Go Fisa Bibela ga Motlha wa Segompieno Goa Palelwa mo Boikaelelong jwa Gone
“Kgosi ea o sega ka thipana, ea o latlhèla mo moleloñ o o mo ishwaneñ, ga tsamaea momenō otlhe oa yèwa ke molelō o o mo ishwaneñ.”—Yer. 36:23.
1. Ke ka ntlhayang go fisiwa ga Bibela yotlhe kana ka bontlhanngwe go se mo go sha?
GO FISIWA ga Bibela e e Boitshepo yotlhe kana bontlhanngwe jwa yone ga se mo go sha. Kgang ya ntlha e e begilweng ya selo se se jalo e diragetse ka dingwaga tse di fetang 2 600 tse di fetileng. Mo e ne e le mo metlheng ya kgosi ya bofelo ya boraro ya morafe oo o neng o neetswe Bibela mo tshimologong.
2. Ke eng se se dirileng gore boperofeti jo bo kwadilweng jwa ga Jeremia e nne setlhosetsa-molelo?
2 E ne e le ka paka ya mariga kwa Jerusalema, moo Kgosi Jehoiakime a neng a ntse gaufi le leiswana leo mo go lone molelo o neng o tuka go thutafatsa kamore eo ya setulo sa bogosi. Faele kaga ka moo karolo e e botlhokwa ya Bibela e e Boitshepo e ileng ya nna setlhosetsa-molelo mo leiswaneng ka gone, polelo ya dintlha e a re itsise. Go tswa mo go yone rea tsopola:
“Me ga dihala ea re ka ñwaga oa bonè oa ga Yehoiakime morwa Yosia, kgosi ea Yuda, lehoko ye, ya tla mo go Yeremia le cwa kwa go Yehofa, ya re, Tsaea momenō moñwe oa lokwalō, me u kwalè mo go ōna mahoko aotlhe a ke a buileñ nau ke nyatsa Iseraela, le Yuda, le merahe eotlhe, go simolola ka letsatsi ye ke buileñ nau ka yeōna, go simolola ka metlha ea ga Yosia, go tla mo lobakeñ loa gompiyeno. E ka tla ea re goñwe ba ntlo ea Yuda ba utlwèle boshula yotlhe yo ke ikaeletseñ go bo ba dihèla; gore ba boeè moñwe le moñwe mo tseleñ ea gagwè e e boshula; gore ke ba ichwarèlè boikèpo yoa bōnè le boleo yoa bōnè.” (Yer. 36:1-3)
Fa re bala dikgaolo tse di fetileng tse 35 tsa buka ya Jeremia, re ka lemoga sentle ka moo molaetsa wa gagwe o o kwadilweng o tshwanetseng wa bo o ne o sa tlwaelega ka teng.
3. Ke ka ntlhayang Jeremia a neng a sa leke go itira yo o letshwenyo, mme go ne go santse go setse nako e e kae gore batho ba dire sengwe ka boemo jo?
3 Gompieno molaetsa o o tshwanang le oo Jeremia a neng a bolelelwa gore a o kwale mo ‘momenong wa lokwalo’ o itshupa go nna o o sa tlwaelegang fela jalo. Lefa go le jalo, go bolelwa ga molaetsa ga se fela go rumola batho, go ba tlhorontsha, go ba tlhokofatsa ka go goa tatlhego. Bakeresete bao gompieno ba tshwanang le moperofeti Jeremia ga ba leke fela go itira ba ba letshwenyo. Nnya, mme ba neela tirelo ya botlhe ka go tlhagisa batho botlhe kaga tshenyego-kgolo e e tlang ya merafe yotlhe. Seno se ne se ka tlhotlheletsa batho bangwe go ikwatlhaya le go sokologa fa Modimo o santse o tlogeletse dilo. Ka ntlha ya tsela e, bano morago ba ne ba ka bolokiwa ka nako ya tatlhego ya lefatshe e e fa pele. Morago koo mo motlheng wa ga Jeremia morafe wa Juda o ne o santse o na le dingwaga di le 18 fela go fitlha fa Bababilona ba ne ba senya motse o o boitshepo Jerusalema. Gompieno, morago ga dingwaga di le 60 tsa go dira ga setlhopha sa ga Jeremia, setshwani sa Jerusalema, La-Bodumedi, se santse se na le nako e e kana-kang pele ga fa tshenyo ya sone ya tatlhego e simolola “sepitla se segolo” sa lefatshe lotlhe?—Math. 24:21, 22.
GO NEELWA GA PHATLALATSA GA MOLAETSA WA TATLHEGO
4. Morago ga fa Jeremia a sena go wetsa go rulaganya dipolelelo-pele tsa gagwe go tloga tshimologong go ya pele, molaetsa o ne wa neelwa jang go Jerusalema, mme ka ntlhayang?
4 Ka go utlwa Jeremia o ne a biletsa mokwaledi wa gagwe, Baruke morwa Neria, molaetsa. Lokwalo lo lo weditsweng lo ne lo tshotse mafoko otlhe a ga Jehofa a a boleletsweng Jeremia go tloga ka ngwaga wa bo-13 wa puso ya ga Kgosi Josia go ya pele, ngwaga oo Jehofa a emisitseng Jeremia yo mosha yo o neng a tlhophilwe go nna moperisiti, jaaka moperofeti. Mo go wediweng ga lokwalo, Jeremia o ne a ikutlwa a sa kgone go ka ya kwa Jerusalema, dikhilometara di kane di le 5 go tloga mo motseng wa gagabo wa Bolefi wa Anathothe, go balela mokwalo kwa godimo mo malwapeng a tempele. Ka gone, o ne a roma Baruke mokwaledi wa gagwe koo go dira jalo, a oketsa: “E ka tla ea re goñwe ba ise mekokotlèlō ea bōnè ha pele ga Yehofa, me ba boeè moñwe le moñwe mo tseleñ ea gagwè e e boshula: gonne bogale yoa ga Yehofa bo bogolo, le cacarègō ea gagwè e o e buileñ kaga batho ba.”—Yer. 36:4-7.
5. Ke nako efe eo e neng e tla bonala e tshwanetse ya gore mokwalo wa dipolelelo-pele tsa ga Jeremia o balwe mo tempeleng?
5 Ope wa rona o ne a tla rata jang go dira mmalo o o jalo o o utlwalang mo lefelong la botlhe leo batho ba neng ba saila mo go lone? Go tshwanetse ga bo go ne go tlhoka bopelokgale mo go Baruke. Lefa go le jalo, ka nonofo ya Modimo wa gagwe, o ne a go dira! Mme re tshwanetse go gakologelwa gore go tsere Baruke lobaka go kwala tsotlhe tseo Jeremia a neng a di mmiletsa. (Yer. 36:17, 18) Ereka mokwalo o ne o tshotse melaetsa ya ga Jehofa e e masisi kgatlhanong le merafe yotlhe, go akaretsa Iseraele le Juda, tiragalo ya botlhe e ne e tla neela nako e e tshwanetseng ya gore mokwalo o o jalo o balelwe kwa godimo. A re re, letsatsi la go ikitsa dijo la bomorafe! Ka nako eo ba ba ikitsang dijo ba ne ba tla bo ba kataganela mo tempeleng ya Jerusalema. Gore lobaka lo lo jalo lo diragale, nako e ne e tshwanetse go feta!
6. Ka nako ya ngwaga oo Jeremia a kwadileng mokwalo wa gagwe ka one, go ne ga bonala jang gore ke mang yo o neng a tla dirisiwa go dirafatsa boperofeti jwa ga Jeremia kaga go ribegetswa ga Jerusalema?
6 Ka jalo go bala ga ga Baruke ga mokwalo o o weditsweng ga phatlalatsa ga go a ka ga diragala mo ngwageng wa bone wa ga Kgosi Jehoiakime, o eleng ngwaga oo Kgosi Nebukadenesara wa Babilona a neng a fentse masole a ga Farwe-neko wa Egepeto ka one mme a itlhomamisa jaaka molaodi yo o kwa godimo wa lefatshe. Nebukadenesare yo e ne e le mmusi wa Moditšhaba yoo Jeremia a boleletseng-pele kaga gagwe jaaka yo o neng a tla menola Juda le Jerusalema, seno se latelwa ke go nna lerope ga lefatshe kwantle ga motho kana seruiwa ka dingwaga di le 70.—Yer. 36:6; 25:1-11.
7. Baruke o badile mokwalo wa ga Jeremia mo tempeleng ya Jerusalema ka ngwaga ofe le gona ka lobaka lofe?
7 Jaanong go tla ngwaga wa botlhano wa ga Kgosi Jehoiakime wa Juda. Ono o welana le ngwaga wa bobedi wa ga Nebukadenesare jaaka mmusi wa lefatshe. Polelo e e go Yeremia 36:9, 10 e tlhomamisa seno. E re:
“Me yana ga dihala ea re ka ñwaga oa botlhano [624-623 B.C.E.] oa ga Yehoiakime morwa Yosia, kgosi ea Yuda, ka kgwedi e e hèrañ o le moñwe hèla [Chislev, kana, November-December], batho botlhe ba ba mo Yerusalema, le batho botlhe ba ba tlañ mo Yerusalema ba cwa mo metsiñ ea Yuda, ba kua go ikitsa go ya ha pele ga Yehofa. Hoñ Baruke a bala mo lokwalon mahoko a ga Yeremia, a a bala mo tluñ ea ga Yehofa, mo ntlwaneñ ea ga Gemaria morwa Shafane mokwadi, mo lwapeñ loa godimo, ha botsenoñ yoa kgōrō e ncha ea ntlo ea ga Yehofa, a a bala mo ditsebeñ tsa batho botlhe.”
8. Baruke o simolotse go dirafatsa ditaolo tse a di neetsweng ke Jeremia ka paka efe?
8 Dipuso tsa dikgosi tsa Juda di ne di balwa go tloga ka kgwedi ya dikgakologo ya Abibe, kana Nisane. Kgwedi ya boferabongwe ya ngwaga wa Sejuda, eo e ileng ya bidiwa Chislev, e ne e tla wela mo pakeng ya mariga. E ne e tla akaretsa bontlhanngwe jwa eo re e bitsang December (leina le la Selatine e le le le kayang kgwedi ya bo-10). Mo metlheng ya Maccabee, “modihō oa boshahaco” jwa tempele ya Jerusalema morago o bile wa tshwarwa ka Chislev 25 nngwe le nngwe, mme go ne go kaiwa gore e ne e le “mariga.” (Yoh. 10:22) Go sa kgathalesege boemo jwa loapi jwa mariga jwa kgwedi ya Chislev, Baruke, mokwaledi wa ga Jeremia, o ne a tswelela ka go dirafatsa ditaelo tsa gagwe go tswa go Jeremia.
9. Dikgosana tsa Juda di ne tsa ikutlwa jang kaga mokwalo fa ba ne ba o balelwa, mme ba ne ba bolelela Baruke gore, ene le Jeremia, a dire eng?
9 Mafoko a ga Jeremia ao Baruke a a baletseng batho kwa godimo mo tempeleng e ne e le a botlhokwa go morafe otlhe. Ka jalo dikgosana tsa Juda di ne tsa romela gore Baruke a bidiwe go tla go ba balela molaetsa wa boperofeti. (Yer. 36:11-15) Fa re gakologelwa seo se neng se umakiwa ke dikgaolo tsa pele tsa boperofeti jwa ga Jeremia kaga bogosi jo bo hutsitsweng jwa Juda, re ka lemoga sentle gore ke ka ntlhayang di ile tsa boifa fa di utlwa seo Baruke a neng a se ba balela. Ka tsela ya go buelela morafe, ba ne ba ikutlwa ba patelesegile go bolelela Kgosi Jehoiakime. Ba ne ba tsaya buka ya mokwalo mo go Baruke, mme, ba ikutlwa ba tlhomogela morulaganyi le mokwadi ba buka pelo, ba ne ba bolelela Baruke gore ba ye go iphitlha ene le Jeremia. Seno se ne sa dira ka katlego.—Jer. 36:16-20.
GO FISA BIBELA GA NTLHA MO REKOTONG
10. Kgosi Jehoiakime o ne a dira eng fa Jehudi a ne a mmalela buka, mme tiragalo e e ne ya nna le phelelo efe?
10 Dikgosana di ne tsa tsena mo ntlung ya mariga ya ga Kgosi Jehoiakime go dira pego ya bone. O ne a batla gore momeno wa boperofeti jwa ga Jeremia o mo tle diatleng. Ka jalo a roma leotlana la kgotla leo le neng le bidiwa Jehudi go lere buka go tswa kwa tempeleng moo e neng e tlogetswe gona. Go ne ga diragala eng jaanong jaaka Jehudi a ne a tswelapele go menolola momeno le go balela karolo ka karolo kwa godimo? “Me ga dihala ea re Yehudi a sena go bala ditsèbè di le tharo kgotsa di le nnè, kgosi ea o sega ka thipana, ea o latlhèla mo moleloñ o o mo ishwaneñ, ga tsamaea momenō otlhe oa yèwa ke molelō o o mo ishwaneñ. Me ba bo ba sa boihe, leha e le go ikgagola diaparo, leha e le kgosi, leha e le opè oa batlhanka ba eōna ba ba utlwileñ mahoko aotlhe auō.”—Yer. 36:21-24.
11. Boitshwaro jwa ga Jehoiakime bo ne jwa farologana jang le jwa ga Josia rraagwe fa a ne a balelwa Duteronome, mme a Jehoiakime o ne a utlwa Duteronome 17:18-20?
11 Abo ke tlontlololo e e kana-kang ya lefoko le le kwadilweng ka tlhotlheletso la Modimo! Abo kgato e ya ga Jehoiakime e ne e farologane jang le boitshwaro jwa ga rraagwe Josia! Fa momeno wa buka ya Duteronome jaaka o ne o kwadilwe ke moperofeti Moshe o o neng o bonwe ka nako ya go phepafadiwa ga tempele e e leswefaditsweng, Josia o ne a dira gore mokwaledi a o mmalele. Josia o ne a o tsaya ka masisi mme a kgagola diaparo tsa gagwe. Morago a etelela batho ba gagwe pele mo go direng kgolagano e e kgethegileng le Jehofa ya go mo utlwa le go dirafatsa kobamelo ya gagwe e e itshekileng. (2 Ditih. 34:14-33) Go feta moo, lenaane lone leo la molao le ne le laola kgosi nngwe le nngwe ya Iseraele ya nako e e tlang go kwala sekaelo se se tshwanang gotlhelele sa molao le go se bala ka metlha mme a se boloke. (Dute. 17:18-20) Go na le ditshupo dife tsa gore Kgosi Jehoiakime o dirile selo se se jalo sa bomodimo? Epe! Sekao sa gagwe se ne se le bosula!
12. Ke ditiragalo dife tse pedi tse di tsopotsweng fano go bontsha gore ekane go na le bape ba ba tshwanang le Kgosi Jehoiakime gompieno?
12 A bo-Jehoiakime ba segompieno ba gone? Ee, fa go buiwa kaga go fisa dikaelo tsa Dikwalo tse di Boitshepo. Ee, tota mo teng ga bogosi jwa La-Bodumedi! Gakologelwa ka moo, ka ngwaga wa 1961, kwa Ejutla, Oaxaca, mo Mexico, moperisiti wa Roma Katoliki a tlhotlheleditseng sekwata go tsenelela le go phuruphutsa legae moo dipokano tsa thuto-tlhabologo di neng di tshwarelwa gona ka metlha, mme ba tsaya Dibibela tsotlhe tseo ba neng ba ka di bona le go di fisa mo lebaleng la botlhe. Koranta ya lefelo leo e begile gore ba ne ba dira seno jaaka ekete ba ne ba tsaya “kgato ya tumelo.” Gape, ka Tlhakole 1962 lekwalo la semmuso le ne lentshiwa mo Portugal le le neng le kganela go tsamaisiwa ga dibuka tsa Basupi ba ga Jehofa ka poso. Lefa lemororo go ne go ise go nne kitsiso ya semmuso ya go thibela Basupi ba ga Jehofa e e gatisitsweng ke mmuso wa Mapotokisi, dipalo tse dikgolo tsa dibuka tsa bone tsa bodumedi gape le Dibibela di ile tsa tsewa le go fisiwa.
13, 14. (a) Mo ntlheng e, ke eng se se diragetseng kwa Argentina dingwaga di le pedi tse di fetileng? (b) Tiragalo eo e tsosa potso efe, mme lebaka la boammaaruri la gore ke ka ntlhayang baruti ba bodumedi ba leka go thibela Basupi ba ga Jehofa mo tirong ya Bokeresete ke lefe?
13 Ka 1976 Basupi ba ga Jehofa ba ne ba thibelwa mo Argentina, mme dingwaga tse pedi fela tse di fetileng kwa ofisingkgolo ya bone mo Buenos Aires dipalo tse dibuka tsa bone di ne tsa tsewa, go akaretsa le dikaelo di le 250 tsa New World Translation of the Holy Scriptures ka Sepanishe. Tsotlhe tse di ne tsa rekisetswa badiri ba dipampiri mme tsa segakwa le go apewa go fitlha e nna ditšhotlho tsa go dira bupi jwa pampiri. Go feta moo, basupi ba ga Jehofa ba ba neng ba kgethololwa fa ba ne ba tshelela kwa Argentina go tswa kwa Uruguay ba ne ba tseelwa Dibibela, mme tseno di ne tsa fisiwa. Dikai tse dingwe tsa go fisa Bibela di ka nna tsa phasalatswa fa pele ga babadi ba rona, mme gotlhe mo go tsosa potso.
14 Ke eng seo se dirang gore Bibela e bonale e le sediriwa se se diphatsa mo diatleng tsa Basupi ba ga Jehofa, mo eleng gore, tota le mo mafatsheng a a bidiwang a Bokeresete, e tshwanetse go tsewa mo go sa tshwanelang le go senngwa? A ke ka ntlha ya gore barata-morafe ba leba Basupi ba ga Jehofa jaaka Kgosi Jehoiakime a ne a leba Jeremia le Baruke—jaaka batho ba sepolotiki ba ba diphatsa ba ba batlang go ribegetsa Puso, bakgoreletsi ba ditiro tsa boitshireletso tsa morafe? Ke seo baeteledipele ba bodumedi ba La-Bodumedi ba neng ba ka rata gore ditlhopha tsa sepolotiki le tse dingwe tsa Puso di se dumele! Mme lebaka la boammaaruri la gore ke ka ntlhayang basimegi ba mmuso le baruti ba bodumedi ba batlang go ntsha Basupi ba ga Jehofa mo tirong ya Bokeresete ke le: Ba direla Modimo one o Jeremia le Baruke ba neng ba o direla, ebile mo Dikwalong tsa Sehebera ba bona molaetsa wa Modimo o o tshwanang le wa ga moperofeti Jeremia. Mme he, jaaka Jeremia ba utlwa taolo ya ga Jehofa jaaka e thadisitswe mo Dikwalong tseo tse di tlhotlheleditsweng mme ba bolela molaetsa wa Gagwe kgatlhanong le tsamaiso ya dilo e e bosula e ya jaanong, go akaretsa le La-Bodumedi le ditlhopha tsotlhe tsa selefatshe tseo a bolokang kamano e e gaufi-ufi le tsone, go bona tshegetso e e tlhaga ya tsone. Ka jalo, A Basupi ba ga Jehofa, bao ba senolang La-Bodumedi, ba nyelediwe!
15, 16. (a) Re na le ditiragalo dife tsa lekgolo la dingwaga la bosupa B.C.E. go bontsha gore ekane basimegi botlhe ba ba kwa tlase ba tsamaisana le go tshwenngwa ga Basupi ba ga Jehofa? (b) Jehofa o diretse batlhanka ba gagwe eng?
15 Go nnile mme go santse go na le basimegi ba mmuso ba ba kwa tlase bao ba sa tsamaisaneng le babusi ba bone mo pogisong e e maswe e ya Basupi ba ga Jehofa. Baa ganetsa, ka ntlha ya boikutlo jwa teka-tekano le ka ntlha ya go tlotla Modimo yo Bakeresete ba ba tshwenngwang ba eleng basupi ba one—mme gotlhe ke lefela! Mo go jaaka fela mo kgannyeng e e tlhomologileng ya lekgolo la dingwaga la bosupa B.C.E. “Gapè Elenathane le Delaia le Gemaria ba ne ba rapetse kgosi gore e se ka ea hisa momenō; me ea gana go ba utlwa. Me kgosi ea laola Yerameele morwa kgosi, le Seraia morwa Asariele, le Shelemia morwa Abadeele, gore ba eè go chwara Baruke mokwadi le Yeremia moperofeti: me Yehofa a ba hitlha.”—Yer. 36:25, 26.
16 Kgosi Jehoiakime ga a ka a romela moruaboswa wa gagwe wa segosi Jehoiakine mme o ne a romela “morwa” wa gagwe Jerameele mmogo le basimegi ba bangwe ba babedi go tsoma Jeremia le mokwaledi wa gagwe. Boitlhomo jwa ga kgosi ka tlhomamo e ne e le jo bo bosula. Mme koo ba neng ba iphitlhile teng Jehofa ga a ka a letlelela gore go bonwe, ekane mo Jerusalema kana mo Anathothe o o fa gaufi kana gope fela. Kwa tshimologong fela ya tiro ya gagwe ya boperofeti, Jeremia o ne a neilwe ke Jehofa tlhomamiso: “Ba tla tlhabana nau; me ga ba ketla ba gu henya: gonne ke na nau, go bua Yehofa, go gu golola.”—Yer. 1:19.
17, 18. (a) Go ya ka boperofeti jwa pelenyana jwa ga Isaia 40:8, boitlhomo jwa ga Jehoiakime mo go fiseng Bibela bo ne bo tla atlega jang? (b) Jeremia o ne a laotswe go kwala eng mo momenong o mongwe gape kgatlhanong le Jehoiakime?
17 Mo lekgolong la dingwaga pele ga Jeremia, moperofeti Isaia o ne a kwala: “Lehoko ya Modimo oa rona le tla èma ka bosakhutleñ.” (Isa. 40:8; 1 Pet. 1:25) Ka jalo go fisa momeno wa mokwalo wa ga Jeremia ga ga Kgosi Jehoiakime go ne go patelesega go palelwa mo boikaelelong jwa gone, gonne Modimo o ne wa tlhokomela moo. O ne wa ikaelela gore rona gompieno re nne le boperofeti jo bo tletseng jwa ga Jeremia, mo go fetang dingwaga di le dikete tse pedi le sephatlo morago. Seno se itshupile go nna jalo jang? Jeremia oa re bolelela fa ene le Baruke ba ne ba fitlhilwe ke Jehofa.
18 “Hoñ lehoko ya ga Yehofa ya tla mo go Yeremia, kgosi e sena go hisa momenō, le mahoko a Baruke o a kwadileñ ka molomo oa ga Yeremia, ya re, Ba u tseè momenō o moñwe, me u kwalè mo go ona mahoko aotlhe a pele, a a na a le mo momenoñ oa ntlha, o Yehoiakime kgosi ea Yuda o o hisitseñ. Me kaga Yehoiakime kgosi ea Yuda, u buè, u re, Yehofa o bua yana: a re, U hisitse momenō ouō, ua re, Ana u kwaletseñ mo go ōna, ua re, Kgosi ea Babelona e tla tla rure e senya lehatshe ye, e ba e tlhōkahisa motho le kgomo gōna? Ke gōna ka mouō Yehofa o bua yana, a re, Kaga Yehoiakime kgosi ea Yuda: Ga a ketla a dihana le opè eo o tla dulañ mo setuloñ sa ga Dafide sa bogosi: me setoto sa gagwè se tla latlhèlwa kwa ntlè, motshegare se nne mo mogotiñ, le bosigo mo seramiñ. Me èna le losika loa gagwè le batlhanka ba gagwè ke tla ba beletsa boikèpō yoa bōnè; me mo go bōnè, le mo banniñ ba Yerusalema, le mo banneñ ba Yuda, ke tla tlisa boshula yo ke bo buileñ kaga bōnè, me ba se ka ba utlwa.”—Yer. 36:27-31.
19. Go utlwa taolo ya Modimo go ne ga kaya mofuta ofe wa tiro go Jeremia le Baruke, mme lokwalo lwa bobedi lo ne lo atologile go le kana-kang?
19 Go utlwa taolo ya Modimo go ne go kaya gore moperofeti le mokwaledi wa gagwe ba dire ka sephiri, mme a Jeremia o ne a utlwa? “Hoñ Yeremia a tsaea momenō o moñwe, me a o neèla Baruke mokwadi, morwa Neria; me èna a kwala mo go ōna ka molomo oa ga Yeremia mahoko aotlhe a lokwalō lo Yehoiakime kgosi ea Yuda o lo hisitseñ ka molelō: me a okediwa ka mahoko a mañwe a le mantsi a a chwanañ naō.”—Yer. 36:32.
20. Jehoiakime o ne a bona mofuta ofe wa phitlho fa a sena go swa, mme a Jehoiakine morwa wa gagwe o bile a nna le barwa bape ba ba nnileng mo setulong sa bogosi sa Jerusalema?
20 Jaaka go ne ga diragala, Jehoiakime o ne a swa loso lo lo tlhabisang ditlhong mme ga a ka a bolokwa mo diphuphung tsa dikgosi kwa Jerusalema, a sa gaise esela ka gope. (Yer. 22:18, 19) Morwa wa gagwe Jehoiakine (kana, Konia) o ne a busa fela dikgwedi di le tharo le malatsi a le 10 mo Jerusalema mme o ne a ineela go Bababilona a bo a isiwa kwa Babilona, koo a sa kang a boa teng. (Yer. 22:24-30; 37:1) Go ralala go fitlha kwa tshenyong ya motse o o agilweng sesha wa Jerusalema ke Baroma ka 70 C.E., ga go setlogolwana sepe sa ga Jehoiakine, morwa Jehoiakime, kgosi ya Juda, yo o ntseng mo setulong sa bogosi kwa Jerusalema. Mafoko a boperofeti a ga Jeremia, a a kwadilweng mo lefelong la gagwe la sephiri, ga a ka a palelwa go nna boammaaruri!
21. Fa ba pateleditswe go dira mo sephiring, Basupi ba ga Jehofa ba gompieno ba dirile eng, mme go fisa Bibela ga motlha wa segompieno go itshupile go atlegile go le kana-kang?
21 Gompieno Basupi ba ga Jehofa ba pateleditswe go dira mo sephiring mo mafatsheng a le mantsi. Fa Dibibela tse eleng tsa bone le tseo di dirisiwang ke bone di tsewa le go fisiwa, ba dira eng? Ba gatisa fela Dibibela tse di oketsegileng ka bobone kana ba bona diphetolelo tsa Dibibela tse dingwe mme ba di dirise. Le eleng mo sephiring, fa go tlhokega, ba tswelapele go bolela molaetsa wa tatlhego kgatlhanong le lefatshe le le nyatsang Modimo, o o tshwanang le oo Jeremia a neng a o bolela. Go fisa Bibela, gore Basupi ba ga Jehofa ba gompieno ba didimale, go paletswe mo boikaelelong jwa gone. Ga go a ka ga ba tshosa mo go gaseng dibuka tsa Bibela kana gona go ka thibela Lefoko la ga Jehofa mo go nneng boammaaruri ka botlalo mo metlheng e e tsubutlang e e kwa pele! Baganetsi ba itshupa fela gore ba tshwanelegela sentle tshenyo ya ka bosakhutleng ka nako eo!
[Setshwantsho mo go tsebe 3]
Jehoiakime o fisa lefoko la Modimo—sekao se se latetsweng mo metlheng ya segompieno