LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • be thuto 31 ts. 190-ts. 193 ser. 1
  • Go Bontsha ba Bangwe Tlotlo

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Go Bontsha ba Bangwe Tlotlo
  • Solegelwa Molemo ke Thuto ya Sekolo sa Bodiredi sa Puso ya Modimo
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Ditshwantsho ka Dilo Tse Bareetsi ba di Itseng
    Solegelwa Molemo ke Thuto ya Sekolo sa Bodiredi sa Puso ya Modimo
  • Go Dirisa Sentle Dilo Tse Bareetsi ba di Bonang
    Solegelwa Molemo ke Thuto ya Sekolo sa Bodiredi sa Puso ya Modimo
  • Ke Ka Dira Jang Gore Ba Bangwe ba Ntlotle?
    Tsogang!—1992
  • Tlotla ba Bangwe
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa (Makasine o o Ithutiwang)—2025
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Solegelwa Molemo ke Thuto ya Sekolo sa Bodiredi sa Puso ya Modimo
be thuto 31 ts. 190-ts. 193 ser. 1

THUTO 31

Go Bontsha ba Bangwe Tlotlo

Ke eng se o tshwanetseng go se dira?

Bontsha go akanyetsa ba bangwe ka go ba naya tlotlo.

Ke eng fa go le botlhokwa?

Go bontsha tlotlo ke selo se se lebeletsweng mo Bakereseteng se se dirang gore ba bangwe ba batle go amogela se o se ba bolelelang go tswa mo Baebeleng.

DIKWALO di re bolelela gore re ‘tlotle batho ba mefuta yotlhe,’ le go “sa bue ope ka go mo utlwisa botlhoko.” (1 Pet. 2:17; Tito 3:2) Eleruri, motho mongwe le mongwe yo re kopanang le ene “o nnile gone ‘mo setshwanong sa Modimo.’” (Jak. 3:9) Motho mongwe le mongwe o swetswe ke Keresete. (Joh. 3:16) Mme botlhe ba tshwanelwa ke go utlwa dikgang tse di molemo gore ba dire dilo tumalanong le tsone mme ba bolokwe. (2 Pet. 3:9) Batho bangwe ba na le dinonofo kgotsa taolo e e dirang gore re ba tlotle.

Ke ka ntlha yang fa batho bangwe ba leka go ntsha seipato sa go sa bontshe tlotlo e Baebele e kgothaletsang gore re e bontshe? Tlwaelo ya lefelo la bone e ka tswa e laola gore ke mang yo o tshwanelwang ke go tlotlwa go ikaegile ka maemo a gagwe, tebego, bong, botsogo, dingwaga tsa bogolo, khumo kgotsa maemo a gagwe mo setšhabeng. Go anama ga ditiro tsa boferefere mo badireding ba setšhaba go dirile gore batho ba se ka ba tlhola ba tlotla batho ba ba mo taolong. Kwa dinageng dingwe, batho ba ngongorega thata ka maemo a bone a botshelo, mo gongwe ba bereka diura tse dintsi thata gore fela ba nne le dilo tse ba di tlhokang, mme ba nna ba dikologilwe ke batho ba ba se nang tlotlo. Basha ba tlhotlhelediwa ke balekane ba bone gore ba nne le seabe mo go tsuologeleng barutabana ba ba sa ba rateng le batho ba bangwe ba ba mo taolong. Ba le bantsi ba tlhotlhelediwa ke go bona thelebishene e bontsha bana ba ba botlhale go gaisa batsadi ba bone e bile ba ba laola. Go batla maiteko go dira gore dikgopolo tse di ntseng jalo tsa lefatshe di se ka tsa fetola tsela e re lebang ba bangwe ka yone. Le fa go ntse jalo, fa re tshola batho ka seriti, seno se dira gore go nne motlhofo go reetsana fa ba bangwe ba bua.

Go Bua le Batho ka Tlotlo. Go lebeletswe gore motho yo o tshwaregileng ka tiro ya bodumedi a bontshe tlotlo ka mokgwa wa gagwe wa go apara le go dira dilo ka tsela e e tshwanetseng. Mokgwa o o tshwanetseng wa go apara o a farologana go ya ka mafelo. Bangwe ba go tsaya e le go tlhoka tlotlo go bua le motho yo mongwe o rwele hutse kgotsa o tsentse letsogo le lengwe mo potleng. Kwa mafelong a mangwe, batho ba ka nna ba se ka ba nna le bothata ka seo. Akanyetsa tsela e batho ba mo lefelong la lona ba ikutlwang ka yone gore o se ka wa ba kgopisa. Go dira jalo go tla go thusa gore o se ka wa baka dikgoreletsi tsa go itsise ba bangwe dikgang tse di molemo ka tsela e e nang le matswela.

Go ntse fela jalo le ka tsela e re buang le ba bangwe ka yone, segolo jang ba ba godileng. Gantsi go tsewa go sa tshwanela gore basha ba bitse mogolo ka leina fela ntle le fa ba newa tetla ya go dira jalo. Kwa mafelong a mangwe, go lebeletswe gore bagolo le bone ba se ka ba bitsa batho ba ba sa ba tlwaelang ka leina fela. Gape, dipuo di le dintsi di dirisa lefoko le le mo bontsing e leng “lona” kgotsa lefoko lengwe le le farologaneng go tlotla mongwe yo mogolo kgotsa yo o nang le taolo.

Go Dumedisa ka Tlotlo. Mo mafelong a mannye go lebeletswe gore o dumedise motho yo o kopanang le ene fa o tsamaya mo tseleng kgotsa o tsena mo ntlong. Seno se ka dirwa fela ka go nyenya, go dumedisa ka tlhogo kgotsa go tsholetsa fela dintshi tsa matlho. Go tlhokomologa motho yo mongwe go lejwa e le go tlhoka tlotlo.

Le fa go ntse jalo, ba bangwe ba ka nna ba tsaya gore o ba tlhokomologile le fa o ba dumedisa fela o feta. Ka tsela efe? Ka gonne ba lemoga gore e kete ga o ba bone e le batho. Go tlwaelegile gore batho ba tlhaolwe ka ntlha ya sengwe se se mo mebeleng ya bone. Gantsi batho ba ba golafetseng le ba ba nang le mathata a botsogo ga ba tsewe tsia. Le fa go ntse jalo, Lefoko la Modimo le re bontsha kafa re tshwanetseng go tshwara batho bao ka lorato le tlotlo ka gone. (Math. 8:2, 3) Rotlhe re amiwa ka tsela nngwe ke boleo jo re bo ruileng mo go Adame. A o tla ikutlwa o tlotlwa fa batho ka dinako tsotlhe ba go tlhaola ka bokoa bongwe jo o nang le jone? A bogolo ga o kitla o batla go lemogiwa ka dinonofo di le dintsi tse di siameng tse o nang le tsone?

Gape, tlotlo e akaretsa go ikobela botlhogo. Mo mafelong mangwe go botlhokwa gore o bue le tlhogo ya lelapa pele o neela ba bangwe ba ba leng mo ntlong bosupi. Le mororo Jehofa e le ene a re neileng thomo eno ya go rera le go ruta, re lemoga gore batsadi ke bone ba Modimo a ba neileng taolo ya go thapisa bana ba bone, go ba otlhaya le go ba kaela. (Baef. 6:1-4) Ka jalo, fa re etetse mo ntlong nngwe, go a tshwanela gore gantsi re bue pele le batsadi pele re tshwara motlotlo ope le bana.

Batho ba ba godileng ba na le maitemogelo a re batlang go a tlotla mo botshelong. (Jobe 32:6, 7) Go tsaya seno tsia go ile ga thusa mmulatsela mongwe yo mmotlana kwa Sri Lanka yo o neng a etetse rre mongwe yo o godileng. Santlha rre yono o ne a se ka a mo amogela, a re: “Ngwana yo monnye jaaka wena a ka nthuta eng ka Baebele?” Mme a araba ka go re: “Totatota ga ke a tla go go ruta, mme ke tlile go go tlotlela ka sengwe se ke se ithutileng se se neng sa intumedisa thata mo e leng gore ke batla go se bolelela ba bangwe.” Go araba ka tlotlo ga mmulatsela yono go ne ga dira gore rre yono a kgatlhege. O ne a mmotsa jaana: “Mpolelela he, ke eng se o se ithutileng?” O ne a re: “Ke ithutile kafa re ka tshelelang ruri ka gone.” Rre yo o godileng yono o ne a simolola go ithuta Baebele le Basupi ba ga Jehofa. Ga se batho botlhe ba ba godileng ba ba tla go bolelelang gore ba batla go tlotlwa jalo, mme ba le bantsi ba tla anaanela go tlotlwa jalo.

Le fa go ntse jalo, selo se sengwe se se ka diregang ke gore motho a bontshe tlotlo ka tsela e e feteletseng. Kwa ditlhaketlhakeng tsa Pacific le kwa mafelong a mangwe, go bua ka tsela e e rileng ya go bontsha tlotlo fa motho a bua le kgosi ya mo motseng kgotsa ya morafe go ka thusa Basupi gore ba reediwe le go bona tshono ya go buisana le dikgosi le batho ba ba buswang ke tsone. Le fa go ntse jalo, ga go tlhokege e bile ga go a tshwanela gore motho a dirise puo e e borethe. (Dia. 29:5) Ka tsela e e tshwanang, puo nngwe e ka tswa e na le mafoko a tlotlo ka boyone, mme tlotlo e e bontshiwang ke Bakeresete ga e tlhoke gore a bo a dirisiwa ka tsela e e feteletseng.

Go Neela Puo ka Tlotlo. Baebele e re kgothaletsa go tlhalosa lebaka la tsholofelo ya rona “ka bonolo le tlotlo e e boteng.” (1 Pet. 3:15) Ka jalo, le mororo re ka kgona go senola ka bonako dipono tse di phoso tse motho a nang le tsone, a go botlhale go dira jalo ka tsela e e tla mo tlontlololang? A ga go kitla go nna botoka go mo reetsa ka bopelotelele, gongwe le go mmotsa gore ke ka ntlha yang fa a ikutlwa ka tsela e a ikutlwang ka yone, re bo re akanyetsa tsela e a ikutlwang ka yone fa re ntse re mo ntshetsa mabaka mo Dikwalong?

Tlotlo e e ntseng jalo e re e bontshang fa re bua le motho ka tlhamalalo re tshwanetse go e bontsha gape fa re bua le bareetsi re le mo seraleng. Sebui se se tlotlang bareetsi ba sone ga se kitla se ba tshwaya diphoso ka tsela e e makgwakgwa kgotsa go bontsha boikutlo jwa go re: “Lo ka kgona go dirisa kgakololo eno fa tota lo batla.” Go bua ka mokgwa o o ntseng jalo go kgoba ba bangwe marapo. A bo go le botoka jang ne go leba bareetsi e le phuthego ya batho ba ba ratang Jehofa ba ba batlang go mo direla! Re tshwanetse go etsa Jesu ka go nna kutlwelobotlhoko fa re dirisana le batho ba ba bokoa mo semoyeng, ba ba se nang maitemogelo kgotsa ba le bonya go dirisa kgakololo ya Baebele.

Bareetsi ba tla utlwa gore sebui se a ba tlotla fa se ikopanyeletsa gore le sone se tshwanetse go dirisa Lefoko la Modimo ka botlalo. Ka jalo, go botlhale go tila go dirisa thata leemedi la “o” fa o dirisa dikwalo. Ka sekai, ela tlhoko pharologanyo e e leng teng fa gare ga potso e e reng “A o dira sotlhe se o ka se kgonang?” le polelo e e reng “Mongwe le mongwe wa rona o dira sentle go ipotsa jaana: ‘A ke dira sotlhe se nka se kgonang?’” Dipotso tseno ka bobedi di a tshwana, mme ya ntlha e bontsha gore sebui ga se ikopanyeletse mmogo le bareetsi ba sone. Ya bobedi e kgothaletsa mongwe le mongwe, go kopanyeletsa le sebui ka bosone, gore se sekaseke boemo jwa sone le maitlhomo a sone.

O se ka wa dira metlae ka boikaelelo fela jwa go tshegisa bareetsi. Seno se diga molaetsa wa Baebele seriti. Ke boammaaruri gore re tshwanetse go itumelela go direla Modimo. Go ka nna ga nna le dikarolo dingwe tsa puo e re e abetsweng tse di nang le dintlha tse di tshegisang. Le fa go ntse jalo, go fetola dintlha tse di masisi re di dira tse di tshegisang go bontsha go sa tlotle bareetsi le Modimo ka boene.

E kete tsela e re buang ka yone, e re itshwarang ka yone ka metlha e ka bontsha gore re leba ba bangwe ka tsela e Jehofa a re rutileng go ba leba ka yone.

KAFA O KA GO DIRANG KA GONE

  • Lemoga tsela e Jehofa a lebang batho ka yone.

  • Tlotla botlhogo, dingwaga tsa bogolo le taolo.

  • Letla batho go leba dilo ka tsela ya bone.

  • Tlhaloganya bareetsi ba gago.

IKATISO: Akanya ka mongwe yo mogolo thata mo go wena kgotsa yo monnye thata mo go wena. Akanya gore o ne o tla bua jang le ene, o tla reng go simolola motlotlo, le gore o tla dirang go bontsha gore o mo tlotla ka mmatota le go tlotla se a se buang. Dira jaaka o rulagantse.

Ditsela tse nka bontshang go tlotla batho thata ka tsone

․․․․․․․․․․․․․․․․․․․․․․․․․․․․․․․․․․․․․․․․․․․․․․․․․․․․․․․․․․․․․․

․․․․․․․․․․․․․․․․․․․․․․․․․․․․․․․․․․․․․․․․․․․․․․․․․․․․․․․․․․․․․․

․․․․․․․․․․․․․․․․․․․․․․․․․․․․․․․․․․․․․․․․․․․․․․․․․․․․․․․․․․․․․․

․․․․․․․․․․․․․․․․․․․․․․․․․․․․․․․․․․․․․․․․․․․․․․․․․․․․․․․․․․․․․․

․․․․․․․․․․․․․․․․․․․․․․․․․․․․․․․․․․․․․․․․․․․․․․․․․․․․․․․․․․․․․․

․․․․․․․․․․․․․․․․․․․․․․․․․․․․․․․․․․․․․․․․․․․․․․․․․․․․․․․․․․․․․․

․․․․․․․․․․․․․․․․․․․․․․․․․․․․․․․․․․․․․․․․․․․․․․․․․․․․․․․․․․․․․․

․․․․․․․․․․․․․․․․․․․․․․․․․․․․․․․․․․․․․․․․․․․․․․․․․․․․․․․․․․․․․․

․․․․․․․․․․․․․․․․․․․․․․․․․․․․․․․․․․․․․․․․․․․․․․․․․․․․․․․․․․․․․․

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela