Ditiragalo Tsa Lefatshe
◼ Patlisiso ya bosheng jaana “e fitlhetse gore batho ba le barataro mo go ba le lesome ba kwa Boritane ba akanya gore bodumedi e setse e le sengwe se se kgaoganyang batho thata.”—THE CATHOLIC HERALD, BRITAIN.
◼ Seteishene se segolo go gaisa sa motlakase sa photovoltaic se tlhomilwe kwa Portugal. Metšhine e e dirisang maatla a letsatsi e tsaya diheketara di le 250 mme e kgona go ntsha motlakase o o lekaneng go tlamela malapa a a ka nnang 30 000 ka motlakase.—EL PAÍS, SPAIN.
◼ Go ralala lefatshe, basha ba le 900 000 ba swa ka ntlha ya mabaka a e seng a tlholego ngwaga le ngwaga—ba ba fetang 2 000 letsatsi le letsatsi. Mabaka a magolo ke dikotsi tsa tsela, go nwela le go sha.—DIE WELT GERMANY.
◼ “Le fa gone selekanyo sa go latlhegelwa ke dikgwa se fokotsegile mo dingwageng tsa bosheng, lefatshe le sa ntse le latlhegelwa ke mo e ka nnang disekwerekilometara di le 200 tsa sekgwa letsatsi le letsatsi.”—FOOD AND AGRICULTURE ORGANIZATION OF THE UNITED NATIONS, ITALY.
◼ Ka January 2009, magodu a lewatle a le matlhano a ile a nwela fa setlhopha sa one se sena go amogela madi a thekololo a a kana ka R24 000 000 a sekepe se se rwalang oli sa kwa Saudi. Setopo sa mongwe wa bone se ne sa gogolelwa mo losing lwa lewatle se na le madi a a kana ka R1 224 000 a le mo bekeng ya polasetiki mo pateng ya gagwe.—ASSOCIATED PRESS, SOMALIA.
Basha ba Akanya Gore Balekane ba Bone ba a Tlekeediwa
Go ya ka lokwalodikgang lwa de Volkskrant, basha ba kwa Netherlands “ba akanya gore balekane ba bone ba letlelelwa sengwe le sengwe se ba se batlang” le gore “ba kgothadiwa ka tsela e e feteletseng gore ba ikutlwe ba le motlotlo mme seo se dira gore ba se ka ba akanyetsa batho ba bangwe.” Lokwalodikgang loo lo bega gore, mo gare ga batho ba dingwaga tse di fa gare ga 16 go ya go 24 “ba le babedi mo go bangwe le bangwe ba le bararo . . . ” ba akanya gore ditshwanelo tsa batho ba basha ga di tlhole di lekalekanngwa le ditiro tsa bone. Batho ba le bantsi ba akanya gore “basha ba batla go le gontsi . . . mme ke ka sewelo ba ipotsang gore bone ba ka thusa jang mo setšhabeng.”
Bana ba Dira Dijo Tsa Motshegare
Fa mogokgo mongwe wa sekolo sa kwa Japane a ne a batla ditsela tse ka tsone a ka dirang gore batsadi le bana ba nne le nako e e oketsegileng ba le mmogo, sekolo se ne sa dumalana le kgopolo ya gagwe ya gore bana ba sekolo ba dirise letsatsi le le lengwe mo kgweding ba itirela dijo tsa motshegare tse ba tla di jang kwa sekolong. Gone jaanong dikolo di le dintsi le tsone di dira jalo. Lokwalodikgang lwa kwa Japane lwa IHT Asahi Shimbun lo bolela jaana: “Ga go a lebelelwa gore bana ba itirele sengwe le sengwe ka bobone fela. Mophato mongwe le mongwe o na le mokgele wa one. Bana ba ba mo mephatong e e kwa tlase ba dira gore ba malapa a bone ba ba thuse ka go dira lenaane la dijo le go reka dilwana tse di tla dirisiwang. . . . Bana ba mephato e e kwa godimo ba tlhoma mogopolo mo go direng lenaane le le tekatekano la dijo.” Matswela e nnile afe? Lokwalodikgang loo lwa re: “Dikolo di begile gore bokgoni jwa bana jwa go apaya bo ile jwa tokafala, ga go tlhole go senngwa dijo tse dintsi mme malapa a na le sengwe se sesha se a ka buang ka sone.” Bana le bone ba bolela gore “ba ile ba ithuta go anaanela se batsadi ba bone ba se ba direlang.”
Go Phepafatsa Kwa South Pole
Ngwaga o o fetileng, bomankge bangwe ba mafelo a a tsididi ba kwa Russia ba ne ba tlosa ditone di le 360 tsa leswe kwa Antarctica mo tirong ya go phepafatsa e e tlwaelegileng, e le karolo ya thulaganyo e e kgethegileng ya ikholoji. Matlakala a a neng a latlhetswe gaufi le diteishene tsa dipatlisiso kwa South Pole a ne a akaretsa didirisiwa tse di sa dirisiwang tsa go aga, metšhini e e robegileng le metomo e e se nang sepe ya lookwane. Makasine wa Itogi wa kwa Russsia o bega jaana: “Go ya ka melao ya ikholoji ya go sireletsa karolo e e kwa borwa jo bo kgakala ya lefatshe, naga nngwe le nngwe e tshwanetse go latlha matlakala a yone. Batho ba ba tlhoafetseng thata go diragatsa maikarabelo a bone ke Bajapane.”