PINA 69
Tswelelang lo Rera ka Bogosi!
E e Gatisitsweng
1. Tswelelang lo rera Bogosi,
Itsiseng batho botlhe.
Lo rate le baagelani,
Thusang ba ba bonolo.
Tiro eno ke tshiamelo;
Re itsise batho ka Jah.
Tswelelang pele mme lo rere
Ka leina la ga Jehofa.
(KHORASE)
Tswelelang lo rera
ka Bogosi mo ’fatsheng lotlhe.
Tswelelang lo direla Jehofa
ka boikanyegi.
2. A re gateleng pele rotlhe,
Batlodiwa le dinku.
Ba basha, basadi le banna,
Re nonofe tumelong.
Batho ba tlhoka go rerelwa
Ka Bogosi Jwa Modimo.
Jehofa o re naya maatla;
Ga re tlhoke go boifa!
(KHORASE)
Tswelelang lo rera
ka Bogosi mo ’fatsheng lotlhe.
Tswelelang lo direla Jehofa
ka boikanyegi.
(Bona le Pes. 23:4; Dit. 4:29, 31; 1 Pet. 2:21.)