“Bona Masego ka Kgosi ya ga Jehofa e e Kaelwang ke Moya”
◼ “Motho [o laotse] yo mongwe go mo utlwisa botlhoko.” Mafoko ao, a a fitlhelwang mo Baebeleng mo go Moreri 8:9 a tlhalosa sentle hisitori ya puso ya batho. A re ka kgona go tokafatsa? Kgotsa a se se diragetseng mo nakong e e fetileng ke se se tla diragalang le mo nakong e e tlang? Dipotso tseo di tla sekasekiwa mo puong ya phatlalatsa e e tla neelwang kwa Kopanong ya Kgaolo ya Basupi ba ga Jehofa ya 2008/2009 ya setlhogo se se reng “Go Kaelwa ke Moya wa Modimo.” Puo e e nang le setlhogo se se reng “Bona Masego ka Kgosi ya ga Jehofa e e Kaelwang ke Moya,” e tla bua thata ka mongwe yo o tla busang ka tshiamiso ya mmatota le ka lorato—Jesu Keresete, yo o ileng a re ntshetsa botshelo jwa gagwe.—Mathaio 20:28.
Ke eng se se dirang gore Jesu a bo a farologane le babusi ba bangwe botlhe? Moporofeti wa Modimo e bong Isaia o araba jaana: “Mme moya wa ga Jehofa [Modimo] o tla nna mo go ene, moya wa botlhale le wa go tlhaloganya, moya wa kgakololo le wa thata, moya wa kitso le wa go boifa Jehofa; mme o tla ipelela go boifa Jehofa. Mme ga a kitla a atlhola go ya ka sepe fela se a se bonang ka matlho, le fa e le go kgalemela go ya fela ka se a se utlwileng ka ditsebe. O tla atlhola batho ba maemo a a kwa tlase ka tshiamo, mme o tla naya ba ba pelonolo ba lefatshe kgalemelo ka thokgamo.”—Isaia 11:2-4.
A tlhaloso eo e a go kgatlha? Fa e le gore go ntse jalo, o lalediwa go nna teng kwa puong ya phatlalatsa e e tla neelwang kwa go nngwe ya dikopano tse dintsi tsa kgaolo tse di tla tshwarwang go ralala lefatshe tse di tla simololang kgwedi eno. Go bona lefelo la kopano le le gaufi le mo o nnang teng, ikgolaganye le Basupi ba ga Jehofa ba lefelo la lona kgotsa o kwalele bagatisi ba makasine ono mo go nngwe ya diaterese tse di mo lenaaneng le le mo tsebeng 5 ya makasine ono.