LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w83 3/15 ts. 4-6
  • A O Tla Tsamaya O Tshela mo Lefatsheng je le Itumetseng?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • A O Tla Tsamaya O Tshela mo Lefatsheng je le Itumetseng?
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1983
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Seo Bogosi Bo Tla se Dirang
  • Sengwe Se Sesha se se Kwetogang
  • Boitumelo Jo e Ka Nnang jwa Gago
  • Lefatshe Le Lesha Le Gaufi!
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1991
  • Bogosi Jwa Modimo ke Eng?
    Totatota Baebele e Ruta Eng?
  • Legodimo le Lesha le Lefatshe le Lesha
    Tshenolō—Konelo ya Yone e e Molemolemo e Atametse!
  • Bogosi “Jo bo Se Kitlang bo Senngwa le ka Motlha”
    Obamela Modimo yo o Esi wa Boammaaruri
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1983
w83 3/15 ts. 4-6

A O Tla Tsamaya O Tshela mo Lefatsheng je le Itumetseng?

BAO ba tla itshupang e le barati ba Modimo—“batho ba gagwè”—ba na le mabaka a a utlwalang go rulaganyetsa go tshela mo lefatsheng je le itumetseng. (Baroma 15:10) Lefa isagwe e e fa gaufi e lebega e le ntsho go batho ka kakaretso, Modimo wa legodimo o dira gore ‘Mafoko a a Molemo a kgalalelo’ a bolelwe lefatshe ka bophara. mme eleruri ke molaetsa o o omosang pelo. (1 Timotheo 1:11) Ka bofefo jaanong, bogosi jwa selegodimo jo bo saleng bo solofeditswe bogologolo jwa Kgosi ya Bomesia Jesu Keresete bo tla dirolola kganelelo ya go senya e e bonalang thata mo lefatsheng gompieno ebile bo tla nyeletsa mathata a jaanong a tlhasetseng setho. Bogosi joo bo gaufi le go lere lefatshe je le itumetseng.

Seo Bogosi Bo Tla se Dirang

A go na le kamego ka lefatshe je le penologang ka batho? Seo ga se kitla se tsenya Jehofa Modimo kana lefa e le Kgosi Jesu Keresete mo tsietsing. Kwa tshimologong Modimo o ne a laoletse gore batho ba “tlalè ka lehatshe,” eseng go le penolola. Ekane ke ditsela dife tse di tla dirisiwang, re ka tlhomamisega gore thato ya bomodimo mo kgannyeng e e tla diragala mo lefatsheng.—Genesise 1:27, 28; Isaia 45:18.

Tlase ga puso ya bogosi jwa Modimo, a go tla nna le phatlha e e ngomolang pelo fa gare ga bahumi le bahumanegi? Nnyaa, legoka! Bogolo, go ne ka boikanyegi ga bolelelwa pele mo Dikwalong gore Kgosi ya Modimo e e rulaganyeditsweng go dira molemo e “tla golola motlhoki mogañ o lelañ.”—Pesalema 72:1, 12, 13.

A go na le mabaka a boitlhobogo ka ntlha ya go wela tlase ga meamuso le tatlhegelo ya tikologo ke “dinonofo tse di tshegetsang botshelo?” A re tshwanetse go itlhoboga ka ntlha ya go bo ditlhotlhwa di ntse di tlhatlogela pele go pota ka kwa se se ka kgonwang ke mongwe le mongwe? Lefa isagwe e e fa gaufi e sa solofetse molemo ope o o kalo mo dintlheng tseno, Lefoko la Modimo, Bibela, le a solofetsa: “Go tla nna letlōtlō ya mabèlè mo lehatshiñ, mo ditlhoeñ tsa dithaba.” (Pesalema 72:16) A seo se utlwala jaaka lefatshe je le tlhaelelwang ke meamuso, ka tikologo e e tlhaelelwang ke “dinonofo tse di tshegetsang botshelo” tse di tlhokafalang? Kana tsholofetso eo ya Dikwalo e supa tlhaelo e e kalo ya ditlhokafalo mo eleng gore botshelo jo bo kgotsofatsang bo ka se kgonagale mo lefatsheng? Tota gone ga e rialo.

Kafa tlase ga puso ya bogosi, a lefatshe le tla bo le le “kotsing thata ya dikudumedi tsa tlholego gammogo le ya ditshenyo tse di dirwang ke batho”? Nnyaa, ka go bo ka bofefo Modimo o tla “khutlisa ditlhabanō” ka bosakhutleng. Mo godimo ga moo, tlase ga tsamaiso ya bogosi dikaka di tla thunya, mme dilo tse di gobatsang ga di ne di tlhola di bōpela botsogo le botshelo. Boitumelo jo bo sa lekanngweng bo tla tseela mathata le khutsafalo sebaka.—Bapisa Pesalema 46:1, 9; Isaia 35:1-10; 65:25.

Sengwe Se Sesha se se Kwetogang

Gareng ga boperofeti jo bo omosang pelo jo bo bolelelang pele ka masego a a hakgamatsang go setho ke ao a begilweng ke moaposetoloi wa Mokeresete Johane ka mantswe ano:

“Me ka bōna legodimo ye lesha le lehatshe ye lesha; gonne legodimo ya ntlha le hetile, le lehatshe ya pele; le lewatlè ga le tlhole le leeō. Me ka bōna motse o o boitshèpō, Yerusalema o mosha, o hologa mo legodimoñ o cwa kwa Modimoñ, o etleedicwe yaka monyadwi eo o kgabetseñ monna oa gagwè. Me ka utlwa lencwe ye legolo le cwa mo setuloñ sa bogosi, le re, Bōnañ, boagō yoa Modimo bo mo bathuñ, me o tla aga nabō, me ba tla nna batho ba ōna, le Modimo ka osi o tla nna nabō, me o tla nna Modimo oa bōnè. Me o tla phimola dikeledi cotlhe mo matlhoñ a bōnè; me ga go ketla go tlhōla go le losho; le gōna ga go ketla go tlhōla go le bohutsna, leha e le selelō, leha e le botlhoko: dilō tsa pele di hetetse rure.”—Tshenolo 21:1-4.

Fano puo e nngwe e e dirisitsweng ke ya tshwantshetso fela thata, mme mogopolo wa masego magolo ga o na pelaelo. “Legodimo ye lesha” ke bogosi jwa selegodimo jwa ga Jesu Keresete le balekane ba gagwe ba dikgosi le baperesiti ba ba 144 000. (Baroma 8:16, 17; Tshenolo 14:1-4; 20:4) Mo boemong jwa kgolokwe e ntšha ya lefatshe, “lehatshe ye lesha” ke mokgatlho wa batho o mosha gone mo lefatsheng le, botlhe e le ba ba busiwang ka botlalo ke bogosi jwa ga Keresete ko ntle go dikgaogano tsa lotso, bomorafe kana puo. (Bapisa Pesalema 96:1.) Se se tla latela tshenyo ya “legodimo” le “lehatshe” ja tshwantshetso. Mokgatlho o o solofeditsweng wa lefatshe o mosha o tla bo o siame ka go bo, lemororo lewatle ja sebele le tla sala, “lewatlè” ja tshwantshetso ja baikepi ba ba kgaphaselang, ba ba tsuololang, ba ba sa reng Modimo sepe ba tla bo ba sa tlhole ba le teng. Babusi-mmogo le Keresete ba selegodimo ba bopa “Yerusalema o Mosha,” phuthego e e kwa tlhogong ya mokgatlho wa batho ba ba siameng. Modimo o tla aga le batho bano mo lefatsheng ka boemedi go fitlhelela ba letlanngwa ka botlalo le ene ka Keresete, “Kwana oa Modimo,” morago ga letsatsi la dingwaga tse di sekete la katlholo.—Yohane 1:29, 36; Tshenolo 20:6.

Kafa tlase ga puso ya bogosi, go tla nna le mabaka a mantsi a go itumela. Selelo, bohutsana le botlhoko ka ntlha ya mabaka a a farologaneng di tla bo di tlositswe. Loso lo lo neng lwa anama go tswa go Adame wa moleofi, monna wa ntlha, le tla bo le seo. (Baroma 5:12) Abo moletsi wa bogologolo wa batho lefatshe ka bophara a tla bo a ile! Mme abo go tla nna le mabaka a go ipela fa tsogo e diragala go na le dintsho ka ntlha ya ga Adame, fa dikokomana tsa gagwe di tla bo di golotswe mo diphelelong tsa sebe sa gagwe, ebile fa boitekanelo jwa setho bo tla bo tseetse sebaka malwetsi a mantsi a a tlhasetseng setho gompieno! Go tswa foo, eleruri, “dilō tsa pele di hetetse rure.”

Mongwe o ka nna a re, ‘seo ke go ijesa dijo tsa ditoro fela!’ Ga go jalo, ka go bo morago fa moaposetoloi Johane a sena go bona “legodimo ye lesha” le “lehatshe ye lesha” a a tla felelang ka masego a magolo a setho, o ne a oketsa ka gore: “Me eo o dutseñ mo setuloñ sa bogosi, [Jehofa Modimo] a re, Bōnañ, dilō cotlhe ke di diha sesha. Me a re, Kwala: gonne mahoko a, a boikaño, le boamarure.” (Tshenolo 21:5) Ee, re ka a dumela.

Eleruri, lefatshe je le farologaneng le a kwetoga. Go nna gone ga lone ga go ne go ikaega ka diphetogo tsa “tsamaiso ya motheo” e e tlhametsweng go golola setho mo matsweleng a a botlhoko a “go latlhegelwa ke maemo a a siameng”. Nnyaa, mme dilo tsotlhe tse di molemo tse di solofeditsweng mo Dikwalong di ikaegile ka go diragatsa thato ya bomodimo e e sa kganelweng, e e atlegang ka metlha.

Boitumelo Jo e Ka Nnang jwa Gago

Ke mang yo o tla ipelelang masego ano otlhe a a tswang go Modimo? Ke bomang ba ba tla nnang le lebaka la go itumela ka bosaengkae? Ebu, ke botlhe bao ba inaakanyang le paakanyetso ya botshelo jo bo sa khutleng ya Modimo! Lesego jeno je le hakgamatsang le kgonagetse ka ntlha ya ga Jehofa, ‘Modimo o o lorato,’ ka Morwawe, Jesu Keresete.—1 Yohane 4:8, 9; Yohane 3:16.

Ke “mahoko a a molemō” a dilo tseno tse di molemo-lemo tse Basupi ba ga Jehofa ba gakaletseng go di abalana le batho ba ba dipelo tse di ikanyegang. Ke ka gone ba rerang ka ntlo le ntlo ka tsela e baaposetoloi ba ga Jesu le barutwa ba bangwe ba neng ba dira ka teng. (Ditiho 5:42; 20:20) Kwa ntle le pelaelo o ka bona gore ke ka ntlha yang fa Basupi ba tlhotlhelediwa go bolela ka molaetsa wa bogosi o o ipedisang ka matlhagatlhaga le ka boipelo jwa pelo. Ke mafoko a a molemo ka mo go kgatlhisang e le ruri!

Mme o tla dirang ka dikgang tseno tse di omosang pelo? Go ka kgonagala ka wena gore o ipelele botshelo jo bo sa khutleng ka boitumelo mo lefatsheng ja paradaise tlase ga puso ya bogosi. Lefa go ntse jalo, se se tlhoka kitso ya boammaaruri ya Bibela. Ka jalo, fa o e se o dire jalo, goreng o sa itseele sebaka sa go buisana ka Dikwalo le Basupi ba ga Jehofa? Jesu o boletse gore go ikamogelela kitso ya boammaaruri ka Rraagwe wa selegodimo le ka ene go raya “botshelō yo bo sa khutleñ.”—Yohane 17:3.

Lefatshe je le itumetseng le fela fa pele. Mme gone jaana o ka nna le mabaka a a utlwalang a go ipela. Ga se gore masego otlhe a a tswang Modimong kana mabaka a boipelo a ka itemogelwa fela mo isagweng. Mo nakong eno go ka kgonagala go ‘direla Jehofa ka pelo e e itumetseng,’ mme fa re itumedisa Modimo ga go na pelaelo ya gore re ka se “ipelè ka malatsi aotlhe a rona.” Ithute gore ke jang ka go bala ditlhogo tse di mo tsebeng ya lesome go ya go ya masome mabedi le boraro.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela