PINA 71
Re Masole a ga Jehofa!
1. Re masole a ga Jah,
Re na le Kreste.
Le fa gone Satane
A nna’a re ganetsa,
Re direla Jehofa
Ka boikanyegi.
Re le pelokgale,
Re sa boife.
(KHORASE)
Re masole a ga Jah;
Re na le Kreste,
Re itsise batho:
“Jah o a busa.”
2. Re batlhanka ba ga Jah,
Re mo letsholong.
Re batla dinku tsa ’gwe,
Tse di latlhegileng.
Re leka go di thusa
Le go di fepa.
Re a di laletsa
Kwa dipokanong.
(KHORASE)
Re masole a ga Jah;
Re na le Kreste,
Re itsise batho:
“Jah o a busa.”
3. Re masole a ga Jah,
Re na le Kreste.
Re nna re ipaakantse,
Re nna re tlhometse.
A re nneng kelotlhoko,
Mme re tlhomame.
Fa re bogisiwa,
Re tla’ikanyega.
(KHORASE)
Re masole a ga Jah;
Re na le Kreste,
Re itsise batho:
“Jah o a busa.”
(Bona le Bafil. 1:7; File. 2.)