LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g 7/09 ts. 10
  • Boxfish E e Sa Diriseng Maatla a Mantsi

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Boxfish E e Sa Diriseng Maatla a Mantsi
  • Tsogang!—2009
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Lenaane la Diteng
    Tsogang!—2009
  • Di Tlhamilwe ke Mang Pele?
    Botshelo—A ke Tiro ya Mmopi?
  • Tlhago e re Ruta Eng?
    Tsogang!—2006
  • Go Tsamaya ka Setlhopha ga Ditlhapi mo Metsing
    Tsogang!—2012
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—2009
g 7/09 ts. 10

A e Ne e Tlhamilwe?

Boxfish E e Sa Diriseng Maatla a Mantsi

Gore badiri ba dikoloi ba kgone go dira koloi e e nonofileng e e dirisang lookwane lo lonnye thata le e e se kitlang e kgotlela tikologo, ba ne ba leba mo lefelong le le sa tlwaelegang gore ba itse gore ba ka dira eng, ba ne ba leba kafa tlase ga lewatle! Boxfish e e bonwang gaufi le matlapa a dikorale mo metsing a boboatsatsi, ke sekaelo se se molemo thata sa go dira koloi e e seng boima le e e nang le maatla a a gakgamatsang fa e tsamaya mo phefong.

Ela tlhoko: Boxfish e ka kgona go thuma ka bofefo—e tsamaya sekgala se se ka nnang boleele jwa mmele wa yone ka makgetlho a le marataro ka motsotswana mongwe le mongwe. Mme lobelo lono ga se bosupi jwa gore e na le maatla. Go farologana le se se lebeletsweng, popego ya tlhapi eno e e keteng ya lebokoso ke yone e e tokafatsang dinonofo tsa yone tsa go kgona go tsamaya ka bofefo. Tota e bile, baenjeniri ba ba ileng ba dira koloi e e bopegileng jaaka boxfish, ba bo ba e tlhatlhoba mo teng ga thanele ya phefo ba fitlhetse gore koloi eno e feta mo phefong motlhofo thata go na le dikoloi tse dinnye.

Letlalo le le kafa ntle la boxfish le le marapo, le dira gore e nne le maatla a a lekaneng le boima jo bo kwa tlase. Fa tlhapi eno e thuma mo metsing, go nna le didikonyana go e dikologa mme seno se dira gore e ritibale fa metsi a gakala. Ka jalo, boxfish e na le tsela e e tlhomologileng ya gore e tile go gobala kgotsa e kgone go itshireletsa mo kgobalong.

Baenjeniri ba dumela gore ba ka ithuta go tswa mo tseleng e boxfish e dirilweng ka yone gore ba kgone go dira koloi e e babalesegileng thata, e e sa diriseng lookwane lo lontsi mme e se boima. Dr. Thomas Weber yo e leng mmatlisisi e bile e le moenjeniri a re: “Go bua boammaaruri, re ne ra gakgamadiwa ke gore re ne re ka etsa tlhapi eno e e sa bonaleng e le lobelo go dira koloi e e kgonang go tsamaya ka bofefo mo phefong, e bile e sa dirise lookwane lo lontsi.”

O akanya eng? A boxfish e e sa diriseng maatla a mantsi e itlhagetse ka boyone? Kgotsa a e ne e tlhamilwe?

[Metswedi ya Ditshwantsho mo go tsebe 10]

Boxfish: © Hal Beral/V&W/SeaPics.com; car: Mercedes-Benz USA

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela