O ne O ka Reng?
Go Diragetse Kae?
1. Saulo o ne a ya kwa motseng ofe fa kgakgamatso eno e diragala?
NTLHA E E KA THUSANG: Bala Ditiro 9:1-9
Thalela karabo ya gago mo mmapeng.
ROMA
JERUSALEMA
DAMASEKO
BABELONA
◼ Ke mang yo o neng a bua le Saulo go tswa kwa legodimong?
․․․․․
◼ Ke eng se se neng sa diragalela Saulo fa lesedi le legolo le tlhagelela?
․․․․․
TSE GO KA TLOTLIWANG KA TSONE:
Ke ka ntlha yang fa Saulo a ne a bogisa Bakeresete? Ke ka ntlha yang fa bangwe ba ka go tshwara makgwakgwa fa o bua le bone ka Jehofa? Pego e e fa godimo e ka go thusa jang gore o nne pelokgale?
Tse di Tswang mo Makasineng Ono
Araba dipotso tseno mme o bo o feleletsa ditemana tsa Baebele tse di tlhaelang fano.
TSEBE 5 Re tshwanetse go ikanya mang? Pesalema 146:․․․
TSEBE 6 Lefatshe le tla tlala ka eng? Isaia 11:․․․
TSEBE 11 Basiami ba tla rua eng? Pesalema 37:․․․
TSEBE 27 Monna yo o neng a ngomogile pelo e bong Jobe, o ne a bua ka eng? Jobe 10:․․․
Bana Batlang Ditshwantsho Tseno
A o ka kgona go bona ditshwantsho tseno mo makasineng ono? Tlhalosa ka mafoko a gago gore go direga eng mo setshwantshong sengwe le sengwe.
Ke Mang yo e Leng Karolo ya Losika Lwa ga Jesu?
Akanya ka dintlha tse di ka go thusang go bona dikarabo. Lebelela ditemana tsa Baebele. Mme o kwale maina a a tshwanetseng mo meleng eno.
2. ․․․․․
NTLHA E E KA THUSANG: Mmè o ne a tshega fa a ne a utlwa gore o tla ntshola.
Bala Genesise 17:19; 18:10-14.
3. ․․․․․
NTLHA E E KA THUSANG: Morwarre o nthekiseditse bogolo jwa gagwe ka logodu lwa dikgobe.
Bala Genesise 25:29-34
4. ․․․․․
NTLHA E E KA THUSANG: Rre o ne a mpitsa “ngwana wa tau.”
Bala Genesise 49:9.
◼ Dikarabo di mo tsebe 20
DIKARABO TSA DIPOTSO TSE DI MO TSEBE 31
1. Damaseko.
◼ Jesu.
◼ O ne a itewa ka bofofu.
2. Isake.—Luke 3:34.
3. Jakobe.—Luke 3:34.
4. Juda.—Luke 3:33.