LEFATSHE LE TLA NNA JANG KA MOSO?
KE ENG se se kwetogang? Lefatshe le le farologaneng.
Tse ke dikgang tsa moruthutha tseo di neng tsa ntshiwa ke makala a ga goromente mo United States jaaka di bonwe go “The Global 2000 Report to the President.” Bolumo ya Ntlha, e e baakantsweng ke Khansele ka Boleng jwa Tikologo le Lephata la Puso, e re: “E tla re ka 2000 lefatshe le bo le farologane le lefatshe la gompieno ka ditsela tse di tlhomologileng.” Ka ditsela dife?
Gareng ga dilo tse dingwe, pego e bolelela-pele ka gore:
● “Batho ba tla bo ba le bantsi. Mo bathong bangwe le bangwe ba babedi ba ba neng ba le mo lefatsheng ka 1975 e tla re ka 2000 ba bo ba le bararo.”
● “Phatlha e e fa gare ga bahumi le bahumanegi e tla bo e oketsegile.”
● “Go tla bo go na le meamuso e sekae go e dirisa.”
● “Tikologo e tla bo e latlhegetswe ke dinonofo tsa yone tse di botlhokwa tsa go tshegetsa botshelo.”
● “Ditlhotlhwa di tla bo di le kwa godimo thata.”
● “Lefatshe le tla nna kotsing thata ya dikudumedi tsa tlholego ga mmogo le ya ditshenyo tse di dirwang ke batho.”
● “Kwa bofelong, go tshwanetswe go gatelelwe gore fa tsamaiso ya motheo e ka tswelela e sa fetolwe lefatshe le tla bo le farologane ka ntlha ya go latlhegelwa ke maemo a a siameng.”
Kwa ntle le pelaelo o tla dumela gore ditebelelo tseno ga di itumedise. Eleruri ga di baakanyetse motheo ope wa boipelo jo bogolo.
Lefa go le jalo Dikwalo di kgothaletsa boipelo, ka gore: “Lona Badichaba, itumeleñ le batho ba gagwè.” (Baroma 15:10; bapisa Duteronome 32:43.) Mafoko ano a lebisitswe go batho ba ba obamelang Modimo ka tsela e e amogelesegang go ene. Ba dira jalo ka “Mōea le ka boamarure.” (Yohane 4:23, 24) Mme ereka ka jaana re lebane le mathata a mantsi, a go na le lebaka le go ikutlwa gore re tla tsamaya re tshela mo lefatsheng le le itumetseng?