Dilalome Tsa Lewatle
Ka tshoganyetso go tswa selalome mo lewatleng, se phamola mokoro se bo se gogela batsamaisi ba dikepe kwa tlasetlase ga lewatle kwa ba swelang teng. Kgang eno ke nngwe ya ditlhamane tse di ileng tsa tlhalosiwa ka dingwagangwaga. A mme gone dilalome tse dikgolo jalo tota di teng?
KA 2007 batshwaraditlhapi ba kwa Antarctica ba ne ba tshwara ka phoso colossal squid kwa Lewatleng la Ross. E ne e le boleele jwa dimetara tse di ka nnang lesome, go akaretsa dikarolo tsa yone tse pedi tse di telele (tentacles) mme e ne e le bokete jwa dikilogerama tse di ka nnang 500! Baitsesaense ba dumela gore mofuta ono wa squid o ka gola go feta foo.
Selalome se sengwe sa lewatle se se itsegeng e le giant squid se na le mmele o o motsu jaaka sekepe, matlho a magolo a a ka lekanang le tlhogo ya motho, molomo o o tshwanang le wa papalagae o o nonofileng go ka sega kheibole ya tshipi, matsogo a le robedi a a nang le dikarolwana tse e gopang ka tsone le dikarolo tse pedi tse di telele (tentacles) tse e tlisang dijo mo molomong ka tsone. Squid seno se kgona go lelesela mo metsing ka lobelo lwa dikilometara di le 30 ka ura—tota le go tlolela mo moyeng!
Go begilwe fa go bonwe di-squid tse dikgolo tseno tse di kafa tlase ga 50 mo lekgolong le le fetileng la dingwaga, mme e bile ga go ise go ke go ithutiwe ka ditshedi tseno mo lefelong le di nnang mo go lone.
Maruarua a Magolo a Lewatle
Le fa go ntse jalo, colossal le giant squid ke dijo tsa phologolo e kgolo le go feta e leng mofuta wa leruarua wa sperm whale, le le kgonang go gola go fitlha boleele jwa dimetara di le 20 mme le le boima jwa ditone di le 50. Leino la yone le le lengwe fela le boima jwa digerama di le 900! Di-sperm whale tse di suleng di fitlhetswe di na le dikarolo dingwe tsa giant squid mo maleng a tsone. Mme gape maruarua ano a fitlhetswe a na le mabadi a giant squid mo ditlhogong tsa one, e leng se se bontshang gore squid se ne se lwa ya kgaphamadi. Ka 1965 setlhopha sa batsomi ba maruarua se se neng se tsamaya ka sekepe sa kwa Soviet se ne sa bolela fa se bone giant squid e lwa le sperm whale ya ditone di le 40. Ga go na epe e e ileng ya falola. Leruarua le le kgamilweng le ne la fitlhelwa le kokobetse mo godimo ga lewatle le na le tlhogo ya squid mo maleng a lone.
Ruri giant squid le sperm whale di a boitshega, mme le fa go ntse jalo, blue whale, e leng seamusi se segolo go gaisa, se di feta thata ka bogolo. Go ne ga begiwa gore blue whale e e godileng e e namagadi e e telele go gaisa e e neng ya tshwarwa kwa Antarctica, e ne e le boleele jwa dimetara di le 33. Blue whale e ka nna boima jwa ditone di le 150. Boima jwa loleme lwa yone bo lekana le jwa tlou e e godileng! Mme akanya fela—e tsala ngwana wa boima jwa ditone di le tharo mme o boleele jwa dimetara di le supa go ya go di le robedi! E re ka blue whale e tsomiwa, e ne ya batla e nyelela ka bo1960 mme gompieno e akarediwa mo ditsheding tse di leng mo kotsing thata ya go nyelela.
Tse di Bogale le Tse di Bonolo
Ka meno a yone a a boitshegang a a 3 000, go ka direga gore great white shark ke tlhapi e e tshosang thata e e jang nama. Shaka eno e tshweu e kgolo go di gaisa e ileng ya begiwa e ne e le boleele jwa dimetara di le supa le boima jwa dikilogerama di le 3 200. Shaka eno e na le bokgoni jo bo tlhomologileng jwa go dupa, e kgona go dupelela lerothodi la madi le le welang mo metsing a dilitara di le 100!
Whale shark ke tlhapi e kgolo go gaisa tsotlhe tse di tshelang, e boleele jwa dimetara tse di ka nnang 7,5. Le fa go ntse jalo, tse dingwe di ka nna bogolo jo bo menaganeng joo gabedi. Molomo wa yone o o ka nnang bophara jwa dimetara di le 1,4, o ka kgona go metsa monna motlhofo fela. Mme go na le gore e nne selalome se se bogale se se tshwanang le ditshedi tse dikgolo tsa mo lewatleng, shaka eno e e bonolo, e ja ditshedi tse dinnye le dimelanyana tsa mo lewatleng le ditlhapi tse dinnye.
Makasine wa National Geographic o bega gore, “thulaganyo ya go sila dijo ya shaka eno, e re gopotsa ka kgang ya ga Jona,” e tlhalosa kgang e go buiwang ka yone mo Baebeleng ya go mediwa ga moporofeti Jona ke tlhapi e kgolo. Shaka eno e na le “mokgwa o o bonolo wa go tlhatsa dilo tse dikgolo tse e di meditseng ka phoso tse di sa silegeng motlhofo.”—Jona 1:17; 2:10.
Selalome se se Ditlhong
Setshedi se sengwe se segolo sa lewatle ke giant octopus, e e ka nnang bogolo jwa dikilogerama di le 250. E kile ya bo e bidiwa devilfish, e re ka go ne go dumelwa gore e kgona go nwetsa dikepe. Le fa go ntse jalo, octopus eno e ditlhong e bile e iphitlha mo majeng le mo diphatleng tse di mo boalong jwa lewatle. Matsogo a yone a a robedi a kgona go fitlha go dimetara di le lesome, mme e na le boboko jo bogolo go gaisa jwa ditshedi dipe fela tse di se nang lerapo la mokwatla. Ee ruri, di-octopus di botlhale thata e bile di kgona go rarabolola dilo tse di raraaneng tse di jaaka malepa le go bula sekhurumelo sa botlolo e e tswetsweng!
Fela jaaka giant squid, giant octopus e ka iphitlha ka go fetola mebala ya yone, ka go lelesela mo metsing jaaka sesutlhalefaufau, le go tila kotsi ka go gasa leru le legolo la enke. Mme e bile, octopus e kgona go tswa mo metsing ka nakwana go ya go batla dijo!
Ruri ditshedi tseno tsa lewatle di dira gore pako e ye mo leineng la Mmopi wa tsone, e bong Jehofa. Go a tshwanela go bo mopesalema wa Baebele a ile a opela jaana: “Bakang Jehofa go tswa mo lefatsheng, lona ditshedi tse ditonatona tsa lewatle le lona lotlhe madiba a a boteng a metsi.”—Pesalema 148:7.
[Setshwantsho mo go tsebe 17]
DI KA NNA BOGOLO JO BO KANA KANG?
(Go bona mokwalo o o feletseng, leba kgatiso)
Great white shark
Giant octopus
Whale shark
Giant squid*
Colossal squid*
*bogolo jo bo fopholediwang
Sperm whale
Blue whale
Leoto 100 90 80 70 60 50 40 30 20 10 0
dimetara 30 25 20 15 10 5 0
[Setshwantsho mo go tsebe 15]
Great white shark
[Setshwantsho mo go tsebe 15]
Giant octopus
[Setshwantsho mo go tsebe 16, 17]
Sperm whale
[Setshwantsho mo go tsebe 16]
Whale shark
[Setshwantsho mo go tsebe 17]
“Blue whale” le ngwana wa yone
[Metswedi ya Ditshwantsho mo go tsebe 15]
Shark: © Steve Drogin/SeaPics.com; drawing: Getty Images; octopus: © Brandon Cole
[Metswedi ya Ditshwantsho mo go tsebe 17]
Sperm whale: © Brandon Cole; blue whales: © Phillip Colla/SeaPics.com; whale shark: © Steve Drogin/SeaPics.com