LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g 4/08 ts. 4-7
  • Metlha ya Bofelo—E Tla Tla Leng?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Metlha ya Bofelo—E Tla Tla Leng?
  • Tsogang!—2008
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Sesupo ke Eng?
  • “Metlha ya Bokhutlo” e Tla Simolola Leng?
  • “Metlha ya Bofelo” e Tla Fela Leng?
  • A re Tshela “mo Metlheng ya Bofelo”?
    Totatota Baebele e Ruta Eng?
  • Kafa Re Itseng Ka Teng Gore Re Tshela Mo “Metlheñ Ea Bohelō”
    A Ruriruri Modimo O Amega Ka Rona?
  • A Lefatshe le ya Bokhutlong?
    Baebele e re Ruta Eng?
  • ‘Metlha ya Bofelo’ ke Eng?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2006
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—2008
g 4/08 ts. 4-7

Metlha ya Bofelo—E Tla Tla Leng?

KGATISO ya bosheng ya makasine wa Sky & Telescope ya re: “Mo dingwageng tse di fetang bilione go se kae tse di tlang, re lebeletse gore Lefatshe e bo e le sekaka se se gadikilweng se se se nang sepe se e leng lorole le le omeletseng fela. Go thata go akanya kafa ditshedi tse di nang le disele tse dintsi di ka falolang ka teng.” Ka ntlha yang? Makasine wa Astronomy, wa re: “Letsatsi le le phatsimang le le mogote le tla bedisa metsi a mawatle le go gadika dikontinente.” O tswelela ka gore: “Tiragalo eno ya masetlapelo ga se fela boammaaruri jo bo tshwenyang—ke mo re tla felelang gone tota.”

Le fa go ntse jalo, Baebele ya re: “[Modimo] o thaile lefatshe mo mafelong a lone a a tlhomameng; ga le kitla le reketlisiwa ka bosakhutleng, kgotsa ka bosaengkae.” (Pesalema 104:5) Ga go na pelaelo gore Mmopi wa lefatshe a ka kgona gape go dira gore le tswelele le le teng. Tota e bile, o ‘le bopetse go nniwa.’ (Isaia 45:18) Mme ga a le bopela gore le nniwe ke batho ba ba boikepo ba ba tla swang. Modimo o tlhomile nako e ka yone a tla tsosolosang bolaodi jwa gagwe ka Bogosi jo go buiwang ka jone mo go Daniele 2:44.

Jesu o ne a rera ka Bogosi jwa Modimo. O ne a bua ka nako ya go atlhola ditšhaba le batho. O ne a tlhagisa ka pitlagano e kgolo e e iseng e ko e nne gone. Mme o ne a neela sesupo se se dikarolo tse dintsi se se supang bokhutlo jwa lefatshe jaaka re itse gore bo gaufi.—Mathaio 9:35; Mareko 13:19; Luke 21:7-11; Johane 12:31.

Go bo motho yo o botlhokwa jaaka Jesu a ile a bolelela pele ka dilo tseo, go ile ga dira gore batho ba le bantsi ba akanye thata ka tsone. Dilo tseo di tla diragala leng? Ka go ithuta ka boporofeti jwa Baebele le tatelano ya ditiragalo tsa yone, bangwe ba ne ba batla go tlhomamisa gore tota bokhutlo bo ka tla leng. Mongwe yo o neng a dira dipatlisiso ka kgang eno e ne e le moitsedipalo wa lekgolo la bo17 la dingwaga e bong Motlotlegi Isaac Newton, yo o ileng a lemoga molao wa maatlakgogedi a lobopo e bile e le mosimolodi wa mofuta wa dipalo wa calculus.

Jesu o ne a raya barutwa ba gagwe a re: “Ga se ga lona go nna le kitso ya dinako kgotsa dipaka tse Rara a di beileng mo taolong ya gagwe.” (Ditiro 1:7) Mme fa a ba naya “sesupo sa go nna gone ga [gagwe] le sa bokhutlo jwa tsamaiso eno ya dilo,” Jesu o ne a re: “Ka ga letsatsi leo le ura eo ga go na ope yo o itseng, le fa e le baengele ba magodimo kgotsa Morwa, fa e se Rara fela.” (Mathaio 24:3, 36) Mme fa a sena go bapisa go senngwa ga lefatshe la batho ba ba boikepo le motlha wa ga Noa le tshenyego e e tla diregang ka nako ya “go nna gone ga Morwa motho,” Jesu o ne a re: “Jalo, nnang lo disitse, ka gonne ga lo itse gore Morena wa lona o tla ka letsatsi lefe.”—Mathaio 24:39, 42.

Ka jalo, le fa gone re sa senolelwa nako e e tlhomameng ya go tla ga bokhutlo jwa “tsamaiso eno ya dilo,” “sesupo” se Jesu a se re fileng se ka re thusa gore re itse fa re le mo nakong e go tweng ke ‘metlha ya bofelo.’ (2 Timotheo 3:1) E tla bo e le nako ya go ‘nna re tsogile’ gore ‘re tle re atlege mo go faloleng dilo tseno tsotlhe tse di laoletsweng go diragala.’ —Luke 21:36.

Pele ga Jesu a neela sesupo se se tla nnang teng tota, o ne a tlhagisa jaana: “Disang gore lo se ka lwa tsiediwa; gonne ba le bantsi ba tla tla ka leina la me, ba re, ‘Ke nna ene,’ ba ba bo re, ‘Nako e e tshwanetseng e atametse.’ Lo se ka lwa ba sala morago. Mo godimo ga moo, fa lo utlwalela ka dintwa le dikhuduego, lo se ka lwa tshoga. Gonne dilo tseno di tshwanetse go diragala pele, mme bokhutlo ga bo diragale ka yone nako eo.”—Luke 21:8, 9.

Sesupo ke Eng?

Fa Jesu a ne a re bolelela gore ke eng se se tla supang metlha ya bofelo, o ne a tswelela ka gore: “Setšhaba se tla tsogologela setšhaba, le bogosi bo tsogologele bogosi; mme go tla nna le dithoromo tsa lefatshe tse dikgolo, mme mo mafelong ka go latelana malwetse a leroborobo le ditlhaelo tsa dijo; mme go tla nna le dipono tse di boifisang le ditshupo tse dikgolo go tswa legodimong.” (Luke 21:10, 11) Jesu o ne a bolela gape gore: “Dikgang tse di molemo tseno tsa bogosi di tla rerwa mo lefatsheng lotlhe le le nang le banni gore e nne bosupi mo ditšhabeng tsotlhe; mme go tswa foo bokhutlo bo tla tla.” (Mathaio 24:14) Ditiragalo tse Jesu a neng a di umaka—dintwa, dithoromo tsa lefatshe, malwetse a leroborobo, ditlhaelo tsa dijo—di tla bo di se disha ka botsone. Ga di bolo go diragala fa e sa le go tloga kwa tshimologong ya hisitori ya batho. Pharologanyo e tla bo e le gore di tla diragala tsotlhe ka nako e le nngwe.

Ipotse gore, ‘Ke leng mo dilo tsotlhe tse di umakilweng mo Diefangeleng di ileng tsa diragala mo lefelong le le lengwe?’ Fa e sale ka ngwaga wa 1914, batho ba ile ba bona dintwa tsa lefatshe tse di utlwisang botlhoko; dithoromo tsa lefatshe tse dikgolo tse di ileng tsa nna le ditlamorago tse di sa itumediseng tse di jaaka ditsunami; malwetse a a bolayang a a anameng a a jaaka malaria, mofikela le AIDS; dimilione tsa batho ba ba swang ka ntlha ya tlala; therego e e wetseng batho ka ntlha ya matshosetsi a borukhutlhi le dibetsa tse di bolayang batho ka bontsi; le go rerwa ga dikgang tse di molemo tsa Bogosi jwa Modimo jwa legodimo, mo lefatsheng lotlhe ke Basupi ba ga Jehofa. Ditiragalo tseno di ile tsa diragala fela jaaka Jesu a ile a bolelela pele.

Gakologelwa gape le se moaposetoloi Paulo a neng a se kwala: “Mme itse seno, gore mo metlheng ya bofelo go tla nna le dinako tsa mathata tse go leng boima go lebana le tsone. Gonne batho ba tla nna baithati, barati ba madi, baipegi, ba ba mabela, batlhapatsi, ba ba sa utlweng batsadi, ba ba sa lebogeng, ba ba sa ikanyegeng, ba ba se nang lorato lwa tlholego, ba ba sa batleng go tsena mo tumalanong epe, ba ba senyang batho maina, ba ba se nang boikgapo, ba ba bogale jo bo tshabegang, ba ba sa rateng se se molemo, baoki, ba ba tlhogoethata, ba ba gogomosiwang ke boikgogomoso, barati ba menate go na le go nna barati ba Modimo, ba ba nang le sebopego sa boineelo jwa bomodimo mme ba latola maatla a jone.” (2 Timotheo 3:1-5) Ee, “dinako tsa mathata” tse di supiwang ke go anama ga tlolomolao, go tlhoka poifomodimo, bosetlhogo le bogagapa jo bo feteletseng di tla bonala go ralala lefatshe lotlhe.a

A mme “metlha ya bokhutlo” e e tlang pele ga bofelo e sa ntse e le selo sa nako e e tlang? A go na le bosupi jo bongwe jo bo bontshang gore e tla simolola leng?

“Metlha ya Bokhutlo” e Tla Simolola Leng?

Fa moporofeti Daniele a ne a sena go bona go se kae ditiragalo tse di neng di tla diragala mo isagweng, o ne a bolelelwa jaana: “Mo nakong eo [‘metlha ya bokhutlo’ e e umakilweng mo go Daniele 11:40] Mikaele [Jesu Keresete] o tla ema, kgosana e kgolo e e emelang bomorwa batho ba gaeno.” (Daniele 12:1) Mikaele o ne a tla dira eng?

Buka ya Tshenolo e bua ka nako ya fa Mikaele a tla bong a busa jaaka Kgosi. E bolela jaana: “Ga tsoga ntwa kwa legodimong: Mikaele le baengele ba gagwe ba tlhabana le kgogela, le kgogela le baengele ba yone ba tlhabana mme ya se ka ya fenya, le gone ba se ka ba tlhola ba bonelwa bonno kwa legodimong. Jalo kgogela e kgolo ya piriganyediwa kwa tlase, noga ya kwa tshimologong, e e bidiwang Diabolo le Satane, yo o tsietsang lefatshe lotlhe le le nang le banni; ya piriganyediwa kwa tlase kwa lefatsheng, le baengele ba yone ba piriganyediwa kwa tlase le yone. Ka lebaka leno itumeleng, lona magodimo le lona ba lo agileng mo go one! A bo go latlhega lefatshe le lewatle, ka gonne Diabolo o fologetse kwa go lona, a le bogale jo bogolo, ka a itse gore o na le lobaka lo lokhutshwane lwa nako.”—Tshenolo 12:7-9, 12.

Tatelano ya ditiragalo tsa Baebele e bontsha gore ntwa eno, ya go ntsha Satane le badimona ba gagwe kwa legodimong, e tla felela ka gore go nne le tatlhego e kgolo mo lefatsheng ka go bo Diabolo o tla bo a galefile e re ka a itse gore nako ya gagwe ya go busa lefatshe e khutshwane. Bogale jwa gagwe bo tla oketsega mo metlheng ya bokhutlo go fitlha a fenngwa gotlhelele mo ntweng ya Haramagedona.—Tshenolo 16:14, 16; 19:11, 15; 20:1-3.

Fa moaposetoloi Johane a sena go umaka ditlamorago tsa ntwa eo o ne a bolela jaana: “Ka utlwa lentswe le le kwa godimo kwa legodimong le re: ‘Jaanong go tlile poloko le maatla le bogosi tsa Modimo wa rona le taolo ya ga Keresete wa gagwe, ka gonne molatofatsi wa bakaulengwe ba rona o piriganyeditswe kwa tlase, yo o ba latofatsang bosigo le motshegare fa pele ga Modimo wa rona!’” (Tshenolo 12:10) Ee, Bogosi joo jwa kwa legodimong bo ile jwa tlhomiwa ka 1914.b Le fa go ntse jalo, jaaka Pesalema 110:2 e bontsha, Jesu o ne a tla busa “mo gare ga baba ba [gagwe]” go fitlha nako ya fa puso ya Bogosi e busa mo lefatsheng jaaka kwa legodimong.—Mathaio 6:10.

Se se kgatlhang ke gore, moengele yo o neng a bolelela moporofeti Daniele ka ditiragalo tse di tlang o ne a bolelela gape jaana: “Fa e le wena, Daniele, dira mafoko ano sephiri mme o kanele buka, go fitlha motlha wa bokhutlo. Ba bantsi ba tla ya kwa le kwa, mme kitso ya boammaaruri e tla nna ntsi.” (Daniele 12:4) Seo se re neela bosupi jo bo oketsegileng jwa gore gone jaanong re tshela mo ‘motlheng wa bokhutlo.’ Kitso ya bokao jwa boporofeti jono e setse e tlhalositswe sentle mme gone jaanong e itsiwe mo lefatsheng lotlhe.c

“Metlha ya Bofelo” e Tla Fela Leng?

Baebele ga e tlhalose gore metlha ya bokhutlo e tla tsaya lobaka lo lo kana kang tota. Mo metlheng ya bofelo, ga go na pelaelo gore seemo sa lefatshe se tla nna maswe le go feta jaaka fa nako ya ga Satane e ntse e nna khutshwane. Moaposetoloi Paulo o ne a tlhagisa e sa le gale gore “batho ba ba boikepo le maferefere ba tla tswelela ba sulafalela pele, ba tsietsa e bile ba tsiediwa.” (2 Timotheo 3:13) Mme fa Jesu a bua ka dilo tse di neng di sa ntse di tla direga o ne a re: “Malatsi ao e tla nna malatsi a pitlagano e e leng gore ga e ise e ko e nne gone go tswa tshimologong ya popo e Modimo a neng a e bopa go fitlha ka nako eo, mme e se kitla e nna gone gape. Tota e bile, fa Jehofa a ne a sa khutshwafatsa malatsi ao, go ka bo go se na nama epe e e tla bolokwang. Mme ka ntlha ya ba ba tlhophilweng ba a ba tlhophileng o khutshwafaditse malatsi.”—Mareko 13:19, 20.

Dingwe tsa ditiragalo tse di sa ntseng di tla ke “pitlagano e kgolo,” go akaretsa le Haramagedona le go thibelwa ga Satane le badimona ba gagwe gore ba se ka ba kgona go dira sepe mo lefatsheng. (Mathaio 24:21) “Modimo, yo a ka se kang a aka,” o re tlhomamiseditse gore dilo tseno di tla diragala. (Tito 1:2) Modimo o tla tsaya kgato ka Haramagedona mme go tla felela ka gore Satane a latlhelwe mo moleteng.

Moaposetoloi Paulo o ne a tlhotlhelediwa gore a re bolelele gore ke eng se tota se tla diragalang pele ga tshenyego e Modimo a tla e diragatsang. Malebana le “dinako kgotsa dipaka” o ne a kwala jaana: “Letsatsi la ga Jehofa le a tla fela jaaka legodu bosigo. Motlhang ba reng: ‘Kagiso le polokesego!’ foo tshenyego ya tshoganyetso e tla ba wela ka ponyo ya leitlho fela jaaka setlhabi sa tlalelo mo mosading yo o moimana; mme ga ba kitla ba falola ka gope.” (1 Bathesalonika 5:1-3) Gore ke eng se se dirang gore go buiwe ka “kagiso le polokesego” mme e seyo, ga go tlhalosiwe mme go tla bonala fela mo nakong e e tlang; mme seo ga se kitla se thibela go tla ga letsatsi la ga Jehofa la katlholo.d

Fa e le gore re tlhatswegile pelo ka gore boporofeti jono bo boammaaruri, go itse dilo tseno go tshwanetse ga re tlhotlheletsa gore re tseye kgato. Ka tsela efe? Petere o araba ka gore: “E re ka dilo tseno tsotlhe di tshwanetse tsa nyerologa jalo, ana lo tshwanetse go nna batho ba mofuta ofe mo ditirong tse di boitshepo tsa boitshwaro le ditiro tsa boineelo jwa bomodimo, lo letetse e bile lo ntse lo akantse thata ka go nna gone ga letsatsi la ga Jehofa.” (2 Petere 3:11, 12) Le fa go ntse jalo, o ka nna wa ipotsa gore, ‘Seno se tla ntsholegela molemo jang?’ Setlhogo se se latelang se tla araba potso eo.

[Dintlha tse di kwa tlase]

a Go bona bosupi jo bo oketsegileng jwa “metlha ya bofelo,” bona Tsogang! ya April 2007 ditsebe 8-10 le Tora ya Tebelo ya September 15, 2006, ditsebe 4-7, le ya October 1, 2005, ditsebe 4-7, tse di gatisitsweng ke Basupi ba ga Jehofa.

b Go bona dintlha tse di oketsegileng malebana le ditatelano tsa ditiragalo tsa Baebele, bona ditsebe 215-18 tsa buka ya Totatota Baebele e Ruta Eng? e e gatisitsweng ke Basupi ba ga Jehofa.

c Bona buka ya Ela Tlhoko Boporofeti Jwa ga Daniele! le 2008 Yearbook of Jehovah’s Witnesses, ditsebe 31-9, tse di gatisitsweng ke Basupi ba ga Jehofa.

d Bona buka ya Tshenolo—Konelo ya Yone e e Molemolemo e Atametse! (kgatiso ya 2006), ditsebe 250-1, dirapa 13 le 14.

[Nopolo go tswa mo setlhogong mo go tsebe 5]

Jesu o ne a re ke Modimo fela yo o itseng “letsatsi leo le ura”

[Setshwantsho mo go tsebe 4]

Motlotlegi Isaac Newton

[Motswedi wa Setshwantsho]

© A. H. C./age fotostock

[Ditshwantsho mo go tsebe 7]

Sesupo se Jesu a neng a se neela se sa le se bonala go tloga ka 1914

[Motswedi wa Setshwantsho]

©Heidi Bradner/Panos Pictures

©Paul Smith/Panos Pictures

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela