“Lefatshe ja Bone Le ne la Khutla”
Ka ntlha ya mabaka a Dikwalo Basupi ba ga Jehofa ba tlhatswegile pelo gore re ntse re tshela “mo metlheñ ea bohèlō” fa e sale ngwaga wa bokhutlo wa 1914. (2 Timotheo 3:1-5; Mathaio 24:3-14)a Mme boraditiragalo le batlhotlhomise ba bantsi le bone ba boletse gore 1914 e nnile ngwaga wa phetogo ya ditiragalo tsa motho. Ka motlhala, a kwala ka “Ntwa E Kgolo,” mokwala dikgang Joe Chapman o ne a re mo go The Spectator ya Hamilton, Ontario:
“Abo lefatshe ja August, 1914 le ne le sena molato jang ne, abo le ne le sa itse sepe ka mo go tlhomolang pelo jang ne!
“Mme lefa go le jalo, ka ditsela tse di farologaneng, Ntwa ya Ntlha ya Lefatshe, bobotlana ka tsela ya polao, e ka nna ya tshwanelwa ke go bidiwa e ‘kgolo.’
“Ka mo go tshwanetseng, e ne e le ntwa ya ntlha eo, e neng e ka bidiwa thulano ya lefatshe lotlhe, e e neng e kopanyeletsa ekane morafe mongwe le mongwe o o itsegeng, ka ditlhabano tse di lwelwang mo matlhabanelong a le mantsi, go tswa kwa dikakeng tsa serame tsa Arctic go ya mo dikgweng tse di kitlanyeng.
“E ne e le ntwa ya ntlha ya ‘lefatshe lotlhe,’ e mo go yone morafe otlhe o neng wa kopanyelediwa ka botlalo, ka didirisiwa tsotlhe tsa botshelo jwa batho ka kakaretso e le karolo ya botlhokwa-tlhokwa ya maiteko a ntwa.
“E ne e le ntwa ya ntlha e mo go yone boranyane bo neng jwa tsaya karolo e e kwa godimo thata. Ga go ntwa epe e e boneng tiriso ya dibolao tse disha di dirisiwa ka bokete jo bo kalo: “Di-machine-gun,” dikanono, sefofane, sekepe-sa-senwedi, kese e e bolau, dikoloi tsa ntwa, megala ya mesokela tsebeng le didirisiwa tse dingwe, le ditlhobolo tse dikgolo tsa dirisiwa ka bokete jo bogolo go feta. Ka bokhutshwane, e ne e le ntwa ya ntlha ya dintwa tsa rona tsa segompieno.”
Mokwala-dikgang Chapman gape o ne a akgela ka gore “ntwa e ne e le motlha wa phetogo go feta fela ka tsela ya sesole le ya boranyane. E ne e le phetogo ya loago le maemo a botshelo ebile tsela ya go tshela ya bogologolo e ne ya phatlakanngwa mo go botlhoko.” A sena go bua ka “lefatshe la pele ga 1914” le diphetogo fa e sale nako eo, o ne a re ka bogolo jwa Ntwa ya Lefatshe I mo bathong:
“Le eleng Ntwa ya Bobedi ya Lefatshe, eo go yone Ma-Nazi a neng a oketsa ka diphekelo di sele tsa go gatlampola, le kgailo ya bomo ya atomiki go lebega di sena dipadi tse di kalo mo go rona jaaka go dirile Ntwa ya Ntlha ya Lefatshe.
“Ka tsela nngwe, re ne ra gapiwa maikutlo ke mogopolo wa ntwa e e feletseng mme ra tshwarisiwa bogatsu ke ditiragalo, mme le eleng Hiroshima kana Dresden ga di a ka tsa nna le nonofo e e kalo jaaka kgailo e e botlhoko ya dibetsa tsa Mafatshe a Bophirima.
“Gongwe ke ka gone batlhabani ba ntwa ya ntlha ba neng ba lebega ba feletswe ke maikutlo, ba palelwa ke go fetoga le seemo sa lefatshe je lesha go na le bao ba 1945. Go ne go se sepe mo botshelong se se neng se ba baakanyeditse se se neng se tla diragala mo meseleng ya ntwa ebile fa e sale ga go sepe se se kileng sa lekanngwa le maitemogelo a bone.”
Go tswa foo, fa a tlhalosa bosenang-molato jwa bao ba neng ba ya kwa ntweng ya 1914, Chapman o ne a akgela ka gore:
“Gotlhe e ne e le mofuta wa dipina tsa dinonyane mme mokgosi wa tshoso o ne o tla tloga o tla mme bone le lefatshe ja bone ba ne ba se ketla ba tlhola ba tshwana gape. Eleruri, ka kgopolo e e fetang eo, lefatshe ja bone le ne la khutla dingwaga tse di masome marataro le botlhano tse di fetileng; go tsere bontsi jwa rona lobaka go simolola go tlhaloganya.”
[Ntlha e e kwa tlase]
a Bona dikgaolo 12-14 tsa buka ya “Let your Kingdom Come,” e e gatisitsweng ke Watchtower Bible and Tract Society of New York, Inc.