A O Ikutlwa O Bolokesegile?
Isagwe e e Bolokesegileng e Gaufi!
“LO SEKA lwa ikanya babusi, kana motho yo o swang—ga a na poloka.” (Pesalema 146:3, The Jerusalem Bible) Kgakololo eo e e tlhamaletseng e e saleng e neelwa dingwaga tse di dikete tse pedi tse di fetileng e bonala bogolo gompieno fa baeteledi pele ba mapolotiki, baitseanape, baruti le baeteledi pele ba bosole ba leka go neela pheko ya mofuta mongwe le mongwe ya mathata a setho.
Ke ka ntlha yang re sa tshwanela go ikanya “babusi”? Ka ntlha ya gore, lefa e le gore ba na le tumelo nngwe e sele, bofelelo jwa lefatshe le jwa setho ga bo mo diatleng tsa bone. Bibela ka papamalo e tlhalosa ka gore: “Lehatshe ke ya ga Yehofa, le botlalō yoa yeōna; lehatshe le ba ba agileñ mo go yeōna.” (Pesalema 24:1) Ee, lefatshe ke selwana sa ga Jehofa, sebeo sa gagwe sa dinao, mme le filwe setho go le dirisa ka kanaanelo.—Genesise 1:28; Isaia 66:1.
A motho o ile a somarela ka tshwanelo le ka tlhokomelo selwana se a nnisitsweng mo go sone go se tlhokomela? A o itshupile a tshwanelwa ke go tswelela a le motlhokomedi mo lejaneng leno le le tlhokegang mo lobopong? Matladika le kgotlelo tse di anamisitsweng ke motho go dikologa lefatshe ke bosupi jo bo mo pontsheng jwa go palelwa ga gagwe. Matlakala le leswe le le tlogetsweng mo mebileng ya ditoropo, le le tshololetsweng mo dinokeng le go eledisiwa mo matshitshing a mawatle ke bosupi jo bo iponatsang gore banni ba bantsi ba lefatshe ga se batlhokomedi ba ba tshwanelegang. Ditiro tsa bone tsa bogagapa di bopela isagwe le polokesego ya bao ba batlang botshelo mo lefatshing je le phepafaditsweng.
Jaanong ke dikgato dife tse babusi ba batho ba di tsayang fa thoto e sa tlhokomelwe le rente e sa duelwe? Kgato ya kafa molaong ea tsewa go leleka ba ba tlolang molao. A Morena wa Lobopo lotlhe Jehofa ga a na tshwanelo ya go leleka bao ba bopelang polokesego ya lefatshe ya isagwe? Ee, ele ruri o tshwanetse, ereka e le ene “o bopileñ lehatshe oa le diha; . . . o no o se ka oa le tlhōlèla lehèla.”—Isaia 45:18.
A Go Na Le Setshwani Sa Pele?
Fa Jehofa a ne a neela Iseraela ditshwanelo tsa Lefatshe ja Tsholofetso, dingwaga tse 3 500 tse di fetileng, o ne gape a tlhoma dikaelo tse di papametseng: “Lo bo lo se ketla lo itshepolola lehatshe ye lo nnañ mo go yeōna: gonne madi a leshwèhatsa lehatshe: . . . Me u se ka ua itshekolola lehatshe ye u le nnañ.” (Dipalo 35:33, 34) Go fetela ka kwa ga Iseraele wa bogologolo, ditiragalo tsa setho mo ntlheng eno ga di eletsege. Mo makgolong a dingwaga lefatshe le ne la itshepololwa ka madi a didikadike tsa batho ba ba bolailweng mo ntweng kana mo dipolaong tsa sepolotiki le tsa sedumedi, di felela ka go oketsega ga dintsho tse dintsi tsa dingwaga tseno tsa lekgolo la bo-masome a mabedi ka ntlha ya bokebekwa le go senya mpa.
E ne ya re kwa bofelelong Iseraele wa bogologolo a tlhokomologa melao ya ga Jehofa mme a bona maduo a gone—go lelekiwa mo lefatsheng la gagwe. Morafe wa ditso tse pedi wa Juda o ne wa latela tsela e e tshwanang mme wa tshwanelwa ke go kgalemelwa jaana: “Lehatshe le bile le tsenye leshwè tlhatse ga banni ba yeōna; ka ba tlodile melaō, ba hetotse ditaō, ba robile kgolaganō ea bosakhutleñ.” (Isaia 24:5) Ka ntlha ya gona moo, ba ne ba boga botlhoko ka go isiwa botshwaro dingwaga tse di masome a supa. Ka tsela e e tshwanang Jehofa o tla tsaya kgato mo kokomaneng eno e e fetang ka bofefo.—Luke 21:25-36.
Ke kgato efe e Jehofa o tla e tsayang? Bibela e bolelela pele gore phepafatso ya lobopo lotlhe e e laotsweng ke Modimo e gaufi. Ke ntwa e e boleletsweng pele bogologolo ya Hara-Magedona. Ga e ketla e nna thulano magareng a puso ya batho ka batho le Bokomanisi. Kganetsano e kgolo ka fa ponong ya Modimo e kwa godimo thata mo dipolotiking tsa batho tse di makgaphila. Kganetsano eo e kaga bolaodi jwa ga Jehofa jo bo siameng godimo ga lefatshe. Baganetsi ba gagwe, “mashomōshomō a meōea ea boikèpō” le batho ba ba dumalanang le bone ba akanya gore ba ka tsweledisa go nna ga bone mo lefatshing le go tlhabantshanya le kgato ya bomodimo nngwe le nngwe. (Baefesia 6:12; Pesalema 14:1-3) Katlholo ya go leleka ya ga Jehofa, Hara-Magedona, e tla tlosa mo godimo ga lefatshe baboduhatsi botlhe ba batho le bakgotledi ba polanete e e tlhokegang e. Phepafatso ya ga Jehofa gape e tla tlosa le go koafatsa “mashomōshomō a meōea ea boikepō” ba ba saleng ba ntse ba tlhotlheletsa batho ba ba bogagapa, ba ba lwelang puso.—Tshenolo 16:14, 16; 20:1-3.
Ke eng se se tla latelang polao ya Hara-Magedona? Jehofa o ne a solofetsa ka gore: “Bōnañ, ke tlhōla magodimo a masha, le lehatshe ye lesha.” Lefa e ne ya diragatswa go le go botlana fa Bajuda ba ne ba boa kwa botshwarong kwa Babilona ba ya Jerusalema ka 537 BCE, tiragatso e e tletseng ya bofelo e sa ntse e na le go diragala. Moaposetoloi wa Mokeresete Petere o ne a gatelela tsholofelo eno e e tlhomamisegang ya isagwe fa a ne a kwala ka gore: “Me, rona, kaha poleloñ ea ōna ea choloheco, re lebeletse magodimo a masha, le lehatshe ye lesha, a go tla agañ tshiamō mo go aōna.” Tsamaiso e ntšha eo e e laotsweng ke Modimo e tla tlhomamisa isagwe e e bolokesegileng mo lefatsheng mo bathong ba ba ikanyegang le ba ba utlwang.—Isaia 65:17; 2 Petere 3:13; Tito 1:2.
Fa o batla go nna le boikitsiso jo bo oketsegileng ka ga isagwe eno e e bolokesegileng tlase ga puso ya bogosi jwa Modimo ka Keresete, tswee-tswee ikutlwe o gololesegile go kopana le Basupi ba ga Jehofa mo kgaolong ya gago kana o kwalele go bagatisi ba makasine ono.