PINA 42
Thapelo ya Motlhanka wa Modimo
E e Gatisitsweng
1. Rara Mmopi, o Mothatayotlhe,
Leina la ’go a le itshepisiwe.
O diragatsa thato ya ’go.
Re rapelela Bogosi jwa ’go.
Re kopa gore bo tle,
Mme o re segofatse.
2. Modimo Jah o butse seatla,
O re naya dimpho tse di molemo.
Re a tshela ka ntlha ya gago,
O re thusitse go nna le kitso,
O re file temogo.
Ruri re’a go leboga.
3. Re a boga mo lefatsheng leno.
Mme re bona kgomotso kwa go wena.
Jah re go rolela mathata;
Re neye maatla a go itshoka
Gore re go direle,
Ka metlha re’ikanyege.
(Bona le Pes. 36:9; 50:14; Joh. 16:33; Jak. 1:5.)