LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w81 12/1 ts. 30-31
  • DIPOTSO tse di tswang go BABADI

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • DIPOTSO tse di tswang go BABADI
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1981
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Pele le Morago ga go Ithuta Baebele—Botshelo jo bo Letobo Jwa Maloba le Isagwe e e Phatsimang
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2003
  • Metshameko ya Bogologolo e Gatelela Thata go Gapa Sekgele
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2004
  • Ke Ne Ke Rata Thubakanyo
    Tsogang!—2012
  • Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2002
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1981
w81 12/1 ts. 30-31

DIPOTSO tse di tswang go BABADI

● A Mokeresete yo o ineetseng le go kolobediwa a ka itshedisa ka go tshameka mabole mme a bo a ntse a na le kemo e ntle le phuthego ya gagwe?

Fa Mokeresete a ne a ka itshedisa ka go tshameka mabole, seno se ne se tla mo thulanya le kgakololo ya Modimo. A re akanyetseng nngwe ya kgakololo eo ya Bibela.

Dikwalo di bontsha ka phepafalo gore Bakeresete ba ba ineetseng ba tshwanetse go ntsha maungo a moya o o boitshepo wa Modimo, ao e leng lorato, boitumelo, kagiso, bopelotelele, bopelonomi, molemo, boikanngo, boingotlo, le boikgapo. (Bagal. 5:22, 23) Go itshedisa ka go tshameka mabole go thulana gotlhelele le maungo ao. Bibela e re gakolola gore re “nnè kagishō le batho botlhe” ebile re sa lwe mme re le “bonōlō hèla mo go botlhe.” (Bar. 12:18; 2 Tim. 2:24) Ka mo go tshwanang, go Yakobe 3:18 re bala gore “louñō loa tshiamō lo yalwa mo kagishoñ, lo yalelwe ba ba ratañ kagishō.” Go feta moo, re boleleIwa go ‘rata bagarona jaaka re ithata’ le gore lorato ga lo direle oo-ramotho “boshula,” mme ka jalo le sa mo gobatse.—Bar. 13:9, 10.

Go tshameka mabole ga go ne go kaiwa e le motshameko fela. Ke ntlha e e itsegeng thata ya gore bora-mabole ba tsena mo mosakong ka kgorobelelo e kgolo ya go gobatsa ba ba lwang nabo. Ka nakwana, tota ba ka ne ba nnile le boikutlo jwa go ba bolaya. Boikutlo jo bo kgonwa go ikutlwa ke babogedi, jaaka go bonwa gantsi ka tsela eo babogedi ba itshwarang ka yone kwa ntweng ya mabole. Gangwe le gape ba utlwiwa ba re, “Mmolaye! Mmolaye!”

Ka jalo ga go gakgamatse gore gangwe le gape dikoranta di bega gore ra-mabole o gobetse thata mo mosakong. Mo maboleng go na le gore mongwe a ka nna a nna mmolai, mme, jaaka moaposetoloi Johane a tlhalosa, “lo itse ha go se mmolai opè eo botshelō yo bo sa khutleñ bo nntseñ mo go èna.” (1 Yoh. 3:15) Se se dumalanang le seno ke kakanyo ya mongwe yo o kileng a bo a le mogolwane wa tsamabole gore mabole ke “polao ya semolao” le gore a tshwanetse go thibelwa ka molao. Gape a tlhalositswe e le “tlhaselo ka boikaelelo jwa go gobolola.” Ntlha e nngwe gape e e hutsafatsang ka go itshedisa ka mabole ke mofuta wa batho ba ba tsamaisang motshameko ono. Gantsi o laolwa ke dikebekwa tsa sephiri.

Ka ntlha ya dintlha tseno, bagolwane ba tshwanetse go ikutlwa jang ka Mokeresete yo o ineetseng le go kolobediwa yo o itshedisang ka mabole? Santlha, ba tla tshwanelwa ke go gakolola mokaulengwe yoo mo tumalanong le melao-metheo ya Dikwalo e e umakilweng fa godimo. (Bagal. 6:1) Ka bopelonomi mme ka tlhomamo, ba tshwanetse go neela mabaka a gobo motshameko oo o sa tsamaisane le go nna molatedi yo o ineetseng wa ga Jesu Keresete, “Kgōsana ea Kagishō.” (Isa. 9:6) Ba ka mmontsha gore Mokeresete o tshwanetse go dira “se se molemō ka diatla tsa gagwè.” Go bona madi jaaka ramabole ka go tapeta yo mongwe mo mosakong wa mabole ga go ne go twe ke tiro e e “molemō.”—Baef. 4:28.

Motho yoo gape o tshwanetse go gakololwa gore lefa mabole a ka ne a mo tshedisa sentle. ga go tlhokege gore Bakeresete ba ineele mo boitshedisong joo, gonne Lefoko la Modimo lea re tlhomamisetsa, go Bahebera 13:5, 6, gore: “Lo ikgololè mo go rateñ khumō ea madi; lo nnè boitumèlō ka dilō tse lo nañ nacō: gonne go buile èna ka esi, a re, Ga nketla ke gu tlhōkahalèla gopè, le gōna ga nketla ke gu latlha gopè. Yalo re bua ka go inametsa pelo, re re, Yehofa ke mothusi oa me; ga nketla ke boiha: ana motho o ka ntihañ?

Jalo he, motho yoo o tshwanetse go neelwa lobaka lo lo utlwalang lwa nako gore a kgaotse boitshediso kana tiro ya gagwe e e seng ya Bokeresete. Fa a retelelwa ke go dira jalo go tla kaya gore bagolwane ga ba ne ba nna le tsela-pedi mme ba tla mo ntsha mo phuthegong.—1 Bakor. 5:11-13.

● Go Mathaio 4:1 ga twe “Yesu a gōgèlwa ke Mōea kwa nageñ, a ea go raèlwa ke diabolo.” A go tewa moya o o boitshepo wa Modimo?

Moya o o boitshepo wa ga Jehofa ke one o o gogetseng Jesu kwa nageng, morago ga kolobetso ya gagwe. Jesu o ne a ikitsa dijo, mme ebile o ne a ka bo a rapela le go tlhatlhanya. (Bapisa Mathaio 4:2; Mareko 1:35; Luke 5:16.) Go bonala gore Jehofa a ka ne a dirisitse lobaka lono go buisana le Morwa wa gagwe yo o tsetsweng a le esi, go mo neela ditaelo, go mo sedimosetsa ka mo go oketsegileng le go mo nitamisa, a mo siamisetsa tse di fa pele.

Jehofa o ne a ka itsetse-pele gore fa a gogela Morwa wa gagwe kwa nageng mabapi le boikaelelo jwa Gagwe go ne go tla feleletsa a lekilwe ke Diabolo. Mme thaelo e e tlileng kwa bokhutlong jwa go tlhola ga ga Jesu ka malatsi a le 40 kwa nageng e ne e sa rulaganngwa ke Modimo. Bogolo, e ne e letleletswe fela.

Go ne go le botlhokwa gore boitemogelo jwa ga Jesu bo tshwane le jwa ga Moshe. Moperofeti yoo o ne a le mo thabeng ka malatsi a le 40 fa a ne a amogela kgolagano ya Molao le ditaelo tse di maloka le tiro ya gagwe e le motsereganyi. (Ekes. 24:18; 34:28) Jesu, e leng moperofeti yo mogolo go Moshe, o tshwanetse a bo a amogetse ditaelo maloka le kgolagano e ntšha eo balatedi ba gagwe ba neng ba tla tsenngwa me go yone jaaka Baiseraele ba semoya le eo a neng a tla e tseregana, fa a ne a le kwa nageng. (Dute. 18:18, 19; Luke 22:20, 28-30) Mme fela jaaka Moshe a ne a lebane le teko e e thata ya boikanyegi jwa gagwe fa a ne a fologa a bo a bona Baiseraele ba obamela namane ya gauta ebile ba batla go boela kwa Egepeto, Jesu le ene o ne a lekwa thata kwa bokhutlong jwa boitemogelo jwa gagwe jwa malatsi a le 40.—Ekes. 32:15-35.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela