Fela jaaka Ishemaele a a ne a bogisa Isake, ka jalo Bajuda ba ne ba ganetsa Bakeresete ba boammaaruri, bana ba mosadi yo o gololesegileng.—Bagalatia 4:21-31.
Ema Ka Tlhomamo mo Kgololesegong ya Bokeresete
Mo motheong wa setshwantsho se se fa godimo, Paulo o gakolola ka gore: “Keresete o re golotse ka kgololō: me ke gōna, tlhōmamañ, me lo se ka loa tlhōla lo ikgweleanya ka yokwe ea botlhanka.” Fa mongwe a rupisiwa, Paulo o gatelela ka gore, go tla bo go sena mosola ope. Motho yoo ka gone o tla bo a tlamegile go boloka molao otlhe mme ka jalo o tla latlhegelwa ke go bona tshiamo ka tumelo. Ka jalo ka kgakalo Paulo o bolela ka gore: “A bo ba ba lo huduañ ba ka bo ba ikgaola hèla.”—Bagalatia 5:1-12.
Lefa Bakeresete ba ile ba bona kgololesego, go na le bodiphatsa jwa gore kgololesego eno e ka dirisiwa botlhaswa go kgotsofatsa dikeletso tsa nama ya bone e e sa itekanelang. Ka jalo Paulo o tlhagisa jaana: “Gonne lona, ba ga echo, lo biledicwe kgololesègō; me lo se ka loa hetola kgololesègō ea lona sebaka sa nama go itihèla; me lo nnè batlhanka, moñwe oa eo moñwe, mo loratoñ. Gonne molaō otlhe o dihadiwa mo lehokuñ le le leñwe hèla, eboñ mo go ye, go re, U ratè oa ga eno yaka u ithata.”—Bagalatia 5:13, 14.
Lefa go le jalo Paulo o supela gore re tshwanetse go tlhabana ka metlha magareng ga go dira dikeletso tsa nama le go tsamaya ka moya. O bontsha phapaang ya ditiro tsa nama le loungo lwa moya. Ditiro tsa nama ke “tse e leñ boaka, le bomashwè, le bopèpè, . . . le dilo tse di nntseñ yalo. . . . Me louñō loa Mōea ke loratō, le boitumèlō, le kagishō, le bopelotelele, le bopelonomi, le molemō, le boikañō, le boiñōtlō, le boikgapō.” Paulo o bontsha gore Bakeresete bao ba sepelang sentle ka moya ba tlhoka gape go tila go nna “boipelahaco hèla, [ba] se ka [ba] rumolana, [ba] dihèlana ka bopelotshètlha.”—Bagalatia 5:15-26.
Ditiro tse di Mosola
Mo kgaolong ya bofelo, Paulo o tlhatlhamisa ditiro tse di mosola tse Mokeresete a ka kopanelang mo go tsone, jaaka go thusa go busetsa mo tseleng yo o fositseng le go rwadisanya merwalo. Fa motho a jala kafa nameng, Paulo o a tlhalosa, o tla roba sebodu mo nameng ya gagwe. Mme fa a jala ka pono ya moya o tla roba botshelo jo bosakhutleng mo moyeng. Ka jalo Bagalatia ba a kgothadiwa: “A re kè re diheñ se se molemō mo bathuñ botlhe, me bogolo mo go ba e leñ ba ntlo ea tumèlō.” Go tswa foo, fa a digela, Paulo o lebisa go maikutlo a Bajuda ba ba batlang gore ba ba rupise. Go ntse jalo e le gore “ba ipelahatsè ka nama ea lona.” Lefa go le jalo Paulo o bolela gore o tla ipelafatsa fela “ka mokgōrō oa Morèna oa rona Yesu Keresete.”—Bagalatia 6:1-14.
Eleruri, lokwalo lwa ga Paulo go Bagalatia ke le le tlhomologileng ka go lebagana le dikganetsano tsa nako ya gagwe ka mo go tlhomameng. Gore le tla nna mosola o o kae go rona gompieno go ikaegile ka gore ke go go kae re latelang kgakololo e e molemo e e mo go lone.
[Mmapa mo go tsebe 19]
(Go bona mokwalo o o feletseng, leba kgatiso)
Korintha
Antioka
GALATIA
Ikonio
Lusetera
Derebe
Antioka
SIRIA
Lewatle le le Golo