PINA 70
Batlang ba ba Tla Reetsang
E e Gatisitsweng
1. Morena o re tlhometse sekao,
Sa go rera fa’a ne a re:
‘Lo batle batho ba ba tla lo reetsang,
Ba ba batlang go itse ka Jah.
Fa lo tsena mo ntlong lo dumedise,
Lo ba eleletse kagiso.
Fa bangwe ba lo leleka,
Tlhotlhorang lorole mo ’naong tsa lona.’
2. Ba ba lo amogelang fa lo rera,
Lo ba rute ka Jehofa.
Ba tla tlhotlheletsega go direla
Ba le seoposengwe le lona.
Se tshwenyegeng ka se lo tla se buang,
Jah o tla lo naya botlhale.
Fa lo bua ka tsela e’e molemo,
Ba ba boikobo ba tla reetsa.
(Bona le Dit. 13:48; 16:14; Bakol. 4:6.)