Pina 5
Keresete, Sekao sa Rona
E e Gatisitsweng
1. Modimo wa rona,
O bontshitse ’rato,
Ka go re naya Morwa wa gagwe.
Jesu a re swela,
Mme ra bolokega,
Ra nna le botshelo bo sa khutleng.
2. Jesu o rutile,
Gore re rapeleng,
Mme leina la Jah le’itshepisiwe.
Puso ya ’gwe e tle,
Go dirwe thato’a ’gwe.
Re newe le dijo tsa letsatsi.
3. Jesu o ne’a ruta,
A bo a gomotsa
’Nku tse di ratang ’foko la ga Jah.
Rerang ka Bogosi,
Ka malatsi otlhe.
Fa re dira jalo re tla’ipela.
(Bona le Math. 6:9-11; Joh. 3:16; 6:31-51; Baef. 5:2.)