LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w83 2/1 ts. 11
  • A O Dirisa Lebokoso Leo?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • A O Dirisa Lebokoso Leo?
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1983
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Boeletsa Dintlha Tsa Botlhokwa
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2024
  • Go Dirilwe Gore Dintlha Tsa Konokono di Tlhomologe
    Solegelwa Molemo ke Thuto ya Sekolo sa Bodiredi sa Puso ya Modimo
  • Go Ithuta go a Duela
    Solegelwa Molemo ke Thuto ya Sekolo sa Bodiredi sa Puso ya Modimo
  • Ipaakanyetse Dipokano Tsa Phuthego O bo O di Itumelele
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—1995
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1983
w83 2/1 ts. 11

A O Dirisa Lebokoso Leo?

JAAKA o ile wa bala Tora ya Tebelo mo ngwageng e e fetileng, a o ile wa lemoga karolo e ntšha e e bonalang mo ditlhogong tse di rulaganyeditsweng thuto ya phuthego? Leo ke lebokoso le le nnyennyane, jaaka le o tla le bonang mo tokololong eno mo ditsebeng 19 le 26. Lebokoso leno ke eng?

Re ka nna ra bitsa karolo eno e ntšha ‘lebokoso la go ruta,’ ka go bo ke jone boikaelelo jwa tiriso ya lone. Didikadike tsa batho di tla dithutong tsa Bibela tsa phuthego, di dirisa Tora ya Tebelo. Mme palo e e rileng ya batsamaisi ba ba abetsweng go ruta mo dipokanong tseno ba ile ba bega gore batho bangwe ba na le bothata jwa go tshwara dintlha tsa botlhokwa mo dithutong dingwe tse di rileng. Se ga se gakgamatse, ka go bo moaposetoloi Petere a ile a dumela gore Bakeresete ba bantsi ba ba tloditsweng mo lekgolong la ntlha la dingwaga ba ile ba bona mekwalo ya ga Paulo e tshotse “dilō diñwe gōna tse di thata go tlhalogañwa.” (2 Petere 3:16) Gape, babadi ba bangwe ba Tora ya Tebelo ba ile ba akgela ka gore ba ne ba ka gakologelwa mo go ntsi fa go ne go na le poeletso e e digelang ya dintlha tsa botlhokwa. Mo karabelong ya ditlhokafalo tse di ntseng jalo, mabokoso ano a ile a simolodisiwa.

Jaanong, morago ga dikgwedi di sekae, a mabokoso ano a a rutang a anaanelwa le go dirisiwa? Kgaitsadi mongwe wa Mokeresete kwa Ohio o ne a kwala ka gore: “Ke le lebogela thata dintlha tsa poeletso tse di bonalang kwa bofelong jwa ditlhogo tsa dithuto tsa Tora ya Tebelo. Ele ruri di nthusa go tlhaloganya sentle dintlha tsa botlhokwa tse di tshwanetsweng go gakologelwa.”

Mmè mongwe wa basimane ba babedi o ne a akgela ka gore: “Ke batla go lo itsise gore re anaanela le go ipelela dipotso le mafoko a a bonalang mo lebokosong la poeletso tse lo nnileng lwa di ntsha kwa bofelelong jwa setlhogo sengwe le sengwe sa thuto. Ele ruri di na le mosola o montsi go boeletsa mo bekeng e e tshwanang le mo bekeng e e tlang fa re tla bo re ithuta setlhogo se se latelang.” Go pota ka kwa mo go se se setseng se ne se ntse se bonala, Mokeresete mongwe kwa New York o ne a bolela ka gore: “Ke solofela gore ke thato ya ga Jehofa gore dipotso tseo di tla tswelela mo ditokololong tsotlhe tse di tlang mo isagweng. Ele ruri di go thusa go tlhaloganya seo dithuto di leng ka ga sone sotlhe.”

Dikakgelo tse di latelang tse di dirilweng ke mmadi wa ka metlha wa kwa Ennyelane gongwe di ka go thusa go bona ditsela tse o ka dirisang mabokoso ano a poeletso: “Ke fitlhela dithuto tsa Tora ya Tebelo tse di nang le mabokoso le dipotso kwa bofelong di le thuso e kgolo mo go nna go tlhaloganya sotlhe se dithuto di leng ka ga sone. Go a gakgamatsa gore di nwela ka bogolo jo bo kanakang. Morago ga go bala setlhogo sotlhe ga ke kgone ka metlha go araba dipotso tse ke neng ke akanya gore ke ka di kgona. Ka jalo ke boelela setlhogo gape kana lekgetlo la boraro go fitlhelela ke araba potso nngwe le nngwe. Mme ke bona gore go ile ga nthusa go gakologelwa mo go oketsegileng.”

Fela jaaka o fetsa thuto ya gago ya botho ya sedhogo, ke ka ntlha yang o sa boelele lebokoso leno la go ithuta ntlha ka ntlha. Fa ele gore, kwa ntle ga go lebelela setlhogo gape, o ka araba potso nngwe le nngwe kana wa gakologelwa ntlha nngwe le nngwe ya konokono, go tla bo go le molemo! Mme fa o sa ntse o na le pelaelo nngwe ka ga karabo e e rileng, kana o ikutlwa gore go tshwara ga gago ntlha e e rileng ga go a tsepama mo go kalo go ka e tlhalosetsa ba bangwe, boela kwa morago mo setlhogong se se tshwanelang. Go boeletsa fela go ne foo go tla tokafatsa kutlwisiso ya gago mme go tla nonotsha dintlha tse jaaka thuso ya kgakologelo. Ga go ne go tsaya nako e ntsi, mme go tla nna le matswela a a duelang.

Fa o tsamaisa thuto ya Tora ya Tebelo ya phuthego, o na le lebaka le le oketsegileng la go dirisa mabokoso ano a poeletso. Itlhaganedise thuto gore o tle o kgone go nna le nako nngwe e e setseng go boeletsa dintlha go isa kwa bokhutlong, mme o kaele tlhokomelo mo lebokosong. Go na le fela go bala dintlha, kana go ntsha kakantsho ya gore bareetsi ba dire jalo kwa magaeng a bone, leka go akaretsa ntlha nngwe le nngwe. Fa di le mo seemong sa potso, o ka nna wa batla go botsa bareetsi jaaka ‘tlhatlhobo ya dibuka di tswetswe.’ Ka tsela e e ntseng jaana botlhe ba ba neng ba le mo thutong ba tla bona gore dintlha tsa botlhokwa mo thutong e ne e le dife. Wena le bone le tla gakologelwa dintlha tsa konokono ga botoka gape!

Ke tsholofelo ya rona gore karolo eno e tla tswelela go go thusa jaaka o batla go itse boammaaruri jo bo ka gololang batho mme jwa ba gogela botshelong jo bosakhutleng.—Yohane 8:32; 17:3.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela