Go Diregile Eng ka Boitlosobodutu?
KE JANG Baroma ba bogologolo, ba go neng go twe ba tlhabologile, ba neng ba ka leba go boga ga bengkabone e le boitlosobodutu? Gerhard Uhlhorn o ne a kwala jaana mo bukeng ya The Conflict of Christianity With Heathenism: “Go ka nna ga tlhalosiwa fela gore ba ne ba dirwa ke go nyorelwa dilo tse disha tse di tlhotlheletsang le tse di maatlanyana. Ka go bo batho ba ne ba setse ba tlapetswe ke mefuta e e ka tswang e ne e le gone ya boitlhapediso . . . ba ne jaanong ba senka boitlosobodutu jo ba neng ba sa tlhole ba kgona go bo bona gope gape.”
Batho ba bantsi gompieno ba bontsha mokgwa o o tshwanang le ono wa “go nyorelwa dilo tse disha tse di tlhotlheletsang le tse di maatlanyana.” Gone ke boammaaruri gore ba ka se kokoane go tla go bogela batho ba bolawa kgotsa ba dira boitsholo jo bo sokameng mo pele ga matlho a bone. Le fa go ntse jalo, boitlosobodutu jo ba bo tlhophang bo supa tsone dilo tse di tletseng ka thubakanyo le tlhakanelodikobo. Akanyetsa dikai di sekae.
Dibaesekopo. Mo dingwageng tsa bosheng jaana badiri ba dibaesekopo ba ile ba itshupa “ba rata go tlhagisa dilo tse di sokameng,” go ne ga rialo Michael Medved yo e leng mosekaseki wa dibaesekopo. O oketsa ka gore: “Maikaelelo a magolo mo kgwebong ya dibaesekopo go bonala e le go dira gore ditshwantsho tse di bontshang bosetlhogo le botsenwa jo bo feteletseng e nne tsone tse di ka tsewang tsia thata le go neelwa tlotlo go gaisa tse di lekang go bontsha boitsholo jo bo tlotlegang kana jo bo siameng.”
Go gaisana le thelebishene go pateleditse badiri ba dibaesekopo go dira sotlhe se ba ka se kgonang go okela batho mo diholong tsa dibaesekopo. Modulasetilo wa setedio sengwe sa dibaesekopo a re: “Re batla dibaesekopo tse di kgatlhang, tse di tlhotlheletsang le tse di farologaneng gotlhelele le dithulaganyo tsotlhe tse batho ba di bonang mo thelebisheneng. Ga se gore re batla go bontsha fela dibaesekopo tse di tletseng tshololo ya madi le tshenyo le puo e e [maswe], mme gompieno ke se o se tlhokang gore o golole baesekopo.” Eleruri, batho ba le bantsi ga ba tlhole ba boifa baesekopo e e tletseng ka thubakanyo e e maswemaswe. Motsamaisi mongwe wa baesekopo e bong Alan J. Pakula a re: “Batho ga ba tlhole ba garoga dipelo. Palo ya batho ba ba tlhagisiwang ba sule e imenne ganè, modumo wa go phatloga ga dilo o oketsega thata fela, mme ga ba sa tlhole ba o utlwa. Ga ba tlhole ba garolwa pelo ke dilo tsa bosetlhogo.”
Thelebishene. Ditshwantsho tse di tlhagisang tlhakanelodikobo fela jaaka e ntse mo thelebisheneng di setse di tletsetletse mo dikarolong di le dintsi tsa lefatshe, go akaretsa le Brazil, Japane le Yuropa. Mongwe fela yo o bogelang thelebishene kwa Amerika o kopana le ditshwantsho tsa tlhakanelodikobo di ka nna 14 000 ka ngwaga. Setlhopha sengwe sa babatlisisi se begile gore: “Ditlhogo tse di ntseng di oketsega tsa tlhakanelodikobo le tse di maswemaswe ga go bonale fa di fokotsega ka gope. Dilo tse pele e neng e le moila go di umaka tse di jaaka go tlhakanela dikobo le wa losika, go jesiwa monate ke go bona motho a boga le go robalana le phologolo e nnile tsone tse di tsenyang madi thata mo nakong e batho ba lebang thelebishene thata ka yone.”
Go ya ka buka ya Watching America, go na le lebaka le le dirang gore thelebishene e repise dilo thata jalo. E bolela seno: “Ditshwantsho tsa tlhakanelodikobo di dira madi a mantsi. . . . Fa dikhampani tse di gasang le go tlhagisa dithulaganyo tsa thelebishene di ne di lemoga gore di kgatlha babogedi ba le bantsi thata go feta ba di ba kgopisang, di ile tsa nna tsa oketsa dithulaganyo tsa tsone tsa thelebishene ka iketlo ka go letlelela thata dilo tse e neng e le moila.”
Metshameko ya Dibidio. Motlha wa fa go ne go itshiametse fela wa fa go ne go tshamekiwa Pac-Man le Donkey Kong o dirile gore go nne le motlha o mosha wa metshameko e mo go yone go utlwisiwang ba bangwe botlhoko ka tsela e e setlhogo. Porofesa Marsha Kinder o tlhalosa metshameko eno e le e e “maswe thata go gaisa thelebishene kgotsa baesekopo.” E dira gore batho “ba akanye gore tsela fela ya go newa taolo ke ka tirisodikgoka.”
Ka ntlha ya go amega ka batho, madirelo mangwe a magolo a metshameko eno ya dibidio kwa United States jaanong a dirisa thulaganyo ya go tlhaola dibidio tseno go ya ka maemo a tsone. Letshwao la “MA-17”—le le bontshang gore motshameko oo wa “ba ba godileng” ga wa siamela ba dingwaga tse di kafa tlase ga 17—o ka akaretsa thubakanyo e e feteletseng, ditlhogo tsa tlhakanelodikobo le matlhapa. Le fa go ntse jalo, batho ba bangwe ba boifa gore letshwao leo la “ba ba godileng” le tla dira fela gore ba le bantsi ba kgatlhegele motshameko oo. Mosha mongwe yo o ratang metshameko eno ya dibidio thata a re: “Fa nkabo ke le dingwaga di 15 mme ke bona setikara sa MA-17, ke ne ke tla dira gotlhe mo nka go kgonang go bona motshameko oo.”
Mmino. Makasine o o sekasekang diteng tsa mmino o o itsegeng thata o boletse gore kwa bofelong jwa 1995 ke dialebamo di le 10 fela mo go tse 40 tse di ratiwang thata tse di neng di se na matlhapa kana di sa bue ka diokobatsi, thubakanyo kgotsa tlhakanelodikobo. St. Louis Post-Dispatch e bega gore: “Mmino o o bonwang ke basha ba ba iseng ba tsene mo dingwageng tsa bone tsa bolesome o tshosa mo go maswe, bontsi jwa one bo nyenyefatsa maitsholo a a siameng. [Mmino] o o kgatlhang basha bangwe ba dingwaga tsa bolesome o tletse ka tšhakgalo le go itlhoboga e bile o tlhotlheletsa maikutlo a gore lefatshe le ene motho yo o reeditseng ba tlile go wela ke bomadimabe.”
Mmino wa death metal, roko e e “makgwakgwa” le repe ya “ditsotsi” go bonala yotlhe e tletse ka thubakanyo. Mme go ya ka pego ya San Francisco Chronicle, “beng ba madirelo a boitlosobodutu ba bolelela pele gore ditlhopha tse di boifiwang thata di tloga di tlhatlogela kwa godimo.” Dipina tse di galaletsang go shakgala le loso di setse di ratiwa thata kwa Australia, Japane le kwa Yuropa. Ke boammaaruri gore ditlhopha tse dingwe tsa mmino di setse di kile tsa leka go dirisa melaetsa e e siameng. Le fa go ntse jalo, Chronicle e akgela ka gore: “Bosupi bo bontsha gore mmino o o siameng fela ga o rekisiwe thata.”
Dikhomputara. Tseno ke didirisiwa tse di botlhokwa tse di ka dirisiwang ka tsela e e siameng. Le fa go ntse jalo, bangwe ba di diriseditse go phasalatsa dilo tse di bosula. Ka sekai, makasine wa Maclean’s o bega gore dilo tseno di akaretsa “ditshwantsho le mafoko a sengwe le sengwe go tloga ka dilo tsa go ineela mo boakeng jo bo tshosang go fitlha ka tsa go tlhakanela dikobo le bana—dilo tse di ka garolang bagolo ba le bantsi dipelo, re sa bue sepe ka bana.”
Dilo Tse di Balwang. Dibuka di le dintsi tse di ratiwang thata di tletse ka tlhakanelodikobo le thubakanyo. Selo sengwe se se atileng thata bosheng jaana kwa United States le kwa Canada ke se se bidiwang “ditlhamo tse di garolang pelo”—dikgang tse di tshosang thata tse di kwaletsweng basha ba bannye ba ba ka nnang dingwaga di le robedi. Diana West, fa a kwalela makasine wa New York Teacher, o ne a kaya fa dibuka tseno “di bolaya maikutlo a bana ba ba sa ntseng ba le bannye, di kgoreletsa mogopolo go gola le e leng pele ga o simolola.”
Patlisiso e e dirilweng ke National Coalition on Television Violence (NCTV) e bega gore dibuka di le dintsi tsa metlae tse di gatisiwang kwa Hong Kong, Japane le kwa United States di bua ka “dintwa tse di setlhogo le tse di feteletseng, go ja batho ba bangwe, go kgaola batho ditlhogo, kobamelo ya ga Satane, petelelo le matlhapa.” Dr. Thomas Radecki, motsamaisi wa patlisiso ya NCTV a re: “Tsela e dimakasine tseno di tletseng ka thubakanyo le dilo tsa boitsholo jo bo sokameng jwa tlhakanelodikobo ka yone e garola pelo. E bontsha ka fa re itetlileng go swa maikutlo ka teng.”
Go Tlhokega Gore re Ikele Tlhoko
Ka phepafalo, lefatshe gompieno le kgatlhegela tlhakanelodikobo le thubakanyo mme seno se bonala mo madirelong a teng a boitlosobodutu. Boemo ke jo bo tshwanang le jo bo tlhalositsweng ke moaposetoloi wa Mokeresete e bong Paulo: “Ka ba sa tlhole ba na le boikutlo ka gope ka boitshwaro, ba ne ba ineela mo boitshwarong jo bo repileng go dira bosengphepa jwa mofuta mongwe le mongwe ka bogagaru.” (Baefeso 4:19) Ke ka mabaka a a utlwalang go bo gompieno batho ba le bantsi ba senka sengwe se se botoka. A o mongwe wa bone? Fa e le gore go jalo, o tla itumelela go itse gore o ka bona boitlosobodutu jo bo siameng, jaaka setlhogo se se latelang se tla bontsha.
Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 19]
Thelebishene E Ka Nna Kotsi
THELEBISHENE e ne ya tlhagisiwa la ntlha kwa United States ka 1939 kwa dipontshong tsa lefatshe lotlhe kwa New York. Mokwadi mongwe wa dikgang yo o neng a le teng foo o ne a bontsha fa a na le dipelaelo malebana le isagwe ya sedirisiwa seno se sesha. O ne a kwala jaana: “Bothata jwa thelebishene ke gore batho ba tshwanetse go nna fa fatshe le go leba sekirini fela; lelapa fela le le tlwaelegileng la Amerika ga le na nako eo.”
A bo a ne a fositse jang ne! Eleruri, go bontshitswe gore fa moithuti fela yo o tlwaelegileng wa Amerika a aloga kwa sekolong, o tla bo a dirisitse nako e e fetang diperesente di le 50 a lebile thelebishene go feta eo a e dirisang a le mo pele ga morutisi. Dr. Madeline Levine mo bukeng ya gagwe ya Viewing Violence o boletse jaana: “Bana ba ba lebang thelebishene ka tsela e e feteletseng ke bontwadumela, ga ba akanye sepe se se molemo, ba bakima thata, ga ba kgone go ikakanyetsa dilo, ga ba kutlwelobotlhoko e bile ke baithuti ba ba bokoa mo dithutong go feta baithuti ba bangwe ba ba sa lebeng thelebishene thata.”
Kgakololo ya gagwe ke eng? “Bana ba tlhoka go rutiwa gore thelebishene fela jaaka didirisiwa tsotlhe tse di mo ntlong, e na le tiro ya yone e e maleba. Ga re tlogele motšhini o o omisang moriri o ntse o dira le fa moriri o omile kana motšhini o o gadikang borotho le fa borotho bo setse bo siame. Re itse ditiro tse di maleba tsa didirisiwa tseno mme re a itse gore ke leng re tshwanetseng go di tima. Bana ba rona ba tshwanetse go rutiwa se se tshwanang le ka thelebishene.”
[Lebokoso/Ditshwantsho mo go tsebe 21]
Boitlosobodutu Mo Lefatsheng Lotlhe
Tsogang! e kopile babegadikgang ba yone go tswa kwa dikarolong tse di farologaneng tsa lefatshe go tlhalosa boemo jwa boitlosobodutu mo mafelong a bone. Ba akgetse jaana.
Brazil: “Dithulaganyo tsa thelebishene di nnela maswe go ya pele. Le fa go ntse jalo, e re ka batsadi ba bantsi ba bereka kwa ntle ga malapa a bone, bana gantsi ba tlogelwa gore ba itlose bodutu ka thelebishene. Di-CD-ROM tse di nang le dilo tsa masaitseweng le metshameko ya dibidio e e bontshang thubakanyo e e feteletseng di tlwaelegile thata.”
Czech Republic: “Fa e sa le Bokomonisi bo phutlhama, naga e tletse ka boitlosobodutu jo bo iseng bo ke bo bonwe, go akaretsa le dithulaganyo tsa thelebishene tse di tswang kwa Bophirima le mabenkele a a rekisang dilo tse di tsosang keletso ya tlhakanelodikobo. Basha ba ganelela kwa mafelong a ditanse, kwa ditlelapeng tsa billiard le kwa mafelong a bojalwa. Go phasalatsa mo go feteletseng le go gatelelwa ke balekane gantsi go ba tlhotlheletsa thata.”
Jeremane: “Ka maswabi, batsadi ba le bantsi ba lapile thata mo ba sa kgoneng go rulaganyetsa bana ba bone boitlosobodutu, ka jalo basha gantsi ba ikaegile ka basha ba bangwe go ijesa monate. Ba bangwe ba ikgogona mo go bangwe ka metshameko ya khomputara. Ba bangwe ba nna teng kwa ditanseng tsa di-rave, tse go tletsetletseng diokobatsi kwa go tsone.”
Japane: “Dibuka tsa metlae ke dilo tse basha le bagolo ba ratang go itisa ka tsone mme di tletse ka thubakanyo, boitsholo jo bo sa siamang le puo e e maswe. Go betšha le gone go tlwaelegile. Mokgwa o mongwe gape o o tshwenyang ke gore basetsana bangwe ba founela ditlelapa tsa phasalatso tsa difouno tse di direlang banna ba ba nang le maikaelelo a go dira boitsholo jo bo maswe. Ba bangwe ba founa ba itshamekela fela, fa ba bangwe ba ya bokgakaleng jwa go intsha le bone gore ba tle ba ba duele, e leng se mo maemong a mangwe se felelang ka boaka.”
Nigeria: “Mafelo a dibaesekopo a a seng ka fa molaong a ntse a tlala go kgabaganya Bophirima jwa Afrika. Mekhukhu eno ya nakwana e buletswe batho ba dingwaga tsotlhe go akaretsa le bana. Dibidio tse di hepisang tsa tlhakanelodikobo le tsa thubakanyo di bontshiwa ka metlha. Mo godimo ga moo, difilimi tse di dirilweng mono gantsi di bontsha bodimona.”
Afrika Borwa: “Ditanse tsa bosigo jotlhe tse di bidiwang di-rave, di oketsega thata mono mme diokobatsi gantsi di a bo di le motlele mo go tsone.”
Sweden: “Mafelo a bojalwa le di-nightclub di a atlega mo Sweden mme gantsi dikebekwa le batho ba ba rekisang diokobatsi ba tlala thata mo mafelong a a ntseng jalo. Boitlosobodutu jwa thelebishene le dibaesekopo bo tletse ka thubakanyo, bodimona le boitsholo jo bo sa siamang.”