Nnang pelokgale!—Dingwaga tse di Sekete Di Gaufi
“Mo lehatshiñ lo na le pitlaganō: me nametsegañ; ke hentsè lehatshe.”—Yoh. 16:33.
1. Ke ka baka lang fa barutwa ba ga Jesu ba ne ba tla tlhoka go nna pelokgale fela thata?
A E NE e le mafoko a ga Jesu a bofelo a kgakololo go barutwa ba gagwe, a a builweng mo letlatlaneng la go tshwarwa ga gagwe le go bolawa. Ene ke boene o ne a bontsha nonofo eo ya bopelokgale ka selekanyo se se kwa godimo, mme o ne a batla gore balatedi ba gagwe ba ba ineetseng ba dire ka go tshwana. Ba ne ba tla tlhoka go nna pelokgale fela thata, gonne Jesu o ne a sa tswa go ba bolelela: “Ha lehatshe le lo ila, loa itse ha le nkidile pele, le se le lo ile. Ha lo no lo le ba lehatshe le ne le tla rata ba e leñ ba yeōna: me ereka lo se ba lehatshe, me ke lo itshenketse mo lehatshiñ, ke gōna lehatshe le lo ilañ. Gakologèlwañ lehoko ye ke le buileñ le lona ka re, Motlhanka ga a mogolo go heta morèna oa gagwè. Ha ba mpogisitse, le lona ba tla lo bogisa; ha ba tshegeditse lehoko ya me, le ya lona ba tla le tshegetsa. Me dilō cotlhe tse, ba tla di lo dihèla ka ntlha ea leina ya me, ka go bo ba sa itse eo o nthomileñ.”—Yoh. 15:18-21.
2. Go kopanyelediwang mo bopelokgaleng jo bo etsang jwa ga Keresete? (Bapisa Pesalema 27:13, 14; 31:24.)
2 Lefa go ntse jalo, ke eng se se kopanyelediwang mo bopelokgaleng jo bo etsang jwa ga Keresete? A go raya boganka jwa “kgatampi ya boitshireletso,” jaaka jo bo dirwang ke masole mo kgotelong ya ntwa? Nnya, go raya mo go fetang moo thata. Bopelokgale jwa Bokeresete bo biletsa pontsho ya nonofo ya boitsholo jo bo siameng jo bo nang le sekao ka metlha yotlhe. Bo lopa kemo-nokeng e e sa reketleng mo bogosing jwa Modimo tlase ga maemo mangwe le mangwe le otlhe. Bo tlhoka tlhomamo, boitshoko ke boikanyegi jo bo tlamelwang ka melao-metheo e e siameng. Bopelokgale jwa boammaaruri bo kopanyeletsa phetso le boikaelelo jo bo tlhamaletseng go gatela pele le go atlega, le eleng thulanong le mo go lebegang e le kganetso e kgolo thata le bothata. Bo kopanyeletsa phetso e moaposetoloi Paulo a neng a e tlhalosa, ka go re: “Selō señwe kea se diha, ka re, ke tlhokomologa dilō tse di kwa morago, ke gagamelèla kwa diloñ tse di kwa pele, Ke lekèla ka thata kwa sekaoñ, ke ea go tsaea sekgèlè.”—Bafil. 3:13, 14.
SEKAO SA GA DANIELE SA BOPELOKGALE
3. Ke bopelokgale bofe jo bo nang le sekao jo Daniele le balekane ba gagwe ba neng ba bo bontsha maloka le dijo le dino?
3 Lefoko la Modimo le tletse ka dipolelo tsa bopelokgale jo bogolo jo bo bontshiwang thulanong le diteko tse di lekang tumelo. Mongwe yo o neng o bontsha bopelokgale jo bo ntseng jalo makgetlo a le mantsinyana e ne e le moperofeti wa Modimo Daniele. A le lekawana le le neng le ile botshwarwa kwa Babilona, o ne a “ikaèlèla mo peduñ ea gagwè ha a se ketla a itshekolola ka diyō tsa kgosi, leha e le ka boyalwa yoa mofine yo e bo nwañ,” mme mo go se o ne a patiwa ke Shaderake, Mesheke le Abedenego. (Dan. 1:8-19) Se se ne se tlhoka bopelokgale, jo bo tshwanang le bopelokgale jo bo tlhokilweng mo ntlheng ya basupi ba ga Jehofa ba basha mo mafatsheng mangwe gompieno, ka sekai mo go ganeng dijo tse di nang le madi.—Dit. 15:28, 29.
4. Ke sekao sefe se se molemo se basha ba bantsi gompieno ba se boneng go Daniele kgaolo 3? (Bar. 15:4)
4 Morago, fa bone balekane ba bararo bao ba ga Daniele ba ema ba nitame mo kgannyeng ya kobamelo ya medimo ya disetwa, Daniele kontle ga pelaelo o e a amogela kgato ya bone ka boikanyegi. Tlase ga tlhotlheletso o ne a bega tiragalo eo ka manontlhotlho a magolo, taong ya rona mo metlheng eno e e thata.—Dan. kgao. 3.
5. (a) Ke ka baka lang fa go ne go tlhoka bopelokgale bakeng sa Daniele go bua fa pele ga Nebukadenesare, mme morago Beleshasare? (b) Ke jang bopelokgale jo bo tshwanang bo tlhokwang mo Basuping ba ga Jehofa gompieno?
5 Go ne ga tlhoka bopelokgale ka Daniele go ema fa pele ga Nebukadenesare yo o maatla wa Babilona, le go itsise thanolo ya toro ya mmusi yoo—segolo bogolo ka go perofesa ga ga Daniele go ne go bontsha go thubaganngwa la bofelo ga Mmuso wa Babilona, gammogo le go nyenyafadiwa ga kgosi. (Dan. 2:36-38, 44, 45; 4:24, 25, 33) Gape, ka nako ya moletlo wa ga Beleshasare wa kobamelo ya medimo ya disetwa, fa mokwalo o o tswang go Jehofa o ne o tlhaga mo leboteng la ntlo ya kgosi, Daniele o ne a tlhokwa go nna pelokgale fela thata mo go itsiseng kgosi le malatswa-thipa a gagwe gore Babilona yo mogolo o ne a fedile mme o ne a tla neelwa Bamede le Baperesia. (Dan. 5:1-6, 17-28) Ka mo go tshwanang, go tlhokile bopelokgale mo letlhakoreng ja Basupi ba ga Jehofa ba le bantsi gompieno go bua kontle ga poifo malebana le katlholo ya Modimo kgatlhano le Babilona o Mogolo le ditsamaiso tse dingwe tse di atlhotsweng tsa lefatshe leno.—Tshen. 16:12-16, 19.
MO MONGOBONG WA DITAU
6, 7. (a) Ke ka baka lang fa Daniele a ne a nna kwa godimo mo pusong ya ga Dario? (b) Ke jang fela baba ba gagwe ba neng ba ka bona sebaka kgatlhanong le ene? (c) Ke maemo afe a a tshwanang a a tsogileng mo motlheng wa rona?
6 Mo maitemogelong a bone a a lekang e le tota, Daniele le balekane ba gagwe ba ne ba ikaegile ka Jehofa gotlhelele ka thapelo. (Dan. 2:17, 18) Mme e ne e malebana le thapelo Daniele gape a neng a bilediwa go tla go bontsha bopelokgale jo bo sa reketleng. Babilona o ne a ole, mme jaanong Dario o ne a busa Bamede le Baperesia, maatla a lefatshe a bone a rekoto ya Bibela. Ka baka la “mōea o o dimañ” o a o neetsweng ke Modimo wa gagwe, Daniele yo o godileng a nna yo o tlhomolosegileng go gaisa basimegi ba bogosi botlhe ba bangwe. Banna ba ba itsegeng ba, ba tswela botlhale le maemo a ga Daniele pelo, ba senka tsela nngwe ya go mo nyeletsa. Mme ba ne ba itse sentle gore ba ne ba se kake ba bona seipato, kontle ga fa ba ne ba dira jalo malebana le ‘molao wa Modimo.’—Dan. 6:1-5.
7 Ba lemoga tlwaelo ya ga Daniele ya go rapela le go neela Modimo pako gararo ka letsatsi lengwe le lengwe, malatswa-thipa a dira gore kgosi e saene taolo ya gore mongwe le mongwe yo o rapelang modimo mongwe fela kana motho ka malatsi a le masome a mararo, kontle ga kgosi, o tshwanetse go latlhelwa mo mongobong wa ditau. Taolo ya nna molao o o sa fetogeng wa Bamede le Baperesia. (Dan. 6:6-9) Se se tshwana le boemo mo mafatsheng a le mantsi gompieno koo basimegi ba ba nyatsegang kana baruti, ba lomiwa ke go gana ga Basupi ba ga Jehofa go nna karolo ya lefatshe kana go nyahatsa tiro ya bone ya Bogosi, mme ba tswela masego a Modimo mo tirong ya bone pelo, ba lekang go “tshwara” Basupi mme ba ba emisa go dira. Baganetsi ba ba itse sentle gore batho ba ga Jehofa ka gale ke batho ba ba tshegetsang molao le ba ba ikanyegang go gaisa botlhe mo motseng. Jalo ba tsosa modumo ka dikgang tse di kopanyeletsang meletlo ya kobamelo ya medimo ya disetwa le ditumediso tsa tlotlo, le go goa mafoko a borukutlhi kana a ntwa, a a etsang “Galaletsang Hitler,” “Viva Franco,” le a mangwe.
8. Basupi ba ba ikanyegang gompieno ba latetse sekao sa ga Daniele se se sa reketleng jang?
8 A sekao se se molemo se Daniele a se tlogetseng malebana le go thulana le dikgang tse! Pego e a re bolelela: “Me e rile Daniele a itse ha lokwalo lo beilwe leina, a tsèna mo tluñ ea gagwè; me yana dipōnè tsa ntlwana ea gagwè di ne di bulegile, tse di ntlheñ e e lebileñ Yerusalèma; me a khubama ka mañōlè gararo ka letsatsi, a rapèla, a leboga ha pele ga Modimo oa gagwè, yaka a na a tle a dihe galè.” (Dan. 6:10) Ga ka a tlogela tlwaelo ya gagwe ya go obamela Jehofa. Ka mokgwa o o tshwanang, basupi ba ba ikanyegang ba metlha ya segompieno ga ba emise go obamela Modimo ga bone ka baka la gore mmusi mongwe o thibela kana go lekanyetsa tiro ya bone ya Bokeresete. Ba ka nna ba tlhoka go tswelela ka botlhale, jaaka go kabakanya tiro ya ntlo le ntlo, kana go neela bosupi ka Bibela e le nosi, kana le eleng ka go gatelela go rera mo go sa rulaganyediwang. Mme fa e le ka kobamelo, ba tshwanetse! Ga ‘ba kake ba lesa go bua kaga dilo tse ba di boneng le go di utlwa.’—Dit. 4:20.
9. Daniele o ne a bona pabalesego jang, mme se ke kgothatso ya eng gompieno?
9 Ka baka la tsela ya gagwe ya go boloka bothokgami, Daniele o ne a latlhelwa mo mongobong wa ditau. A mme seo se ne se kaya gore Modimo wa gagwe o ne a mo tlogetse? Ebu, legoka! Le gone Jehofa ga ke a latlha basupi ba gagwe fa ba latlhelwa mo dikgolegelong tse di leswe gompieno. Daniele o ne a sa latlhiwa lefa e le ke Kgosi Dario, yo o neng a ‘lala a ithibile mo dijong’—a kane a ne a rapela Modimo wa ga Daniele. Ruri, pabalelo ya ga Jehofa e ne ya itshupa go nna maatla go gaisa taolo e e sa fetogeng ya molao wa Bamede le Baperesia. Moso o o latelang, fa kgosi e ne e itlhaganelela kwa mongobong wa ditau mme e tlhola Daniele fa e le gore Modimo wa gagwe o a neng a o “dihèla ka metlha eotlhe” o ne o sa kgona go mo falotsa, Daniele o ne a ka fetola: “Modimo oa me o romile moengele oa ōna, me o momisitse ditau melomo, me ga dia ntshenya gopè: ka gonne ha pele ga ōna ga hitlhèlwa bosenañmolato mo go nna; le gōna ha pele ga gago, kgosi, ga kea senya sepè.”—Dan. 6:18-22.
10. Batho ba ga Jehofa ba ka fenya maano a “tau e e dumañ,” Diabolo jang?
10 Go rapela Jehofa go botlhokwa gompieno fela jaaka mo motlheng wa ga Daniele, mme kana go ka nna le matswela jang! Lemororo Basupi ba ga Jehofa mo malatsing a gompieno ba ka seke ba latlhelwe mo mengobong ya ditau ya sebele, ba tshela mo lefatsheng leo mo go lone ‘mmaba wa bone, diabolo, a potologang jaaka tau e e dumang, a batla yo o ka mo kometsang.’ Bakeresete ba tshwanetse go dirang, he, fa ba thulana le dipogiso le diteko tse dingwe? Ba tshwanetse go nna pelokgale. Ba tshwanetse ka boikokobetso ba ineele mo go lekeng maemo le go rapela, ba solofela gape gore bakaulengwe ba bone gongwe le gongwe ba ba rapelela ka tlhoafalo. Moaposetoloi Petere o neela kgakololo e e molemo: “Lo latlhèla tlhobaèlō eotlhe ea lona mo [Modimong], ka oa lo babalèla. Lo nne lo ikgapè, lo nne tishō: . . . Lo èmalanè [le Diabolo] lo nitame mo tumeloñ ea lona, lo nntse lo itse ha cōna dipogishō tseuō di dihalèla bakauleñwe ba lona ba ba mo lehatshiñ. Me Modimo oa tshegohaco eotlhe, . . . e tla re lo sena go nna lo boga botlhoko ka lobakanyana, ōna ka osi o tla lo diha boitekanèlō, o lo tiise, o lo thatahatse. Pushō a e nne kwa go ōna ka bosakhutleñ le ka bosaeeñkae.”—1 Pet. 5:6-11.
11. Ke dikai dife tsa motlha wa segompieno tsa go falola ‘mongobo wa ditau’ ga Basupi ba ga Jehofa?
11 Go nnile le dikai tsa motlha wa segompieno di le dintsi tsa Basupi ba ga Jehofa ba latlhelwa mo “moñoboñ oa ditau,” jaaka go ka tualo. Baemedi ba seka-ditau ba “tau e e dumañ” eo, Diabolo, nako le nako ba senka go kometsa batho ba Modimo. Lefa go ntse jalo, Basupi ba gagwe ba nnela ruri mo thapelong, ba latlhela ditlhobaelo tsa bona mo go Jehofa, mme ba tsaya boemo jwa bone ba “nitame mo tumeloñ.” Ka sekai, go ne go na le mosetsanyana mongwe mo Rhodesia yo o neng a rutilwe sentle ke batsadi ba gagwe malebana le melaometheo ya Bibela. O ne a tshwarwa ke masole a barukutlhi. Batsadi ba gagwe ba ne ba mo tshogetse, ereka barukutlhi ba ne ba tlwaetse go lwantsha kana go ruta basetsana ba basha. Se batsadi ba neng ba ka se dira fela e ne e le go rapelela polokesego ya gagwe. Morago ga malatsi a le mokawana, a boa a sa gobala gope. “O diragaletswe keeng?” ga botsa batsadi ba gagwe. “Ke ne ka tswelela fela ke ba neela bosupi,” ga tlhalosa mosetsana. Jalo batshwari ba gagwe ba mo romela gae. Morago, moeteledipele wa barukutlhi a tla mo motseng mme a batla batsadi ba gagwe. O ne a ba bolelela gore o ne a batla go kopana le batsadi ba mosetsanyana yo o thapisitsweng sentle jaana fela.
12. Ke thapelo efe ya tlhoafalo e re ka e neelang Jehofa ka metlha, mme ka tsholofelo efe?
12 Abo go le boammaaruri jang gore Jehofa o amega le go emela batlhanka ba gagwe ba ba rapelang! Ka tsholofelo, ka metlha yotlhe re ka rapela jaaka go ne ga dira Dafide: “Yehofa, Modimo oa me, ke ikanya mo go wèna: mpoloka mo go bōnè botlhe ba ba nkhukhèlañ, me u nkgolole. O ka tla a gagola mōea oa me yaka tau, a o gagoganyetsa rure, ka go se opè eo o gololañ.” Ee, ka dinako tse dingwe re ka ikutlwa ‘mewa ya rona e le mo ditaung,’ re le mo gare ga “ba ba tukañ molelō, eboñ bana ba batho, ba mènō a bōnè a leñ marumō hèla le mecwi; le ba loleme loa bōnè e leñ chaka e e bogale.” Mme go rapela Jehofa ka tlhoafalo ga rona, le go tshabela mo moriting wa diphuka tsa gagwe, go tla re fetisa ka diteko tse jaaka baboloka-bothokgami. (Pes. 7:1, 2; 57:1-4) Jaaka Daniele ‘ka tumelo . . . a thibile melomo ya ditau,’ le rona re ka dira.—Baheb. 11:33.
MO ‘MOTLHENG WA KHUDUEGO’
13. (a) Mo pusong ya ga Kurose, ke ka baka lang fa Daniele a ne a tlhoka go thatafadiwa? (b) Ke bopelokgale bofe jo bo tshwanang jo Basupi ba ga Jehofa ba bo tlhokang gompieno?
13 Morago, mo go buseng ga ga kgosi Kurose, moengele a tlhaga kwa go Daniele mo ponatshegelong mme wa mo thatafatsa, ka go re: “Wèna monna eo u ratwañ thata, se boihè: kagishō e nnè nau, nna thata, E, u nnè thata.” (Dan. 10:1-19) Go ne ga tlhoka bopelokgale mo letlhakoreng ja ga Daniele go amogela le go kwala boperofeti jo bo maatla jo o neng a bo neelwa ke moengele morago, le joo re bo fitlhelang go Daniele dikgaolo 11 le 12. Mme go tsere bopelokgale bakeng sa Basupi ba ga Jehofa go fela ba se “ba lehatshe” mo nakong ya tirafatso ya karolo ya bofelo ya boperofeti jo, jaaka bo tlhalosa thulano magareng a “kgosi ea botsheka” ya Bokomanisi le “kgosi ea borwa” ya puso-khumo mo dingwageng tseno tsa ntwa ya kgailo.
14. (a) Ke eng se se tshwantshang Mikaele jaaka Morena Jesu Keresete? (b) Re ka bona kgothatso jang mo pegong e e go Daniele kgaolo 12?
14 Ka makgetlo a le mantsi buka ya ga Daniele e umaka Mikaele, yo leina la gagwe le rayang “Ke Mang yo O Tshwanang le Modimo?” (Dan. 10:13, 21) Ka gone kgosana e kgolo e e tshwantshiwa jaaka Morena Jesu Keresete, yo o gakaletseng kgalaletso ya bolaodi jwa ga Jehofa. Fa a bua ka ‘motlha o wa bokhutlo,’ moengele o bolelela Daniele: “Me e tla re mo motlheñ ouō go tla èma Mikaele, kgōsana e kgolo e e èmèlañ bana ba batho ba ga eno: me go tla nna motlha oa khuduègō, o e sa leñ ka go nna morahe le go tla mo go lona lobaka louō go e se go ke go nnè opè o o nntseñ yalo: me mo motlheñ ouō batho ba ga eno ba tla gololwa, moñwe le moñwe eo o tla hitlhèlwañ a kwadilwe mo lokwaloñ.” (Dan. 12:1, 4) Ekete re ka nna pelokgale fela thata go dira gotlhe mo Modimo wa ga Daniele o re se tlhokang, go fitlha “motlha [oo] oa khuduègō” o nyeleletsa ruri lefatshe la ga Satane le le bosula. Gonne jaanong, letsatsi le le galalelang la puso ya ga Jesu ya dingwaga tse di sekete le tla tlhaba. “Le bantsi mo go bōnè ba ba robetseñ mo loroleñ loa lehatshe ba tla kubuga” ka tebelelo ya botshelo jo bo sa khutleng mo lefatsheng. Daniele yo o pelokgale, le ene, “u tla èma mo kabeloñ ea gagwè, kwa bokhutloñ yoa metlha.”—Dan. 12:2, 9, 13.
“LO NNÈ THATA LE PELOKGALÈ”
15, 16. (a) Ke mo seemong sefe sa pele sa batho ba ga Daniele Iseraele bopelokgale bo neng bo tlhokega? (b) Jaaka mo Iseraele, bopelokgale jwa batho ba Modimo gompieno bo ka thatafadiwa jang?
15 Gompieno, batho ba Modimo ba eme fela mo mejakong ya dingwaga tse di sekete. Seemo se tshwana le sa batho ba ga Daniele, Iseraele, mo lobakeng lwa ntlhantlha lwa ditiragalo tsa bone. Mo ke fa ba ne ba thibeletse kwa letshitshing la Noka ya Joredane, ba tloga ba kgabaganyetsa mo Lefatsheng la Tsholofetso. Mokgele o ne o bonala. Mme diteko le mathata di ne di santse di le kwa pele. Bopelokgale bo ne bo tlhokega. Ka jalo he, moperofeti yo mongwe yo o itsegeng wa ga Jehofa, Moshe yo o godileng, a bolelela Iseraele mafoko a: “Lo nnè thata le pelokgale, lo se boihè, lo se ka loa . . . choga [baba ba lona]; gonne Yehofa Modimo oa gago ke èna eo o tsamaeañ nau; ga ketla a go tlhaèla, leha e le go gu latlha.” Gape Moshe o ne a neela motlhatlhami wa gagwe yo o tlhophilweng, Joshua, tao e e tshwanang: “U nnè thata le pelokgale.”—Dute. 31:1-8.
16 Ruri, batho botlhe ba tla tlhoka go nna pelokgale; mme, ka gone, Moshe o ne a laola baperisiti, Balefi le bagolwane ba Iseraele malebana le se se neng se tshwanetse go diragala dingwaga di supa dingwe le dingwe kwa moletlong wa megope oo botlhe ba neng ba tla tshwanelwa ke go o boloka: “Phutha batho, banna le basadi, le banyana, le moeñ oa gago eo o mo teñ ga dikgōrō tsa gago, gore ba utlwè, le gore ba ithutè, ba boihè Yehofa Modimo oa lona, ba tlhōkōmèlè go diha mahoko aotlhe a molaō o.” (Dute. 31:9-12) Go reetsa, go ithuta le go utlwa molao wa ga Jehofa go ne go le botlhokwa katlegong ya morafe oo, mme se gape se botlhokwa gompieno fa e le gore batho ba Modimo ba tla tlamelwa ka bopelokgale jo bo tla ba kgonisang go falola bokhutlo jwa lefatshe.
17, 18. Go tlhokegang mo go nneng “thata le pelokgalè,” mme ke ka baka lang fa bagolwane ba Bakeresete ba tshwanetse go elatlhoko se thata?
17 Mo motlheng o o thata oo mo Iseraele, go ne go tlhokega ka mogolwane Joshua go bontsha bopelokgale jo bo nang le sekao, le eleng fela jaaka se se tlhokega mo bagolwaneng ba Bakeresete mo phuthegong gompieno. Ka gone, re tshwanetse go tlhokomela mafoko a ga Jehofa a a boleletsweng Joshua ka tlhamalalo fela thata, a a bileng a thatafatsa ao pele a neng a builwe ke Moshe: “Nna thata le pelokgale: . . . U nnè thata hèla le pelokgale . . . Nna thata le pelokgale; u se boihisiwè, le gona u se ka ua rarana: gonne Yehofa Modimo oa gago o na nau kwa le kwa u eañ gōna.” (Yosh. 1:6, 7, 9) Jehofa o ne a bolelela Joshua se se neng se tlhokega go nna “thata le pelokgalè,” le go dira ka botlhale mo boemong bongwe le bongwe. Mme seo ke eng? Nte lekwalo le arabe:
18 “Lokwalo lo loa molaō [wa ga Jehofa], a lo se tlogè mo molomuñ oa gago, u akanyè mo go lōna motshegare le bosigo, gore u tlhōkōmèlè go diha kaha go cotlhe tse di kwadilweñ mo go lona: gonne tsela ea gago e tla na le letlhōgōnōlō yalo, me u tla bōna go segohala sentlè.”—Yosh. 1:8.
19, 20. Phelelo ya go nna “thata le pelokgalè” ga rona e tla nna eng?
19 Ke eng seo labofelo e neng ya nna phelelo ya kgato ya botlhale ya ga Joshua, gammogo le kutlo ya bopelokgale ya batho? Morago ga dikgoreletsi tsotlhe di sena go fenngwa, morago ga Jehofa a sena go fenyisa Iseraele baba ba bone le fa batho labofelo ba ne ba ntse mo ‘lefatsheng leo le elang mashi le dinotshe,’ Joshua o ne a kgona go ba kgothatsa ka go re: “Loa itse mo peduñ tsa lona lotlhe, le mo meoeeñ ea lona lotlhe, ha go sena sepè se se tlhaetseñ sa dilō cotlhe tse di molemō, tse Yehofa Modimo oa lona o di buileñ kaga lona; di lo dihahaletse cotlhe, ga goa tlhaèla sepè sa cōna.”—Yosh. 5:6; 23:14.
20 Fa batho ba ga Jehofa ba ba pelokgale ba metlha ya segompieno labofelo ba dule mo ‘motlheng wa khuduego’ o o senyang go tsena mo pusong ya ga Keresete ya dingwaga tse di sekete ya kagiso, ba tla itemogelela tirafatso ya ditsholofetso tsa ga Jehofa ka selekanyo se se molemo go gaisa, ee, sa goyagoile. Ekete rotlhe re ka nna “thata hèla le pelokgalè” go falolela mo dingwageng tse di sekete tse jaanong di atametseng!
[Setshwantsho mo go tsebe 29]
Jaaka Jehofa a ne a sireletsa Daniele, jalo o sireletsa basupi mo ‘ditaung’ tsa motlha wa segompieno