THUTO 32
Dintlha di Builwe ka go Tlhatswega Pelo
FA MOTHO a bua a tlhatswegile pelo, ba bangwe ba a bona gore tota o dumela se a se buang. Paulo o ne a bontsha gore o tlhatswegile pelo ka tsela e e ntseng jalo mo bodireding jwa gagwe. O ne a kwalela ba ba neng ba nna badumedi kwa Thesalonika jaana: “Dikgang tse di molemo tse re di rerang ga di a ka tsa tla mo go lona ka puo e le yosi mme gape di tlile ka . . . go tlhatswega pelo mo go nonofileng.” (1 Bathes. 1:5) O ne a bontsha gore o tlhatswegile pelo jalo ka tsela e a neng a bua ka yone le ka tsela e a neng a tshela ka yone. Tsela e re bolelelang ba bangwe boammaaruri jwa Baebele ka yone le yone e tshwanetse go bontsha gore re tlhatswegile pelo.
Go bontsha gore o tlhatswegile pelo ga go tshwane le go gatelela gore go amogelwe kgopolo ya gago, go gagamalela pono ya gago mme o se na mabaka kgotsa go bua ka go ikgantsha. Go na le moo, fa motho yo o bontshang go tlhatswega pelo a bua ka Lefoko la Modimo, o dira jalo ka tsela e e bontshang gore o na le tumelo e e nonofileng.—Baheb. 11:1.
Makgetlo A re Ka Bontshang go Tlhatswega Pelo ka One. Go botlhokwa go bua o tlhatswegile pelo fa o le mo bodireding jwa tshimo. Gantsi batho ba tlhokomela tsela e o buang ka yone fela jaaka fa ba tlhokomela molaetsa wa gago. Ba a lemoga gore tota o ikutlwa jang ka se o se buang. Fa o tlhatswegile pelo, seno se ka bontsha gore o na le sengwe se se botlhokwa thata se o batlang go se ba bolelela, go ka bontsha ka tsela e e nonofileng go feta kafa mafoko a neng a tla bontsha ka teng.
Gape go botlhokwa go bontsha gore o tlhatswegile pelo fa o bua le bareetsi ba e leng badumedi mmogo le wena. Moaposetoloi Petere o ne a kwala lekwalo la gagwe la ntlha le le tlhotlheleditsweng gore a “neye kgothatso le bosupi ka tlhoafalo gore jono ke bopelonomi jo bo sa re tshwanelang jwa Modimo.” Mo go lone o ne a kgothatsa bakaulengwe jaana: “Emang lo nitame.” (1 Pet. 5:12) Fa moaposetoloi Paulo a ne a kwalela phuthego ya Roma, o ne a bontsha gore o tlhatswegile pelo ka tsela e e neng ya ba solegela molemo. O ne a kwala jaana: “Gonne ke tlhatswegile pelo gore le fa e le loso kgotsa botshelo kgotsa baengele kgotsa dipuso kgotsa dilo tse jaanong di leng fano kgotsa dilo tse di tlang kgotsa maatla kgotsa bogodimo kgotsa boteng kgotsa sebopiwa le fa e le sefe se sengwe, ga di ka ke tsa kgona go re kgaoganya le lorato lwa Modimo lo lo mo go Keresete Jesu Morena wa rona.” (Bar. 8:38, 39) Gape, Paulo o ne a kwala a tlhatswegile pelo ka botlhokwa jwa go rerela ba bangwe, e bile tlhoafalo ya gagwe mo tirong eo e ne e bontsha ka phepafalo gore o ne a tlhatswegile pelo gore go botlhokwa go dira jalo. (Dit. 20:18-21; Bar. 10:9, 13-15) Bagolwane ba Bakeresete le bone ba tshwanetse go bonala ba tlhatswegile pelo ka tsela e e ntseng jalo fa ba ruta Lefoko la Modimo.
Ka dinako tsa go ithuta, le ka dinako tse dingwe, batsadi ba tshwanetse go bua ba tlhatswegile pelo fa ba tlotla ka dilo tsa semoya le bana ba bone. Seno se batla gore batsadi ba tlhagolele go rata Modimo le ditsela tsa gagwe mo dipelong tsa bone. Fa ba dira jalo, ba tla kgona go bua le bana ba bone ba tlhatswegile pelo, ‘gonne molomo o bua se se tletseng mo pelong.’ (Luke 6:45; Dute. 6:5-7) Go tlhatswega pelo ka tsela e e ntseng jalo gape go tla tlhotlheletsa batsadi go tlhoma sekao sa ‘tumelo e e se nang boitimokanyo.’—2 Tim. 1:5.
Go botlhokwa thata gore o bue o tlhatswegile pelo fa tumelo ya gago e lekwa. Motho yo o tsenang sekolo le ene, morutabana kgotsa modiri ka wena a ka nna a gakgamadiwa ke gore ga o keteke mekete mengwe. Go mo araba ka nitamo, ka go mmontsha mabaka sentle go ka mo thusa gore a tlotle boemo jwa gago jo bo theilweng mo Baebeleng. Go tweng fa mongwe a leka go go hepisa gore o nne le seabe mo boitsholong jo bo sa siamang—go sa ikanyege, go dirisa diokobatsi ka tsela e e sa tshwanelang kgotsa boitsholo jo bo maswe jwa tlhakanelodikobo? Go botlhokwa gore o bue ka tsela e e utlwalang sentle gore ga o kitla o nna le seabe mo boitsholong jo bo ntseng jalo le gore maiteko ape fela a go leka go go kgona ga a kitla a dira gore o fetole mogopolo wa gago. Seno se batla gore o bue o tlhatswegile pelo fa o gana kopo eo. Josefa o ne a bolela jaana fa a ne a gana ka tsela e e nonofileng go kopanela mo boitsholong jo bo maswe le mosadi wa ga Potifaro: “Ke ka dira jang bosula jo bogolo jono mme ka leofela Modimo?” Fa mosadi yono a mo emelela, Josefa o ne a tshaba a tswa mo ntlong.—Gen. 39:9, 12.
Tsela ya go Bontsha Gore o Tlhatswegile Pelo. Mafoko a o a dirisang a ka go thusa thata gore o bontshe gore o tlhatswegile pelo. Makgetlo a le mmalwa, Jesu o ne a simolola dipolelo dingwe tse di botlhokwa tse a neng a di bua ka mafoko a a reng: “Ammaaruri, ammaaruri ke a lo raya.” (Joh. 3:3, 5, 11; 5:19, 24, 25) Paulo o ne a bontsha gore o tlhatswegile pelo ka go dirisa mafoko a a jaaka “Ke tlhatswegile pelo,” “Ke a itse e bile ke tlhotlheletsega go dumela mo go Morena Jesu,” le “Ke bua boammaaruri, ga ke ake.” (Bar. 8:38; 14:14; 1 Tim. 2:7) Malebana le go diragadiwa ga lefoko la gagwe, ka dinako tse dingwe Jehofa o ne a tlhotlheletsa baporofeti ba gagwe go bua mafoko a a gatelelang a a jaaka, “Ruri e tla diragala.” (Hab. 2:3) Fa o tlotla ka boporofeti jono, le wena o ka nna wa dirisa puo e e tshwanang. Fa o dira gore tshepo ya batho e isiwe kwa go Jehofa e seng kwa go wena, e bile o bua le ba bangwe ka go ba tlotla, mafoko a a bontshang gore o tlhatswegile pelo ka tsela e e tshwanang le one a tla supa gore o na le tumelo e e nonofileng.
Gape, go tlhatswega pelo ga gago go ka bontshiwa ke go tlhoafala ga gago le go bua ga gago ka tsela e e nonofileng. Diponalo tsa gago tsa sefatlhego le boitshikinyo jwa gago jwa mmele tsotlhe di thusa go bontsha gore o tlhatswegile pelo, le fa di ka nna tsa bo di sa tshwane mo bathong ba ba farologaneng. Tota le fa ka tlholego fela o le motho yo o ditlhong e bile o bua ka bonolo, fa o tlhatswegile pelo ka botlalo gore se o se buang se boammaaruri le gore batho ba bangwe ba tlhoka go se utlwa, go tlhatswega pelo ga gago go tla bonala.
Gone mme tsela le fa e le efe fela e re bontshang ka yone gore re tlhatswegile pelo e tshwanetse go nna ya mmatota. Fa batho ba utlwa gore re itshema se re seng sone mme ga re bue go tswa pelong, go ka direga gore ba swetse ka gore molaetsa wa rona ga o na mosola ope. Ka gone, se se botlhokwa ke gore o bue ka tsela ya gago fela ya tlholego. Go ikaegile ka bontsi jwa bareetsi ba gago, o ka nna wa tlhoka go tlhatlosa lentswe go sekae le go bua ka tlhagafalo. Mme mokgele wa gago e tshwanetse ya nna go bua go tswa pelong le ka tsela ya gago ya tlholego.
Dilo Tse di go Thusang go Bontsha Gore o Tlhatswegile Pelo. E re ka go tlhatswega pelo ga gago go akaretsa tsela e o ikutlwang ka yone ka se o buang ka sone, go botlhokwa gore o baakanyetse sentle. Ga go a lekana fela gore o tseye dintlha ka tsela e di leng ka yone mo kgatisong o bo o di bua fela jaaka di ntse. O tshwanetse go tlhaloganya dintlha tseo sentle le go kgona go di bua ka mafoko a gago. O tshwanetse go bo o tlhatswegile pelo ka botlalo gore di boammaaruri le gore se o se buang se botlhokwa mo bareetsing ba gago. Seno se bolela gore fa o baakanyetsa puo ya gago, o akanyetse maemo a bone le se ba ka tswang ba setse ba se itse ka setlhogo sa gago kgotsa gore ba ka ikutlwa jang ka sone.
Go motlhofo gore ba bangwe ba lemoge gore re tlhatswegile pelo fa re bua ka thelelo. Ka jalo, mo godimo ga go baakanyetsa puo e e molemo, baakanyetsa thata tsela e o tlileng go e neela ka yone. Ela tlhoko thata dikarolo dingwe tsa puo ya gago tse di batlang gore o di neele ka tlhagafalo gore o tle o di bue o sa leba aotlelaene. Gape, gakologelwa go rapela Jehofa gore a segofatse maiteko a gago. Ka tsela eno, ‘Modimo o tla dira gore o nne pelokgale’ gore o bue ka tsela e e bontshang gore o tlhatswegile pelo ka boammaaruri jwa molaetsa wa gago le botlhokwa jwa one.—1 Bathes. 2:2.