LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g96 3/8 ts. 21
  • Go Anama ga Megare e e Bolayang

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Go Anama ga Megare e e Bolayang
  • Tsogang!—1996
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • A ke Tshwanetse go Nna le Karata ya Sekoloto?
    Tsogang!—2000
  • Go Ipusolosetsa ga Megare
    Tsogang!—1996
  • Leroborobo mo Lekgolong la Bo20 la Dingwaga
    Tsogang!—1997
  • Thulaganyo e Ntšha go re Thusa go Ithiba mo Mading
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2005
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—1996
g96 3/8 ts. 21

Go Anama ga Megare e e Bolayang

Eloise le bapalamimmogo le ene ba ne ba newa dikarata tsa Health Alert Notice morago ga loeto lwa bone ka sefofane go tswa Lontone go ya New York. E ne e le ka May 1995. Letlhakore le le ka fa pele la karata le ne le balega jaana:

“GO Wena Mopalami: Boloka karata eno mo sepatšheng kana mo kgwatlheng ya gago ka dibeke tse 6. Fa o ka lwala ka nako eo, naya ngaka ya gago karata eno mme o mmolelele ka loeto lwa gago lwa bosheng la ka kwa ntle ga United States.

“O ka tswa e le gore o tsenwe ke bolwetse jo bo tshelanwang pele ga o goroga mo United States, e bile go itse ka ga seno go ka thusa ngaka ya gago go tlhotlhomisa ka ga bolwetse jono.”

Batlhokomedi ba mo sefofaneng ba ne ba bile ba naya batho makwalodikgang a a neng a tlhalosa ka go tlhagoga ga bolwetse jwa Ebola jo bo bakwang ke baerase jo bo bolaileng batho ba le bantsi kwa Zaire.

Eloise o ne a bala ka bolwetse jono jo bo setlhogo le jo bo bolayang—jwa Ebola. Balwetse ba ba neng ba na le jone ba ne ba simolola ka go nna le letshoroma, mometso wa bone o nna botlhoko, ba opiwa ke tlhogo, ka bonako fela ba bo ba tlhatsa, ba segwa ke mala, le go nna le letshololo. Mme morago ba dutle madi thata e ka tswa e le kafa teng kana ka fa ntle. Mo bathong bangwe le bangwe ba ba 10, ba le 9 ba swa ka bonako.

Mo dikgweding tsa ntlha, go nnile le dipego tsa malwetse a mangwe a a sa tlwaelegang le a a bolayang: ka sekai, kwa India go ne ga nna le leroborobo la bolwetse. Kwa mafelong a mangwe batho ba ne ba swa morago ga diura disekae fela ka seo metswedi ya dikgang e neng ya se bitsa gore ke “mogare o o jang nama.”

Eloise o ne a pitikolola karata. Mme letlhakore le lengwe le ne le balega jaana:

“Go Wena Ngaka: Molwetse yo o go nayang karata eno, bosheng jaana o ne a seyo mono, mme go ka tswa e le gore o tsenwe ke bolwetse jo bo tshelanwang jo bo sa tlwaelegang mono United States. Fa e le gore o belaela gore gongwe a ka tswa a na le bolwetse bongwe jo bo sa tlwaelegang jo bo tshelanwang, (kholera, letshoroma, malaria, yellow fever, jalo le jalo) tsweetswee begela ka bofefo Motlhokomedi wa Boitekanelo wa Naga, wa toropokgolo, kana wa kgaolo ya lona mme o ka nna wa dira seo (le ka—mogala) ka go leletsa Division of Quarantine, Centers for Disease Control, kwa Atlanta, mo Georgia . . .”

Karata eno e ne e bontsha kafa batho ba ditšhabatšhaba ba amegileng thata ka teng ka go anama ga megare eno e e bolayang—diparasaete, dibaketeria, le dibaerase—tseo e reng morago ga go tlhosetsa leroborobo mo lefelong lengwe mo lefatsheng, di dire gore le aparele a mangwe jaaka molelo wa naga. Megare yone ga e tshwane le Eloise le bapalamimmogo le ene ka gore yone ga e tshware dipasa kana go thibelwa kwa melelwaneng. E tsamaya motlhofo le motho yo e mo go ene go sena ope yo o itseng.

Fa a ntse a tsenya karata ya gagwe ya Health Alert Notice mo sepatšheng sa gagwe, Eloise o ne a ipotsa gore, ‘Tota malwetse ano a a bolayang a tswa kae? Ke ka ntlha yang fa saense ya kalafi ya bosheng jaana e palelwa ke go a fedisa?’ Gongwe le wena o kile wa ipotsa jalo.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela