PINA 66
Bolelang Dikgang Tse di Molemo
E e Gatisitsweng
1. Dikgang tsa Bogosi e ne’e le sephiri.
Jaanong re itse Kgosi ya Bogosi joo.
Jah ka bopelotlhomogi le lorato,
O ne a tlhomogela baleofi pelo.
O tlhomile Jesu gore e nne Kgosi;
O tla busa ka nako e Jah a’e tlhomileng.
O ne a tlhophela Jesu monyadiwa,
Letsomanyane lotlhe le’a itumela.
2. Go rera go ne ga bolelelwa pele.
Jaanong ke nako ya go rerela batho.
Baengele ba dira mmogo le rona,
Gore dikgang tseno di tle di bolelwe.
Ruri re na le tlotla e kgolo thata
Ya go galaletsa ’ina la ga Jehofa.
Re motlotlo go nna Basupi ba gagwe
Le go itsise batho botlhe ka ene.
(Bona le Mar. 4:11; Dit. 5:31; 1 Bakor. 2:1, 7.)