LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w81 8/1 ts. 3-5
  • A o ka rate mogaeno mme wa goga?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • A o ka rate mogaeno mme wa goga?
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1981
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • A GO TSAMAISANA LE GO RATA MONG-KA-WENA?
  • A GO GOGELA KWA THOKO KE SEBE?
  • A O KA ITSHWARELWA KA NTLHA YA BOKOA?
  • Ke ka Ntlha Yang fa o Tshwanetse go Tlogela go Goga?
    Tsogang!—2000
  • Ke Eng se ke Tshwanetseng go se Itse ka go Goga Motsoko?
    Dipotso Tse Basha ba bi Botsang—Dikarabo Tse di Nang le Tharabololo—Bolumo 1
  • Se o Ka se Dirang Gore o Tlogele go Goga
    Tsogang!—2000
  • Modimo o Leba Jang go Goga Motsoko?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2014
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1981
w81 8/1 ts. 3-5

A o ka Rate Mogaeno Mme wa Goga?

Batho ba ba gogang ga ba kgotlhele moya oo ba bangwe ba tshwanetseng go o hema fela mme gape ba ikoafatsa ka bobone. Bone ka bobone ba ka bo ba tsogile sentle fa ba ka bo ba latlhile motsoko. Ebile ba ne ba tla boloka madi a mantsi ka go sa kgotlhele​—disekerete di ja bokana ka R700 mo ngwageng. Ka jalo, seo mogogi a ka se dirang fela ke go latlha motsoko.

Akanyetsa go kgotlhela ga mosi oo o kuelelang mo ntlheng e e tshubilweng ya sekerete. O botlhole thata go gaisa mosi o o gogilweng ke mogogi. Mosi wa ka fa ntle o na le bokgakga le nicotine tse di menaganeng sebedi, carbon monoxide e e menaganeng ga tlhano le ammonia e e menaganeng ga-50 go na le mosi o o gogiwang, go sa umakiwe matlhole a mangwe.

Go tshubiwa ga disekerete di le 10 mo sejanageng se se tswetsweng go oketsa bontsi jwa carbon monoxide go feta ditekanyetso tsa phepafalo ya moya tse di letleletsweng ke mmuso wa United States. Times ya kwa New York e tlhokometse gore “kwa maitisong a a tlwaelegileng a yunibesithi, mosi wa disekerete o feta tekanyetso ya phepafalo ya moya kwa United States ga-40.” Ebile, jaaka go bontshitswe fa godimo, go tlhomamisitswe gore bao ba pateletswang go hema mosi o o ntseng jalo ka metlha baa gobala.

A GO TSAMAISANA LE GO RATA MONG-KA-WENA?

Bibela e re ‘go rata mong-ka-wena jaaka o ithata’ ke ‘molao wa segosi,’ ka gone e gatelela botlhokwa jwa molao o. (Yak. 2:8) A go ne go tla bontsha lorato lwa moagelani fa ka boomo o latlhela matlakala mo segotlong sa gagwe kana o mo mathela ka mathe mo sefatlhogong? “Le eseng tota!” o ka rialo. A go direla moagelani wa gago dilo tseno e tla bo e le sebe?

Tlhaloso ya sebe e thusa mo go arabeng potso eno. Bibela e re, “Boleo ke go tlola molao.”​—molao wa Modimo. (1 Johane 3:4, Today’s English Version) Ka jalo go direla mong-ka-wena sengwe se se bosula jaaka go mathela sefatlhogo sa gagwe ka mathe kana go tshela matlakala mo segotlong sa gagwe e tla bo e le sebe. E tla bo e le go tlola ‘molao wa segosi’ oo o reng, “U ratè moñwe ka wèna yaka u ithata.”

Mme seno se amana jang le go goga? Dr Isaac Asimov, a kwala mo karolong ya makasine ya Cancer News, o bontshitse ka phepafalo gore go amana jang. O rile: “Fa mongwe a goga mabapa le nna, gaa fitlhe bogole jwa gagwe. Mosi wa gagwe o o maswe o ntsena mo makgwafong le mo mading. Monkgo wa gagwe e nna monkgo wa me ebile o a nngaparela. Ebile, o dira gore ke tshwarwe ke bolwetsi jwa pelo le kankere ya makgwafo ga motlhofo.”

Fa Dr Asimov a ne a araba bagogi bao ba neng ba re kgololesego ya bone ya go goga mo gare ga ba bangwe e a kgorelediwa, o rile: “Fa a ikutlwa gore o tshwanetse go goga le gore fa ke mo thibela ke kgoreletsa kgololesego ya gagwe, he a o tla intshwarela fa ke ikutlwa gore ke tshwanetse go mo raga mo dimpeng le gore fa a nthibela o tla bo a kgoreletsa kgololesego ya me? A ko re re: Kgololesego ya gago ya go goga e khutla foo makgwafo a me a simololang teng.”

Ga go na kgoro ya botso, go raga mongwe mo dimpeng, go mathela sefatlhogo sa gagwe ka mathe, kana go latlhela matlakala mo segotlong sa gagwe ga go tsamaisane le go rata mong-ka-wena. Go ntse fela jalo kaga go goga. Go tshwenyana le ditshiamelo tsa ba bangwe—go a ba gobatsa bogolo go go ba rata. Ee, go goga ke sebe.

Lefa go ntse jalo, mogogi a ka tlhalosa jaana: “Ke lemoga gore go goga go ka nna kotsi. Ke ka moo ke se kang ke goga fa bathong.” Ka jalo, fa mongwe a gogela kwa thoko, a ke sebe? Ga ke re ga go ope yo o gobadiwang.

A GO GOGELA KWA THOKO KE SEBE?

Lefa go ntse jalo akanyetsa seno: Botshelo jwa mogogi ka boene bo a koafala. Mme tota motswedi wa matshelo a rona ke mang? “Motswedi oa botshelō o nntse nau [Jehofa Modimo],” Bibela e araba jalo. “Ōna ka osi o naea botlhe botshelō le mōea.” (Pes. 36:9; Dit. 17:25) Ee, tota botshelo jwa rona ke mpho e ntle eo re e neilweng ke Modimo.

Re bontsha go lebogela mpho ya Modimo ya botshelo jang? Ka go dira seo se tla e senyang? Le eseng! Go dira jalo ka boomo kwa ntle ga potso go tla bo go le phoso. Ka mogopolo o o ntseng jalo, tlhatlhoba polelo ya ga Joseph Califano, yo o neng e le mokwaledi wa Boitekanelo, Thuto le Leago wa United States, e e reng: “Gompieno ga go pelaelo ya gore go goga eleruri ke go ipolaya ga ka bonya.”

Go bolaya motho ka boomo go phoso​—ke sebe. Bibela e laola Bakeresete gore ba se ka ba leswefatsa le eleng mebele ya bone. E kgothaletsa ka go re: “A re itshekiseñ mo maitshekologoñ aotlhe a nama le a mōea.” (2 Bakor. 7:1) Gore mogogi a tle a obamele taolo eno o tshwanetse go latlha motsoko, ka ruri e le go itshekolola. O leswefatsa menwana, meno, mohemo, diaparo tsa mogogi​—tota sengwe le sengwe seo o rakang naso.

Mme go tweng fa mogogi a batla go o latlha, mme lefa go ntse jalo a tshwakgogile mo eleng gore ga a kgone? A Modimo ka kutlwelo-botlhoko o tla utlwisisa seo, ka Jesu Keresete a rile, “Mōea ōna o tlhaga, me nama e bokoa”?​—Math. 26:41.

A O KA ITSHWARELWA KA NTLHA YA BOKOA?

Ga se magatwe, go latlha motsoko go ka nna thata tota. “Go ne go le motlhofo thata go latlha motokwane go na le disekerete,” batshwakgogi ba umakile jalo. Matshwao a morago ga go lesa motsoko one a nna ka lobaka lo loleele bogolo. “Go ba bantsi, keletso e nna bobotlana kgwedi,” go tlhokomela jalo makasine wa Science 80, “ebile go ba le nngwe-tlhanong ba bone e tswelapela ka dingwaga di le tlhano go ya go di le bofera-bongwe morago ga go o latlha.”

Seno se thusa mo go tlhaloseng gore ke ka ntlhayang ba bantsi ba latlha motsoko ka nakwana, mme ba bo ba simolola gape. Bagogi ba le bofera-bongwe mo go ba ba lesome ba batla go o latlha. Mme go katoga motsoko ke ntwa e e tswelang-pele ya tsatsi le letsatsi, ka dinako dingwe e tsaya dingwaga-ngwaga. Ba bantsi ba fentse ntwa eno. Ba bantsi-ntsi ba lole mme ba fentswe. Fa motho a lekile go o latlha mme a reteletswe, a go botlhale go akanya gore Modimo o tla utlwisisa mme a itshwarela bokoa jono?

Motswedi wa bothata ke gore motho a ka ne a ipelela go goga. Lefa go ntse jalo moo ga go reye gore tlwaelo eno e ka tsweletswa fa Modimo o sa e rate. Bibela e re, “bogolo go go ya monate oa dikgatlhègō tsa boleo ka lobaka[nyana],” Moshe ka botlhale o ne a tlhopha go direla Modimo. (Baheb. 11:24-26) Modimo o lebeletse gore batlhanka ba gagwe ba tlhabane le ditlwaelo tse di ganetsanang le melao ya gagwe mme, ka thuso ya gagwe, ba bo ba di fenye.

Akanyetsa kgokahalo e le sekai. Ke tlwaelo e e ka bonalang e itumedisa ka lobakanyana. Mme fa e tlwaetswe, go eletsa ga motho go kabakanya ba a tla lalang nabo go ka gola fela jaaka keletso ya go goga sekerete. Lefa go ntse jalo kgokahalo ke go tlola molao wa Modimo, ebile baitlwaetsi ba kgokahalo ba ka boomo, ba ba sa sokologeng ga ba ne ba abelwa mpho ya Modimo ya botshelo jo bo sa khutleng. Go ntse fela jalo le ka bao ba tswelang-pele ba goga.​—Baheb. 13:4; Bar. 6:23.

Go tlhokega boiteko jo bogolo gore go obamelwe melao ya Modimo. Go ne go ntse fela jalo ka Morwa Modimo, eleng Jesu Keresete. O ne a boga pogiso e e di fetang tsotlhe, labofelo a swa loso lo lo boitshegang. Mme o ile a ikanyega go Modimo. Go batho ba bangwe, matlhoko a a utlwiwang fa ba tshwanetse go latlha motsoko a ka bonala a le thata fela jaaka go itshokela dipogiso tseo Jesu Keresete a di bogileng. Lefa go ntse jalo tlwaelo ya go goga motsoko e ka fenngwa.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela