LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w82 2/1 ts. 5-8
  • Go Fodisa ka go Rapelela—A go Na le go Gobatsa?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Go Fodisa ka go Rapelela—A go Na le go Gobatsa?
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1982
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • TSHWARAGANO YA BODUMEDI
  • DIPHODISO TSE DI DIRILWENG KE JESU
  • GORENG PHAROLOGANO?
  • LEBAKA LA GO BO JESU A NE A FODISA
  • KARABO E E BOTOKA
  • A Basupi ba ga Jehofa ba fodisa batho ka kgakgamatso?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2010
  • Kafa Tumelo E Ka Thusang Batho Ba Ba Lwalang ka Gone
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1992
  • A Go Fodisa ka go Rapelela go Amogelwa Ke Modimo?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1992
  • ‘Go Fodisa ka Kgakgamatso’ go go Dirwang Gompieno—A go Dirwa ka Maatla a Modimo?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2008
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1982
w82 2/1 ts. 5-8

Go Fodisa ka go Rapelela—A go Na le go Gobatsa?

BAFODISI ba ba rapelelang ba tlhalosa gore maatla a bone a go fodisa gaa fodise mo mabakeng otlhe. Jaaka go ka akanngwa, se se bakile mathata. Fa batho ba ba lwalang ba ne ba ikaegile ka mo go feletseng mo mofodising yo o rapelelang, mme kgakgamatso e e solofetsweng e sa diragala, ka dinako tse dingwe diphelelo e nnile tse di masisi. Mo mabakeng a mangwe, batho ba bolailwe ke malwetsi a gongwe a ka neng a alafilwe ka katlego ka tsela e nngwe.

Gongwe ba gopotse se, bafodisi ba le bantsi ba ba rapelelang jaanong ba akantsha gore “balwetsi” ba bone ba nne ba bone dingaka tsa bone fa ba ntse ba tla kwa go bone gore ba rapelelwe. Ba bolela gore ba leba ngaka jaaka modiri-mmogo, e seng mmaba, mo tirong ya phodiso. Dingaka dingwe ka kelo-tlhoko di akantsha mofuta o wa phodiso ya go rapelela, ka ntlha ya mesola ya tlhotlheletso ya mogopolo e e ka nnang teng mo balwetsing ba bone.

Ngaka William A. Nolan, morago ga tlhatlhobiso e telele ya go fodisa ka go rapelela, o ne a umaka bothata jo bongwe. Erile a latedisisa dipholo di se kae tse go tulweng di diragetse, o ne a fitlhela bogalaka jo bontsi. Batho ba ne ba boleletswe gore ba fodisitswe kana ba itirile gore ba dumele jalo. Mme morago bolwetsi bo ne bo ntse bo le teng. Malwetsi mangwe a ne a le maswe go feta pele. Batho ba bantsi ba ne ba ikutlwa ba tsieditswe.

Lefa go ntse jalo, a re re motho o ne a latela kgakololo ya go nna a bona ngaka ya gagwe; mme a re re motho o ne a ipaakanyeditse ntlha ya gore gongwe phodiso e e solofetsweng e ka nna ya seka ya diragala. A go tla bo go ntse go sena mosola go ya go mofodisi yo o rapelelang—gore go lekeletswe fela? Gore re arabe se, re tshwanetse go leba ntlha ya bodumedi.

TSHWARAGANO YA BODUMEDI

Go fodisa ka go rapelela go na le tshwaragano e e tiileng ya bodumedi. Baefangele le bafodisi ba semoya ba ikutlwa gore ditiro tsa bone di ‘busetsa batho go Keresete’ A di dira jalo?

Go a lemotshega gore mo ditirelong tsa bone batho ba ka “bua ka diteme” kana ba “bolaesega semoyeng,” jaaka ba kaya—ke gore, ba nna mo mofuteng wa toro eo mo go yone ba sa kgoneng go suta mme ba lebega ba lemoga se se diragalang go ba dikologa. Ka mo go kgatlhisang, dilo tse di tshwana fela le go wa le ditoro tseo di amang bafodisi ba bodumedi bao ba bangwe, baperisiti ba “masankoma” le dingaka tsa setswana.

Ke boammaaruri, bangwe ba “bafodisi ba semoya” ba bona gore phodiso ya bone ga e amane le bodumedi. Mme lefa go ntse jalo ditirelo tsa bone le maitemogelo a bone gantsi a tshwana le a bafodisi ba bodumedi. Mme bobotlana bangwe ba kile ba dirisa tirisa-badimo kana gongwe ba na le thuto ya bodumedi jwa Botlhaba.

A ditlhaloso tseno di botlhokwa mo lekgolong leno la bo-20 la dingwaga la kgololesego? Ee, ditlhaloso tseo di botlhokwa thata, fa re dirisa diphodiso tse di neng di dirwa ke Jesu Keresete le baaposetoloi ba gagwe mo metlheng ya pele ya Bokeresete jaaka motheo wa tlhatlhobiso. Re ela eng tlhoko fa re sekaseka diphodiso tse?

DIPHODISO TSE DI DIRILWENG KE JESU

Malebana le diphodiso tse di dirilweng ke Jesu, go ne go sena “karo epe ya semoya” kana “go bolaesega semoyeng.” Le gone gaa ise a ko a neele thero e e kubulang maikutlo pele ga diphodiso tsa gagwe. Se a se dirileng gantsi se ne se sa rulaganyediwa pele gotlhelele. O ne a ka ama molwetsi fela, kana molwetsi o ne a ka mo ama fela, kana ka dinako tse dingwe o ne a ka bua fela le yo o bobolang. Mme ba ne ba fola.—Math. 8:14, 15; Luke 8:43-48; 17:12-19.

Phodiso e e neng e dirwa ke Jesu e ne e se ya tlhotlheletso ya mogopolo. Lebogo le le swabileng ga le kake la fodisiwa ka tsela eo, mme lefa go ntse jalo o ne a fodisa matlhoko ao. O ne a kgona go alafa “malwetse mañwe le mañwe aotlhe, le dipobolō diñwe le diñwe cotlhe.” O bile a ba a tsosa baswi. (Math. 4:23; Luke 6:6-11; 8:49-56) Go ne go sena ditokafalo dipe tse dinnye, lefa e le dithetelelo dipe. Go ne go sa utlwiwe mafoko a a tshwanang le “maswabi” kana “tsietso” malebana le diphodiso tsa ga Jesu. Le e teng baba ba gagwe ba ne ba dumela gore dilo tse di ne di diragala. (Yoh. 11:47, 48) Goreng go na le pharologano gareng ga nako eo le ya jaanong?

GORENG PHAROLOGANO?

Ereka go na le tumalano e e anameng—le e teng ke bafodisi ba ba rapelelang—ya gore diphodiso tsa ga Jesu di ne di tswa Modimong, a e ka ne e le gore bafodisi ba gompieno ba tshwaragane le motswedi o sele wa maatla? Go ka bo go ntse jalo tota, bogolo jang fa re sekaseka tshwaragano ya bafodisi bangwe ba ba rapelelang le tirisa-badimo le maselamose. Mme ebile go botlhokwa gore, malebana le ditiro tse, Bibela e re tlhagisa jaana: “Go se ka ga hitlhèlwa mo go wèna opè . . . moñwe eo o moitseanape, leha e le moñwe eo o shwabañ ka eñ le eñ, leha e le morai, kgotsa eo o lōañ, Leha e le mophekodi, kgotsa eo o buañ le badimo, kgotsa ñaka ea bola, kgotsa eo o botsañ bashwi.”—Dute. 18:10, 11.

Mo ga se go gagamala mo bodumeding. Bogolo, go re sireletsa mo go kgotlelweng ke maatla a a timetsang a moya—badimona—bao gale le gale ba ntseng ba le kgatlhanong le dikgatlhego tse di botoka tsa setho. Go fodisa ka go rapelela ga segompieno, ka tshwaragano ya gone le maselamose, go pepenene gore go farologane le diphodiso tse di neng di dirwa ke Jesu Keresete, ereka ka metlha a ne a ikeha ditlhotlheletso tseo. Sengwe le sengwe se se dirwang tlase ga tlhotlheletso ya maatla ano ka mo go sa tilegeng se tla feletsa ka dikgang tsa “maswabi” le “tsietso.”

Ntlha e ya motswedi o sele wa maatla e tlhatswega sentle fa re lemoga gore ga go na lebaka la go solofela gore mofuta wa phodiso o o tshwanang le wa ga Jesu o ka dirwa gompieno. Tiro ya go fodisa ya ga Jesu le baaposetoloi ba gagwe e ne ya diragatsa boikaelelo jwa yone.

LEBAKA LA GO BO JESU A NE A FODISA

Fa Timotheo tsala ya ga moaposetoloi Paulo a ne a lwala, Paulo o ne a akantsha go dirisiwa ga beine jaaka molemo e seng peo ya diatla. (1 Tim. 5:23) Ka ntlhayang? Gonne Bakeresete ba pele ba ne ba sa lebe neo ya go fodisa jaaka mokgwa wa kalafi. Le gone ba ne ba sa laolelwa go tlhokomela botsogo jwa setho ka nako eo.

Fela jaaka Jesu, e ne e le bareri. Jesu o ne a tlhalosetsa Ponto Pilato boikaelelo jwa gagwe jo bogolo mo botshelong fa a ne a re: “Ke tsalecwe gōna mouō, me ke tletse gōna mouō mo lehatshiñ, gore ke shupè kaga boamarure.”—Yoh. 18:37.

He, ke ka ntlhayang fa a ne a fodisa? Go fodisa, gammogo le dikgakgamatso tse dingwe, e ne e le sesupo. Go ne go supa gore molaetsa wa Bokeresete tota o ne o tswa go Modimo, e le “boamarure.” Moaposetoloi Paulo o ne a bontsha seno fa a ne a kwala jaana: “Ana rona re tla halola yañ, ha re tlhokomologa polokō e e kalō? e e rileñ e sena go bolèlwa pele ka Morèna, ra e tlhōmamisediwa ke ba ba e utlwileñ; Modimo le ōna o nntse o shupa nabō ka dichupō, le ka dinonohō di le dintsi.” (Baheb. 2:3, 4) Ka gone, selo sa botlhokwa e ne e le molaetsa wa poloko, e seng dikgakgamatso. Dikgakgamatso di ne di rurifatsa boammaaruri jwa molaetsa fela. Fa fela seo gammogo le ntlha ya gore Modimo o ne o dirisa phuthego ya Bokeresete di sena go tlhomamisiwa, dineo tse di gakgamatsang tsa moya, go kopanyeletsa le phodiso, di ne di tla bo di sa tlhole di tlhokega.—1 Bakor. 12:27–13:8.

Mme go tweng kaga mo go bolelwang e le dikgakgamatso tse di dirwang gompieno ka leina la ga Jesu? Jesu ka boene o rile ba bantsi ba ne ba tla mo raya ba re: “Morèna, Morèna, a ga rea ka ra rèra mo ineñ ya gago, ra ba ra kgoromeletsa ntlè badimo ka leina ya gago, ra ba ra diha ditihō di le dintsi tse di nonohileñ ka leina ya gago?” Jesu a ba fetola jang? “Tlogañ ha go nna, Iona ba lo dihañ tshiamololō.” Jesu gaa ka a ganela gore ditiro tse dikgolo di ne di tla dirwa. Mme di ne di tla bo di sa dirwe ka taolo ya gagwe, ‘mo leineng la gagwe.’ Di ne di tla dirwa ka maatla mangwe a sele; ka gone, e ne e le tse di sa siamang.—Math. 7:21-23.

Mo letlhakoreng le lengwe, Jesu o ne a re ka tiro ya balatedi ba gagwe ba boammaaruri a re: “Mahoko a a Molemō a, a bogosi a tla rèrwa mo lehatshiñ yeotlhe, go nna chupō mo merahiñ eotlhe.” Gape o ne a re: “Tsamaeañ, lo dihè merahe eotlhe barutwa . . . Lo ba rutè.” Ee, bosupi gompieno e ne e tshwanetse go nna go rera le go ruta, e seng dikgakgamatso tse di tshwanang le go fodisa.—Math. 24:14; 28:19, 20.

KARABO E E BOTOKA

Ka gone, lefa melemo e e ka kgonegang ya go ya go bona mofodisi yo o rapelelang e belaetsa, diphatsa dia tlhomamisega. Go na le diphatsa tsa go tsenelela mo badimoneng, le go lebiwa ga gago ke Jesu jaaka yo o leng gare ga ba ba “dihañ tshiamololō.” Mo godimo ga moo, go na le bodiphatsa jwa go fosa karabo e e botoka thata ya mathata a malwetsi a batho go gaisa go a fodisa ka go rapelela.

Go na le karabo e e botoka—karabo e e leng ya Modimo ka boone, e re e tlhalosediwang mo Bibeleng. Buka e e tlhotlheleditsweng eno ga e solofetse phodiso ya gangwe fela mo bolwetsing. Mme ruri e neela thuso mo dintlheng tsa botsogo. Go latela kgakololo ya Bibela kaga bophepa jwa mmele le jwa boitsholo go tla re thusa go tila malwetsi a mantsi, go kopanyeletsa le dipetso tsa segompieno tsa malwetsi a thobalo le kankere ka lebaka la go goga. Go reetsa kgakololo ya yone go tla re thusa go falola makoa a a bakang kgatelelo a a ka leriwang ke bopelotshetlha, lefufa le tšhakgalo e kgolo.—Dia. 14:29, 30; 2 Bakor. 7:1; Bagal. 5:19-23.

Go feta moo, moaposetoloi Paulo o re bontsha kafa re ka ikaegang ka botlalo mo Modimong mo dipakeng tsa mathata ka teng, a a etsang bolwetsi. Mo go tlosa tlhobaelo e ntsi mme go lere “kagishō ea Modimo e e hetañ tlhaloganyō eotlhe.” Kagiso e e ntseng jaana ya mogopolo e tlhotlheletsa mogopolo sentle fa motho a lwala, kwantle ga gore motho a ikaege ka phodiso ya go rapelela.—Bafil. 4:6, 7.

Go feta se, Bibela e re itumedisa ka go tlhalosa maemo a a tla nnang teng lefatshe ka bophara morago ga fa Bogosi, e leng mmuso wa selegodimo o Jesu a neng a rera ka one, bo sena go tlosa tsamaiso ya dilo ya jaanong ya bogagapa le bothubaki gotlhelele. Ditlhaloso tse di kgatlhisa le go feta fa re lemoga gore nako ya go dirafala ga tsone e gaufi thata.

Moaposetoloi Petere o ne a re dikgakgamatso tsa ga Jesu e ne e le “dichupō” le “dikgakgamacō.” (Dit. 2:22) E ne e le “dichupō” tsa boammaaruri jwa molaetsa wa ga Jesu, mme e le “dikgakgamacō” tsa se Jehofa Modimo o tla mo nonotshetsang go se direla setho fa bogosi jwa Modimo bo dira gore thato ya Gagwe e dirwe mo lefatsheng lotlhe. Akanya ka tiro ya go fodisa le ya ntšhafatso e e tla nnang teng ka nako eo!

Fa buka ya Tshenolo e tlhalosa matswela a tiro e ya phodiso ya isagwe, e re: Modimo “o tla phimola dikeledi eotlhe mo matlhoñ a bōnè; me ga go ketla go tlhōla go le losho; le gōna ga go ketla go tlhōla go le bohutsana, leha e le selelō, leha e le botlhoko: dilō tsa pele di hetetse rure.” Tsholofetso eno ke e e ikanyegang. Ga go kitla go nna le ditsholofelo tse di swabisitsweng kana tsietso, ereka Modimo ka boone o re: “Kwala: gonne mahoko a, a boikanō, le boamarure.”—Tshen. 21:4, 5.

A o amega ka bothata jwa bolwetsi le loso? Bontsi jwa rona re ntse jalo. He, goreng o sa tlhatlhobisise ditsholofetso tseno tsa Modimo? O tla fitlhela gore di ikanyega fela thata le go kgotsofatsa go na le go fodisiwa ka go rapelelwa.

[Lebokoso mo go tsebe 6]

Diphodiso tsa ga Jesu—

• kwantle ga pelaelo di ne di tswa Modimong

• di ne di fodisa mo mabakeng otlhe

• gantsi di ne di sa rulaganyediwa gotlhelele

• di ne di bolelwa di atlega le e leng ke baba ba gagwe

• di ne di rulaganyeditswe go supa boammaaruri jwa molaetsa wa poloko

[Lebokoso mo go tsebe 7]

Diphodiso tsa ga Jesu di ne—

• DI SA amane le ditirisa-badimo kana maselamose

• DI SA patiwa ke dithero tsa go kubula maikutlo

• E SE kalafi ka mogopolo kana mofuta wa kalafi

• E SE karolo ya botlhokwa-tlhokwa ya bodiredi jwa gagwe

• DI SA bolelelwa-pele gore di tla ediwa mo motlheng wa rona

[Setshwantsho mo go tsebe 5]

Go na le dipharologano gareng ga diphodiso tse Jesu a neng a di dira le diphodiso tsa go rapelela tsa gompieno.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela